Boammaaruri Kaga Moya bo Botlhokwa
“Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—JOHANE 8:32.
1. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re sekaseke se re se dumelang malebana le moya le loso?
DILO tse batho ba di dumelang malebana le loso le Botshelo Morago ga Loso di ikaegile thata ka bodumedi le setso se motho a godisitsweng ka sone. Jaaka re bone, dilo tseno di akaretsa go dumela gore moya o fitlhelela kgato ya makgaolakgang morago ga gore o nne o tsalwe sesha gantsintsi le kgopolo ya gore tsela e motho a tshelang ka yone e ama se se tla mo diragalelang kwa bokhutlong. Ka ntlha ya seno, motho yo mongwe a ka ikutlwa a na le tumelo e e nonofileng ya gore kgabagare o tla fitlha kwa kgatong ya makgaolakgang ya loso, yo mongwe ene a ka dumela gore o tla fitlha kwa Nirvana, mme yo mongwe ene gore o tla bona tuelo ya kwa legodimong. Mme gone, ke eng se e leng boammaaruri? E re ka dilo tse re di dumelang di ama mekgwa ya rona, boitshwaro le ditshwetso, a ga re a tshwanela go amega thata ka go bona karabo ya potso eno?
2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka tshepa se Baebele e se bolelang malebana le moya? (b) Go ya ka Baebele, tota moya ke eng?
2 Buka ya bogologolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng e bong Baebele, e bua ka hisitori ya motho go tloga ka nako ya fa go ne go bopiwa moya wa ntlhantlha. Dithuto tsa yone ga di a tswakana le difilosofi le dingwao tsa batho. Baebele e tlhalosa boemo jwa moya ka phepafalo: Moya wa gago ke wena ka bowena, baswi ga ba ikutlwe gotlhelele mme Modimo o tla tsosa batho ba a ba gakologelwang ka nako ya gagwe e e tshwanetseng. Go itse seno go ka go ama jang?
3 Jesu o ile a raya balatedi ba gagwe a re: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:32) Ee, boammaaruri bo a golola. Mme gone, boammaaruri jono jo bo malebana le moya bo tla re golola mo go eng?
Go se Boife Le go Se Itlhoboge
4, 5. (a) Go itse boammaaruri kaga moya go re thusa go fenya poifo efe? (b) Tsholofelo ya tsogo e ile ya nonotsha jang mosha mongwe yo o neng a lwala la go swa?
4 The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Batho ba le bantsi ba boifa loso mme ba tila go akanya ka lone.” Raditiragalo mongwe o bolela jaana: “Lefoko ‘loso’ e setse e batla e le selo se go sa buiweng ka sone mo dinageng tsa Bophirima.” Mme mo ditsong dingwe gantsi go dirisiwa mafoko a go tlhofofatsa dilo a a jaaka “go ikela” le “go tlhokafala” fa go buiwa ka motho yo o suleng. Go boifa loso jalo tota ke go boifa masaitsiweng ka gonne mo bathong ba le bantsi loso ke masaitsiweng. Go itse boammaaruri kaga se se re diragalelang fa re swa go fedisa poifo e e ntseng jalo.
5 Ka sekai, akanya ka tsela ya go akanya e Michaelyn wa dingwaga tse 15 a neng a na le yone. O ne a tshwerwe ke lukemia e bile a lebane le loso lo lo setlhogo. Mmaagwe e bong Paula o gakologelwa jaana: “Michaelyn o ne a re ga a tshwenngwe ke go bo a tlile go swa ka gonne o ne a itse gore loso ke selo sa nakwana fela. Re ne re aga re tlotla thata ka lefatshe le lesha la Modimo le ka batho botlhe ba ba tla tsosediwang mo go lone. Michaelyn o ne a dumela thata mo go Jehofa Modimo le mo tsogong—a se na le fa e le pelaelonyana.” Tsholofelo ya tsogo e ile ya thusa mosetsana yono yo o pelokgale go fenya go boifa loso.
6, 7. Go itse boammaaruri kaga moya go re thusa go se itlhoboge mo go eng? Tshwantsha.
6 Boammaaruri bo ile jwa ama batsadi ba ga Michaelyn jang? Rraagwe e bong Jeff a re: “Loso lwa mosetsanyana wa rona e ile ya nna selo se se re utlwisang botlhoko go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa re tlhagela. Le fa go ntse jalo, re dumela tsholofetso ya ga Jehofa ya tsogo re sa belaele, e bile re tlhoafaletse go bona letsatsi lengwe re boa re tlamparela mosetsanyana wa rona yo o rategang e bong Michaelyn. A bo re tla itumela go boa re kopana jalo le ene jang ne!”
7 Ee, go itse boammaaruri kaga moya go thusa motho go se itlhoboge fa mongwe yo a mo ratang a tlhokafetse. Ke boammaaruri gore gone jaanong ga go na sepe se gotlhelele se ka fedisang botlhoko le bohutsana jwa go tlhokafalelwa ke yo re mo ratang. Le fa go ntse jalo, tsholofelo ya tsogo e fokotsa bohutsana jono e bile e dira gore re kgone go itshokela botlhoko jwa teng.
8, 9. Go itse boammaaruri kaga boemo jwa baswi go re thusa go fenya poifo efe?
8 Go itse boammaaruri jwa Dikwalo kaga boemo jwa baswi gape go re thusa go se boife baswi. Batho ba le bantsi ba ba neng ba ikimeditse ka meetlo e e amanang le baswi, fa e sa le ba ithuta boammaaruri ga ba tlhole ba boifa go tsenwa ke sefifi, botlhodi, le go loiwa e bile ga ba tlhole ba senya madi a mantsi a bone ba re ba tlhabela badimo ka maikaelelo a go itumedisa bagolwagolwane ba bone le go dira gore ba se ka ba tla go tshwenya batho ba ba tshelang. Ee ruri, e re ka baswi “ba sa ikutlwe,” ditiro tse di ntseng jalo ga di na mosola.—Moreri 9:5, NW.
9 Boammaaruri jwa Baebele kaga moya ruri bo a golola e bile bo a ikanyega. Mme gape akanya ka tsholofelo e e sa tshwaneng le epe e Baebele e go tsholetseng yone.
[Mafoko a a mo go tsebe 29]
Go itse boammaaruri kaga moya go re thusa go fenya go boifa loso, go boifa baswi le go se itlhoboge fa yo re mo ratang a tlhokafala