LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dp kgao. 3 ts. 30-45
  • Ba Lekilwe—Mme ba Fitlhelwa ba Ikanyega mo go Jehofa!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Lekilwe—Mme ba Fitlhelwa ba Ikanyega mo go Jehofa!
  • Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • NEBUKADENESARE KWA JERUSALEMA
  • BOMMAMORATWA MO BASHENG BA JERUSALEMA
  • NTWA YA MOGOPOLO
  • BA ITITEILE SEHUBA GO NNA BA IKANYEGA MO GO JEHOFA
  • BA NE BA DUELWA KE BOPELOKGALE LE BOPELOTELELE
  • GO AKANTSHIWA TEKO YA MALATSI A LE LESOME
  • TEMOGO LE BOTLHALE MO BOEMONG JWA DIJO TSA MAEMO LE BEINE
  • KGABAGARE GO TLA TEKO E E BOTLHOKWA THATA
  • GO IKANYEGA GO YA BOKHUTLONG
  • Buka ya Daniele le Wena
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Daniele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Jehofa o Duelela Tumelo le Bopelokgale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Jehofa o Solofetsa Daniele Maduo a a Itumedisang Thata
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
dp kgao. 3 ts. 30-45

Kgaolo ya Boraro

Ba Lekilwe—Mme ba Fitlhelwa ba Ikanyega mo go Jehofa!

1, 2. Go ne ga direga ditiragalo dife tse dikgolo tse e neng e le ketapele ya buka ya Daniele?

DITIRAGALO mo bukeng ya boporofeti ya ga Daniele di simolola ka nako ya phetogo e kgolo mo ditiragalong tsa lefatshe. Asiria e ne e sa tswa go latlhegelwa ke motsemogolo wa yone, e bong Ninefe. Egepeto e ne ya sala e sena botlhokwa jwa sepe kafa borwa jwa naga ya Juda. Mme Babelona e ne e ntse e tlhatloga ka bonako go nna mmuso o mogolo o o lwelang go busa lefatshe.

2 Ka 625 B.C.E., Faro Neko wa Egepeto o ne a dira maiteko a bofelo a go thibela Babelona gore e se ka ya gola go ya ntlheng ya borwa. Gore a kgone go dira jalo, o ne a isa mophato wa gagwe wa sesole kwa Karakemishe, e e leng kafa losing lwa karolo e e kwa godimo ya Noka ya Euferatese. Ntwa ya Karakemishe, jaaka fa e ne ya simolola go bidiwa jalo, e ne e le tiragalo ya makgaolakgang, e e sa lebalesegeng. Mophato wa sesole wa Babelona, o eteletswe pele ke Motlhatlhami wa Setulo sa Bogosi e bong Nebukadenesare, o ne wa swafatsa masole a ga Faro Neko. (Jeremia 46:2) Fa Nebukadenesare a ntse a patakela mo phenyong ya gagwe, o ne a gogola Siria yotlhe le Palesetina mme, ka ntlha ya mabaka mangwe a a utlwalang, a fedisa puso ya Egepeto mo kgaolong eno. O dirilwe fela ke loso lwa ga rraagwe, e bong Nabopolassar, gore a emise letsholo leno la gagwe ka nakwana.

3. Diphelelo tsa letsholo la ntlha la ga Nebukadenesare kgatlhanong le Jerusalema e nnile dife?

3 Mo ngwageng o o latelang, Nebukadenesare—yo jaanong a neng a tlhomilwe mo setulong sa bogosi e le kgosi ya Babelona—o ne a boa gape a simolola ka letsholo la gagwe la ntwa kwa Siria le Palesetina. E ne e le mo lobakeng lono fa a ne a fitlha lekgetlho la ntlha kwa Jerusalema. Baebele e bega jaana: “E rile mo metlheng ya gagwe, Nebukatenesare kgosi ya Babilone a tla, Jehoiakime a tswa motlhanka wa gagwe ka dinyaga di le tharo; foo a sokologa a mo tsuololela.”—2 Dikgosi 24:1.

NEBUKADENESARE KWA JERUSALEMA

4. Polelo e e reng “ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Jehoiakime” mo go Daniele 1:1 e tshwanetse go tlhaloganngwa jang?

4 Re kgatlhegela ka mo go kgethegileng polelo e e reng “dinyaga di le tharo,” ka gonne mafoko a a simololang a ga Daniele a balega jaana: “E rile ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Jehoiakime kgosi ya Juta, Nebukatenesare kgosi ya Babilone a tla mo Jerusalema, mme a o tlhasela.” (Daniele 1:1) Mo ngwageng wa boraro wa puso yotlhe ya ga Jehoiakime, yo o busitseng go simolola ka 628 go fitlha ka 618 B.C.E., Nebukadenesare o ne a ise a nne “kgosi ya Babilona” mme o ne a sa ntse a le motlhatlhami wa setulo sa bogosi. Ka 620 B.C.E., Nebukadenesare o ne a patelela Jehoiakime gore a ntshe lekgetho. Mme morago ga mo e ka nnang dingwaga di le tharo, Jehoiakime o ne a tsuologa. Ka gone, e ne e le ka 618 B.C.E., kana mo ngwageng wa boraro wa puso ya ga Jehoiakime a le kafa tlase ga taolo ya Babelona, fa Kgosi Nebukadenesare a tla mo Jerusalema lekgetlho la bobedi, go tla go otlhaya Jehoiakime wa motsuolodi.

5. Diphelelo tsa letsholo la bobedi la ga Nebukadenesare kgatlhanong le Jerusalema e ne e le dife?

5 Diphelelo tsa go mo dikanyetsa gono e ne ya nna gore ‘fa nako e ntse e tsamaya Jehofa a tsenye Jehoiakime kgosi ya Juta mo seatleng sa gagwe le bontlhabongwe jwa dilwana tsa ntlo ya Modimo.’ (Daniele 1:2) Go ka direga gore Jehoiakime a bo a ile a swa, a bolawa ka go tlhaselwa kana ka go tsogelwa kgatlhanong, ka nako ya fa ba simolola go dikanyediwa. (Jeremia 22:18, 19) Ka 618 B.C.E., morwawe e bong Jehoiakine yo o neng a na le dingwaga di le 18, o ne a mo tlhatlhama go nna kgosi. Mme Jehoiakine o ne a busa fela dikgwedi di le tharo le malatsi a le lesome, mme a ineela ka 617 B.C.E.—Bapisa 2 Dikgosi 24:10-15.

6. Nebukadenesare o ne a dirang ka dilwana tse di boitshepo tsa tempele kwa Jerusalema?

6 Nebukadenesare o ne a tsaya dilwana tse di boitshepo tsa tempele kwa Jerusalema e le thopo mme “a di isa kwa lefatsheng la Shinare kwa ntlong ya modimo wa gagwe; mme a isa dilwana mo ntlong ya dikhumo, ya modimo wa gagwe,” Maraduke, kana Merodake ka Sehebera. (Daniele 1:2; Jeremia 50:2) Go ne ga bonwa mokwalo mongwe wa Sebabelona o mo go one Nebukadenesare a tlhalosiwang a bua jaana ka tempele ya ga Maraduke: “Mo teng ga yone ke ne ka ipolokela selefera le gauta le majana a a tlhokegang . . . mme mo go yone ke ne ka baya ntlo ya matlotlo ya bogosi jwa me.” Re tlile go boa gape re bala ka dilwana tseno tse di boitshepo mo metlheng ya ga Kgosi Beleshasare.—Daniele 5:1-4.

BOMMAMORATWA MO BASHENG BA JERUSALEMA

7, 8. Go tswa mo go Daniele 1:3, 4 le 6, re lemoga eng ka botshelo jwa ga Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo?

7 Ga go a leriwa fela matlotlo a tempele ya ga Jehofa kwa Babelona. Pego eno ya re: “Kgosi ya bua le Asepenase mong wa baopafadiwi ba gagwe, gore a lere bangwe ba bana ba Iseraele, e bong ba losika lwa segosi le lwa bagolwane; e le makau a a se nang bokoa, e le ba ba bopegileng sentle, ba le ditswerere mo botlhaleng jotlhe, e le ba ba seleng tlhogo, ba fasitse, ba tlhaloganya kitso yotlhe, ba ba nang le nonofo ya go ema mo ntlong ya kgosi.”—Daniele 1:3, 4.

8 Go ne ga tlhophiwa bomang? Re bolelelwa jaana: “Jaana mo go bao ga bo go le Daniele, le Hanania, le Mišaele, le Asaria, e le ba bana ba Juta.” (Daniele 1:6) Seno se re baya mo leseding ka karolo e nngwe e re sa e itseng go le kalo ka botshelo jwa ga Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo. Ka sekai, re ela tlhoko gore e ne e le “bana ba Juta,” e bong lotso lwa segosi. E ka ne ba ne ba tswa mo losikeng lwa segosi kana nnyaa, go a utlwala go fetsa ka gore bobotlana ba ne ba tswa mo malapeng a a itsegeng le a a nang le tlhotlheletso. Mo godimo ga gore ba bo ba itekanetse sentle mo mogopolong le mo mmeleng, ba ne ba na le temogo, botlhale, kitso, le bokgoni jwa go farologanya selo mo go se sengwe—botlhe ka nako ya fa ba sa ntse ba le babotlana thata gore ba ka bidiwa “bana,” gongwe ba sa ntse ba simolola dingwaga tsa bone tsa bolesome. Daniele le ditsala tsa gagwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba tlhomologile—e le bommamoratwa—mo basheng ba Jerusalema.

9. Ke ka ntlha yang fa go bonala go tlhomamisegile gore Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba ne ba na le batsadi ba ba boifang Modimo?

9 Pego eno ga e re bolelele gore batsadi ba basha bano e ne e le bomang. Le fa go ntse jalo, go bonala go se na pelaelo epe gore e ne e le batho ba ba boifang Modimo ba ba ileng ba sikara maikarabelo a bone a botsadi ka tsela e e masisi. Fa re akanya ka tsela e boitshwaro le bomoya di neng di senyegile ka teng gongwe le gongwe mo Jerusalema ka nako eo, bogolo jang mo gare ga ‘ba losika lwa segosi le lwa bagolwane,’ go phepafetse gore ga go a itiragalela fela gore Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba bo ba ne ba na le dinonofo tseno tse di molemolemo. Kwa ntle ga pelaelo, go tshwanetse ga bo go ne go utlwisa botlhoko mo batsading bano go bona bomorwaabone ba isiwa kwa lefatsheng le le kgakala. Fa ba ne ba itsile gore go tla felela kae, a bo ba ka bo ba nnile motlotlo jang ne ka bone! A bo go le botlhokwa jang ne gore batsadi ba godise bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa”!—Baefeso 6:4, NW.

NTWA YA MOGOPOLO

10. Bahebera ba babotlana bano ba ne ba rutiwa eng, mme ka ntlha yang?

10 Ka yone fela nako eo, go ne ga simololwa ntwa ya mogopolo mo basheng bano ba ba neng ba isitswe botshwarwa. Go tlhomamisa gore basha bano ba Bahebera ba ne ba tla kgona go tsena sentle mo thulaganyong ya Sebabelona, Nebukadenesare o ne a laela modiredi wa gagwe gore “a ba rute thuto le puo ya Sekalatea.” (Daniele 1:4) Seno e ne e se thuto fela e e tlwaelegileng. The International Standard Bible Encyclopedia e tlhalosa gore “e ne e akaretsa go ithuta Se-Sumer, Se-Akkad, Searamaika . . . , le dipuo tse dingwe, mmogo le dibuka tse dingwe tse dikgolo tse di kwadilweng ka dipuo tseno.” “Dibuka tse dikgolo” e ne e le tsa hisitori, dipalo, thutadinaledi, le tse dingwe. Le fa go ntse jalo, “dibuka tse dingwe tse di tshwanang le tseno tsa bodumedi, tsa tumelabotlhodi le tsa tepodinaledi . . . , di ne di dirisiwa thata.”

11. Go ne ga tsewa dikgato dife go tlhomamisa gore basha bano ba Bahebera ba amogela mokgwa wa botshelo wa mo ntlong ya segosi ya Babelona?

11 E le gore basha bano ba Bahebera ba tle ba amogele dingwao le ditso tsa botshelo jwa mo ntlong ya segosi ya Babelona ka botlalo, “kgosi ya ba laolela kabelo ya malatsi otlhe ya dijo tsa kgosi, le ya bojalwa jwa mofine jo e bo nwang, le gore ba otlwe ka dinyaga di le tharo; gore e tle e re di sena go feta boo ba itse go ema fa pele ga kgosi.” (Daniele 1:5) Mo godimo ga moo, “kgosana ya baopafadiwi ya ba raya maina: Daniele a rewa leina la Beletešasare; Hanania la Shaterake; Mišaele, la Mešake; le Asaria la Abetenego.” (Daniele 1:7) Mo metlheng ya Baebele e ne e le selo se se tlwaelegileng gore motho a newe leina le lesha go tshwaya tiragalo nngwe e e botlhokwa mo botshelong jwa gagwe. Ka sekai, Jehofa o ne a fetola maina a ga Aborame le Sarai go nna Aborahame le Sara. (Genesise 17:5, 15, 16) Fa motho a fetola leina la yo mongwe seno se bontsha sentle gore o na le thata le taolo. Fa Josefa a ne a nna molaodi wa dijo kwa Egepeto, Faro o ne a mmitsa Safenathe-panea.—Genesise 41:44, 45; bapisa 2 Dikgosi 23:34; 24:17.

12, 13. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore go fetola maina a Bahebera ba basha bano e ne e le go leka go senya tumelo ya bone?

12 Mo kgannyeng ya ga Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo tsa Bahebera, go fetolwa gono ga maina go ne go bolela sengwe se segolo. Maina a batsadi ba bone ba neng ba ba a neile a ne a tsamaisana le kobamelo ya ga Jehofa. “Daniele” o bolela “Moatlhodi Wa me Ke Modimo.” “Hanania” o kaya “Jehofa o Bontshitse Bopelotlhomogi.” “Mišaele” go bonala a bolela “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?” “Asaria” o bolela “Jehofa o Thusitse.” Ga go na pelaelo gore batsadi ba bone ba ne ba lebeletse thata gore barwa bano ba bone ba gole ba kaelwa ke Jehofa Modimo gore e nne batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang e bile ba ikanyega ka nitamo.

13 Le fa go ntse jalo, maina a masha a a neilweng Bahebera ba banè bano a ne a amana thata le a medimo ya maaka, mo go neng go bolela gore Modimo wa boammaaruri o ne a laolwa ke medimo eo. A bo e ne e le maiteko a a bofitlha jang ne a go senya tumelo ya basha bano!

14. Maina a masha a a neilweng Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo a bolelang?

14 Leina la ga Daniele le ne la fetolwa go nna Beleteshasare, mo go bolelang “Sireletsa Botshelo Jwa Kgosi.” Go bonala seno e ne e le tsela e e khutshwafaditsweng ya go rapela Bel, kana Maraduke, modimo o mogolo wa Babelona. Go sa kgathalesege gore a Nebukadenesare o nnile le seabe mo go tlhopheleng Daniele leina leno kana nnyaa, o ne a bolela ka go ikgantsha gore le ne le le “ka fa leineng la modimo [wa gagwe].” (Daniele 4:8) Hanania o ne a bidiwa Shaterake, seo bakwadi bangwe ba dumelang gore e ne e le leinagoboka le le bolelang “Taolo ya ga Aku.” Se se kgatlhang ke gore Aku e ne e le leina la modimo mongwe wa kwa Sumer. Mishaele o ne a bidiwa Meshake (gongwe e le Mi·sha·aku), se go bonalang e le go fetola ka botlhale “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?” go e dira “Ke Mang yo o Leng se Aku a Leng Sone?” Leina la Sebabelona la ga Asaria e ne e le Abetenego, leo gongwe le neng le bolela “Motlhanka wa ga Nego.” Mme “Nego” e ne e le tsela e nngwe ya go bitsa “Nebo,” leina la modimo yo babusi ba le mmalwa ba Babelona ba neng ba bidiwa ka ene.

BA ITITEILE SEHUBA GO NNA BA IKANYEGA MO GO JEHOFA

15, 16. Daniele le ditsala tsa gagwe jaanong ba ne ba lebane le dikotsi dife, mme ba ne ba arabela jang?

15 Maina a Sebabelona, thulaganyo ya go rutwa gape, le dijo tse di kgethegileng—tsotlhe tseno e ne e se fela go leka go dira gore Daniele le basha ba bararo ba Bahebera ba tshele ka tsela ya Sebabelona mme gape e ne e le tsela ya go leka go ba kgaoganya le Modimo wa bone, Jehofa, le go ba kgaoganya le tsela e ba thapisitsweng ka yone le e ba godisitsweng ka yone ya bodumedi. Basha bano ba ne ba tla dirang fa ba lebane le kgatelelo eno yotlhe le thaelo?

16 Pego e e tlhotlheleditsweng e bolela jaana: “Daniele ene a ikaelela mo pelong ya gagwe fa a se ketla a iitshekolola ka dijo tsa kgosi, le fa e le ka bojalwa jwa mofine jo e bo nwang.” (Daniele 1:8a) Le mororo go umakilwe leina la ga Daniele fela fano, re bona go tswa mo go se se neng sa direga morago ga moo gore ditsala tsa gagwe tse tharo le tsone di ne di tshegetsa tshwetso eno ya gagwe. Mafoko a a reng “a ikaelela mo pelong ya gagwe” a bontsha gore thuto e batsadi ba ga Daniele le ba bangwe kwa gae ba neng ba e mo ruta e ne e fitlheletse pelo ya gagwe. Ga go na pelaelo gore thapiso e nngwe e e tshwanang le eo e ne ya kaela Bahebera ba bangwe ba bararo fa ba dira ditshwetso. Seno se bontsha sentle botlhokwa jwa go ruta bana ba rona, tota le fa ba bonala ba le bannye thata gore ba ka tlhaloganya.—Diane 22:6; 2 Timotheo 3:14, 15.

17. Ke ka ntlha yang fa Daniele le ditsala tsa gagwe ba ne ba gana fela dijo tsa letsatsi le letsatsi tsa kgosi mme ba sa gane le dithulaganyo tse dingwe?

17 Ke ka ntlha yang fa basha bano ba Bahebera ba ne ba gana fela dijo tsa maemo le beine mme ba sa gane dithulaganyo tse dingwe? Tsela e Daniele a lebang dilo ka yone fano e bontsha sentle gore ke ka ntlha yang: ‘O ne a se ketla a iitshekolola.’ Go ithuta “thuto le puo ya Sekalatea” le go newa leina la Sebabelona, le fa gone di sa amogelege, di ne di ka se kgotlele motho. Akanya ka sekai sa ga Moshe, sa mo e ka nnang dingwaga di le 1 000 pele ga moo. Le mororo a ne a “rutwa botlhale jotlhe jwa Baegepeto,” o ne a nna a ntse a ikanyega mo go Jehofa. Tsela e a godisitsweng ka yone ke batsadi ba gagwe ka namana e ne ya mo thaela motheo o o nonofileng. Ka ntlha ya moo, “ka tumelo Moshe, e rile a setse a godile, a gana go bidiwa morwa morwadia Faro, a tlhopha go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo go na le go ja monate wa boleo ka nakwana.”—Ditiro 7:22; Bahebera 11:24, 25.

18. Dijo tsa kgosi di ne di tla kgotlela basha bano ba Bahebera ka ditsela dife?

18 Dijo tsa Sebabelona tsa dikgosi di ne di tla kgotlela makawana ano jang? Sa ntlha, dijo tseno tsa maemo di ka tswa di ne di akaretsa dijo tse di ileditsweng ke Molao wa ga Moshe. Ka sekai, Bababelona ba ne ba ja dijo tse di itshekologileng, tse Baiseraele ba ba neng ba le kafa tlase ga Molao ba neng ba ileditswe go di ja. (Lefitiko 11:1-31; 20:24-26; Duteronome 14:3-20) Sa bobedi, Bababelona ba ne ba sa itlwaetsa go tsholola madi a diphologolo tse ba di tlhabang pele ba ja nama ya tsone. Go ja nama e e sa tshololwang madi e ne e tla bo e le go tlola molao wa ga Jehofa o o malebana le madi ka tlhamalalo. (Genesise 9:1, 3, 4; Lefitiko 17:10-12; Duteronome 12:23-25) Sa boraro, baobamedi ba medimo ya maaka ba tlwaetse go isetsa medingwana ya bone tshupelo ka dijo tsa bone pele ba di ja le ba bangwe. Batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba ka se dire sepe sa dilo tseo! (Bapisa 1 Bakorintha 10:20-22.) Labofelo, go ja dijo tse di nonneng thata le go nwa dinō tse di tagang thata letsatsi le letsatsi ga go a siamela boitekanelo jwa motho wa dingwaga dipe fela, re sa bue sepe ka ba ba sa ntseng ba le babotlana.

19. Basha bano ba Bahebera ba ka bo ba ile ba ipolelelang, mme ke eng se se neng sa ba thusa go dira tshwetso e e tshwanetseng?

19 Go itse se o tshwanetseng go se dira ke kgang e nngwe, mme go nna le bopelokgale jwa go se dira fa o le kafa tlase ga kgatelelo kana o lekwa ke kgang e sele. Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba ka bo ba ile ba ipolelela gore ka gonne ba le kgakala le batsadi ba bone le ditsala tsa bone, batho bao ba ne ba se kitla ba itse se ba se dirileng. Ba ka bo gape ba ile ba ipolelela gore ke taelo ya kgosi e bile go ne go bonala go se na ka tsela e nngwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, ga go na pelaelo gore basha ba bangwe bone ba ile ba amogela dithulaganyo tseno kwantle ga go okaoka e bile ba ne ba go leba e le tshiamelo go nna le seabe mo go tsone go na le go go leba e le bothata. Mme go akanya ka tsela e e ntseng jalo e e phoso go ne go ka nna ga ba gogela kwa lemeneng la go dira boleo jwa mo sephiring, e leng selo se e leng serai mo basheng ba le bantsi. Basha bano ba Bahebera ba ne ba itse gore “matlho a ga Jehofa a mo mafelong otlhe” le gore “Modimo o tlaa isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, le sengwe le sengwe se se subegileng, le fa se le molemo kgotsa se le bosula.” (Diane 15:3; Moreri 12:14) A rotlhe re ithute sengwe mo go se se dirilweng ke basha bano ba ba ikanyegang.

BA NE BA DUELWA KE BOPELOKGALE LE BOPELOTELELE

20, 21. Daniele o ne a tsaya kgato efe, mme ka diphelelo dife?

20 Ka Daniele a ne a dirile tshwetso mo pelong ya gagwe gore o tlile go gana ditlhotlheletso tse di senyang, o ne a tswelela go dira tumalanong le tshwetso ya gagwe. “O ne a nna a kopa modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgosi gore a se ka a ikgotlela.” (Daniele 1:8b, NW) “A nna a kopa”—polelo eo e botlhokwa. Gantsi, go tlhokega gore re iteke ka metlha fa re lebeletse gore re atlege mo go lwantsheng dithaelo kana mo go fenyeng makoa mangwe ka katlego.—Bagalatia 6:9.

21 Mo kgannyeng ya ga Daniele, bopelotelele bo ne jwa thusa. “Jaana Modimo wa naya Daniele botsalano le go tlhomogelwa pelo mo matlhong a kgosana ya baopafadiwi.” (Daniele 1:9) Selo se se neng se dira gore dilo di tsamaele Daniele le ditsala tsa gagwe sentle, e ne e se ka gonne e ne e le batho ba go neng go le monate go dira le bone le ba ba botlhale. Go na le moo, e ne e le ka ntlha ya tshegofatso ya ga Jehofa. Kwa ntle ga pelaelo Daniele o ne a gakologelwa seane seno sa Sehebera: “O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.” (Diane 3:5, 6) Go latela kgakololo eo go ne ga duela eleruri.

22. Modiredi wa ntlo ya kgosi o ne a gana kopo ka mabaka afe a a utlwalang?

22 Sa ntlha, modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgosi o ne a gana a re: “Ke boifa kgosi morena wa me, yo o lo laoletseng dijo tsa lona le noo ya lona; gonne o tlaa bo a bonelang difatlhogo tsa lona di tlhontse bogolo go tsa makau ba e leng bankana ba lona? Jalo lo tlaa bo lo mpiletsa loso mo kgosing.” (Daniele 1:10) Mabaka a gagwe a go gana le a go boifa a ne a utlwala. Kgosi Nebukadenesare e ne e se motho yo o neng o ka mmolelela gore ga o kgone go dira se a reng o se dire, e bile modiredi yo mogolo yono o ne a lemoga gore “tlhogo” ya gagwe e ne e le mo kotsing fa a ne a ka se dire se kgosi e se laetseng. Daniele o ne a tla dirang?

23. Ka kgato e a e tsereng, Daniele o ne a bontsha jang temogo le botlhale?

23 Fano e ne e le gone fa temogo le botlhale di neng di tsena gone. Gongwe Daniele yo mmotlana o ne a gakologelwa seane se se reng: “Phetolo e e bonolo e thibosa bogale, mme lefoko le le tlhokofatsang le tle le tlhotlheletse bogale.” (Diane 15:1) Go na le gore Daniele a gatelele ka manganga gore go diragadiwe kopo ya gagwe gongwe le go dira gore ba bangwe ba mmogisetse seno, o ne a tlogela kgang eno. Ka nako e e tshwanetseng, o ne a ya kwa ‘molebeding,’ yo gongwe a neng a sa gagamatsa letsogo go le kalo ka gonne a ne a sa ikarabelele kwa kgosing ka tlhamalalo.—Daniele 1:11.

GO AKANTSHIWA TEKO YA MALATSI A LE LESOME

24. Daniele o ne a akantsha gore go dirwe teko efe?

24 Daniele o ne a akantsha mo molebeding gore go dirwe teko eno, a re: “Ke a go rapela, o tle o leke batlhanka beno ka malatsi a le some; mme ba re jese merogo, ba re nose metsi. Foo a difatlhogo tsa rona di sekasekwe fa pele ga gago le difatlhogo tsa makau a a jang dijo tsa kgosi; mme o tle o itse go direla batlhanka beno ka fa o bonang ka teng.”—Daniele 1:12, 13.

25. “Merogo” e Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba neng ba e newa go bonala e ne e akaretsang?

25 Malatsi a le lesome ba ja ‘merogo le metsi’—a ba ne ba tla ‘lebega ba tlhontse’ fa ba bapisiwa le ba bangwe? Lefoko “merogo” le ranotswe go tswa mo lefokong la Sehebera le totatota le rayang “dipeo.” Dithanolo dingwe tsa Baebele di le ranola ka gore “dijo sekanawa,” tse di tlhalosiwang e le “dipeo tse di jewang tsa mefuta e e farologaneng ya dijalo tse di phothwang (tse di jaaka matlhodi, dinawa, kana ditloo).” Bakanoki bangwe ba dumela gore se go tlotliwang ka sone mo ditemaneng tseno ke dijo tse di fetang fela dipeo tse di jewang. Buka nngwe e bolela jaana: “Se Daniele le ditsala tsa gagwe ba neng ba se kopa fano e ne e le dijo fela tsa merogo tse di jewang ke batho fela ba ba tlwaelegileng, e seng dijo tse di nonneng thata, tse di nang le dinama tse di jewang mo tafoleng ya segosi.” Ka gone, merogo e ne e ka akaretsa dijo tse di otlang tse di tsentsweng dinawa, dikomokomore, konofolo, diliki, ditloo, magapu, le dieie le senkgwe se se dirilweng ka dijo tse di farologaneng tsa ditlhaka. Ruri ga go na yo o tla reng seo ke dijo tsa tlala. Go bonala motlhokomedi a ile a tlhaloganya ntlha eno. “Jalo a ba reetsa mo selong se, a ba leka ka malatsi a le some.” (Daniele 1:14) Go ne ga felela jang?

26. Teko ya malatsi a le lesome e ne ya felela jang, mme ke ka ntlha yang fa dilo di ne tsa direga ka tsela eo?

26 “Ya re malatsi a le some a sena go feta difatlhogo tsa bone tsa bonala di le dintle bogolo, mme ba bo ba nonne bogolo go makau otlhe a a jang dijo tsa kgosi.” (Daniele 1:15) Seno ga se a tshwanela go tsewa jaaka bosupi jwa gore dijo tsa merogo di gaisa dijo tse di nonneng thata, tse di nang le dinama. Malatsi a le lesome ke nako e khutshwane thata gore o ka bona matswela a dijo le fa e le dife fela mo mothong, mme ga se nako e khutshwane thata mo Jehofa a ka se kang a diragatsa maikaelelo a gagwe. Lefoko la gagwe le bolela jaana: “Tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa, ga a ke a e oketsa ka bohutsana.” (Diane 10:22) Basha bano ba banè ba Bahebera ba ne ba beile tumelo ya bone le tsholofelo mo go Jehofa, mme ga a ka a ba latlha. Makgolo a dingwaga moragonyana, Jesu Keresete o ne a tswelela a tshela a sa je malatsi a le 40. Mo ntlheng eno, o ne a nopola mafoko a a fitlhelwang mo go Duteronome 8:3, moo re balang jaana: “Motho [ga a] tshele ka dijo di le tsosi, fa e se gore, motho o tshela ka sengwe le sengwe se se tswang mo molomong wa ga Jehofa.” Se se ileng sa diragalela Daniele le ditsala tsa gagwe ke sekao se se molemo sa seno.

TEMOGO LE BOTLHALE MO BOEMONG JWA DIJO TSA MAEMO LE BEINE

27, 28. Thulaganyo ya dijo e Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba neng ba itsenya mo go yone e ne e ba baakanyetsa dikgolo tse di larileng kwa pele ka ditsela dife?

27 Malatsi ano a a lesome e ne e le ditekeletso fela, mme diphelelo tsa tsone e ne ya nna tse di tlhatswang pelo fela thata. “Jalo molebedi a tlosa dijo tsa bone, le bojalwa jwa mofine jo ba tshwanetseng go bo nwa, mme a ba naya merogo.” (Daniele 1:16) Ga go thata go akanya gore basha ba bangwe ba ba neng ba le mo thulaganyong eno ya go thapisiwa ba ne ba akanyang ka Daniele le ditsala tsa gagwe. Mo go bone, go gana dijo tse di monate tsa kgosi gore ba je fela merogo letsatsi le letsatsi go tshwanetse ga bo go ne go bonala e le boeleele. Mme go ne go tloga go tla diteko tse dikgolo le dithaelo, mme di ne di tla tlhoka gore Bahebera ba babotlana bano ba nne ba ntshitse matlho dinameng e bile ba leba dilo ka tekatekano. Mo godimo ga tsotlhe, tumelo ya bone le go ikanya ga bone Jehofa ke tsone tse di neng di tla ba thusa go falola teko ya bone ya tumelo.—Bapisa Jošua 1:7.

28 Se se buiwang morago ga mono se bontsha bosupi jwa gore Jehofa o ne a na le basha bano: “Ka ga makau a mane ao, Modimo wa ba naya kitso le maano mo thutong yotlhe le botlhale; mme Daniele o na a na le tlhaloganyo mo diponatshegelong tsotlhe le mo ditorong.” (Daniele 1:17) Gore ba kgone go itshokela dinako tse di thata tse di neng di tla, ba ne ba tlhoka se se fetang fela thata mo mmeleng le botsogo jo bo molemo. “Gonne botlhale bo tlaa go tsena mo pelong, le kitso e tlaa nna monate mo moweng wa gago; tlhalemaleje e tlaa go tlhodumela, tlhaloganyo e tlaa go boloka, go go golola mo tseleng ya bosula.” (Diane 2:10-12) Ke sone se Jehofa a neng a se neile basha bano ba banè ba ba ikanyegang go ba tlhomelela se se larileng kwa pele.

29. Ke ka ntlha yang fa Daniele a ne a “na le tlhaloganyo mo diponatshegelong tsotlhe le mo ditorong”?

29 Go bolelwa gore Daniele “o ne a na le tlhaloganyo mo diponatshegelong tsotlhe le mo ditorong.” Seno ga se ka kgopolo ya gore o ne a na le nonofo e e sa tlwaelegang ya go bona dilo. Se se kgatlhang ke gore le fa Daniele a tsewa e le mongwe wa baporofeti ba bagolo ba Bahebera, ga a ise a ke a tsamaye a tlhotlhelediwe go bua mafoko a a tshwanang le “Morena Mogodimodimo Jehofa o buile jaana” kana “Jehofa wa masomosomo o buile jaana.” (Isaia 28:16; Jeremia 6:9) Le fa go ntse jalo, Daniele o ne a kgona go tlhaloganya le go tlhalosa diponatshegelo le ditoro tse di neng di senola maikaelelo a ga Jehofa a kaelwa fela ke moya o o boitshepo wa Modimo.

KGABAGARE GO TLA TEKO E E BOTLHOKWA THATA

30, 31. Tsela e e tlhophilweng ke Daniele le ditsala tsa gagwe e ne ya ba solegela molemo ka tsela efe?

30 Dingwaga tse tharo tsa go rutiwa ga bone gape le go thapisiwa di ne tsa khutla. Morago ga moo go ne ga latela teko e e botlhokwa thata—go botsolodiwa dipotso ke kgosi ka boyone. “E rile malatsi a sena go feta, a kgosi e ne e laotse gore ba leriwe ka one, kgosana ya baopafadiwi ya ba isa mo teng fa pele ga Nebukatenesare.” (Daniele 1:18) E ne e le nako ya gore basha ba banè bano ba tle go ikarabela. A go kgomarela melao ya ga Jehofa go na le go ineela mo ditseleng tsa Sebabelona go ne go tla ba solegela molemo?

31 “Kgosi ya bua nabo; mme mo go bone botlhe go se ka ga fitlhelwa bape ba ba tshwanang le Daniele, le Hanania, le Mišaele, le Asaria; ke gone ka moo ba ne ba ema fa pele ga kgosi.” (Daniele 1:19) A bo seno se ne sa tlotlomatsa ka tsela e e feletseng jang ne kgato e ba e tsereng mo dingwageng di le tharo tse di fetileng! Ba ne ba se dieleele fa ba ne ba kgomarela thulaganyo ya dijo e e neng e laolwa ke tumelo ya bone le segakolodi sa bone. Ka go ikanyega mo dilong tse di neng di bonala di le dinnye, Daniele le ditsala tsa gagwe ba ne ba segofadiwa ka dilo tse dikgolo. Tshiamelo ya ‘go ema fa pele ga kgosi’ e ne e le selo se basha botlhe ba ba neng ba le mo thulaganyong eno ya thapiso ba neng ba se eletsa. Baebele ga e bue gore a basha bano ba banè ba Bahebera e ne e le bone fela ba ba tlhophilweng. Le fa go ntse jalo, eleruri boikanyego jwa bone bo ne jwa ba tlisetsa “tuelo e kgolo.”—Pesalema 19:11.

32. Ke ka ntlha yang fa go ka twe Daniele, Hanania, Mishaele le Asaria ba ne ba ipelela tshiamelo e kgolo go feta ya go nna mo kgotleng ya kgosi?

32 “A o bona monna yo o bobebe mo tirong ya gagwe? Ene o tlaa ema fa pele ga dikgosi,” Dikwalo di bua jalo. (Diane 22:29) Ka gone Daniele, Hanania, Mishaele le Asaria ba ne ba tlhophilwe ke Nebukadenesare gore ba eme fa pele ga kgosi, ke gore, ba nne karolo ya kgotla ya kgosi. Mo go sotlhe seno, re kgona go bona seatla sa ga Jehofa se tsamaisa dilo gore ka makau ano—bogolo jang ka Daniele—go itsisiwe dikarolo tse di botlhokwa thata tsa boikaelelo jwa Modimo. Le fa e ne e le tlotla go tlhophiwa gore o nne karolo ya kgotla ya segosi ya ga Nebukadenesare, e ne e le tlotla e kgolo thata go dirisiwa ka tsela e e molemolemo jaana ke Kgosi ya Lobopo Lotlhe, e bong Jehofa.

33, 34. (a) Ke ka ntlha yang fa kgosi e ne ya kgatlhwa ke Bahebera ba babotlana bano? (b) Re ka ithuta thuto efe mo go se se diragaletseng Bahebera ba banè?

33 Go ise go ye kae Nebukadenesare o ne a lemoga gore botlhale le temogo tse Jehofa a neng a di neile basha bano ba banè ba Bahebera di ne di feta kgakala thata tse bagakolodi botlhe le banna ba ba botlhale ba kgotla ya gagwe ba neng ba na le tsone. “Mo dilong tsotlhe tsa botlhale le tlhaloganyo, tse kgosi e ba botsang ka ga tsone, ya ba fitlhela ba gaisa ga some baitseanape botlhe le dingaka tsotlhe tsa lefatshe lotlhe la yone.” (Daniele 1:20) Ke ka ntlha yang fa ba ne ba farologane jalo? ‘Baitseanape’ le ‘dingaka’ ba ne ba ikantse thuto ya Babelona ya selefatshe le ya tumelabotlhodi, fa Daniele le ditsala tsa gagwe bone ba ne ba ikantse botlhale jo bo tswang kwa godimo. Ruri ba ne ba ka se ka ba bapisiwa le bone—le fa e le go gaisana le bone!

34 Dilo ga di a fetoga go le kalo go ralala dingwaga. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., fa botlhajana jwa Segerika le molao wa Roma di ne di sa ntse di amogelwa ke mongwe le mongwe, moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Botlhale jwa lefatshe leno ke boeleele mo Modimong; gonne go kwadilwe ga twe: ‘O tshwara ba ba botlhale mo bohelepeng jwa bone.’ Mme gape: ‘Jehofa o itse gore dikakanyo tsa batho ba ba botlhale ga di na mosola.’ Ka gone a ope a se ka a bo a ipelafatsa ka batho.” (1 Bakorintha 3:19-21) Gompieno re tshwanetse go ngangatlela thata se Jehofa a re rutileng sone mme re se ka ra heheutlwa motlhofo fela ke bontlentle le maphatsiphatsi a lefatshe leno.—1 Johane 2:15-17.

GO IKANYEGA GO YA BOKHUTLONG

35. Re bolelelwa go le kana kang ka ditsala tse tharo tsa ga Daniele?

35 Tumelo e e nonofileng ya ga Hanania, Mishaele le Asaria e bontshiwa sentle mo go Daniele kgaolo 3, malebana le setshwantsho sa gouta sa ga Nebukadenesare kwa lebaleng la Dura le go lekwa ka leubelo la molelo. Ga go na pelaelo gore Bahebera bano ba ba boifang Modimo ba ne ba nna ba ntse ba ikanyega mo go Jehofa go fitlha ba swa. Re itse seno ka gonne ntle le pelaelo moaposetoloi Paulo o ne a ba umaka fa a ne a kwala ka “ba ka tumelo ba neng ba . . . itshokela maatla a molelo.” (Bahebera 11:33, 34) Ke dikao tse di tlhomologileng mo batlhankeng ba ga Jehofa, ba babotlana le ba ba godileng.

36. Daniele o ne a na le mokgele ofe o o tlhomologileng?

36 Fa e le ka , temana ya bofelo ya kgaolo 1 ya re: “Daniele a nna a tshela fela a ya go fitlha mo ngwageng wa ntlha wa kgosi Kurose.” Hisitori e bontsha gore Kurose o ne a menola Babelona mo bosigong bo le bongwe fela, ka 539 B.C.E. Gongwe ka ntlha ya botumo jwa gagwe le seemo sa gagwe, Daniele o ne a tswelela a direla mo kgotleng ya ga Kurose. Tota e bile, Daniele 10:1 e re bolelela gore “ka ngwaga wa boraro wa ga Kurose kgosi ya Peresia,” Jehofa o ne a senolela Daniele kgang nngwe e e botlhokwa. Fa e le gore o ne a sa ntse a le lekawana fa a ne a tlisiwa kwa Babelona ka 617 B.C.E., o tshwanetse a bo a ne a batla a tshwara dingwaga di le 100 fa a ne a bona ponatshegelo eo ya bofelo. A bo seo e ne e le mokgele wa go direla Jehofa ka boikanyegi ka lobaka lo loleele jang ne mme a segofadiwa!

37. Re ka ithuta dithuto dife ka go sekaseka Daniele kgaolo 1?

37 Kgaolo ya ntlha ya buka ya Daniele ga e re bolelele fela ka kgang ya basha ba banè ba ba ikanyegang ba lebana le teko ya tumelo ya bone ka katlego. E re bontsha kafa Jehofa a ka dirisang ka teng mongwe le mongwe fela yo a batlang go mo dirisa gore a diragatse maikaelelo a gagwe. Pego eno e bontsha gore, selo se se ka bonalang e le matlhotlhapelo, fa Jehofa a se letla, e ka nna sa boikaelelo jo bo molemo. Gape e re bolelela gore go ikanyega mo dilong tse dinnye go tlisa maduo a magolo.

O LEMOGILENG?

• Go ka bolelwang ka maemo a botshelo a Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba goletseng mo go one?

• Go godisiwa ka tsela e e molemo ga basha ba banè bano ba Bahebera go ne ga lekwa jang kwa Babelona?

• Jehofa o ne a duela jang go ema ka bopelokgale ga Bahebera ba banè bano?

• Ke dithuto dife tse batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba ka di ithutang mo go Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo?

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 30]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela