LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ip-2 kgao. 13 ts. 180-193
  • “Goelang Gongwe ka Boipelo”!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Goelang Gongwe ka Boipelo”!
  • 2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Apara Nonofo ya Gago, Wena Siona!”
  • “Batho Ba me Ba Tla Itse Leina la Me”
  • “Yo o Tlisang Dikgang Tse di Molemo”
  • “Balebeledi ba Gago ba Tsholeditse Lentswe la Bone”
  • Sengwe se se Batlegang ka Bonako
  • “Leina le Lesha”
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Go Tlhaola Mofuta o o Siameng wa Barongwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Go Direla Jaaka Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Buka ya Bibela ya bo 23—Isaia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
ip-2 kgao. 13 ts. 180-193

Kgaolo ya Lesometharo

“Goelang Gongwe ka Boipelo”!

Isaia 52:1-12

1. Ke ka ntlha yang fa mafoko a boporofeti a Isaia kgaolo 52 a tlisa boipelo, mme a diragadiwa ka ditsela dife tse pedi?

KGOLOLO! A setšhaba se se ileng botshwarwa se ka nna le tebelelo e e itumedisang go feta eo? E re ka setlhogo se segolo mo bukeng ya Isaia e le kgololo le tsosoloso, ga go gakgamatse go bo buka eno ya Baebele e na le mafoko a mantsi a boipelo go feta buka epe e nngwe, kwantle ga Dipesalema. Isaia kgaolo 52 segolobogolo e naya batho ba Modimo lebaka la go ipela. Mafoko a yone a boporofeti a diragadiwa mo Jerusalema ka 537 B.C.E. Mme a diragadiwa ka tsela e kgolwane mo go “Jerusalema o o kwa godimo,” phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo ya dibopiwa tsa semoya, e ka dinako tse dingwe e tlhalosiwang e le mmè le mosadi yo o nyetsweng.—Bagalatia 4:26; Tshenolo 12:1.

“Apara Nonofo ya Gago, Wena Siona!”

2. Siona o tsoga leng, mme seno se diragala jang?

2 Jehofa o dirisa Isaia go tlhaeletsa motse wa Gagwe o o rategang wa Siona a re: “Tsoga, tsoga, apara nonofo ya gago, wena Siona! Apara diaparo tsa gago tse dintle, wena Jerusalema, motse o o boitshepo! Gonne ga go kitla go tlhola go tla mo go wena mongwe yo o sa rupang le yo o seng phepa. Ikgophole mo loroleng, nanoga, nna fa fatshe, wena Jerusalema. Ipofolole dibofo tse di mo thamong, wena morwadia Siona yo o tshwerweng.” (Isaia 52:1, 2) Jerusalema o ntse a swafetse ka dingwaga di le 70 ka gonne banni ba gagwe ba ile ba galefisa Jehofa. (2 Dikgosi 24:4; 2 Ditiragalo 36:15-21; Jeremia 25:8-11; Daniele 9:2) Jaanong ke nako ya gore a tsoge mo lobakeng lwa gagwe lo loleele lwa go sa dire sepe mme a apare diaparo tse dintle tsa kgololesego. Jehofa o tlhotlheleditse pelo ya ga Kurose gore a golole “morwadia Siona yo o tshwerweng” gore batho ba e kileng ya bo e le banni ba Jerusalema le bana ba bone ba kgone go tswa kwa Babelona, ba boele Jerusalema mme ba tsosolose kobamelo ya boammaaruri. Ga go a tshwanela ga fitlhelwa batho bape ba ba sa rupang le ba ba seng phepa mo Jerusalema.—Esera 1:1-4.

3. Ke eng fa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e ka bidiwa “morwadia Siona,” mme ba gololesegile ka tsela efe?

3 Mafoko ano a ga Isaia gape a diragadiwa mo phuthegong ya Bokeresete. Phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e ka bidiwa “morwadia Siona” wa motlha wa gompieno ka gonne “Jerusalema o o kwa godimo” ke mmaabone.a E re ka batlodiwa ba golotswe mo dithutong tsa boheitane le tsa botlhanogi, ba tshwanetse ba nna ba le phepa fa pele ga ga Jehofa, nnyaa, e seng ka go rupa mo mmeleng, mme ka go rupa mo dipelong. (Jeremia 31:33; Baroma 2:25-29) Seno se akaretsa go ipoloka ba le phepa fa pele ga ga Jehofa mo semoyeng, mo tlhaloganyong le mo boitsholong.—1 Bakorintha 7:19; Baefeso 2:3.

4. Le fa go ise go ke go direge gore “Jerusalema o o kwa godimo” a se ka a utlwa Jehofa, o diragaletswe ke dilo dife tse di tshwanang le tse di diragaletseng banni ba bogologolo ba Jerusalema?

4 Ke boammaaruri, ga go ise go ke go direge gore “Jerusalema o o kwa godimo” a se ka a utlwa Jehofa. Le fa go ntse jalo, ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe, baemedi ba gagwe ba ba mo lefatsheng—Bakeresete ba ba tloditsweng—ba ne ba roba molao wa ga Jehofa ba sa lemoge ka gonne ba ne ba sa tlhaloganye boitlhaodi jwa boammaaruri jwa Bokeresete sentle. Ba ile ba se ka ba tlhola ba amogelwa ke Modimo, mme ba nna mo botshwarong jwa semoya mo go “Babelona o Mogolo,” mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 17:5) Boemo jwa bone jwa go nna mo bokgobeng bo ne jwa fitlha kwa setlhoeng ka June 1918 fa maloko a le robedi a Mokgatlho wa Watch Tower a ne a tsenngwa mo kgolegelong ka ditatofatso tsa maaka, go akaretsa le tatofatso ya gore ba a tsuologa. Ka nako eo, tiro e e rulagantsweng ya go rera dikgang tse di molemo e ne ya batla e ema tsi! Le fa go ntse jalo, ka 1919 go ne ga tswa pitso e e rotloetsang batho gore ba thanye semoyeng. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba simolola go ikgaoganya gotlhelele le leswe la boitsholo le la semoya la Babelona o Mogolo. Ba ne ba tsoga mo loroleng lwa botshwarwa, mme “Jerusalema o o kwa godimo” a galalela go nna “motse o o boitshepo” o go sa letlweng leswe la semoya mo go one.

5. Ke eng fa Jehofa a na le tshwanelo e e feletseng ya go rekolola batho ba gagwe a sa neele batshwari ba bone tuelo epe?

5 Ka 537 B.C.E. le ka 1919 C.E., Jehofa o ne a na le tshwanelo e e feletseng ya go golola batho ba gagwe. Isaia o tlhalosa jaana: “Jehofa o rile: ‘Lo ne lwa rekisediwa lefela, mme lo tla rekololwa kwantle ga madi.’” (Isaia 52:3) Babelona wa bogologolo le fa e le Babelona o Mogolo ga ba a ka ba duela sepe fa ba ne ba dira batho ba Modimo a dirileng kgolagano le bone makgoba. E re ka ba sa rekisiwa ka madi ape, Jehofa e ne e sa ntse e le Mong wa batho ba gagwe kafa molaong. A o ne a tshwanetse go ikutlwa a kolota mongwe? Nnyaa ruri. Mo makgetlhong ano ka bobedi, Jehofa o ne a ka rekolola baobamedi ba gagwe ka tshwanelo a sa neele batshwari ba bone tuelo epe.—Isaia 45:13.

6. Ke dilo dife tse baba ba ga Jehofa ba sa ithutang tsone mo ditiragalong tsa hisitori?

6 Baba ba ga Jehofa ga ba a ithuta sepe mo dilong tse di diragetseng mo hisitoring. Re bala jaana: “Morena Molaodimogolo Jehofa o rile: ‘Batho ba me ba ne ba ya kwa Egepeto lekgetlo la ntlha go ya go aga teng e le baeng; mme Asiria o ne a ba gatelela kwantle ga lebaka.’” (Isaia 52:4) Faro wa Egepeto o ne a dira Baiseraele makgoba, e le batho ba ba neng ba laleditswe go nna baagi ba baeng mo nageng ya gagwe. Mme Jehofa o ne a nwetsa Faro le masole a gagwe mo Lewatleng le Lehibidu. (Ekesodo 1:11-14; 14:27, 28) Fa Kgosi Senakeribe wa Asiria a tshosetsa Jerusalema, moengele wa ga Jehofa o ne a kgemetha masole a kgosi a le 185 000. (Isaia 37:33-37) Ka tsela e e tshwanang, Babelona wa bogologolo le fa e le Babelona o Mogolo ba ka se falole diphelelo tsa go gatelela batho ba Modimo.

“Batho Ba me Ba Tla Itse Leina la Me”

7. Go tshwarwa ga batho ba ga Jehofa go amile leina la gagwe jang?

7 Seemo sa batho ba ga Jehofa sa go nna kwa botshwarwa se ama leina la gagwe, jaaka boporofeti bo bontsha: “‘Mme jaanong, ke kgatlhwa ke eng fano?’ go bua Jehofa. ‘Gonne batho ba me ba ne ba tseelwa lefela. Bone bao ba ba busang ba ne ba nna ba bokolela,’ go bua Jehofa, ‘mme ka metlha, letsatsi lotlhe, leina la me le ne le tlontlololwa. Ka lebaka leo batho ba me ba tla itse leina la me, ka lone lebaka leo mo letsatsing leo, ka gonne ke nna Yo o buang. Bona! Ke nna.’” (Isaia 52:5, 6) Ke eng fa Jehofa a kgatlhegela seemo seno? Go mo ama ka eng go bo Baiseraele ba dirilwe makgoba kwa Babelona? Jehofa o tshwanetse a tsaya kgato ka gonne Babelona o isitse batho ba gagwe botshwarwa mme o ntse a bokolela ka boipelo ka bone. Go ikgantsha jalo go dirile gore Babelona a tlontlolole leina la ga Jehofa. (Esekiele 36:20, 21) Ga a lemoga gore Jerusalema o swafetse ka go bo Jehofa a sa itumelela batho ba gagwe. Go na le moo, Babelona o tsere go dirwa makgoba ga Bajuda e le bosupi jwa gore Modimo wa bone o bokoa. Tota e bile, mmusi yo o pataganetseng puso ya Babelona le yo mongwe e bong Beleshasare o sotla Jehofa ka go dirisa dijana tse di tswang kwa tempeleng ya Gagwe ka nako ya mokete wa go tlotla medimo ya Babelona.—Daniele 5:1-4.

8. Leina la ga Jehofa le ile la tshwarwa jang fa e sale baaposetoloi ba swa?

8 Seno sotlhe se dira jang mo go “Jerusalema o o kwa godimo”? Fa e sa le botlhanogi bo itsetsepela mo bathong ba ba ipitsang Bakeresete, go ka bolelwa gore “leina la Modimo le tlhapadiwa ka ntlha ya [ba ba] mo ditšhabeng.” (Baroma 2:24; Ditiro 20:29, 30) E bile, ka ntlha ya tumelobotlhodi Bajuda kgabagare ba ne ba simolola go tila go dirisa leina la Modimo. Morago fela ga loso lwa baaposetoloi, Bakeresete ba batlhanogi le bone ba ne ba tlogela go dirisa leina la Modimo. Botlhanogi bo ne jwa felela ka gore go nne le Labokeresete, karolo e kgolo ya Babelona o Mogolo. (2 Bathesalonika 2:3, 7; Tshenolo 17:5) Boitsholo jo bo maswe mo go feteletseng le molato o mogolo wa madi wa Labokeresete o tlisitse kgobo mo leineng la ga Jehofa.—2 Petere 2:1, 2.

9, 10.Batho ba motlha wa gompieno ba Modimo a dirileng kgolagano le bone ba ile ba tlhaloganya melao ya ga Jehofa le leina la gagwe botoka jang?

9 Fa Kurose yo Mogolwane, Jesu Keresete, a ne a golola batho ba Modimo a dirileng kgolagano le bone mo botshwarong jwa Babelona o Mogolo ka 1919, ba ne ba simolola go tlhaloganya melao ya ga Jehofa botoka. Ba ne ba setse ba tlogetse dithuto tse dintsi tsa Labokeresete tse di tswang mo boheitaneng jwa pele ga Bokeresete, tse di jaaka Tharonngwe, gore moya ga o swe, le gore batho ba bogisiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele. Jaanong ba ne ba simolola go tlosa mo go bone matshwao otlhe a go tlhotlhelediwa ke Babelona. Gape ba ne ba lemoga botlhokwa jwa go nna ba sa tseye letlhakore gotlhelele mo dikgannyeng tsa makoko a lefatshe leno. E bile ba ne ba batla go iphepafatsa mo molatong ope wa madi o bangwe ba ka tswang ba ile ba nna nao.

10 Batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno gape ba ne ba simolola go tlhaloganya botlhokwa jwa leina la ga Jehofa botoka. Ka 1931 ba ne ba simolola go dirisa leina Basupi ba ga Jehofa, ka go rialo ba itsise phatlalatsa gore ba ne ba tshegetsa Jehofa le leina la gagwe. Mo godimo ga moo, ka go gatisiwa ga Thanolo ya Lefatshe le Lesha go tloga ka 1950, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba busetsa leina la Modimo fa le tshwanelang teng mo Baebeleng. Ee, ba simolotse go anaanela leina la ga Jehofa e bile ba le itsise batho go ya kwa dintlheng tsa lefatshe.

“Yo o Tlisang Dikgang Tse di Molemo”

11. Ke eng fa polelo e e reng “Modimo wa gago jaanong ke kgosi!” e tshwanela malebana le ditiragalo tsa 537 B.C.E.?

11 Jaanong re busetsa tlhokomelo ya rona gape kwa Siona fa e sa ntse e swafetse. Go tla morongwa a tshotse dikgang tse di molemo: “A bo di le dintle jang ne mo dithabeng dinao tsa yo o tlisang dikgang tse di molemo, yo o itsiseng kagiso phatlalatsa, yo o tlisang dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka, yo o itsiseng poloko phatlalatsa, yo o rayang Siona a re: ‘Modimo wa gago jaanong ke kgosi!’” (Isaia 52:7) Ka 537 B.C.E., go ka bolelwa jang ga twe Modimo wa Siona jaanong ke Kgosi? A Jehofa e ntse e se Kgosi nako eno yotlhe? Ee ruri, ke “Kgosi ya bosakhutleng”! (Tshenolo 15:3) Mme polelo e e reng “Modimo wa gago jaanong ke kgosi!” e a tshwanela ka gonne go wa ga Babelona le taelo ya segosi ya gore tempele e agiwe sesha kwa Jerusalema le gore go busediwe kobamelo e e itshekileng teng ke sesupo se sesha sa gore Jehofa ke kgosi.—Pesalema 97:1.

12. Ke mang yo o neng a etelela pele tiro ya go ‘tlisa dikgang tse di molemo,’ mme o ne a dira jalo jang?

12 Mo motlheng wa ga Isaia, ga go na motho ope kgotsa setlhopha sepe sa batho se se neng se itsewe e le “yo o tlisang dikgang tse di molemo.” Le fa go ntse jalo, gompieno go a itsiwe gore motshodi wa dikgang tse di molemo ke mang. Jesu Keresete ke ene morongwa wa kagiso yo mogolo wa ga Jehofa. Fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, o ne a rera dikgang tse di molemo tsa gore batho ba ne ba tla gololwa mo diphelelong tsotlhe tsa boleo jo bo ruilweng mo go Adame, go akaretsa bolwetse le loso. (Mathaio 9:35) Jesu o ne a tlhoma sekao ka go bolela ka tlhoafalo dikgang tseno tse di molemo tsa sengwe se se botoka, a dirisa sebaka sengwe le sengwe go ruta batho ka Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 5:1, 2; Mareko 6:34; Luke 19:1-10; Johane 4:5-26) Mme barutwa ba gagwe ba ne ba latela sekao sa gagwe.

13. (a) Moaposetoloi Paulo o atolosa jang bokao jwa polelwana e e reng “A bo di le dintle jang ne mo dithabeng dinao tsa yo o tlisang dikgang tse di molemo”? (b) Ke ka ntlha yang fa go ka twe dinao tsa barongwa “di dintle”?

13 Mo lekwalong le a neng a le kwalela Baroma, moaposetoloi Paulo o nopola Isaia 52:7 go gatelela botlhokwa jwa tiro ya go rera dikgang tse di molemo. O botsa motseletsele wa dipotso tse di dirang gore motho a akanye, go akaretsa le ya gore ‘Batho ba tla utlwa jang fa go se na ope yo o rerang?’ Go tswa foo a re: “Fela jaaka go kwadilwe go twe: ‘A bo dinao tsa ba ba bolelang dikgang tse di molemo tsa dilo tse di molemo di le dintle jang ne!’” (Baroma 10:14, 15) Ka gone Paulo o atolosa tlhaloso ya Isaia 52:7, a dirisa “ba ba” mo bontsing, mo boemong jwa go dirisa “yo o,” mo bongweng, jaaka go ntse mo mokwalong wa ntlha wa ga Isaia. Bakeresete botlhe ba etsa Jesu Keresete ka go nna barongwa ba dikgang tse di molemo tsa kagiso. Dinao tsa bone di “dintle” ka tsela efe? Isaia o bua jaaka e kete morongwa o atamela Jerusalema a tswa mo dithabeng tse di gaufi tsa Juda. Fa o le kgakala, ga o ka ke wa bona dinao tsa morongwa. Go na le moo, tota go buiwa ka morongwa, dinao di emela morongwa ka boene. Fela jaaka Jesu le barutwa ba gagwe e ne e le sengwe se sentle mo bathong ba ba pelonomi ba lekgolo la ntlha la dingwaga, Basupi ba motlha wa gompieno ba amogelwa ka boitumelo ke batho ba ba ikokobeditseng ba ba utlwang molaetsa o o bolokang botshelo wa dikgang tse di molemo.

14. Jehofa o ile a nna Kgosi jang mo metlheng ya gompieno, mme seno se ile sa itsisiwe batho fa e sa le leng?

14 Mo motlheng wa gompieno mokgosi wa, “Modimo wa gago jaanong ke kgosi!” o ntse o utlwiwa fa e sa le go tloga leng? Go tloga ka 1919. Ka ngwaga oo kwa kopanong e kgolo ya kwa Cedar Point, Ohio, J. F. Rutherford, yo e neng e le poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo, o ne a rotloetsa bareetsi ba gagwe ka puo ya setlhogo se se reng “Puo e e Lebaganeng le Badirimmogo.” Puo eo, e e neng e theilwe mo go Isaia 52:7 le Tshenolo 15:2, e ne ya kgothaletsa botlhe ba ba neng ba le teng gore ba tsenele tiro ya go rera. Ka gone ‘dinao tse dintle’ di ne tsa simolola go bonala “mo dithabeng.” Sa ntlha, Bakeresete ba ba tloditsweng mme moragonyana ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe” ba ne ba bolela ka tlhoafalo dikgang tse di molemo tsa gore jaanong Jehofa e ne e le Kgosi. (Johane 10:16) Jehofa o ne a nna Kgosi ka tsela efe? O ne a bontsha sesha gore ke kgosi ka 1914 fa a ne a tlhoma Morwawe, Jesu Keresete, go nna Kgosi ya Bogosi jo bo sa tswang go tlhomiwa jwa selegodimo. Mme Jehofa o ne a supa gape gore ke kgosi ka 1919 fa a ne a golola “Iseraele wa Modimo” mo Babelona o Mogolo.—Bagalatia 6:16; Pesalema 47:8; Tshenolo 11:15, 17; 19:6.

“Balebeledi ba Gago ba Tsholeditse Lentswe la Bone”

15. “Balebeledi” ba ba tsholetsang lentswe la bone ka 537 B.C.E. ke bomang?

15 A mokgosi o o reng “Modimo wa gago jaanong ke kgosi!” o a tsibogelwa? Ee. Isaia o kwala jaana: “Reetsa! Balebeledi ba gago ba tsholeditse lentswe la bone. Ba nna ba goela gongwe ka boipelo; gonne ba tla iponela ka matlho fa Jehofa a busa Siona.” (Isaia 52:8) Ga go na balebeledi bape ba mmatota ba ba emang mo maemong a bone kwa Jerusalema ka 537 B.C.E. go tla go amogela batshwarwa ba ntlha ba ba boang. Motse o ntse o swafetse ka dingwaga di le 70. (Jeremia 25:11, 12) Ka jalo “balebeledi” ba ba tsholetsang lentswe la bone e tshwanetse ya bo e le Baiseraele ba ba utlwang dikgang ka ga go tsosolosiwa ga Siona go sa le gale ba bo ba fetisetsa dikgang kwa baneng ba bangwe ba Siona. Fa balebeledi ba bona Jehofa a tsenya Babelona mo seatleng sa ga Kurose ka 539 B.C.E., ba tlhatswega pelo gore Jehofa o golola batho ba gagwe. Balebeledi ba nna ba goela gongwe ka boipelo mmogo le ba ba tsibogelang pitso ya bone, ba bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo.

16. Balebeledi ba ‘iponela mang ka matlho,’ mme ka tsela efe?

16 Balebeledi ba ba ntshitseng matlho dinameng ba nna le botsala jo bogolo le Jehofa, ba mo “iponela ka matlho” kgotsa ba mmona ba lebanye difatlhego, jaaka go ka tualo. (Dipalo 14:14) Go dirisana ga bone thata le Jehofa le go dirisana ga bone mmogo go gatelela kutlwano ya bone le kafa molaetsa wa bone o itumedisang ka teng.—1 Bakorintha 1:10.

17, 18.(a) Setlhopha sa motlha wa gompieno sa molebeledi se tsholeditse lentswe la sone jang? (b) Setlhopha sa molebeledi se ile sa goela gongwe ka tsela efe?

17 Fa mafoko ano a diragadiwa mo motlheng wa gompieno, setlhopha sa molebeledi, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” se tsholetsa lentswe la sone, e seng fela mo bathong ba ba setseng ba le mo phuthegong ya Modimo e e bonalang, mme gape le mo go ba ba kwa ntle ga yone. (Mathaio 24:45-47) Ka 1919 go ne ga tswa pitso ya gore go kokoanngwe ba ba setseng ba batlodiwa, mme ka 1922 pitso eo e ne ya gatelelwa kwa kopanong e kgolo ya kwa Cedar Point, Ohio, ka kopo eno e e reng “itsiseng, itsiseng, itsiseng Kgosi le bogosi jwa yone.” Fa e sa le ka 1935, go ntse go itebagantswe le go kokoanya boidiidi jo bogolo jwa ba dinku tse dingwe. (Tshenolo 7:9, 10) Mo dingwageng tsa bosheng jaana kitsiso ya gore Jehofa ke kgosi e ile ya okediwa. Jang? Ka ngwaga wa 2000, batho ba ka nna dimilione tse thataro ba ne ba nna le seabe mo go boleleng gore Jehofa ke kgosi mo dinageng tse di fetang 230. Mo godimo ga moo, Tora ya Tebelo, sedirisiwa sa konokono sa setlhopha sa molebeledi, e bolela molaetsa ono o o itumedisang ka dipuo di feta 130.

18 Go nna le seabe mo tirong eno e e kopanyang batho go tlhoka motho boikokobetso le lorato lwa bokaulengwe. Gore pitso eno e nne le matswela, botlhe ba ba nang le seabe ba tshwanetse ba rera molaetsa o o tshwanang, ba bua ka leina la ga Jehofa, thulaganyo ya gagwe ya thekololo, botlhale jwa gagwe, lorato lwa gagwe le Bogosi jwa gagwe. Fa Bakeresete mo lefatsheng lotlhe ba ntse ba dira mmogo, kamano ya bone le Jehofa e a nonofa gore ba bolele dikgang tse di molemo ba le seoposengwe.

19. (a) “Mafelo a a swafetseng a Jerusalema” a itumela jang? (b) Jehofa o “senotse lebogo la gagwe le le boitshepo” ka tsela efe?

19 E re ka batho ba Modimo ba goa ka boipelo, tota le lefelo le ba nnang mo go lone le lebega le itumetse. Boporofeti bo tswelela pele jaana: “Itumeleng, goelang gongwe ka boipelo, lona mafelo a a swafetseng a Jerusalema, gonne Jehofa o gomoditse batho ba gagwe; o rekolotse Jerusalema. Jehofa o senotse lebogo la gagwe le le boitshepo fa pele ga matlho a ditšhaba tsotlhe; mme mafelelo otlhe a lefatshe a tla bona poloko ya Modimo wa rona.” (Isaia 52:9, 10) Fa ba ba boang kwa Babelona ba goroga, mafelo a a lebegang a hutsafetse a Jerusalema yo o swafetseng a lebega a itumetse ka gonne kobamelo ya ga Jehofa e e itshekileng jaanong e ka busediwa. (Isaia 35:1, 2) Go phepafetse gore Jehofa o na le seabe mo go seno. O “senotse lebogo la gagwe le le boitshepo,” jaaka e kete o menne mabogo a seaparo sa gagwe gore a semelele mo tirong ya go namola batho ba gagwe.—Esera 1:2, 3.

20. Go senola ga ga Jehofa lebogo la gagwe le le boitshepo go ile ga felela ka eng e bile go sa ntse go tla felela ka eng mo metlheng ya gompieno?

20 Mo ‘metlheng eno ya bofelo,’ Jehofa o senotse lebogo la gagwe le le boitshepo gore a tsose masalela a a tloditsweng, ‘basupi ba babedi’ ba buka ya Tshenolo. (2 Timotheo 3:1; Tshenolo 11:3, 7-13) Fa e sa le ka 1919, ba ile ba tsenngwa mo paradaiseng ya semoya, seemo sa semoya se jaanong ba se kopanetseng le dimilione tsa ditsala tsa bone, dinku tse dingwe. Kgabagare, Jehofa o tla senola lebogo la gagwe le le boitshepo gore a tlisetse batho ba gagwe poloko ka “Hara-Magedona.” (Tshenolo 16:14, 16) Ka nako eo, “mafelelo otlhe a lefatshe a tla bona poloko ya Modimo wa rona.”

Sengwe se se Batlegang ka Bonako

21. (a)Ke eng se ba ba “tshotseng dilwana tsa ga Jehofa” ba tshwanetseng ba se dira? (b) Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba ba tswang kwa Babelona ba sa tlhoke go boifa?

21 Batho ba ba tswang mo Babelona ba boela kwa Jerusalema ba na le sengwe se ba tshwanetseng ba se dira. Isaia o kwala jaana: “Retologang, retologang, tswang koo, lo se ka lwa ama sepe se se seng phepa; tswang mo gare ga gagwe, ipolokeng lo le phepa, lona ba lo tshotseng dilwana tsa ga Jehofa. Gonne lo tla tswa lo se mo letshogong lepe, e bile lo tla tsamaya lo sa tshabe. Gonne Jehofa o tla bo a tsamaya fa pele ga lona, mme Modimo wa Iseraele o tla nna setlhopha sa gago sa masole a a sireletsang kafa morago.” (Isaia 52:11, 12) Baiseraele ba ba tswang kwa Babelona ba tshwanetse ba tlogela sengwe le sengwe se se ka tswang se amana ka gope fela le kobamelo ya maaka ya Babelona. E re ka ba tshotse dilwana tsa ga Jehofa tse di tswang kwa tempeleng kwa Jerusalema, ba tshwanetse ba nna phepa, e seng ka fa ntle fela, ka tsela ya seomodiro, mme bogolo jang mo dipelong tsa bone. (2 Dikgosi 24:11-13; Esera 1:7) Gape Jehofa o tsamaya kwa pele ga bone, ka jalo ga ba tlhoke go boifa, le gone ga ba tlhoke go taboga thata ka letshogo, jaaka e kete batlhasedi ba ba nyoretsweng madi ba ba lelekile. Modimo wa Iseraele ke ene yo o ba sireletsang go tswa ka fa morago.—Esera 8:21-23.

22. Paulo o gatelela jang kafa go tlhokegang ka gone gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba nne ba le phepa?

22 Mafoko a ga Isaia malebana le go ipoloka ba le phepa a diragadiwa ka tsela e kgolwane mo baneng ba “Jerusalema o o kwa godimo.” Fa Paulo a ne a gakolola Bakeresete ba Bakorintha gore ba se ka ba pataganela jokwe ka tsela e e sa lekalekaneng le ba ba sa dumeleng, o ne a nopola mafoko a Isaia 52:11: “‘Jalo tswang mo gare ga bone, lo bo lo itomolole,’ go bua Jehofa, ‘mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa.’” (2 Bakorintha 6:14-17) Fela jaaka Baiseraele ba ba yang gae ba tswa Babelona, Bakeresete ba tshwanetse ba ikgaoganya gotlhelele le kobamelo ya maaka ya Babelona.

23. Batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba leka go ipoloka ba le phepa ka ditsela dife?

23 Go ne go ntse jalo segolobogolo ka balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu Keresete ba ba neng ba tswa mo Babelona o Mogolo ka 1919. Ba ile ba iphepafatsa kgato ka kgato ka go tlogela dilo tsotlhe tse di amanang le kobamelo ya maaka. (Isaia 8:19, 20; Baroma 15:4) Gape ba ne ba lemoga go ya pele kafa go leng botlhokwa ka teng go nna phepa mo boitsholong. Le fa Basupi ba ga Jehofa ba sa bolo go tshegetsa melao e e kwa godimo ya boitsholo, ka 1952 Tora ya Tebelo e ne e na le ditlhogo tse di gatelelang kafa go tlhokegang ka gone gore batho ba ba se nang boitsholo jo bo siameng ba otlhaiwe gore phuthego e nne e le phepa. Kotlhao e e ntseng jalo e thusa le ene yo o dirileng phoso gore a bone botlhokwa jwa go ikwatlhaya ka bopeloephepa.—1 Bakorintha 5:6, 7, 9-13; 2 Bakorintha 7:8-10; 2 Johane 10, 11.

24. (a) “Dilwana tsa ga Jehofa” mo motlheng wa gompieno ke eng? (b) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete gompieno ba ka tlhomamisega gore Jehofa o tla tswelela a tsamaya fa pele ga bone a bo a ba sireletsa go tswa ka fa morago?

24 Bakeresete ba ba tloditsweng mmogo le boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe ba ititeile sehuba gore ba se ka ba ama sepe se se seng phepa semoyeng. Boemo jwa bone jo bo itshekileng, jo bo phepa, bo dira gore ba tshwanelegele go tshola “dilwana tsa ga Jehofa”—dithulaganyo tse di tlhwatlhwakgolo tse Modimo a di direlang tirelo e e boitshepo mo bodireding jwa go ya ka ntlo le ntlo le go tshwara dithuto tsa Baebele le ditiro tse dingwe tsa Bokeresete. Fa batho ba Modimo gompieno ba nna ba le phepa, ba ka tlhomamisega gore Jehofa o tla tswelela pele a tsamaya kwa pele ga bone le go ba sireletsa go tswa ka fa morago. Ka e le batho ba Modimo ba ba phepa, ba na le mabaka a le mantsi a go ‘goela gongwe ka boipelo’!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Kgaolo 15 ya buka eno go bona tlhaloso e e oketsegileng ya kafa “Jerusalema o o kwa godimo” a amanang ka teng le bana ba gagwe ba ba tloditsweng ba mo lefatsheng.

[Setshwantsho mo go tsebe 183]

Siona o tla gololwa mo botshwarong

[Setshwantsho mo go tsebe 186]

Fa e sa le ka 1919, ‘dinao tse dintle’ di ile tsa bonala gape “mo dithabeng”

[Setshwantsho mo go tsebe 189]

Basupi ba ga Jehofa ba buela gongwe

[Setshwantsho mo go tsebe 192]

Ba ba “tshotseng dilwana tsa ga Jehofa” ba tshwanetse ba nna phepa mo boitsholong le mo semoyeng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela