LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 5/1 ts. 8-12
  • Go Tlhaola Mofuta o o Siameng wa Barongwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhaola Mofuta o o Siameng wa Barongwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Senola Baporofeti ba Maaka
  • Melaetsa e e Gakgamatsang ka ga Babilone le Jerusalema
  • Modimo o Diragatsa Mafoko a Barongwa ba Gagwe
  • Dikgang Tse di Molemo Tsa Morongwa mo go Sione!
  • Jehofa—“Modimo yo o Siameng le Mmoloki”
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Kurose yo Mogolo
    Tsogang!—2013
  • Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo ba Kaiwa ba Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Batho ba Modimo ba Tswa mo Babelona
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 5/1 ts. 8-12

Go Tlhaola Mofuta o o Siameng wa Barongwa

“Ke . . . yo ke tlhomamisang lefoko la motlhanka wa me, ke dirafatsa kgakololo ya barongwa ba me.”—ISAIA 44:25, 26.

1. Jehofa o tlhaola jang mofuta o o siameng wa barongwa, mme o senola jang ba maaka?

JEHOFA MODIMO ke Motlhaodi yo Mogolo wa barongwa ba gagwe ba boammaaruri. O ba tlhaola ka go dira gore melaetsa e a ba bolelelang yone e diragadiwe. Gape Jehofa ke Mosenodi yo Mogolo wa barongwa ba maaka. O ba senola jang? O dira gore ditshupo le dipolelelopele tsa bone di se ka tsa diragadiwa. Ka tsela eno o supa gore ke baporofeti ba ba itlhomileng ka bobone, bao melaetsa ya bone tota e tswang mo megopolong ya bone ya maaka—ee, e e tswang mo dikakanyong tsa bone tsa boeleele, tsa senama!

2. Go ne go na le kgotlhang efe fa gare ga barongwa mo metlheng ya Baiseraele?

2 Isaia le Esekiele ka bobedi jwa bone ba ne ba ipolela gore ke barongwa ba ga Jehofa Modimo. A e ne e le bone? A re boneng. Isaia o ne a porofeta kwa Jerusalema go tloga mo e ka nnang ka 778 B.C.E. go fitlha mo e ka nnang morago ga 732 B.C.E. Esekiele o ne a isitswe botshwarong kwa Babilone ka 617 B.C.E. O ne a porofetela bomorwarraagwe ba Bajuta koo. Baporofeti bano ka bobedi ba ne ba bolela ka bopelokgale gore Jerusalema o ne a tla senngwa. Baporofeti ba bangwe ba ne ba bolela gore Modimo o ne a ka se ka a letla gore seno se diragale. Ke bomang ba ba neng ba itshupa gore ke barongwa ba mofuta o o siameng?

Jehofa o Senola Baporofeti ba Maaka

3, 4. (a) Ke melaetsa efe e mebedi e e ganetsang e e neng ya bolelelwa Baiseraele kwa Babilone, mme Jehofa o ne a senola jang morongwa wa maaka? (b) Jehofa o ne a re ke eng se se neng se tla diragalela baporofeti ba maaka?

3 Fa Esekiele a ne a sa ntse a le kwa Babilone, o ne a bontshiwa ponatshegelo ya se se neng se diragala kwa tempeleng ya Jerusalema. Kwa botsenong jwa kgoro ya yone e e kafa ntlheng ya botlhaba go ne go na le banna ba le 25. Mo go bone go ne go na le dikgosana di le pedi, e bong Jaasania le Pelatia. Jehofa o ne a ba leba jang? Esekiele 11:2, 3 e araba jaana: “Morwa motho, bao ke banna ba ba logang boikepo, ba naya batho kgakololo e e bosula mo motseng o. Ba bua ba re: ‘Lobaka ga lo ise lo nne gaufi lwa go aga matlo.’” Barongwa bano ba kagiso ba ba ipagololelang mogodu ba ne ba re, ‘Jerusalema ga e mo kotsing. Ebu, go ise go ye kae re tla aga matlo a a oketsegileng mo go ene!’ Ka jalo, Modimo o ne a bolelela Esekiele gore a porofete kgatlhanong le baporofeti bano ba ba buang maaka. Mo temaneng ya 13 ya kgaolo 11, Esekiele o re bolelela gore go diragetseng ka mongwe wa bone: “Ga dirala ya re ke sa perofesa, Pelatia morwa Benaia a swa.” Gongwe seno se ne sa diragala ka go bo Pelatia e ne e le kgosana e e neng e tumile thata le e e tlhotlheletsang thata e bile e le moobamedi yo mogolo wa medimo e e itiretsweng. Go swa ga gagwe ka tshoganetso go ne go supa gore e ne e le moporofeti wa maaka!

4 Go bo Jehofa a ile a bolaya Pelatia ga go a ka ga dira gore baporofeti ba bangwe ba emise go tlhola ba bua maaka mo leineng la Modimo. Batsietsi bano ba ne ba tswelela pele ka tsela ya bone e e bosula ya go bolelela pele dilo tse di kgatlhanong le go rata ga Modimo. Ka jalo Jehofa Modimo o ne a bolelela Esekiele jaana: “Go latlhega baperofeti ba ba dieleele, ba ba salang mowa wa bone morago, mme ba sa bone sepe!” Jaaka Pelatia, ba ne ba ‘ka se tlhole ba nna teng’ ka go bo ka lenyatso ba ile ba bonela Jerusalema “diponatshegelo tsa kagiso, mme go se na kagiso.”—Esekiele 13:3, 15, 16.

5, 6. Le fa go ne go na le barongwa ba maaka, Isaia o ne a tlotlomadiwa jang jaaka moporofeti wa boammaaruri?

5 Fa e le Isaia ene, melaetsa ya gagwe yotlhe e e neng e tswa kwa Modimong malebana le Jerusalema e ne ya diragadiwa. Mo selemong sa 607 B.C.E., Bababilone ba ne ba senya motse oo mme ba isa masalela a Bajuta kwa botshwarong kwa Babilone. (2 Ditirafalo 36:15-21; Esekiele 22:28; Daniele 9:2) A masetlapelo ano a ne a dira gore baporofeti ba maaka ba tlogele go tlhola ba tlhasela batho ba Modimo ka go balabala ga lefela? Nnyaa, barongwa bao ba maaka ba ne ba tswelela pele!

6 Jaaka e kete seno se ne se sa lekana, batshwarwa ba Iseraele gape ba ne ba lebana le batho ba ba bolelelang pele isagwe ba ba ikgantshang, baitseanape le balepadinaledi ba kwa Babilone. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a supa fa barongwa bano botlhe ba maaka e le dieleele tse di fentsweng, ba ba neng ba bolelela pele dilo tse di neng di sa diragale jaaka ba boletse. Fa nako e ntse e ya o ne a supa gore Esekiele e ne e le morongwa wa gagwe wa boammaaruri, fela jaaka Isaia. Jehofa o ne a diragatsa mafoko otlhe a a neng a a bua mo go bone, fela jaaka a ile a solofetsa jaana: “[Ke] yo ke tlhokafisang ditshupo tsa baaki, le baitseanape ke ba tsentshang; yo ke busetsang batho ba ba botlhale kwa morago, ke dira kitso ya bone boeleele fela. Yo ke tlhomamisang lefoko la motlhanka wa me, ke dirafatsa kgakololo ya barongwa ba me.”—Isaia 44:25, 26.

Melaetsa e e Gakgamatsang ka ga Babilone le Jerusalema

7, 8. Isaia o ne a tshwaretse Babilone molaetsa ofe o o tlhotlheleditsweng, mme mafoko a gagwe a ne a kaya eng?

7 Juta le Jerusalema di ne di tshwanetse go tlogelwa di swafetse, go se na baagi ka dingwaga di le 70. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a bolela ka Isaia le Esekiele gore motse oo o ne o tla agiwa sesha mme naga e ne e tla nna le batho ka nako e e tshwanetseng e a e boleletseng pele! Eno e ne e le polelelopele e e gakgamatsang. Ka ntlha yang? Ka gonne Babilone e ne e itsege ka gore e ne e sa golole batshwarwa ba yone. (Isaia 14:4, 15-17) Ka gone ke mang yo o neng a ka kgona go golola batshwarwa bano? Ke mang yo o neng a ka diga Babilone yo o nonofileng thata jaana, ka mabota a yone a a thata le thulaganyo ya yone ya noka e e ba femelang? Ke Jehofa Mothatayotlhe yo o neng a ka kgona! E bile o ne a bolela gore o ne a tla dira jalo: “[Ke] yo ke . . . rayang lediba le le boteng [e leng metsi a a femelang motse] ke re: ‘Tšha, mme ke tlaa kgadisa dinoka tsa gago.’ Yo ke buang ka ga Kurose, ke re: ‘Ke motho wa me yo o disang, mme o tlaa dirafatsa go kgatlhega ga me gotlhe fela;’ yo ke rayang Jerusalema, ke re: ‘O tlaa agiwa;’ le tempele, ke re: ‘Motheo wa gago o tlaa thaiwa.’”—Isaia 44:25, 27, 28.

8 A o ke o akanye ka seo! Noka ya Euferatese, e tota e neng e le sekgoreletsi se se neng se kgoba batho marapo, mo go Jehofa e ne e ntse jaaka lerothodi fela mo godimo ga selo se se fisang thata. Sekgoreletsi seo se ne se tla kgala! Babilone o ne a tla wa. Le mororo e ne e le dingwaga tse di ka nnang 150 pele ga Kuruse wa Moperesia a tsholwa, Jehofa o ne a dira gore Isaia a bolelele pele gore kgosi eno e ne e tla thopa Babilone mme e bo e golola batshwarwa ba Bajuta ka go ba laola gore ba boe gore ba ye go aga Jerusalema le tempele ya yone sesha.

9. Jehofa o ne a tlhalosa mang jaaka moemedi wa gagwe yo o neng a tla otlhaya Babilone?

9 Re bona boporofeti jono mo go Isaia 45:1-3: “Jehofa o bua jaana le motlodiwa wa gagwe, a raya Kurose, yo letsogo la gagwe ke le tshegeditseng go tla ke fenya merafe fa pele ga gagwe, . . . go tla ke bula mejako fa pele ga gagwe, mme dikgoro ga di ketla di tswalwa. A re: ‘Ke tlaa go etelela pele, ke tlaa papana mafelo a a makgawekgawe; ke tlaa thubaganya ditswalo tsa kgotlho, ke tlaa pomaganya mephakalego ya tshipi. Ke tlaa go naya mahumo a lefifi, le dikhumo tse di subegileng tsa mafelo a a fitlhegileng, gore o tle o itse fa ke le Jehofa, yo ke go bitsang ka leina la gago.’”

10. Kuruse o ne a “tlodiwa” ka tsela efe, mme Jehofa o ne a ka bua jang le ene dingwaga tse di fetang lekgolo pele ga a tsholwa?

10 Ela tlhoko gore Jehofa o bua le Kuruse jaaka e kete o setse a tshela. Se se dumalana le mafoko a ga Paulo a gore Jehofa o “bitsa dilo tse di seyong jaaka e kete di ne di le gone.” (Baroma 4:17) Gape Modimo o tlhalosa Kuruse e le “motlodiwa wa gagwe.” Ke ka ntlha yang fa a ne a dira jalo? Gone e bile, moperesiti yo mogolo wa ga Jehofa o ne a ise a ko a tlotse Kuruse ka lookwane lo lo boitshepo mo tlhogong. Gone ke boammaaruri, mme seno ke go tlodiwa ka tsela ya boporofeti. Go supa go tlhomiwa mo boemong jo bo kgethegileng. Ka jalo Modimo o ne a ka bua ka go tlhoma ga gagwe Kuruse go sa le gale e le go tlotsa.—Bapisa 1 Dikgosi 19:15-17; 2 Dikgosi 8:13.

Modimo o Diragatsa Mafoko a Barongwa ba Gagwe

11. Ke ka ntlha yang fa baagi ba Babilone ba ne ba ikutlwa ba babalesegile?

11 Ka nako ya fa Kuruse a ne a ya go tlhasela Babilone, baagi ba yone ba ne ba ikutlwa ba sireletsegile e bile ba babalesegile. Motse wa bone o ne o dikologilwe ke mosele o o sireletsang o o boteng e bile o le sephara, o o neng o dirilwe ke Noka ya Euferatese. Koo noka e fetang mo motseng teng, gone go na le bophapatho jo bo tswelelang mo losing lo lo ka kwa ntlheng ya botlhaba lwa noka. Go e kgaoganya le motse, Nebukatenesare o ne a aga se a neng a se bitsa “lobota lo logolo, lo lo ntseng jaaka thaba e e ka se kang ya sutisiwa . . . Tlhogo ya lone [o] ne a e goleletsa kwa godimodimo thata.”a Lobota lono lo ne lo na le dikgoro tse di nang le ditswalo tse dikgolo tsa kopore. Go tsena mo go tsone, motho o ne a tshwanetse go palamela mo mokgokolosong o o gaufi le noka. Ga go gakgamatse go bo bagolegwa ba Babilone ba ne ba itlhoboga malebana le go tsamaya ba gololwa!

12, 13. Mafoko a ga Jehofa a a a buileng ka morongwa ga gagwe e bong Isaia a ne a diragadiwa jang fa Babilone a ne a gapiwa ke Kuruse?

12 Mme go ne go sa nna jalo ka batshwarwa ba Bajuta ba ba neng ba dumela mo go Jehofa! Ba ne ba na le tsholofelo e ntle. Ka baporofeti ba gagwe, Modimo o ne a ba solofeditse gore o tla ba golola. Modimo o ne a diragatsa jang tsholofetso ya gagwe? Kuruse o ne a laela masole a gagwe gore ba faposetse Noka ya Euferatese gore e elele kwa ntlheng nngwe e e dikilometara di sekae kwa bokone jwa Babilone. Ka jalo, boiphemelo jo bogolo jwa motse bo ne jwa fetolwa moedi wa noka o o omileng. Mo bosigong jo bo botlhokwa jono batho ba ba tlhapetsweng ba kwa Babilone ka bofafalele ba ne ba tlogela ditswalo tse di thata tse di gaufi le losi lwa Euferatese di sa tswalwa. Jehofa ga a ka a thubaganya ditswalo tsa kopore ka tsela ya mmatota; e bile ga a ka a thuba mephakarego ya tshipi e e neng e di tswala, mme tsela e e gakgamatsang ya go dira gore di nne di bulegile e bile di sa thibiwa ka mephakarego e ne ya thusa. Mabota a Babilone a ne a se na mosola ope. Masole a ga Kuruse a ne a sa tlhoke go palamela mo go one gore ba tsene mo teng. Jehofa o ne a etelela Kuruse pele, a tlosa “mafelo a makgawekgawe,” ee, dikgoreletsi tsotlhe. Isaia o ne a supiwa e le morongwa wa boammaaruri wa Modimo.

13 Fa Kuruse a setse a thopile motse ka botlalo, o ne a tsaya matlotlo a one otlhe, tota le a a neng a fitlhegile mo diphaposing tse di lefifi tse di sa bonaleng. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a direla Kuruse seno? Gore a tle a itse gore Jehofa Modimo ‘yo o mmitsang ka leina la gagwe,’ ke Modimo wa boporofeti jwa boammaaruri le Morena Molaodi wa lobopo lotlhe. O ne a tla itse gore Modimo o ne a rulagantse gore a buse gore a golole batho ba Gagwe, Iseraele.

14, 15. Re itse jang gore Kuruse o ne a fenya Babilone ka go bo a thusitswe ke Jehofa?

14 Reetsa mafoko a ga Jehofa a a neng a a bolelela Kuruse: “Ke ka ntlha ya ga Jakobe motlhanka wa me, le Iseraele moitshenkedwi wa me, fa ke go biditse ka leina la gago; ke go retile, le fa o ntse o sa nkitse. Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele; kwa ntle ga me ga go na Modimo ope; ke tlaa go tlama le fa o ntse o sa nkitse; gore ba itse ba le kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi, fa go se na ope kwa ntle ga me; ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele. Ke bopa lesedi, ke bile ke tlhola lefifi; ke dira kagiso, [a direla batho ba gagwe ba ba kwa botshwarwa] ke bile ke tlhola bosula [a bo tlholela Babilone]; ke nna Jehofa, yo ke dirang dilo tse tsotlhe fela.”—Isaia 45:4-7.

15 Kuruse o ne a tshwanetse go leboga Jehofa go bo a ile a fenya Babilone, ka gonne ke Ene a mo nonotshitseng gore a diragatse boipelo jwa Gagwe mo motseng o o bosula le go golola batho ba Gagwe ba ba neng ba isitswe kwa botshwarong. Ka go dira seno, Modimo o ne a bolelela magodimo gore a ntshe tlhotlheletso kana maatla a tshiamo. A bolelela lefatshe la gagwe a re le bulege mme le ungwe ditiragalo tsa tshiamo le poloko ya batho ba gagwe ba ba neng ba isitswe kwa botshwarong. Mme magodimo le lefatshe la gagwe la tshwantshetso di ne tsa diragatsa taolo eno. (Isaia 45:8) Dingwaga tse di fetang lekgolo morago ga loso lwa gagwe, Isaia o ne a supiwa fa e le morongwa wa boammaaruri wa ga Jehofa!

Dikgang Tse di Molemo Tsa Morongwa mo go Sione!

16. Go ne go tla bolelwa dikgang dife tse di molemo kwa motseng o o swafetseng wa Jerusalema fa Babilone a ne a fenngwa?

16 Mme go na le mo go oketsegileng. Isaia 52:7 e bolela dikgang tse di molemo ka Jerusalema: “Di dintle jang mo dithabeng dinao tsa gagwe yo o tlisang mafoko a a molemo, yo o utlwatsang kagiso, yo o tlisang mafoko a mantle a a molemo, yo o utlwatsang poloko; yo o rayang Sione, a re: ‘Modimo wa gago o a busa!’” A ko o akanye fela gore go ne go itumedisa jang go bona morongwa a atamela Jerusalema a tswa kwa dithabeng! O tshwanetse a bo a na le dikgang. Ke eng? Ke dikgang tse di itumedisang mo go Sione. Dikgang tsa kagiso, ee, dikgang tsa moyamontle wa Modimo. Jerusalema le tempele ya yone di tshwanetse go agiwa sesha! Mme morongwa o bolela jaana ka tlhoafalo e kgolo: “Modimo wa gago o a busa!”

17, 18. Go fenya Babilone ga ga Kuruse go ne ga ama jang leina la ga Jehofa?

17 Fa Jehofa a ne a letla Bababilone go diga setulo sa gagwe sa bogosi sa tshwantshetso se dikgosi tse di mo losikeng lwa ga Dafite di neng tsa dula mo go sone, go ka nna ga bo go ne go bonala e kete O ne a sa tlhole a le Kgosi. Go na le moo, go ne go bonala fa Maraduke, modimo o mogolo wa Babilone e ne e le ene kgosi. Le fa go ntse jalo, fa Modimo wa Sione o diga Babilone, o ne a supa bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe—gore ke ene Kgosi e kgolo go di gaisa tsotlhe. Mme go gatelela ntlha eno, Jerusalema, “motse wa Kgosi e kgolo” mmogo le tempele ya yone di ne tsa agiwa sesha. (Mathaio 5:35) Fa e le morongwa yo o neng a lere dikgang tse di molemo tseo, le mororo dinao tsa gagwe di ne di le lorole, di le leswe, e bile di na le matsadi, mo matlhong a barati ba Sione le Modimo wa yone, di ne di lebega di le dintle jang ne!

18 Ka tsela ya boporofeti, go wa ga Babilone go ne go kaya gore bogosi jwa Modimo bo tlhomilwe le gore motshola dikgang tse di molemo o ne a itsise boammaaruri joo. Mo godimo ga moo, morongwa yoo wa bogologolo, yo o neng a bolelela pele ka Isaia, o ne a tshwantshetsa morongwa wa dikgang tse di molemo bogolo—ke tse di molemo bogolo ka ntlha ya botlhokwa jwa tsone jo bogolo le setlhogo sa tsone sa Bogosi, se se nang le bokao jo bo itumedisang mo bathong botlhe ba ba nang le tumelo.

19. Jehofa o ne a neela molaetsa ofe o o malebana le lefatshe la Iseraele ka Esekiele?

19 Esekiele le ene o ne a fiwa boporofeti jo bo kgatlhang jwa tsosoloso. O ne a porofeta jaana: “Morena Modimo o bua jaana, a re: ‘. . . ke tlaa dira gore metse e nnwe, mme mafelo a a ropefetseng a tlaa agiwa. Ba tlaa bua ba re: “Lefatshe le, le le kileng la ne le swafetse, le bile le fetogile le ntse jaaka tshimo ya Etene.”’”—Esekiele 36:33, 35.

20. Isaia o ne a neela Jerusalema kgothatso efe ya boporofeti e e itumedisang?

20 Kwa botshwarong jwa kwa Babilone, batho ba Modimo ba ne ba hutsafalela Sione. (Pesalema 137:1) Gone jaanong, ba ka nna ba itumela. Isaia o ne a kgothatsa jaana: “Ponyegang ka boitumelo, lo opele mmogo lona mafelo a a kgakgabetseng a Jerusalema; gonne Jehofa o gomoditse batho ba gagwe, o rekolotse Jerusalema. Jehofa o apotse letsogo la gagwe le le boitshepo mo matlhong a merafe yotlhe; mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tlaa bona poloka ya Modimo wa rona.”—Isaia 52:9, 10.

21. Mafoko a ga Isaia 52:9, 10 a ne a diragadiwa jang fa Babilone a sena go fenngwa?

21 Ee, batho ba ga Jehofa ba ne ba na le lebaka le legolo la go itumela. Ba ne jaanong ba tla boela ba ya go nna mo mafelong a a kileng a bo a swafetse, ba a dira gore a nne jaaka tshimo ya Etene. Jehofa o ne a ‘ba apolela letsogo la gagwe le le boitshepo.’ Go ka nna ga twe o ne a mena letsogo la seaparo sa gagwe, gore a ba busetse gape kwa nagagaeng ya bone e ba e ratang thata. Seno e ne e se tiragalo nngwe e e sa reng sepe mo hisitoring. Nnyaa, batho botlhe ba ba neng ba tshela ka nako eo ba ne ba bona Modimo a ‘apotse letsogo’ a dirisa maatla mo dikgannyeng tsa batho gore a tlisetse setšhaba poloko e e gakgamatsang. Ba ne ba fiwa bosupi jo bo sa belaetsegeng jwa gore Isaia le Esekiele e ne e le barongwa ba boammaaruri ba ga Jehofa. Go ne go se na ope yo o neng a ka belaela gore Modimo wa Sione e ne e le ene fela Modimo o o tshelang le wa boammaaruri mo lefatsheng lotlhe. Mo go Isaia 35:2, re bala jaana: “[Go tla nna le ba] ba tla bona[ng] kgalalelo ya ga Jehofa, le boitlotlomatso jwa Modimo wa rona.” Ba ba neng ba amogela bosupi jono jwa Bomodimo jwa ga Jehofa ba ne ba simolola go mo obamela.

22. (a) Ke eng se re ka se lebogelang gompieno? (b) Ke ka ntlha yang fa segolobogolo re tshwanetse go lebogela gore Jehofa o senola barongwa ba maaka?

22 A bo re tshwanetse go leboga jang ne go bo Jehofa a tlhaola barongwa ba gagwe ba boammaaruri! Eleruri ke ‘yo o tlhomamisang lefoko la motlhanka wa gagwe, a diragatsa kgakololo ya barongwa ba gagwe.’ (Isaia 44:26) Boporofeti jwa tsosoloso jo a ileng a bo naya Isaia le Esekiele bo tlotlomatsa lorato lwa gagwe lo logolo, bopelonomi jo bo sa tshwanelang le bopelotlhomogi jwa gagwe mo batlhankeng ba gagwe. Tota Jehofa o tshwanelwa ke gore re mmake thata ka ntlha ya seno! Mme rona gompieno re tshwanetse go mo leboga thata go bo a senola barongwa ba maaka. Ke ka go bo ba le bantsi thata jaanong mo lefatsheng. Ba itlhokomolosa maikaelelo a ga Jehofa a go builweng ka one ka go neela melaetsa e e feteletsang dilo. Setlhogo se se latelang se tla re thusa go tlhaola barongwa bao ba maaka.

[Ntlha e e kwa tlase]

a The Monuments and the Old Testament, e e kwadilweng ke Ira Maurice Price, ka 1925.

A o Ka Tlhalosa?

◻ Jehofa o tlhaola jang barongwa ba gagwe ba boammaaruri?

◻ Jehofa o ne a tlhalosa mang ka Isaia gore e tla nna moemedi wa gagwe yo o tla fenyang Babilone?

◻ Boporofeti jwa ga Isaia jo bo tlhalosang ka go fenngwa ga Babilone bo ne jwa diragadiwa jang?

◻ Go fenngwa ga Babilone go ne ga nna le matswela afe a a molemo mo leineng la ga Jehofa?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ditšhaba tsa motlha wa ga Esekiele di ne di tsaya gore Babilone a ka se ka a fenngwa le ka motlha

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela