LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 1 ts. 83-ts. 85 ser. 3
  • Go Bala Sentle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bala Sentle
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ineele go Bala
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Kgwa Mowa ka Tsela e e Tshwanetseng
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Solegelwa Molemo ke go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Bala Baebele—Go Molemo E Bile go a Itumedisa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 1 ts. 83-ts. 85 ser. 3

THUTO 1

Go Bala Sentle

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Balela kwa godimo se se kwadilweng mo pampiring fela jaaka se ntse. O se ka wa tlola mafoko, wa tlhokomologa dikarolo dingwe tsa mafoko kgotsa wa bitsa mafoko a sele mo boemong jwa a a kwadilweng. Bitsa mafoko sentle. Ela tlhoko matshwao a puiso.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Go bala ka kelotlhoko le ka tsela e e siameng ke karolo e e botlhokwa thata ya go naya ba bangwe kitso e e tlhomameng ya boammaaruri jwa Baebele.

DIKWALO di tlhalosa gore thato ya Modimo ke gore batho ba mefuta yotlhe “ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Tumalanong le seno, fa re balela Baebele kwa godimo, keletso ya rona ya go naya ba bangwe kitso e e boammaaruri e tshwanetse ya laola tsela e re balang ka yone.

Go botlhokwa gore basha le batho ba bagolo ba kgone go balela kwa godimo fa ba bala Baebele le dikgatiso tse dingwe tse di tlhalosang Baebele. Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re na le boikarabelo jwa go naya ba bangwe kitso ka Jehofa le ditsela tsa gagwe. Gantsi seno se akaretsa go balela motho a le mongwe kgotsa setlhopha se sennye. Gape re bala jalo fa re balela ba lelapa. Mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, go na le dibaka tse di tshwanelang tsa gore bakaulengwe le bokgaitsadi, ba bannye le ba bagolo, ba newe kgakololo e e ba thusang go tokafatsa tsela ya bone ya go balela kwa godimo.

Go bala Baebele phatlalatsa, e ka ne e balelwa batho kgotsa phuthego, ke selo se se tshwanetseng go tsewa se le botlhokwa thata. Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo. Mo godimo ga moo, “lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla . . . mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Baheb. 4:12) Lefoko la Modimo le na le kitso e e botlhokwa thata e o ka se e boneng gope go sele. Le ka kgona go thusa motho go itse Modimo yo o esi wa boammaaruri le go nna le kamano e e molemo le ene, le go lebana ka katlego le mathata a botshelo. Le tlhalosa tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo. Mokgele wa rona e tshwanetse go nna go bala Baebele ka bojotlhe jo re ka bo kgonang.—Pes. 119:140; Jer. 26:2.

Tsela ya go Bala Sentle. Go na le dikarolo tse di farologaneng tsa go bala ka tsela e e nang le matswela, mme kgato ya ntlha ke go bala sentle. Seo se bolela go leka go bala se se kwadilweng mo pampiring fela jaaka se ntse. Ela tlhoko gore o se ka wa tlola mafoko, wa metsa a mangwe, kgotsa wa se bale a mangwe sentle ka gonne a tshwana le mafoko a mangwe.

Gore o kgone go bala mafoko sentle, o tshwanetse go tlhaloganya se go buiwang ka sone. Seno se tla batla gore o baakanyetse ka kelotlhoko. Fa nako e ntse e tsamaya, jaaka fa o tla bo o kgona go bala o ntse o lebile mafoko a a kwa pele e bile o kgona go bona tsela e kgopolo e tsamayang ka yone, o tla kgona go tokafatsa mokgwa wa gago wa go bala se se kwadilweng.

Matshwao a puiso le a a bontshang go bidiwa ga mafoko ke dikarolo tse di botlhokwa tsa puo e e kwalwang. Matshwao a puo a ka nna a bontsha gore o kgwe mowa fa kae, o kgwe mowa ka lobaka lo lokae gongwe le gore o tlhoka go fetola modumo wa lentswe. Mo dipuong dingwe, go sa fetole modumo wa lentswe fa letshwao la puiso le batla jalo go ka dira gore potso e utlwale e le seele fela, kgotsa go ka fetola bokao jwa se se balwang gotlhelele. Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe, tsela e letshwao lengwe la puiso le dirisiwang ka yone e amana thata le tsela e puo eo ka boyone e buiwang ka yone. Mo dipuong di le dintsi gore o kgone go bala sentle o tshwanelwa ke go tla o ela tlhoko matshwao a a bontshang go bidiwa ga mafoko—e ka tswa e le matshwao a a bontshiwang ka go kwalwa kgotsa matshwao a motho a a lemogang fela ka go tlhaloganya se go buiwang ka sone. Matshwao ano a laola tsela e ditlhaka tse di tsamaisanang le one di tla bidiwang ka yone. Leka go tlwaelana le tsela e matshwao a puiso le a a bontshang go bidiwa ga mafoko a dirisiwang ka yone mo puong ya gaeno. Seno ke sone se se tla go thusang go bala ka tsela e e utlwalang sentle. Gakologelwa gore mokgele wa gago e tshwanetse go nna go fetisa molaetsa, e seng go bitsa mafoko fela.

Fa e le gore o batla go tlhagolela bokgoni jwa go bala sentle, go tlhokega gore o ikatise. Bala serapa se le sengwe fela, morago ga moo o bo o se bala gangwe le gape go fitlha o kgona go se bala o sa dire diphoso. Morago ga moo fetela kwa serapeng se se latelang. La bofelo, leka go bala ditsebe di le mmalwa o sa tlole mafoko ape, o sa a boaboeletse kgotsa o sa a bale sentle. Fa o sena go tsaya dikgato tseo, kopa mongwe gore a go reetse fa o bala le gore a go bontshe diphoso dipe fela tse o di dirang.

Kwa dikarolong dingwe tsa lefatshe, bothata jwa matlho le lesedi le le sa lekanang di dira gore go nne thata go bala. Fa e le gore go a kgonega go baakanya bothata jono, ga go na pelaelo gore motho a ka kgona go tokafatsa tsela e a balang ka yone.

Fa nako e ntse e tsamaya, bakaulengwe ba ba balang sentle ba ka nna ba kopiwa gore ba bale phatlalatsa dintlha tse di ithutiwang tsa Thuto ya Buka ya Phuthego le Thuto ya Tora ya Tebelo. Mme gore motho a diragatse tshiamelo e e ntseng jalo sentle, ga se kgang ya gore a kgone go bitsa mafoko sentle fela. Gore o nne mmadi wa phatlalatsa yo o nang le matswela mo phuthegong, o tla tshwanelwa ke gore o nne le mekgwa e mentle ya go ipalela ka bowena. Seno se akaretsa go lemoga gore lefoko lengwe le lengwe mo polelong le na le se le se dirang. Ga o ka ke wa tlhokomologa mangwe a one o bo o tlhaloganya sentle ka botlalo se se buiwang. Fa o sa bale mafoko sentle, tota le fa o ipalela ka bowena, bokao jwa polelo bo a fetoga. Go sa bale sentle go ka bakwa ke go sa ele tlhoko matshwao a a bontshang go bidiwa ga mafoko kgotsa kgang e go buiwang ka yone e mafoko ao a dirisiwang mo go yone. Leka go tlhaloganya gore lefoko lengwe le lengwe le kaya eng mo kgannyeng e le dirisiwang mo go yone. Gape, ela tlhoko kafa matshwao a puiso a fetolang bokao jwa polelo ka gone. Gakologelwa gore gantsi selo se se dirang gore mogopolo o utlwale ke setlhopha sa mafoko. Ela seno tlhoko gore fa o balela kwa godimo, o bale mafoko a le setlhopha—dipolelwana—e seng mafoko fela. Go tlhaloganya sentle se o se balang ke kgato e e botlhokwa e e dirang gore o kgone go naya ba bangwe kitso e e boammaaruri ka go bala phatlalatsa.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela mogolwane wa Mokeresete yo o nang le maitemogelo jaana: “Tswelela o dira ka bojotlhe mo go baleng phatlalatsa.” (1 Tim. 4:13) Ga go na pelaelo gore eno ke karolo e rotlhe re ka kgonang go tokafatsa mo go yone.

MATSHWAO A PUISO

Khutlo (.) e bontsha gore o eme gotlhelele.

Phegelwana (,) gantsi e batla gore o kgwe mowa go sekae, ka gonne go tlile go latela mafoko a mantsinyana.

Phegelwanakhutlo (;) e bontsha go kgwa mowa go sekae fela, mme o se ka wa ema lobaka jaaka fa e le khutlo mme gape e nne lobaka lo loleelenyana go feta fa e le phegelwana.

Khutlwana (:) e salwa morago ke lenaane la dilo kgotsa mafoko a a nopotsweng; e batla gore motho a kgwe mowa mme a sa fetole modumo wa lentswe.

Letshwao la Tsiboso (!) le bontsha gore se se balwang se tshwanetse go balwa ka maikutlo a a nonofileng.

Letshwao la potso (?) gantsi le batla gore polelo e balwe ka lentswe le le kwa godingwana kgotsa ka modumo o o tlhatlogang wa lentswe.

Matshwao a nopolo (“ “ kgotsa ‘ ‘) a ka nna a supa gore mafoko a a mo teng ga ditsejwana a tlhaolwe ka go kgwa mowa (go le gonnye fela fa a le karolo ya se o se balang; kgotsa go kgwa mowa thata fa e le polelo e e feletseng).

Dithaladi (—), fa di dirisediwa go tlhaola mafoko, gantsi di batla gore go fetolwe modumo wa lentswe go sekaenyana kana lobelo.

Masakana, ( ) le [ ] a ka nna a tlhaola mafoko a a tshwanetseng go balwa ka lentswe le le kwa tlasenyana. Ditshupiso tse di mo teng ga masakana ano ( ), ga di tlhoke go balwa, mme mafoko a a mo masakaneng ano [ ], a a tsentsweng go feleletsa kgopolo ya se se balwang ga a tlhoke gore o fetole modumo wa lentswe.

KAFA O KA FITLHELELANG SENO KA GONE

  • Ikatise! Ikatise! Ikatise! Mme o ikatise jalo o balela kwa godimo.

  • Kopa mongwe gore a go reetse fa o bala le gore a go bontshe diphoso tse o di dirang.

  • Fa o ithuta o le esi, itlwaetse go bala ka kelotlhoko.

  • Go na le gore o bale mafoko fela, ithute go bala setlhopha sa mafoko.

IKATISO: Fa o sena go baakanyetsa sentle, kopa tsala kgotsa mongwe mo lelapeng gore a lebe mo Baebeleng fa o balela kwa godimo Mathaio dikgaolo 5 go ya go 7. Mo kope gore a go emise nako le nako fa o (1) tlola lefoko, (2) fa o sa bale lefoko sentle kgotsa o sa bale mafoko jaaka fa a latelana, kgotsa (3) o tlhokomologa matshwao mangwe a puiso a a batlang gore o kgwe mowa kgotsa o fetole modumo wa lentswe. Go ka nna molemo gore o dire jalo bobotlana metsotso e ka nna lesome makgetlo a le mabedi kgotsa a le mararo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela