LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 5 ts. 97-ts. 100 ser. 4
  • Go Kgwa Mowa ka Tsela e e Tshwanetseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Kgwa Mowa ka Tsela e e Tshwanetseng
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bala Sentle
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ditemana di Badilwe ka go Gatelelwa Sentle
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Bua ka Thelelo
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Boeletsa Dintlha Tsa Botlhokwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 5 ts. 97-ts. 100 ser. 4

THUTO 5

Go Kgwa Mowa ka Tsela e e Tshwanetseng

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Go ema gotlhelele fa go tshwanetseng teng fa o ntse o neela puo. Ka dinako tse dingwe o ka nna wa kgwa mowa go se kae fela kgotsa go didimala nakwana. Go kgwa mowa go a tshwanela fa e le gore go dirwa ka boikaelelo jwa go go thusa ka tsela nngwe.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Go kgwa mowa ka tsela e e tshwanetseng ke selo se se botlhokwa gore puo e tlhaloganngwe motlhofo. Go kgwa mowa gape go dira gore dintlha tse di botlhokwa di tlhomologe.

FA O bua, go botlhokwa go tla o kgwa mowa fa go tshwanetseng teng. Go ntse jalo e ka ne o neetse puo kgotsa o itlotlela fela le motho. Fa motho a sa kgwe mowa ka tsela e e ntseng jalo, fa a bua, go ka nna ga utlwala e kete o a balabala fela, ga a tlhalose dintlha ka tsela e e utlwalang. Go kgwa mowa ka tsela e e tshwanetseng go thusa gore puo ya gago e utlwale sentle. Gape go ka dirisiwa ka tsela e e dirang gore dintlhakgolo tsa gago di se ka tsa lebalwa.

O ka bona jang gore o tshwanetse go kgwa mowa kae? Go kgwa mowa go tshwanetse ga tsaya lobaka lo lokae?

Go Kgwa Mowa fa Letshwaong la Puiso. Go dirisa matshwao a puiso ke karolo e e botlhokwa thata ya puo e e kwalwang. Go ka supa bokhutlo jwa polelo kgotsa potso. Mo dipuong tse dingwe, matshwao a puiso a dirisediwa go tlhaola mafoko a a nopotsweng. Matshwao mangwe a puiso a supa kafa karolo nngwe ya polelo e amanang le dikarolo tse dingwe ka gone. Motho yo o ipalelang a ka bona matshwao a puiso. Mme fa a balela kwa godimo gore ba bangwe ba kgone go mo utlwa, lentswe la gagwe le tshwanetse go fetisa mogopolo wa letshwao lepe la puiso le le leng mo dintlheng tse di kwadilweng. (Go bona dintlha tse dingwe, bona Thuto 1, “Go Bala Sentle.”) Go sa kgwe mowa fa letshwao la puiso le batla jalo go ka dira gore go nne thata gore ba bangwe ba tlhaloganye se o se balang kgotsa go ka nna ga dira gore bokao jwa se se kwadilweng bo se ka jwa utlwala sentle.

Mo godimo ga matshwao a puiso, tsela e dintlha tse di mo polelong di tlhalosiwang ka yone e tla laola gore ke kae mo motho a ka kgwang mowa teng. Seopedi sengwe se se tumileng se kile sa bua jaana: “Tsela e ke tshamekang dinoto tsa me ka yone e itshwanela fela le ya batshameki ba bangwe ba piano. Mme tsela e ke kgwang mowa ka teng fa gare ga dinoto, ehee, sephiri sa me se gone fela foo.” Go ntse jalo le ka go bua. Go kgwa mowa ka tsela e e tshwanetseng go tla dira gore se o se buang se nne monate thata le gore puo ya gago e e baakanyeditsweng sentle e nne le bokao.

Fa o ipaakanyetsa go bala phatlalatsa, o tla go fitlhela go thusa go tshwaya mo o tla bong o bala teng. Thala mothalo o monnye o o yang kwa tlase mo o tshwanetseng go kgwa mowa ka boripana gone, gongwe go ema go le gonnye fela. Dirisa methalo e mebedi e e ntseng jalo fa o tla kgwang mowa ka lobakanyana gone. Fa o fitlhela gore tsela e mafoko mangwe a latelanang ka yone e go tshwarisa bothata mme gangwe le gape fa o fitlha foo o kgwa mowa fa go sa tshwanelang gone, golaganya mafoko otlhe a a dirang polelwana e e go tshwarisang bothata ka go a tshwaya ka pensele. Morago ga moo, bala polelo go tswa kwa tshimologong go ya bokhutlong. Dibui di le dintsi tse di nang le maitemogelo di dira jalo.

Go kgwa mowa fa o bua mo motlotlong wa letsatsi le letsatsi gantsi ga go bake bothata ka gonne o itse dintlha tse o batlang go di bua. Le fa go ntse jalo, fa o na le mokgwa wa go kgwa mowa nako le nako, le fa go sa tlhokege, puo ya gago e tla nna bokoa e bile ga e kitla e utlwala. Mo go Thuto 4, e e reng “Go Bua ka Thelelo,” go neetswe dikakantsho tsa se o ka se dirang go tokafatsa.

Go Kgwa Mowa fa o Fetela Kwa Ntlheng e Nngwe. Fa o tswa mo ntlheng e nngwe o ya kwa go e nngwe, go kgwa mowa go ka nna ga naya bareetsi ba gago sebaka sa go akanya, go fetola dintlha le mo megopolong ya bone, go bona gore o fetogela kwa ntlheng e nngwe, le go tlhaloganya sentle ka phepafalo ntlha e e latelang e o tlotlang ka yone. Go botlhokwa gore o kgwe mowa fa o tswa mo ntlheng e nngwe o ya kwa go e nngwe fela jaaka go le botlhokwa go iketla fa o fetola tsela ya gago fa khoneng o tswa mo mmileng o mongwe o tsena mo go o mongwe.

Lebaka lengwe la go bo dibui dingwe di itlhaganela fa di tswa mo ntlheng e nngwe di ya kwa go e nngwe, mme di sa kgwe mowa go le gonnye, ke ka gonne di leka go akaretsa dintlha di le dintsi. Mo go ba bangwe, ono ke mokgwa o ba buang ka one letsatsi le letsatsi. Gongwe mongwe le mongwe yo ba nang le ene o bua jalo. Mme seo ga se dire gore go ruta ga bone go nne le matswela. Fa go na le sengwe se o batlang go se bua mme e le se ba bangwe ba tshwanetseng go se utlwa le go se gakologelwa, he tsaya nako e e lekaneng go dira gore se utlwale sentle. Lemoga gore go kgwa mowa go botlhokwa gore puo e tlhalose dintlha ka tsela e e utlwalang.

Fa o tlile go neela puo o dirisa aotlelaene, dintlha tsa gago di tshwanetse go rulaganngwa ka tsela e e bontshang sentle gore o tla kgwa mowa fa kae fa o tswa mo ntlheng e nngwe e kgolo o ya kwa go e nngwe. Fa e le gore o tla bo o neela puo e e balwang, tshwaya fa go nang le phetogo gone go tswa mo ntlheng e nngwe e kgolo go ya go e nngwe.

Gantsi fa o tswa mo ntlheng e nngwe go ya kwa go e nngwe, o kgwa mowa lobakanyana go na le fa o kgwa mowa mo letshwaong la puiso—le fa go ntse jalo, ga o kgwe mowa lobaka lo loleele thata mo go ka dirang gore puo e nne telele. Fa o kgwa mowa lobaka lo loleele thata, go tla bonala jaaka e kete ga o a baakanyetsa mme o leka go bona gore ke eng gape se sengwe se o tshwanetseng go se bua.

Go Kgwa Mowa Gore o Gatelele Ntlha. Go kgwa mowa gore o gatelele ntlha gantsi go dirwa ka tsela e e tla ngokang tlhokomelo ya bareetsi, ke gore, ke fa o kgwa mowa pele ga ntlha kgotsa potso e e tlileng go gatelelwa kgotsa morago ga yone. Go kgwa mowa mo go ntseng jalo go naya bareetsi sebaka sa go akanya ka se se sa tswang go bolelwa, kgotsa go dira gore ba lebelele se se tla latelang. Tseno ke ditsela tse pedi tse di sa tshwaneng tsa go kgwa mowa. Itirele tshwetso ya gore o tla dirisa mokgwa ofe. Mme gakologelwa gore go kgwa mowa gore o gatelele ntlha go tshwanetse ga dirwa fela mo dipolelong tse eleruri di leng botlhokwa. Go seng jalo, dipolelo tseo ga di kitla di nna le mosola ope.

Fa Jesu a ne a balela Dikwalo kwa godimo mo sinagogeng kwa Nasaretha, o ne a kgwa mowa ka tsela e e nang le matswela. Santlha, o ne a bala ka thomo ya gagwe mo momenong wa ga moporofeti Isaia. Le fa go ntse jalo, pele a tlhalosa kafa e dirang ka gone, o ne a o mena, a o naya motlhokomedi a bo a nna fa fatshe. Morago ga moo, o ne a bua jaana botlhe mo sinagogeng ba mo tlhomile matlho: “Gompieno lokwalo lono lo lo sa tswang go lo utlwa lo diragaditswe.”—Luke 4:16-21.

Go Kgwa Mowa fa Maemo a Batla Jalo. Dilo dingwe tse di itayang tsebe le tsone di ka nna tsa batla gore o kgwe mowa nako le nako fa o ntse o bua. Modumo wa dikoloi tse di fetang kgotsa go lela ga ngwana go ka nna ga batla gore o didimale go sekae fa o ntse o bua le mong wa ntlo yo o kopaneng le ene mo tshimong. Kwa lefelong la kopano, fa selo se se tlhodiang se sa dire modumo o mogolo thata, o ka nna wa kgona go tsholetsa lentswe o bo o tswelela. Mme o tshwanetse go kgwa mowa fa dilo tse di tlhodiang di tsosa modumo o mogolo thata e bile modumo wa teng o tsaya lobakanyana. Ka gonne bareetsi ba gago ba tla bo ba sa go reetsa. Ka jalo, kgwa mowa ka tsela e e nang le matswela, ka boitlhomo jwa go thusa bareetsi ba gago go solegelwa molemo ka botlalo ke dilo tse di molemo tse o batlang go ba bolelela tsone.

Go Kgwa Moya Gore o Letele Karabo. Le fa o ka tswa o neela puo e mo go yone bareetsi ba sa nneng le seabe, go botlhokwa go letla bareetsi gore ba arabele e seng ka go bua, mme ka megopolo fela. Fa o botsa dipotso tse di dirang gore bareetsi ba gago ba akanye mme o bo o sa kgwe mowa ka mo go lekaneng, dipotso tseo ga di na go ba thusa ka sepe.

Ke boammaaruri gore go botlhokwa go kgwa mowa e seng fela fa o bua o le mo seraleng mme gape le fa o neela ba bangwe bosupi. Go bonala batho bangwe ba se ke ba kgwa mowa. Fa e le gore o na le bothata joo, leka ka bojotlhe gore o tlhagolele nonofo eno ya go bua. O tla tokafatsa fa o ntse o tlotla le ba bangwe e bile o tla nna le matswela a magolwanyane mo bodireding jwa tshimo. Go kgwa mowa ke go didimala go sekae, e bile go kile ga bolelwa boammaaruri gore go didimala go a gatelela, go gapa mogopolo, e bile go lapolosa tsebe.

Go buisana go go tlwaelegileng ga letsatsi le letsatsi go dirwa ke batho ba ba farologaneng ba ba naanang megopolo. Ba bangwe ba tla go reetsa fa o ba reetsa e bile o bontsha gore o kgatlhegela se ba se buang. Seno se bolela gore o kgwe mowa mo go lekaneng sentle gore o ba neye sebaka sa go itlhalosa.

Mo bodireding jwa tshimo, tiro ya rona ya go neela bosupi e nna le matswela sentle fa e dirwa ka mokgwa wa go tlotla. Basupi ba le bantsi ba fitlhela go le molemo gore fa ba se na go botsa matsogo, ba tlhalose se ba tlileng ka sone ba bo ba botsa potso. Ba kgwa mowa go naya motho sebaka sa go araba, morago ga moo ba bo ba bontsha gore ba anaanela se mong wa ntlo a se buileng. Fa ba ntse ba tlotla, ba ka nna ba naya mong wa ntlo sebaka se se ntsinyana sa go bua. Ba a itse gore gantsi ba ka kgona go thusa motho fela thata fa ba itse se a se akanyang ka kgang e go tlotlwang ka yone.—Dia. 20:5.

Gone ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o tla arabang dipotso ka tsela e e siameng. Mme seo ga se a ka sa dira gore Jesu a se ka a kgwa mowa mo go lekaneng sentle go naya baganetsi ba gagwe sebaka sa go bua. (Mar. 3:1-5) Go naya motho yo mongwe sebaka sa go bua go dira gore a akanye, mme ka ntlha ya seno, a ka nna a senola se se mo pelong ya gagwe. Tota e bile bongwe jwa boikaelelo jwa bodiredi jwa rona ke go tlhotlheletsa dipelo tsa batho ka go tlotla le bone dikgang tse di botlhokwa tse di tswang mo Lefokong la Modimo tse ba tshwanetseng go dira ditshwetso ka tsone.—Baheb. 4:12.

Ruri ke botswerere go kgwa mowa ka tsela e e tshwanetseng mo bodireding jwa rona. Fa o kgwa mowa ka tsela e e nang le matswela, o tla kgona go tlhalosa dintlha ka tsela e e utlwalang sentle e bile bareetsi ba tla di gakologelwa lobaka lo loleele.

KAFA O KA DIRANG SENO KA GONE

  • Ela tlhoko matshwao a puiso ka tsela e e kgethegileng fa o balela kwa godimo.

  • Reetsa dibui tse di tshwanelegang sentle ka kelotlhoko, mme o ele tlhoko gore di kgwa mowa fa kae le gone ka lobaka lo lokae.

  • Fa o sena go bua sengwe se tota o batlang gore ba bangwe ba se gakologelwe, kgwa mowa gore se nwelele mo go bone.

  • Fa o tlotla le ba bangwe, ba kope gore ba tlhalose se ba se akanyang, mme o reetse karabo ya bone. Ba letle gore ba bue ba fetse. O se ka wa ba tsena ganong.

IKATISO: Balela Mareko 9:1-13 kwa godimo; kgwa mowa ka tsela e e tshwanetseng mo matshwaong a a farologaneng a puiso. O se ka wa dira gore go bala go tseye lobaka lo loleele. Fa o sena go ikatisa, kopa mongwe gore a go reetse mme a ntshe dikakantsho tsa gore o ka tokafatsa jang go kgwa mowa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela