THUTO 21
Ditemana di Badilwe ka go Gatelelwa Sentle
FA O bua le batho ba bangwe ka maikaelelo a Modimo, e ka tswa e le kwa thoko kgotsa kwa seraleng, motlotlo wa gago o tshwanetse wa remelela mo go se se mo Lefokong la Modimo. Gantsi seno se dirwa ka go bala ditemana go tswa mo Baebeleng, mme di tshwanetse go balwa sentle.
Go Gatelela Sentle go Dirwa le ka Maikutlo. Ditemana di tshwanetse tsa balwa ka go tsenya maikutlo. Akanya ka dikai dingwe. Fa o balela Pesalema 37:11 kwa godimo, lentswe la gago le tshwanetse la bontsha gore o eletsa go bona kagiso e e solofeditsweng moo. Fa o bala Tshenolo 21:4 e e bontshang gore go boga le loso di tla fela, lentswe la gago le tshwanetse la bontsha go anaanela ka lorato kgololesego e e molemo e e bolelelwang pele. Tshenolo 18:2, 4, 5, e e bontshang go ikuela gore batho ba tswe mo “Babelona o Mogolo” yo o tletseng maleo, e tshwanetse ya balwa ka lentswe le le bontshang gore go potlakile. Gone ke boammaaruri gore boikutlo jo bo bontshiwang bo tshwanetse jwa tswa mo pelong mme bo se ka jwa fetelediwa. Boikutlo jo bo tshwanetseng go bontshiwa bo tla laolwa ke temana ka boyone le kafa e dirisiwang ka teng.
Gatelela Mafoko a a Tshwanetseng. Fa e le gore o tlile go akgela ka karolo nngwe fela ya temana, o tshwanetse wa gatelela karolo eo fa o e bala. Ka sekai, fa o bala Mathaio 6:33, o ka se ka wa gatelela thata “tshiamo ya gagwe” kgotsa “dilo tse dingwe tseno tsotlhe” fa e le gore o batla go tlhalosa bokao jwa polelwana e e reng “nnang lo batle pele bogosi.”
A re re o na le puo mo Pokanong ya Tirelo, mme o ikaeletse go bala Mathaio 28:19. O tshwanetse wa gatelela mafoko afe? Fa o batla go kgothaletsa bareetsi go tlhoafala mo tirong ya go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele, gatelela “lo dire . . . barutwa.” Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o batla go bua ka boikarabelo jwa Mokeresete jwa go bolelela batho ba batswakwa boammaaruri jwa Baebele kgotsa o batla go kgothaletsa baboledi bangwe go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone, o ka nna wa gatelela “batho ba ditšhaba tsotlhe.”
Gangwe le gape, go ntshiwa temana go araba potso nngwe kgotsa go tshegetsa kgang nngwe e ba bangwe ba e lebang e tshwarisa bothata. Fa dintlha tsotlhe tsa temana eno di gatelelwa ka tsela e e tshwanang, bareetsi ba gago ba ka nna ba se ka ba lemoga gore temana e amana jang le kgang. Wena o ka tswa o lemoga ntlha sentle mme bone ba sa e lemoge.
Ka sekai, fa o bala Pesalema 83:18 mo Baebeleng e e nang le leina la Modimo, fa o gatelela thata polelwana e e reng “Mogodimodimo,” mong wa ntlo a ka nna a se ka a lemoga ntlha e go lebegang go le motlhofo go e lemoga ya gore Modimo o na le leina. O tshwanetse wa gatelela leina “Jehofa.” Le fa go ntse jalo, fa o dirisa yone temana eo go tlhalosa bolaodi jwa ga Jehofa, o tshwanetse wa gatelela thata polelwana “Mogodimodimo.” Ka tsela e e tshwanang, fa o dirisa Jakobe 2:24 go bontsha botlhokwa jwa go kopanya tumelo le ditiro, go gatelela thata “bolelwa a siame” mo boemong jwa “ditiro” go ka nna ga dira gore bangwe ba ba go reeditseng ba se ka ba tshwara ntlha.
Sekai se sengwe se se thusang se mo go Baroma 15:7-13. Eno ke karolo ya lokwalo lo moaposetoloi Paulo a neng a lo kwalela phuthego e e nang le Baditšhaba le Bajuda ba tlholego. Fano moaposetoloi o tlhalosa gore bodiredi jwa ga Keresete ga bo solegele Bajuda ba ba rupileng fela molemo mme le batho ba ditšhaba gore “ditšhaba di tle di galaletse Modimo ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gagwe.” Go tswa foo Paulo o nopola ditemana tse nnè go bontsha sebaka seo se ditšhaba di nang le sone. O tshwanetse wa bala dinopolo tseo jang gore o gatelele ntlha e Paulo a neng a e akantse? Fa o tshwaya dipolelwana tse o tla di gatelelang, o ka nna wa tshwaya “ditšhaba” mo go temana 9, “lona ditšhaba” mo go temana 10, “lona ditšhaba tsotlhe” le “batho botlhe” mo go temana 11 le “ditšhaba” mo go temana 12. Leka go bala Baroma 15:7-13 o gatelela jalo. Fa o ntse o dira jalo, sotlhe se Paulo a neng a se gatelela se tla utlwala sentle e bile go tla nna motlhofo go se tshwara.
Mekgwa ya go Gatelela. Mafoko a e leng one a konokono a o batlang gore a tlhomologe a ka gatelelwa ka ditsela di le mmalwa. Tsela e o e dirisang e tshwanetse ya dumalana le temana le tsela e puo e neelwang ka yone. Dikakantsho di se kae ke tseno.
Go gatelela ka lentswe. Seno se akaretsa go fetola lentswe ka tsela epe fela e e dirang gore mafoko a konokono a tlhomologe mo seeleng. O ka gatelela jalo ka go fetola modumo wa lentswe—e ka tswa e le ka go o oketsa kgotsa go o fokotsa. Mo dipuong di le dintsi, go dira lentswe lekima kgotsa lesesane go thusa go gatelela. Le fa go ntse jalo, mo dipuong tse dingwe seo se ka fetola bokao jwa mafoko gotlhelele. Fa dipolelwana tsa konokono di buiwa ka bonya go feta tse dingwe, seno se dira gore di gatelelwe sentle. Mo dipuong tse ka tsone go sa kgonegeng go dirisa lentswe go gatelela mafoko mangwe, o tla tlhoka go dirisa sengwe le sengwe se se tlwaetsweng go dirisiwa mo puong eo go gatelela dintlha.
Go kgwa mowa. Seno se ka dirwa pele kgotsa morago ga gore go balwe karolo ya konokono ya temana—kgotsa ka makgetlo ao oomabedi. Go kgwa mowa pele fela ga o bala ntlha ya konokono go dira gore bareetsi ba lebelele go utlwa se se latelang; go kgwa mowa morago go dira gore ntlha e nwele mo mogopolong. Le fa go ntse jalo, fa o kgwa mowa gantsintsi, ga go na se se tla tlhomologang.
Go boaboeletsa. O ka gatelela ntlha e e rileng ka go kgaotsa go bala o bo o bala lefoko kgotsa polelwana eo gape. Mokgwa o gantsi o leng botoka ke go feleletsa temana o bo o boeletsa polelwana ya konokono.
Go itshikinya mmele. Go itshikinya mmele mmogo le tebego ya sefatlhego gantsi di ka dira gore lefoko kgotsa polelwana e supe boikutlo jo bo rileng.
Segalo sa lentswe. Mo dipuong dingwe, ka dinako dingwe mafoko a ka balwa ka segalo se se bontshang gore a dirisiwa ka bokao bofe e bile se a tlhaola. Seno le sone se tshwanetse go dirwa ka kelotlhoko, bogolo jang fa a dirisiwa ka tsela ya go sotla.
Fa Ditemana di Balwa ke ba Bangwe. Fa mong wa ntlo a bala temana, a ka gatelela mafoko a a sa tshwanelang kana a se ka a gatelela ape gotlhelele. Wena o ka dirang fa go le jalo? Gantsi o ka dira gore bokao bo utlwale sentle fa o tlhalosa ditemana tseo. Fa o sena go tlhalosa temana, o ka gatelela one mafoko a a tshwereng ntlha a a mo Baebeleng.