THUTO 6
Go Gatelela Dintlha ka Tsela e e Tshwanetseng
FA O bua kgotsa o balela kwa godimo, mo godimo ga gore o tshwanetse go bitsa mafoko sentle gape go botlhokwa gore o gatelele mafoko a konokono le dipolelo tsa konokono ka tsela e e tla dirang gore dintlha tseo di tlhalosiwe ka tsela e e utlwalang sentle.
Go gatelela dintlha ka tsela e e tshwanetseng ga se kgang fela ya go gatelela mafoko a le mmalwa kgotsa a le mantsinyana. Go tshwanetse ga gatelelwa mafoko a a tshwanetseng. Fa go gatelelwa mafoko a a sa tshwanelang go gatelelwa, bareetsi ba gago ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya se o se buang mme seno se ka nna sa dira gore megopolo ya bone e simolole go kgarakgatshega. Le fa puo eo e ka tswa e le e e rutang, ga e kitla e tlhotlheletsa bareetsi ba gago ka tsela epe fa o sa gatelele dintlha ka tsela e e tshwanetseng.
Go gatelela dintlha go ka dirwa ka ditsela tse di farologaneng, tse gantsi di dirisiwang mmogo: ka go tlhatlosa lentswe, ka go tsenya maikutlo thata, ka go bua ka bonya gore dintlha di nwelelele sentle mo bareetsing ba gago, ka go kgwa mowa pele o bua polelwana e e rileng kgotsa fa o sena go e bua (kgotsa go kgwa mowa pele o e bua le fa o sena go e bua) le ka go itshikinya mmele le go dirisa tebego ya sefatlhego. Mo dipuong dingwe, dintlha di ka gatelelwa le ka go diga modumo wa lentswe kgotsa go o tlhatlosa. Akanya ka dintlha tse o tlileng go di tlotla le maemo a o tla bong o di tlotla mo go one go bona gore ke tsela efe e e tshwanetseng ya go di gatelela.
Fa o leka go bona gore ke eng se o tshwanetseng go se gatelela, akanyetsa dilo tse di latelang. (1) Mo seeleng sengwe le sengwe mafoko a a tshwanetseng go gatelelwa go feta a mangwe ga a bontshiwe ke seele sotlhe fela mme gape a bontshiwa ke dintlha tse di dikologileng seele seo. (2) Ntlha e ka gatelelwa go bontsha gore go simologa ntlha nngwe e ntšha, e ka tswa e le ntlha ya konokono kgotsa e le tsela e nngwe ya go tlhalosa kgang. Gape go e gatelela go ka lebisa tlhokomelo kwa bokhutlong jwa tlhaloso nngwe. (3) Sebui se ka nna sa gatelela kgopolo go bontsha kafa se ikutlwang ka gone ka kgang e se tlotlang ka yone. (4) Gape, kgopolo e ka gatelelwa ka tsela e e tshwanetseng go tlhomolola dintlha tsa konokono tsa puo.
Gore sebui kgotsa yo o balang phatlalatsa a gatelele kgopolo ka ditsela tseno, o tshwanetse gore a bo a tlhaloganya dintlha tsa gagwe sentle e bile a batla gore bareetsi ba gagwe ba di tlhaloganye. Malebana le thuto e e neng e rutwa mo metlheng ya ga Esera, Nehemia 8:8 e tlhalosa jaana: “Ba tswelela ba balela buka kwa godimo, molao wa Modimo wa boammaaruri, o tlhalosiwa ka botlalo, gape o dirwa gore o nne le bokao; mme ba tswelela ba dira gore go tlhaloganngwe se se balwang.” Go phepafetse gore ba ba neng ba bala ba bo ba tlhalosa Molao wa Modimo ka nako eo ba ne ba lemoga botlhokwa jwa go thusa bareetsi go tlhaloganya bokao jwa se se neng se balwa, go se tshwarelela le go se dirisa.
Se se Ka Bakang Bothata. Batho ba le bantsi ba kgona go itlhalosa sentle mo metlotlong ya letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, fa ba bala sengwe se se kwadilweng ke mongwe o sele, ba ka nna ba fitlhela go le thata go bona gore ke mafoko afe kgotsa ke dipolelwana dife tse ba tshwanetseng go di gatelela. Selo sa botlhokwa ke gore motho a tlhaloganye sentle se a se balang. Seo se batla gore o ithute ka kelotlhoko se se kwadilweng. Ka jalo, fa o kopiwa gore o bale sengwe kwa pokanong ya phuthego, o tshwanetse go baakanyetsa ka tlhoafalo.
Batho bangwe ba na le mokgwa wa go gatelela “kgapetsakgapetsa” go na le go gatelela kgopolo. Ba gatelela mafoko ka dinako tse di rileng, go sa kgathalesege gore a go a tlhokega go dira jalo kgotsa nnyaa. Ba bangwe ba gatelela mafoko a a tlhalosang, gongwe a gatelele thata letlhaodi le lekopanyi. Fa go gatelela go sa dire gore ntlha e e buiwang e utlwale sentle, go fetoga tlwaelo fela e e serang.
Fa dibui dingwe di leka go gatelela ntlha, di tlhatlosa lentswe ka tsela e e ka nnang ya dira gore bareetsi ba itheye ba re ba a omanngwa. Gone ke boammaaruri gore ga se gantsi seo se nnang le matswela a a molemo. Fa dintlha di gatelelwa ka tsela e e sa tlwaelegang, go ka nna ga bonala e kete sebui se nyatsa bareetsi. A bo go ne go tla nna molemo jang ruri go bua le bone ka lorato le go ba thusa go bona gore se se buiwang se theilwe mo Dikwalong e bile se a utlwala!
Tsela ya go Tokafatsa. Gantsi motho ga a lemoge fa a na le bothata jwa go gatelela dintlha. A ka nna a tlhoka gore mongwe a mmontshe bothata joo. Fa e le gore o tlhoka go tokafatsa mo ntlheng eno, molebedi wa gago wa sekolo o tla go thusa. Gape, o se ka wa tshaba go kopa thuso mo go ope fela yo e leng sebui se se molemo. Mo kope gore a reetse ka kelotlhoko tsela e o balang ka yone le e o buang ka yone mme a go neye dikakantsho tsa go tokafatsa.
Sa ntlha, mogakolodi wa gago a ka nna a akantsha gore o dirise setlhogo sengwe se se mo kgatisong ya Tora ya Tebelo gore o ikatise ka sone. Ga go na pelaelo gore o tla go kopa gore o sekaseke seele sengwe le sengwe go bona gore ke mafoko afe kgotsa gore ke dipolelwana dife tse di tlhokang go gatelelwa go dira gore bokao bo tlhaloganngwe motlhofo. A ka nna a go gakolola gore o ele tlhoko thata mafoko mangwe a a kwadilweng ka ditlhaka tse di sekameng. Gakologelwa gore mafoko a a mo seeleng a dira mmogo. Mafoko a a leng setlhopha ke one a gangwe le gape a tshwanetseng go gatelelwa, e seng lefoko le le ikemetseng fela le le losi. Mo dipuong dingwe, baithuti ba ka nna ba kgothalediwa go ela tlhoko thata gore matshwao a kgatelelo a supa gore mafoko a gatelelwe jang.
Kgato e e latelang ya go ithuta se o tshwanetseng go se gatelela ke gore mogakolodi wa gago a ka nna a go kgothaletsa go leba kgang e e dikologileng seele se o se balang. Ntlha ya konokono e serapa sotlhe se tlotlang ka yone ke efe? E tshwanetse go ama jang se o se gatelelang mo dieleng tsa sone? Leba setlhogo se segolo sa kgang e o e balang le setlhogwana se se kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng se dintlha tsa gago di tlhagang kafa tlase ga sone. Di ama jang mafoko a o tlhophang go a gatelela? Tseno tsotlhe ke dintlha tse o tshwanetseng go akanya ka tsone. Mme ela tlhoko gore o se gatelele mafoko a mantsi thata.
Le fa e le gore o tla bo o neetse puo ka tlhogo kgotsa o bala, mogakolodi wa gago a ka nna a go kgothaletsa gore o dirise tsela e o tlhalosang mabaka ka yone go gatelela dintlha tsa gago. O tshwanetse go lemoga gore tsela e o tlhalosang mabaka ka yone e felela fa kae kgotsa gore ke kae fa o tswang mo ntlheng nngwe e e botlhokwa o ya kwa go e nngwe. Bareetsi ba gago ba tla anaanela thata fa puo ya gago e ba lemotsha mafelo ano. O ka dira seno ka go gatelela mafoko a a jaaka sa ntlhantlha, gape, sa bofelo, ka jalo, le go a utlwala gore.
Mogakolodi wa gago gape o tla go tlhokomedisa dintlha dingwe tse di batlang gore o di tsenye maikutlo a a kgethegileng fa o di bua. Gore o dire jalo, o ka nna wa gatelela mafoko a a jaaka thata, gotlhelele, legoka, ga go kgonege, botlhokwa le ka dinako tsotlhe. Go dira jalo go ka tlhotlheletsa tsela e bareetsi ba gago ba ikutlwang ka yone ka se o se buang. Re tla bua mo go oketsegileng ka seno mo go Thuto 11, “Go Nna le Maikutlo le go Tsenya Maikutlo fa o Bua.”
Go tokafatsa tsela e o gatelelang dintlha ka yone, o tla kgothalediwa gore gape o itse sentle dintlha tsa konokono tse o batlang gore bareetsi ba gago ba di gakologelwe. Go tla tlotliwa ka seno gape fa go sekasekwa kgang ya go bala phatlalatsa mo go Thuto 7, “Dintlha Tsa Konokono di Gateletswe,” le fa go sekasekwa kgang ya go bua mo go Thuto 37, “Dintlhakgolo di Tlhomolotswe.”
Fa o leka go tokafatsa bodiredi jwa gago jwa tshimo, ela tlhoko thata tsela e o balang ditemana ka yone. Itlwaetse go ipotsa jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa ke bala temana eno?’ Ga go a lekana gore morutisi a bitse mafoko sentle fela. Tota le go bala temana ka go tsenya maikutlo go ka nna ga bo go sa lekana. Fa o araba potso ya mongwe kgotsa o ruta boammaaruri jwa motheo, go molemo gore o gatelele mafoko kgotsa dipolelwana tse di mo temaneng eo tse di tshegetsang ntlha e lo tlotlang ka yone. Go seng jalo, motho yo o mmalelang a ka nna a se ka a tshwara ntlha.
E re ka go gatelela dintlha go akaretsa go gatelela mafoko mangwe le dipolelwana dingwe go feta tse dingwe, sebui se se se nang maitemogelo se ka nna sa sekamela mo go gateleleng mafoko ao le dipolelwana tseo ka tsela e e feteletseng. Diphelelo tsa teng di ka nna tsa tshwana le tsa fa motho a simolola go ithuta go tshameka seletswa sa mmino. Le fa go ntse jalo, fa a ntse a tswelela pele go ithuta, “dinnoto” dingwe le dingwe di tla fetoga go nna karolo ya “mmino” o o monate.
Fa o sena go ithuta dintlha dingwe tsa motheo, o tla solegelwa molemo ke go leba kafa dibui tse di nang le maitemogelo di buang ka gone. Go ise go ye kae, o tla lemoga se o ka se fitlhelelang ka go gatelela dintlha ka ditsela tse di sa tshwaneng. Mme o tla tlhaloganya botlhokwa jwa go kgona go gatelela dintlha ka ditsela tse di sa tshwaneng go dira gore bokao jwa se o se buang bo utlwale sentle. Go nna le bokgoni jwa go gatelela dintlha ka tsela e e tshwanetseng go tla tokafatsa thata matswela a tsela e o balang ka yone le e o buang ka yone.
O se ka wa ithuta ntlha ya go gatelela dintlha e le go ikgolola fela. Gore o kgone go bua ka tsela e e nang le matswela, nna o tokafatse go bua ga gago go fitlha o nna le bokgoni jwa go gatelela kgopolo e bile o kgona go dira jalo ka tsela e e tlwaelegileng fela mo ditsebeng tsa ba bangwe.