LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 22 ts. 153-ts. 156 ser. 4
  • Dikwalo di Tlhalositswe Sentle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikwalo di Tlhalositswe Sentle
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikwalo di Tlhalositswe Sentle
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Ditemana di Tsenyeleditswe Sentle
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Dirisa Mafoko a a Tlhatswang Pelo fa o Ruta
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Ditemana di Bueletswe Sentle
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 22 ts. 153-ts. 156 ser. 4

THUTO 22

Dikwalo di Tlhalositswe Sentle

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Tlhomamisa gore tsela le fa e le efe e o tlhalosang temana ka yone e dumalana le se go buiwang ka sone le gore e dumalana le Baebele yotlhe e feletse. Gape tlhaloso ya gago e tshwanetse ya dumalana le se se gatisitsweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”

Ke eng fa go le botlhokwa?

Go ruta batho ba bangwe Lefoko la Modimo ke kgang e e masisi. Modimo o batla gore batho ba tle “mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:3, 4) Seo se re naya boikarabelo jwa go ruta Lefoko la Modimo ka tsela e e tshwanetseng.

GO RUTA batho ba bangwe ga se kgang fela ya go bala ditemana mo Baebeleng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela modirikaene e bong Timotheo a re: “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwere lefoko la boammaaruri sentle.”—2 Tim. 2:15.

Go dira seno go raya gore re tshwanetse ra tlhalosa ditemana go dumalana le se Baebele ka boyone e se rutang. Seno se tlhoka gore re akanyetse se go buiwang ka sone mo temaneng eo, mo boemong jwa go tlhopha fela dipolelwana tse di re kgatlhang le go di oketsa ka dikakanyo tsa rona. Jehofa o ne a dirisa moporofeti Jeremia go tlhagisa ka baporofeti ba ba neng ba re ba bua go tswa mo molomong wa ga Jehofa mme tota ba bolela “ponatshegelo ya pelo ya bone.” (Jer. 23:16) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete gore ba se ka ba kgotlela Lefoko la Modimo ka difilosofi tsa batho fa a ne a kwala a re: “Re baketse dilo tsa boferefere tse di tshwanetseng go re tlhabisa ditlhong, re sa tsamaye ka tsietso, le fa e le go kgotlela lefoko la Modimo.” Mo metlheng eo barekisi ba ba sa ikanyegeng ba beine ba ne ba tle ba tshele beine ya bone metsi gore e nne ntsi mme e ba busetse madi a mantsi. Ga re kgotlele Lefoko la Modimo ka go le tlhakanya le difilosofi tsa batho. Paulo o ne a re: “Ga re babapatsi ba lefoko la Modimo jaaka batho ba le bantsi ba ntse, mme re bua jaaka e le ka bopeloephepa, ee, jaaka ba ba romilweng ke Modimo, mo ponong ya Modimo, re patilwe ke Keresete.”—2 Bakor. 2:17; 4:2.

Ka dinako tse dingwe, o ka nopola temana gore o gatelele molaomotheo mongwe. Baebele e tletse ka melaometheo e e nayang kaelo e e utlwalang sentle ya go dirisana le maemo a mantsi a a farologaneng. (2 Tim. 3:16, 17) Mme o tshwanetse wa tlhomamisa gore tlhaloso ya gago e nepile le gore ga o dirise temana ka tsela e e sa tshwanelang, o dira gore go bonale e kete e bua se wena o batlang e se bua. (Pes. 91:11, 12; Math. 4:5, 6) Tsela e o e tlhalosang ka yone e tshwanetse ya dumalana le boikaelelo jwa ga Jehofa, e tsamaisana le Lefoko la Modimo lotlhe.

‘Go tshwara lefoko la boammaaruri sentle’ gape go akaretsa go tlhaloganya se Baebele e se bolelang. Ga se “molamu” o o ka dirisiwang go tshosetsa ba bangwe. Barutisi ba bodumedi ba ba neng ba ganetsa Jesu Keresete ba ne ba nopola Dikwalo, mme ba ne ba itlhokomolosa dilo tse di botlhokwa thata—tse di amang tshiamiso le boutlwelobotlhoko le boikanyegi—tse di batliwang ke Modimo. (Math. 22:23, 24; 23:23, 24) Fa Jesu a ne a ruta Lefoko la Modimo, o ne a bontsha botho jwa ga Rraagwe. Jesu o ne a tlhagafaletse boammaaruri mme gape o ne a rata batho ba a neng a ba ruta. Re tshwanetse ra leka go latela sekao sa gagwe.—Math. 11:28.

Re ka tlhomamisa jang gore re tlhalosa temana sentle? Go bala Baebele ka metlha go tla thusa. Gape re tshwanetse ra anaanela thulaganyo ya ga Jehofa ya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba a ba dirisang go abela ba ntlo ya tumelo dijo tsa semoya. (Math. 24:45) Go ithuta ka namana mmogo le go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa phuthego le go nna le seabe mo go tsone go tla re thusa gore re solegelwe molemo ke thuto e re e newang ke setlhopha seo sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.

Fa buka ya Go Fetolana ka Dikwalo e le teng ka puo ya lona mme o ithuta go e dirisa sentle, e tla kgona go go kaela gore o tlhalose sentle makgolokgolo a ditemana tse di dirisiwang kgapetsa mo bodireding jwa rona. Fa o ikaeletse go dirisa temana nngwe e o sa e tlwaelang, boingotlo bo tla go tlhotlheletsa go dira patlisiso e e tlhokegang gore fa o bua, o bo o tshwere lefoko la boammaaruri sentle.—Dia. 11:2.

Dira Gore Tsela e o Tlhalosang Temana ka Yone e Utlwale. Fa o ruta ba bangwe, tlhomamisa gore ba bona sentle kafa kgang e o e tlhalosang e amanang ka teng le ditemana tse o di dirisang. Fa o tsenyeletsa temana ka potso, bareetsi ba gago ba tshwanetse ba kgona go bona gore temana eo e araba potso jang. Fa e le gore o dirisa temana eo go tshegetsa mafoko mangwe, tlhomamisa gore moithuti o bona sentle kafa temana e supelang ntlha eo ka teng.

Go bala temana fela—le fa e le ka go gatelela—gantsi ga go a lekana. Gakologelwa, motho fela yo o tlwaelegileng ga a tlwaela Baebele mme gongwe a ka se ka a kgona go lemoga ntlha ya gago fa o sena go bala temana gangwe fela. Dira gore a tlhokomele thata karolo ya temana e e amanang ka tlhamalalo le se o se tlotlang.

Gantsi seno se tlhoka gore o tlhaole mafoko a konokono, a a amanang ka tlhamalalo le ntlha e e tlotliwang. Mokgwa o o motlhofo ke go boeletsa mafoko ao a a tshwereng ntlha ya konokono. Fa o bua le motho a le esi, o ka nna wa botsa dipotso tse di tla mo thusang go lemoga mafoko a konokono. Dibui dingwe fa di bua le setlhopha sa batho, di rata go fitlhelela mokgele wa tsone ka go dirisa makaelagongwe kgotsa ka go boeletsa ntlha. Le fa go ntse jalo, fa o dirisa mokgwa ono, o tlhokomele gore bareetsi ba se ka ba sala ba sa itse gore ntlha e e tlotliwang e amana jang le mafoko a a mo temaneng.

Fa o sena go tlhaola mafoko a konokono, o tla bo o theile motheo sentle. Jaanong tswelela pele. A fa o tsenyeletsa temana o bontshitse sentle gore lo e balelang? Fa go ntse jalo, bontsha kafa mafoko a o a gateletseng a amanang ka teng le se o dirileng gore bareetsi ba se letele. Bontsha sentle gore di amana jang. Tota le fa o sa tsenyeletsa temana ka go e tlhalosa thata jalo, gone morago ga go e bala o tshwanetse go e tlhalosa sentle gore e utlwale.

Bafarasai ba ne ba botsa Jesu se ba neng ba akanya gore ke potso e e thata, ba re: “A go kafa molaong gore monna a tlhale mosadi wa gagwe ka lebaka le fa e ka nna la mofuta ofe?” Jesu o ne a thaya karabo ya gagwe mo go Genesise 2:24. Ela tlhoko gore o ne a remelela mo karolong e le nngwe fela ya yone, go tswa foo a bo a e tlhalosa ka tsela e e tlhokegang. Fa a sena go bontsha gore monna le mosadi wa gagwe ba nna “nama e le nngwe,” Jesu o ne a konela jaana: “Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Math. 19:3-6.

O tshwanetse wa tlhalosa go le kana kang go thusa bareetsi go bona gore temana e amana jang le se o se tlotlang? Go tla laolwa ke gore bareetsi ba gago ke batho ba mofuta ofe le gore ntlha e o buang ka yone e botlhokwa go le kana kang. Leka go bua ka tlhamalalo e bile o sa raraanya puo ya gago.

Bontsha Mabaka go Tswa mo Dikwalong. Ditiro 17:2, 3 fa e bua ka bodiredi jwa ga moaposetoloi Paulo, e re bolelela gore o ne a ‘bontsha mabaka go tswa mo Dikwalong.’ Jono ke bokgoni jo motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa a tshwanetseng a leka go nna le jone. Ka sekai, Paulo o ne a anela dintlha kaga botshelo le bodiredi jwa ga Jesu, a bontsha gore di ne di boleletswe pele mo Dikwalong Tsa Sehebera, go tswa foo a bo a konela jaana ka tsela e e nonofileng: “Yono ke Keresete, Jesu yono yo ke lo mo itsiseng phatlalatsa.”

Fa Paulo a ne a kwalela Bahebera, o ne a nopola Dikwalo Tsa Sehebera gangwe le gape. Fa a batla go gatelela kgotsa go tlhalosa ntlha, gantsi o ne a tlhaola lefoko le le lengwe fela kgotsa polelwana e khutshwane a bo a bontsha se e se bolelang. (Baheb. 12:26, 27) Mo pegong e e fitlhelwang mo go Bahebera kgaolo 3, Paulo o ne a nopola Pesalema 95:7-11. Ela tlhoko gore go tswa foo o ne a tlhalosa dikarolo tse tharo tsa yone: (1) fa go ne go umakwa pelo (Baheb. 3:8-12), (2) bokao jwa polelwana e e reng “Gompieno” (Baheb. 3:7, 13-15; 4:6-11), le (3) bokao jwa polelwana e e reng: “Ga ba na go tsena mo boikhutsong jwa me” (Baheb. 3:11, 18, 19; 4:1-11). Leka go etsa sekao seo fa o ntse o tlhalosa kafa temana nngwe le nngwe e dirang ka teng.

Ela tlhoko tsela e e nang le matswela e Jesu a neng a e dirisa go fetolana le motho ka Dikwalo mo pegong e e fitlhelwang mo go Luke 10:25-37. Monna mongwe yo o itseng Molao o ne a botsa jaana: “Moruti, ke tla rua botshelo jo bosakhutleng ka go dira eng?” Fa Jesu a araba monna yono, la ntlha o ne a mo kopa gore a ntshe maikutlo a gagwe mo kgannyeng eno, go tswa foo Jesu o ne a gatelela botlhokwa jwa go dira se Lefoko la Modimo le se bolelang. Fa go bonala gore monna yono o ne a sa tshware ntlha, Jesu o ne a tlhalosa ka botlalo lefoko le le lengwe fela go tswa mo temaneng—“moagelani.” Mo boemong jwa go le tlhalosa fela, o ne a dirisa setshwantsho go thusa monna yono go itirela tshwetso e e tshwanetseng ka boene.

Go bonala sentle gore fa Jesu a araba dipotso, o ne a sa nopole fela ditemana tse di nayang karabo e e tlhamaletseng, e e bonalang motlhofo. O ne a tlhalosa se di se bolelang a bo a bontsha kafa di amang kgang e e tlotliwang ka teng.

Fa Basadukai ba ne ba bontsha go belaela kgang ya tsholofelo ya tsogo, Jesu o ne a remelela thata mo karolong e le nngwe fela ya Ekesodo 3:6. Mme ga a ka a nopola temana fela. O ne a ntsha mabaka ka yone go bontsha sentle gore tsogo ke karolo ya boikaelelo jwa Modimo.—Mar. 12:24-27.

Go kgona go ntsha mabaka sentle le ka tsela e e nang le matswela mo Dikwalong go tla go thusa thata gore o nne morutisi yo o setswerere.

KAFA O KA NNANG LE BOKGONI JONO KA GONE

  • Bala Baebele ka metlha. Ithute Tora ya Tebelo ka kelotlhoko, o ipaakanyetse dipokano tsa phuthego sentle.

  • Tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko a a mo temaneng epe fela e o ikaeletseng go e dirisa. Bala temana ka kelotlhoko gore o kgone go tlhaloganya se e se bolelang sentle.

  • Itlwaetse go batlisisa mo dikgatisong tsa rona tsa Bokeresete.

IKATISO: Akanya ka bokao jwa 2 Petere 3:7. A e supa gore lefatshe le tla senngwa ka molelo? (Fa o tlhalosa lefoko “lefatshe,” akanyetsa gape le se se kaiwang ke lefoko “magodimo.” Ke ditemana dife tse di bontshang gore “lefatshe” le ka dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso? Tota go senngwa bomang kgotsa eng, jaaka go boletswe mo go temana 7? Seo se dumalana jang le se se diragetseng mo motlheng wa ga Noa, o go buiwang ka one mo go temana 5 le 6?)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela