LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/10 ts. 1
  • Dirisa Mafoko a a Tlhatswang Pelo fa o Ruta

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dirisa Mafoko a a Tlhatswang Pelo fa o Ruta
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikwalo di Tlhalositswe Sentle
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • A o Buelela Lefoko la Modimo?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Dirisa “Tšhaka ya Moya” ka Botswerere
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Kafa o ka Tlhatswang ba Bangwe Pelo ka Teng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 4/10 ts. 1

Dirisa Mafoko a a Tlhatswang Pelo fa o Ruta

1. Gantsi go dirisa Lefoko la Modimo ka tsela e e nang le matswela mo bodireding go akaretsa eng?

1 Badiredi ba ba nang le matswela jaaka moaposetoloi Paulo, ba tlhaloganya gore ‘go tshwara lefoko la boammaaruri sentle’ go akaretsa se se fetang fela go umaka Dikwalo tse di Boitshepo. (2 Tim. 2:15) Fa re dirisa Lefoko la Modimo, re ka dirisa jang “mafoko a a tlhatswang pelo” fa re ruta?—Dit. 28:23.

2. Re ka oketsa jang kanaanelo ya batho mo Lefokong la Modimo?

2 Dira Gore Lefoko la Modimo le Bue: Sa ntlha, lebisa tlhokomelo ya motho mo Baebeleng ka tsela e e tla dirang gore a tlotle botlhale jwa bomodimo jo bo mo go yone. Go tshepa ga rona Lefoko la Modimo go ka nna ga tlhotlheletsa moreetsi gore a tlhwaye tsebe fa go ntse go balwa temana. (Baheb. 4:12) Re ka nna ra bolela fela jaana: “Ke fitlhetse go thusa go utlwa gore Modimo o akanya eng ka kgang eno. Ela tlhoko gore Lefoko la gagwe la reng.” Fa go kgonega, dira gore Lefoko la Modimo le bue, ka go bala ka tlhamalalo go tswa mo go lone.

3. Fa re sena go bala temana, re ka dira eng go thusa moreetsi wa rona go tlhaloganya se e se kayang?

3 Sa bobedi, tlhalosa temana e e dirisitsweng. Batho ba le bantsi ba go fitlhela go le thata go tlhaloganya temana lekgetlo la ntlha fa e balwa. Gantsi go tlhokega gore temana e tlhalosiwe gore motho a bone kafa e leng botlhokwa ka teng. (Luke 24:26, 27) Tlhaola mafoko a konokono. Go botsa potso go ka thusa gore o tlhomamise gore a moreetsi o tlhaloganya temana.—Dia. 20:5; Dit. 8:30.

4. Ke kgato efe ya bofelo e e leng botlhokwa gore re dirise mafoko a a tlhatswang pelo fa re ruta?

4 Baya Mabaka ka Dikwalo: Sa boraro, leka go fitlhelela mogopolo le pelo. Thusa mong wa ntlo gore a bone kafa temana e dirang ka teng mo go ene ka namana. Go baya mabaka ka Dikwalo go ka tlhatswa motho pelo gore a fetole tsela e a akanyang ka yone. (Dit. 17:2-4; 19:8) Ka sekai, fa re sena go bala Pesalema 83:18 re ka nna ra tlhalosa kafa go leng botlhokwa ka teng go itse leina la motho gore o nne le kamano le ene. Morago ga foo, gongwe re ka botsa gore, “A o akanya gore go itse leina la Modimo go tla dira gore dithapelo tsa rona di nne le bokao le go feta?” Go amanya temana le botshelo jwa mong wa ntlo ka tsela eno go bontsha kafa e leng botlhokwa ka teng. Go dirisa mafoko a a tlhatswang pelo a a ntseng jalo a a tswang mo Lefokong la Modimo, go gogela batho ba ba peloephepa mo kobamelong ya Modimo wa boammaaruri yo o tshelang, e bong Jehofa.—Jer. 10:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela