LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/01 ts. 1
  • Kafa o ka Tlhatswang ba Bangwe Pelo ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa o ka Tlhatswang ba Bangwe Pelo ka Teng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Fitlhelela Dipelo ka Bokgoni Jwa go Tlhotlheletsa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Thusa ba Bangwe go Amogela Molaetsa wa Bogosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Dirisa Mafoko a a Tlhatswang Pelo fa o Ruta
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Re Tshwanetse “go Naya Mongwe le Mongwe Karabo” e e Ntseng Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 2/01 ts. 1

Kafa o ka Tlhatswang ba Bangwe Pelo ka Teng

1 Moaposetoloi Paulo o ne a itirela leina le lentle ka go nna modiredi yo o nang le tlhotlheletso. (Dit. 19:26) Le Kgosi Ageripa o ne a mmolela jaana: “Mo nakong e khutshwane o tla ntlhotlheletsa gore ke nne Mokeresete.” (Dit. 26:28) Ke eng se se neng se dira gore bodiredi jwa ga Paulo bo nne le tlhotlheletso e e kalo? O ne a ntshetsa batho mabaka a a utlwalang go tswa mo Dikwalong, a dira gore metlotlo ya gagwe e tshwanele bareetsi ba gagwe.—Dit. 28:23.

2 Le rona re tshwanetse go etsa Paulo mme re tlhatswe batho pelo mo bodireding jwa rona. Jang? Ka go dirisa temogo fa re bua le ba bangwe le fa re ba reeditse. (Dia. 16:23) Dikgato tse tharo tsa botlhokwa di tla re thusa gore re fitlhelele seno.

3 Reetsa ka Kelotlhoko: Fa motho yo mongwe a ntse a bua, reetsa gore o utlwe ntlha e lo ka dumalanang ka yone mme o age motlotlo wa gago mo go yone. Fa a ganetsa, leka go lemoga lebaka le le bakang seo. Go ka thusa gore o itse gore tota o dumela eng, le gore ke ka ntlha yang fa a se dumela, le gore ke eng se se mo tlhatswitseng pelo gore a se dumele. (Dia. 18:13) Mmotse dipotso ka botlhale.

4 Botsa Dipotso: Fa motho a bolela gore o dumela Tharonngwe, o ka nna wa mmotsa jaana: “A ke bogologolo o ntse o dumela Tharonngwe?” Tswelela ka gore: “A o kile wa ithuta ka botlalo gore Baebele ya reng ka kgang eno?” Gape o ka nna wa botsa jaana: “Fa Modimo e ne e le karolo ya Tharonngwe, a re ne re ka se lebelele gore Baebele e ne e tla bua seo ka phepafalo?” Tsela e a tla arabang ka yone e tla go thusa gore o beele motho yoo mabaka ka se Dikwalo di se buang.

5 Ntsha Mabaka a a Utlwalang: Mosupi o ne a botsa mosadi yo o neng a dumela gore Jesu ke Modimo jaana: ‘Fa o leka go bontsha gore batho ba babedi ba a lekana, o ka dirisa batho bafe mo go ba lelapa?’ O ne a araba ka gore: “Nka nna ka dirisa bana ba motho.” A oketsa ka gore: “Gongwe e bile mawelana a a tshwanang. Mme fa Jesu a ne a re ruta gore re lebe Modimo e le Rre mme ene e le Morwa, o ne a re bolelela eng?” Mosadi yoo o ne a tlhaloganya gore yo mongwe o mogolo mo go yo mongwe e bile o na le taolo e e fetang ya yo mongwe. (Math. 20:23; Joh. 14:28; 20:17) Pelo ya gagwe le mogopolo wa gagwe di ne tsa fitlhelelwa ka tsela e e tlhatswang pelo.

6 Ee, ga se batho botlhe ba ba amogelang boammaaruri, go sa kgathalesege gore re bua dilo tse di nang le tlhaloganyo le tse di boammaaruri go le kana kang. Mme jaaka Paulo, a re tlhoafaleng mme re batleng batho ba ba dipelo di ikanyegang mo tshimong ya rona, re ba tlhatswe pelo gore ba amogele molaetsa wa Bogosi.—Dit. 19:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela