LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 23 ts. 157-ts. 159 ser. 3
  • Go Bontshitswe Sentle Gore Dintlha Tsa Puo di Mosola go le Kana Kang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bontshitswe Sentle Gore Dintlha Tsa Puo di Mosola go le Kana Kang
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgang e e Rutang Bareetsi
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Matseno a a Tsosang Kgatlhego
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Baakanyetsa Dipuo Tse di Neelwang Phuthego
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Baakanyetsa Dipuo Tsa Phatlalatsa
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 23 ts. 157-ts. 159 ser. 3

THUTO 23

Go Bontshitswe Sentle Gore Dintlha Tsa Puo di Mosola go le Kana Kang

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Thusa bareetsi ba gago go bona kafa kgang ya gago e amang matshelo a bone ka gone kgotsa kafa ba ka e dirisang ka tsela e e molemo ka gone.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Fa batho ba sa bone kafa se o se buang se ba amang ka gone, ba ka nna ba go bolelela gore ga ba kgatlhege kgotsa ba ka nna ba se ka ba go reetsa, ba letla megopolo ya bone e kgarakgatshega.

LE FA o ka tswa o bua le motho a le mongwe fela kgotsa ba le bantsi, ga go botlhale go tsaya fela gore moreetsi kgotsa bareetsi ba gago ba tla kgatlhegela kgang ya gago fela ka gonne wena o e kgatlhegela. Molaetsa wa gago o botlhokwa, mme fa o sa kgone go thusa bareetsi ba gago go bona sentle gore o mosola go le kana kang mo go bone, go ka direga gore ba se ka ba go reetsa lobaka lo loleele.

Go ntse fela jalo le ka bareetsi kwa Holong ya Bogosi. Ba ka nna ba reetsa fa o dirisa setshwantsho kgotsa maitemogelo mangwe a ba iseng ba ke ba a utlwe. Mme ba ka nna ba se ka ba tlhola ba go reetsa fa o bua ka dilo tse ba di itseng, segolo jang fa o sa kgone go aga puo ya gago ka dilo tseo. O tshwanetse go ba thusa go bona gore ke ka ntlha yang fa se o se buang se le mosola thata mo go bone le gore se ba thusa ka eng.

Baebele e re kgothaletsa go akanya ka tsela e dilo di leng mosola ka teng. (Dia. 3:21) Jehofa o ne a dirisa Johane Mokolobetsi go kaela batho kwa “botlhaleng jo bo mosola jwa basiami.” (Luke 1:17) Joo ke jone botlhale jwa go nna le poifo e e siameng ya ga Jehofa. (Pes. 111:10) Ba ba anaanelang botlhale jono ba thusiwa go lepalepana le botshelo ka katlego gone jaanong le go tshwara botshelo jwa mmatota, botshelo jo bo sa khutleng jo bo tlang.—1 Tim. 4:8; 6:19.

Go Bontsha Kafa Dintlha Tsa Puo di Amang Bareetsi ka Gone. Fa o batla gore puo ya gago e bue ka dilo tse di amang bareetsi, ga o a tshwanela go akanya ka dintlha tsa puo fela mme gape o tshwanetse go akanya le ka bareetsi. O se ka wa akanya ka bone e le setlhopha fela sa batho. Setlhopha seo se bopilwe ke batho le malapa. Go ka tswa go na le ba bannye thata mo go sone, ba dingwaga tsa bolesome, bagolo le bangwe ba ba tsofetseng. Go ka tswa go na le bangwe ba ba sa tswang go kgatlhega bosheng le ba ba simolotseng go direla Jehofa pele o tsholwa. Bangwe e ka tswa e le ba ba godileng semoyeng; ba bangwe ba ka tswa ba sa ntse ba tlhotlhelediwa thata ke maikutlo mangwe le mekgwa mengwe ya lefatshe. Ipotse jaana: ‘Dintlha tse ke tlileng go tlotla ka tsone di tlile go solegela bareetsi molemo jang? Nka ba thusa jang go bona ntlha?’ O ka nna wa batla go tlhoma mogopolo thata mo setlhopheng se le sengwe kgotsa di le pedi tse di umakilweng fano. Le fa go ntse jalo, o se ka wa lebala ba bangwe gotlhelele.

Go tweng fa e le gore o abetswe go tlotla ka thuto nngwe ya motheo ya Baebele? O ka dira jang gore puo eo e solegele molemo bareetsi ba ba setseng ba dumela thuto eo? Leka go nonotsha tumelo ya bone mo go yone. Jang? Ka go tlotla le bone ka bosupi jwa Dikwalo jo bo e tshegetsang. Gape o ka ba thusa go anaanela thuto eo ya Baebele botokanyana. Seno o ka se dira ka go bontsha kafa thuto eno e dumalanang le boammaaruri jo bongwe jwa Baebele ka gone le kafa e dumalanang ka teng le botho jwa ga Jehofa. Dirisa dikai—fa go kgonega o dirise maitemogelo a mmatota a a diregileng—a a bontshang kafa go tlhaloganya thuto eno go solegetseng batho molemo ka gone le kafa e tlhotlheleditseng tsela e ba lebang isagwe ka yone.

O se ka wa dirisa dikakgelo di le mmalwanyana fela kwa bokhutlong jwa puo ya gago go tlhalosa kafa dintlha tsa yone di re solegelang molemo ka gone. Go tswa fela kwa tshimologong ya yone, mongwe le mongwe yo o mo bareetsing o tshwanetse go utlwa gore “seno se a nkama.” Fa o setse o theile motheo oo, nako le nako fa o tlhalosa ntlha nngwe ya konokono ya puo ya gago le kwa bokhutlong jwa yone nna o bontshe kafa ntlha eo e ba amang ka teng.

Fa o tlhalosa kafa dintlha tsa yone di ka dirisiwang ka gone, tlhomamisa gore o dira jalo tumalanong le melaometheo ya Baebele. Seo se bolelang? Go raya go dira jalo ka tsela e e lorato le go bontsha go amega. (1 Pet. 3:8; 1 Joh. 4:8) Tota le fa moaposetoloi Paulo a ne a rarabolola mathata a a masisi kwa Thesalonika, o ne a ela tlhoko gore o umaka karolo nngwe e ntle ka kgatelopele ya semoya ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba Bakeresete ba ba neng ba le koo. Gape, o ne a tlhalosa gore o dumela gore ba ne ba tla batla go dira se se siameng malebana le kgang e a neng a tlotla le bone ka yone. (1 Bathes. 4:1-12) A bo e le sekai se se molemo jang ne se re ka se etsang!

A boikaelelo jwa puo ya gago ke go tlhotlheletsa ba bangwe gore ba nne le seabe mo tirong ya go rera le go ruta ba bangwe dikgang tse di molemo? Dira gore ba tlhagafalele tshiamelo eo le go e anaanela. Le fa go ntse jalo, fa o ntse o dira jalo, gakologelwa gore batho ga ba na go dira tiro eno ka selekanyo se se tshwanang, mme Baebele le yone e amogela seo. (Math. 13:23) O se ka wa rwesa bakaulengwe ba gago mokgweleo wa go ikutlwa ba le molato. Bahebera 10:24 e re kgothaletsa gore “re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo.” Fa re ba tlhotlheletsa ka lorato, ba tla dira tiro eno ka maitlhomo a a siameng. Go na le go gatelela gore ba dire ka selekanyo se se tshwanang botlhe, bontsha gore o lemoga gore se Jehofa a se batlang ke go nna “kutlo ka tumelo.” (Bar. 16:26) Re akantse ka seno, re batla go nonotsha tumelo—ya rona le ya bakaulengwe ba rona.

Go Thusa ba Bangwe go Bona Ntlha. Fa o ntse o neela ba bangwe bosupi, dira gore o tlhalose kafa dikgang tse di molemo di leng mosola ka gone mo mothong yono. Go dira jalo go batla gore o akanyetse se batho ba ba mo tshimong ya lona ba se akanyang. O ka itse seo jang? Reetsa dikgang mo radiong kgotsa mo thelebisheneng. Leba tsebe e e ka fa ntle ya lekwalodikgang. Gape, leka go kopanyeletsa batho mo motlotlong, mme o ba reetse fa ba bua. O ka nna wa fitlhela gore ba lwantshana le mathata a a masisi—go latlhegelwa ke tiro, go duela rente, bolwetse, go tlhokafala ga leloko la lelapa, kotsi ya bokebekwa, go tlhoka tshiamiso ga mongwe yo o nang le taolo, go thubega ga lenyalo, go laola bana ba bannye, jalo le jalo. A Baebele e ka kgona go ba thusa? Ee ruri.

Fa o simolola motlotlo, ga go na pelaelo gore o tla bo o na le sengwe se o batlang go tlotla ka sone mo mogopolong wa gago. Le fa go ntse jalo, fa motho a bontsha gore go na le kgang nngwe e a tshwenyegileng thata ka yone, o se ka wa okaoka go tlotla le ene ka yone fa o kgona go dira jalo, kgotsa mmolelele gore o ka rata go boa gape mme o mo leretse tshedimosetso nngwe e e tla mo thusang. Ke boammaaruri gore ga re batle ‘go itsenyatsenya mo dilong tse di sa re ameng,’ mme ka boitumelo re abelana le ba bangwe kgakololo e e mosola e Baebele e e nayang. ( 2 Bathes. 3:11) Go phepafetse gore se se tla kgatlhang batho thata ke kgakololo ya Baebele e e amang matshelo a bone.

Fa batho ba sa bone kafa molaetsa wa rona o ba amang ka gone, ba ka nna ba kgaosetsa motlotlo ka bonako. Mme tota le fa ba ka re letla go bua, fa re sa ba bontshe kafa kgang ya rona e ba amang ka teng go ka nna ga bolela gore molaetsa wa rona ga o na mosola ope mo matshelong a bone. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re dira gore go utlwale sentle gore molaetsa wa rona o ama moreetsi wa rona go le kana kang, motlotlo wa rona o ka fetola botshelo jwa batho bano.

Fa o tshwere dithuto tsa Baebele, tswelela pele o bontshe kafa dintlha tse lo di tlotlang di ka dirisiwang ka gone. (Dia. 4:7) Thusa baithuti go tlhaloganya kgakololo ya Dikwalo, melaometheo le dikai tse di ba bontshang kafa ba ka tsamayang mo ditseleng tsa ga Jehofa ka gone. Gatelela melemo ya go dira jalo. (Isa. 48:17, 18) Seno se tla tlhotlheletsa baithuti go dira diphetogo mo matshelong a bone. Dira gore ba rate Jehofa ba bo ba eletse go mo itumedisa, o bo o dire gore ba tlhotlheletsege go tswa pelong go dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo.

TSELA YA GO DIRA JALO

  • Fa o baakanyetsa puo, o se ka wa akanya ka dintlha tsa yone fela mme akanya le ka bareetsi ba gago. E neele ka tsela e e tla ba solegelang molemo fela thata.

  • O se ka wa letela fela gore o fitlhe kwa bokhutlong jwa puo e bo e le gone o bontshang gore tshedimosetso eno e ka dirisiwa jang. Go tshwanetse ga bonala sentle mo puong yotlhe ya gago.

  • Fa o ipaakanyetsa go neela bosupi, akanyetsa se batho ba ba mo tshimong ya lona ba se akanyang.

  • Fa o neela bosupi, reetsa motho yo o buang le ene, mme o dire gore puisano ya gago e tshwanele maemo a gagwe.

IKATISO: Boeletsa ditlhogo tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi tse o nang le tsone, mme o tlhophe puisano e le nngwe kgotsa tse pedi tse o akanyang gore di mosola thata go ka dirisiwa mo tshimong ya lona. Di leke mo tirelong ya tshimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela