LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be ts. 52-ts. 54 ser. 4
  • Go Baakanyetsa Dipuo Tsa Phatlalatsa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Baakanyetsa Dipuo Tsa Phatlalatsa
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ithute Aotlelaene
  • Go Dirisa Dikwalo
  • Ditshwetso Tsa Sebui
  • Go Dira Aotlelaene
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Dirisa Aotlelaene
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tlhomolola Dintlha Tsa Botlhokwa
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Go Dirilwe Gore Dintlha Tsa Konokono di Tlhomologe
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be ts. 52-ts. 54 ser. 4

Go Baakanyetsa Dipuo Tsa Phatlalatsa

BEKE nngwe le nngwe, diphuthego di le dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa di rulaganyetsa go nna le puo ya phatlalatsa e e buang ka setlhogo sengwe sa Dikwalo. Fa o le mogolwane kgotsa o le motlhanka wa bodiredi, a o bontsha gore o sebui sa phatlalatsa se se nang le matswela, morutisi? Fa go le jalo, o ka nna wa kopiwa go neela puo ya phatlalatsa. Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se thusitse bakaulengwe ba le masome a a diketekete go tshwanelegela tshiamelo eno ya bodiredi. Fa o abetswe go neela puo ya phatlalatsa, o tshwanetse go simolola kae?

Ithute Aotlelaene

Pele ga o dira patlisiso epe fela, bala aotlelaene o bo o tlhatlhanye ka yone go fitlhela o e tlhaloganya sentle. Dira gore mo mogopolong wa gago o bone ntlhakgolo, e e leng setlhogo sa puo ya gago. Ke eng tota se o tshwanetseng go se ruta bareetsi ba gago? Boikaelelobogolo jwa gago ke eng?

Itlwaelanye le ditlhogwana tse dikgolo. Sekaseka dintlha tseo tsa konokono. Ntlha nngwe le nngwe ya konokono e golagana jang le setlhogo? Mo tlase ga ntlha nngwe le nngwe ya konokono, go na le dintlha di le mmalwa tse dinnye. Mo tlase ga tsone dintlha tse dinnye tseno go na gape le dintlha tse di di tshegetsang. Leka go bona kafa karolo nngwe le nngwe ya aotlelaene e tsweletsang pele karolo e e tlileng pele ga yone ka teng, kafa e gogelang kwa karolong e e latelang ka gone, le kafa e thusang ka teng go fitlhelela boikaelelobogolo jwa puo. Fa o setse o tlhaloganya ntlhakgolo, boikaelelobogolo jwa puo, le kafa dintlha tsa konokono di fitlhelelang boikaelelo jono ka gone, he o setse o siametse go simolola go aga dintlha tsa gago.

Sa ntlha, o ka nna wa go fitlhela go thusa go akanya ka puo ya gago e le dipuo di le nnè kgotsa di le tlhano tse dikhutshwane, nngwe le nngwe e na le ntlha ya yone e kgolo. Baakanyetsa e le nngwe ka nako.

Aotlelaene e o e abetsweng o e neilwe gore o dirise yone go baakanyetsa. Ga ya tshwanela go nna yone pampitshana e o neelang puo ya gago go tswa mo go yone. E tshwana fela le marapo a mmele. Go ntse jaaka e kete wena o tshwanetse go tsenya nama mo go one, o tsenye pelo, o bo o tsenye botshelo mo go one.

Go Dirisa Dikwalo

Jesu Keresete le barutwa ba gagwe ba ne ba thaya dithuto tsa bone mo Dikwalong. (Luke 4:16-21; 24:27; Dit. 17:2, 3) Le wena o ka kgona go dira jalo. Dikwalo e tshwanetse go nna tsone mokwatla wa puo ya gago. Go na le gore o tlhalose fela le go bontsha kafa dipolelo tse di mo aotlelaeneng di dirang ka teng, leka go bona kafa dipolelo tseo di tshegetswang ka teng ke Dikwalo, mme go tswa foo o rute o dirisa Dikwalo.

Fa o ntse o baakanyetsa puo ya gago, sekaseka temana nngwe le nngwe e e umakilweng mo aotlelaeneng. Ela tlhoko ditemana tse di dikologileng e o e balang. Ditemana dingwe di ka nna tsa bo di go thusa fela go bona gore kgang e o tlotlang ka yone e simologile jang. Ga o tlhoke go di bala tsotlhe kgotsa go akgela ka tsone tsotlhe fa o neela puo ya gago. Tlhopha fela tse di tshwanelang bareetsi ba gago. Fa o dirisa fela ditemana tse di umakilweng mo aotlelaeneng e e gatisitsweng, go ka direga gore ga o na go tlhoka go dirisa Dikwalo tse dingwe tse di seyong mo aotlelaeneng.

Gore o atlega go le kana kang mo puong ya gago, ga go a ikaega ka gore o dirisitse ditemana di le kae, mme go ikaegile ka boleng jwa go ruta. Fa o bitsa ditemana, bontsha gore ke ka ntlha yang fa di dirisiwa. Dira gore o nne le nako ya go bontsha kafa di ka dirisiwang ka gone. Fa o sena go bala temana, nna o ntse o butse Baebele ya gago mo o badileng teng fa o ntse o tlotla ka temana eo. Go ka direga gore bareetsi ba gago le bone ba dire jalo. O ka dira jang gore bareetsi ba gago ba nne le kgatlhego le go ba thusa gore ba solegelwe molemo ka botlalo ke Lefoko la Modimo? (Neh. 8:8, 12) O ka kgona go dira jalo ka go le tlhalosa, ka go dirisa ditshwantsho, le ka go bontsha kafa le ka dirisiwang ka teng.

Go le Tlhalosa. Fa o ipaakanyetsa go tlhalosa temana nngwe ya konokono, ipotse jaana: ‘E raya eng? Ke ka ntlha yang fa ke e dirisa mo puong ya me? Batho ba ba mo bareetsing ba ka tswa ba ipotsa eng ka temana eno?’ O ka nna wa tshwanelwa ke go sekaseka ditemana tse di dikologileng e o e balang, o sekaseke gore kgang ya teng e simologile jang, gore maemo a e diragetseng mo go one ke afe, gore mafoko a yone a maatla go le kana kang, gore mokwadi wa yone yo o tlhotlheleditsweng o ne a ikaeletseng. Seno se tlhoka gore o dire patlisiso. O tla fitlhela go na le tshedimosetso e ntsi thata e e botlhokwa mo dikgatisong tse di abilweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45-47) O se ka wa leka go tlhalosa sengwe le sengwe ka temana, mme tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa o dirile gore bareetsi ba gago ba e bale malebana le ntlha e o tlotlang ka yone.

Setshwantsho. Boikaelelo jwa ditshwantsho ke go thusa bareetsi ba gago go tlhaloganya selo botoka kgotsa go ba thusa go gakologelwa ntlha nngwe kgotsa molaomotheo mongwe o o tlotlileng ka one. Ditshwantsho di thusa batho go tlhaloganya se o se ba boleletseng mme ba se amanye le sengwe se ba setseng ba se itse. Ke sone se Jesu a neng a se dira fa a ne a neela Thero ya gagwe e e itsegeng thata ya kwa Thabeng. “Dinonyane tsa legodimo,” ‘dithunya tsa masoma tsa legola,’ “kgoro e tshesane,” ‘ntlo mo lefikeng,’ le mafoko a mangwe a mantsi a a tshwanang le ano a ne a dira gore thuto ya gagwe e gatelele, e utlwale, e bile batho ba se ka ba e lebala.—Math., dikg. 5–7.

Go Bontsha Kafa le ka Dirisiwang ka Teng. Go tlhalosa temana le go e direla setshwantsho go tla dira gore motho a nne le kitso, mme go dirisa kitso eo ke gone go go lereng matswela. Ke boammaaruri gore ke boikarabelo jwa bareetsi go dira tumalanong le se molaetsa wa Baebele o se buang, mme o ka ba thusa go lemoga se ba tlhokang go se dira. Fa o setse o bona gore bareetsi ba gago ba tlhaloganya temana e go tlotlwang ka yone le gore ba a bona gore e tsena jang mo ntlheng e e tlhalosiwang, dirisa nako e e lekaneng go ba bontsha gore e ama tumelo le boitshwaro go le kana kang. Bontsha melemo ya go tlosa megopolo e e sa siamang kgotsa boitshwaro jo bo sa tsamaisaneng le boammaaruri jo go tlotlwang ka jone.

Fa o ntse o akanya ka gore o ka dirisa jang ditemana, gakologelwa gore batho ba ba mo bareetsing ba gago ba godile ka ditsela tse di farologaneng e bile ba lebana le maemo a a farologaneng thata. Go ka nna ga bo go na le batho ba ba sa tswang go kgatlhega, basha, ba ba godileng, le ba ba mekamekanang le mathata a mefutafuta. Dira gore puo ya gago e nne e e ba thusang e bile e bua ka dilo tse di diregang mo botshelong. O se ka wa ntsha kgakololo e e utlwalang e kete o akantse fela ka batho ba sekae.

Ditshwetso Tsa Sebui

O setse o diretswe ditshwetso dingwe malebana le puo ya gago. Go setse go bontshitswe dintlha tsa konokono, e bile go bontshitswe gore setlhogo sengwe le sengwe se beetswe nako e e kana kang gore o tlotle ka sone. Ditshwetso tse dingwe ke wena o tshwanetseng go itirela tsone. O ka nna wa tlhopha go dirisa nako e ntsinyana mo dintlheng dingwe mme o dirise e nnye mo go tse dingwe. O se ka wa tsaya gore o tshwanetse go tlhalosa ntlha nngwe le nngwe ka nako e e lekanang. Seno se ka nna sa dira gore o neele puo ya gago o itlhaganetse thata mme sa dira gore bareetsi ba gago ba se ka ba kgona go tsamaisana le wena. O ka dira jang go bona gore ke dife tse o tshwanetseng go di tlhalosa ka botlalo le gore ke dife tse o ka di umakang ka bokhutshwanyane fela, kgotsa o feta fela? Ipotse jaana: ‘Ke dintlha dife tse di tla nthusang go tlhalosa mogopolo wa konokono wa puo eno sentle? Ke dife tse di tla dirang gore bareetsi ba me ba solegelwe molemo thata? A go tlogela ditemana dingwe tse di umakilweng le dintlha tse di amanang le tsone go tla koafatsa bosupi jo ke lekang go bo tlhalosa?’

Leka thata gore o se ka wa tla o tsenya dilo tse o dumelang gore di boammaaruri mme o se na bosupi jwa tsone kgotsa go tlhalosa dilo tse o di ikakanyetsang fela. Tota le Morwa Modimo, e bong Jesu Keresete, o ne a dira gore a se ka a bua ‘ka go itshimololela dilo ka boene.’ (Joh. 14:10) Lemoga gore lebaka la go bo batho ba tla mo dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa ke gore ba utlwe fa go tlotlwa Baebele. Fa e le gore o tsewa o le sebui se se molemo, go ka direga gore ke ka gonne o itlwaeditse go isa megopolo ya bareetsi kwa Lefokong la Modimo, e seng kwa go wena ka bowena. Dipuo tsa gago di a anaanelwa ka ntlha ya seno.—Bafil. 1:10, 11.

Fa o sena go dira gore aotlelaene e e se nang sepe e nne puo e e nontshitsweng e e tlhalosang Dikwalo, jaanong o tshwanetse go ikatisetsa go neela puo ya gago. Go molemo go dira jalo o buela kwa godimo. Selo sa botlhokwa ke go tlhomamisa gore o gakologelwa dintlha tsotlhe tsa gago sentle. O tshwanetse go kgona go neela puo ya gago ka botswapelo, o e tsenye botshelo, mme o neele boammaaruri ka tlhagafalo. Pele ga o neela puo ya gago, ipotse jaana: ‘Ke lebeletse go fitlhelela eng ka puo eno? A dintlha tsa konokono di tlhomologile? A ruri ke dirile gore Dikwalo e nne tsone motheo wa puo ya me? A ntlha nngwe le nngwe ya konokono e kgona go mphetisetsa kwa go e e latelang kwantle ga mathata? A puo eno e dira gore batho ba anaanele Jehofa le dilo tse a re fileng tsone? A konelo ya yone e amana ka tlhamalalo le setlhogo sa yone, a e bontsha bareetsi se ba tshwanetseng go se dira, e bile a e ba tlhotlheletsa go se dira?’ Fa o ka araba dipotso tseno ka ee, he o siametse go “dira molemo ka kitso,” gore phuthego e solegelwe molemo le gore Jehofa a bakwe!—Dia. 15:2.

FA PUO YA GAGO E TLILE GO RANOLWA

Gantsi go a bo go na le dipuo di le dintsi mo nageng e le nngwe, ka jalo dibui tsa phatlalatsa di ka nna tsa kopiwa gore di neele dipuo tsa Baebele di ranolwa. Fa o kopiwa go neela puo ka tsela eno, dikaelo tse di latelang di tla go thusa wena le moranodi wa gago.

  • Gore puo ya gago e neelwe ka tsela e e atlegileng go tla ikaega go ya selekanyong se se rileng ka tiro ya moranodi. Tota le motho yo o nang le maitemogelo mo go ranoleng o tla dira botoka thata fa o mo thusa go ipaakanya.

  • Gantsi o tla tshwanelwa ke go fokotsa puo ya gago bobotlana ka karolo ya seraro go dira gore go nne le nako ya go e ranola. (Kwantle ga fa e ranolelwa mo puong ya diatla, ka gonne yone e ka kgona go ranolwa sebui se ntse se bua.)

  • Pele ga o ya go neela puo, tlotla ka aotlelaene ya puo ya gago le moranodi o bo o mmontshe gore boikaelelo jwa yone ke bofe. Fa kabelo ya gago e le puo e e balwang kwa kopanong ya kgaolo, dira gore moranodi a bone khopi go sa le gale.

  • Tlotla le moranodi ka ditemana tse o tlileng go di dirisa. Tlhomamisa gore Baebele ya gagwe e tlhagisa mogopolo o o tshwanang le o o tlhagisiwang ke Baebele ya gago. Bontsha moranodi gore ke mafoko afe a a mo ditemaneng a a tlileng go gatelelwa kgotsa go tlhalosiwa.

  • Buang gore a ditemana di tla balwa ka dipuo tsoopedi kgotsa ka e le nngwe fela. Go ka nna ga bo go lekane go bala fela ka puo e go ranolelwang mo go yone.

  • Go nna o bitsa matlha, dipalo le ditemana ka bonako go ka nna ga baka mathata. Kgwa mowa ka tsela e e tla thusang moranodi, e bile go ka nna molemo fa o dirisa dipalo tse di akaretsang fa o kaya dipalopalo tsa dilo.

  • Tlotlang ka ditshwantsho dipe tse di tla dirisiwang, diane le mafoko a a sa tlwaelegang a o tlileng go a dirisa. Tlhomamisa gore moranodi wa gago o a di tlhaloganya le gore go a kgonega go tlhagisa mogopolo o o tshwanang mo puong e a ranolelang mo go yone.

  • Fa o bua, dirisa dipolelo tse dikhutshwane. Bua dikgopolo ka botlalo pele ga o kgwa mowa gore moranodi a bue. (O ranola dikgopolo, e seng mafoko ka boone.) Fa moranodi a bua morago ga gago, mo letle a fetse pele ga o tswelela.

  • Moranodi o tlhoka gore o buele kwa godimo sentle o bo o bitse mafoko ka tsela e e utlwalang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela