THUTO 25
Go Dirisa Aotlelaene
BATHO ba le bantsi ba a tshoga fa ba akanya gore ba tlile go bua ba dirisa aotlelaene. Ba ikutlwa ba na le go itshepa fa sengwe le sengwe se ba tlileng go se bua se kwadilwe mo pampiring kgotsa ba se tshwere ka tlhogo.
Le fa go ntse jalo, totatota, letsatsi le letsatsi rotlhe re bua re sa bale mo pampiring. Fa re tlotla le ba lelapa le ditsala ga re kwale fa fatshe se re se buang. Fa re le mo bodireding jwa tshimo ga re kwale fa fatshe se re se buang. Gape fa re rapela go tswa pelong, e ka ne re ithapelela kgotsa re rapelela setlhopha ga re kwale fa fatshe se re se buang.
Fa o neela puo, a go na le pharologanyo nngwe fa o neela puo e e balwang kgotsa o dirisa aotlelaene? Le fa go bala puo fela jaaka e ntse go ka thusa motho gore a bue dilo fela jaaka di ntse, a sa fose sepe e bile go ka mo thusa go dirisa mafoko a a tshwanetseng, ga go fitlhelele dipelo tsa bareetsi go le kalo. Fa o bala diele di le mmalwa, gantsi o tla bua ka lebelo le mokgwa o o sa tshwaneng le o o o dirisang fa o itlotlela fela. Fa o lebile thata mo pampiring e o kwaletseng dintlha mo go yone go na le go leba bareetsi, ba le bantsi ga ba ne ba reetsa ka kelotlhoko jaaka ba ne ba tla reetsa fa ba ne ba utlwa gore tota o akantse ka bone e bile o dira gore puo ya gago e tshwanele maemo a bone. Puo e e sa balweng lefoko ka lefoko ke yone e e molemo thata e ruri e tlhotlheletsang bareetsi.
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se diretswe go re thusa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Fa re kopana le ditsala, ga re ntshe pampiri re bo re ba balela se re batlang go se bua le bone go tlhomamisa gore re rulaganya mafoko a rona sentle. Fa re le mo tirelong ya tshimo, ga re tsamaye ka pampiri e re tlileng go e bala ka gonne re tshaba gore re ka nna ra lebala dintlha tse re batlang go di bua le batho. Fa o dira pontsho mo sekolong ya go neela bosupi mo maemong a a ntseng jalo, itlwaetse go bua ka mokgwa wa gago wa tlholego ka moo o ka kgonang ka gone. Fa o baakanyeditse sentle, o tla fitlhela gore gantsi aotlelaene, e ka ne e le mo mogopolong kana o e kwadile fa fatshe, e go gakolola fela dintlhakgolo tse o batlang go di tlotla. Mme o ka dira jang gore o nne le bokgoni jwa go e dirisa o sa tshoge sepe?
Rulaganya Dintlha Tsa Gago. O tshwanetse go rulaganya dintlha tsa gago gore o kgone go dirisa aotlelaene fa o neela puo. Seno ga se bolele go tlhopha mafoko a o rulaganyetsang go a dirisa. Go bolela fela go akanya pele o bua.
Mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi, motho yo o mafega a ka nna a iphitlhela a bua dilo dingwe ka go phantsha fela tse moragonyana a tla eletsang e kete a ka bo a sa di bua. Motho yo mongwe ene a ka nna a bua fela a sa utlwale gore o batla go reng, a tlolatlola go tswa mo ntlheng e nngwe go ya kwa go e nngwe. Mekgwa e mebedi eno e ka kgona go fenngwa ka katlego ka gore motho a kgwe moya go le gonnye a bo a itirela aotlelaene e e sa raraanang mo mogopolong pele a simolola go bua. Santlha, akanya ka mokgele wa gago, go tswa foo, tlhopha dikgato tse o tshwanetseng go di tsaya gore o o fitlhelele mme o bo o simolola go bua.
A o baakanyetsa tirelo ya tshimo? Iphe nako e seng ya go rulaganya kgetsana ya gago ya go neela bosupi fela mme gape iphe nako ya go rulaganya dintlha tsa gago. Fa e le gore o swetsa ka gore o dirise nngwe ya dipuisano tse di akantshitsweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi, e bale makgetlo a le mmalwa gore o tsenye dintlhakgolo tsa yone mo mogopolong. Tlhalosa ntlhakgolo ya yone ka seele se le sengwe kgotsa di le pedi fela tse dikhutshwane. Fetola mafoko a teng gore a tsamaisane le botho jwa gago o bo o dire gore a tshwanele maemo a tshimo ya lona. O tla go fitlhela go thusa go nna le aotlelaene e o e itiretseng mo mogopolong. E ka akaretsa eng? (1) Mo matsenong a gago, o ka nna wa umaka sengwe se se tshwenyang batho ba le bantsi mo lefelong la lona. Kopa mong wa ntlo gore a akgele. (2) Akanya ka ntlha nngwe e e rileng e o ka mmolelelang yone malebana le setlhogo seo, go akaretsa le temana e le nngwe kgotsa tse pedi tse di bontshang se Modimo a solofeditseng go se dira go baakanya dilo. Fa o na le nako, gatelela gore Jehofa o tla dira seno ka Bogosi jwa gagwe, e leng goromente wa gagwe wa selegodimo. (3) Kgothaletsa motho yono gore a dire sengwe ka se o se tlotlileng le ene. O ka nna wa mo tsamaisetsa kgatiso nngwe le/kgotsa wa akantsha go mo tshwarela thuto ya Baebele le go rulaganya nako e lo tla tsweletsang motlotlo wa lona ka yone.
Aotlelaene e le nngwe fela e o tla e tlhokang mo puisanong e e ntseng jalo ke e e mo mogopolong wa gago. Fa e le gore o batla go dirisa aotlelaene e o e kwadileng pele o ya go dira maeto a gago a ntlha, ga go na pelaelo gore aotlelaene eo e tla bo e na le mafoko a sekae fela a o tla a dirisang mo matsenong a gago, temana e le nngwe kgotsa di le pedi fela, le dintlha di sekae fela tsa se o batlang go konela ka sone. Go baakanyetsa aotlelaene e e ntseng jalo le go e dirisa go dira gore re se ka ra bua fela re sa utlwale gore re batla go reng, go re thusa go tlogelela motho molaetsa o o utlwalang sentle o a tla o gakologelwang motlhofo.
Fa e le gore gantsi go tsoga potso nngwe kgotsa kganetso nngwe mo tshimong ya lona, o ka nna wa go fitlhela go thusa go dira patlisiso ka yone. Gantsi, se o se tlhokang ke dintlha di le pedi kgotsa di le tharo fela tsa konokono mmogo le ditemana tse di tshegetsang dintlha tseo. “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano” kgotsa ditlhogwana tse di kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo di ka nna tsa go naya yone aotlelaene e o e tlhokang. O ka nna wa bona dintlha dingwe tse di molemo thata tse di nopotsweng mo bukeng nngwe tse o batlang go di akaretsa. Ikwalele aotlelaene e khutshwanyane o tsenye le nopolonyana e o e tsereng mo bukeng eo mme o di beye mmogo le dilo tse o di dirisang kwa tirelong ya tshimo. Fa mong wa ntlo a botsa potso nngwe kgotsa a ganetsa, mo itsise gore o ka rata go bona sebaka sa go tlhalosa lebaka la se o se dumelang. (1 Pet. 3:15) Dirisa aotlelaene eo fa o araba.
Fa e le gore o tlile go emela lelapa la gaeno, setlhopha sa thuto ya buka kgotsa phuthego ka thapelo, le teng moo go molemo gore o rulaganye dintlha tsa gago. Go ya ka Luke 11:2-4, Jesu o ile a naya barutwa ba gagwe aotlelaene e e sa raraanang ya thapelo e e nang le bokao. Fa go ne go kgakolwa tempele kwa Jerusalema, Solomone o ne a rapela thapelo e telele. Go phepafetse gore o ile a akanya ka thapelo eo go sa le gale. O ne a bua pele ka Jehofa le tsholofetso ya Gagwe e a neng a e solofetsa Dafide; morago ga moo a bua ka tempele; go tswa foo, a bua ka maemo a a farologaneng le ka ditlhopha tse di farologaneng tsa batho, sengwe le sengwe ka nako ya sone. (1 Dikg. 8:22-53) Dikai tseno di ka re solegela molemo.
Boloka Aotlelaene ya Gago ya Puo e le Motlhofo. A aotlelaene ya gago o e diretse gore o neele puo ka yone? E tshwanetse go nna le dintlha di le kana kang?
Gakologelwa gore boikaelelo jwa aotlelaene ke go go thusa go gakologelwa dintlha tsa gago. O ka nna wa akanya gore go tla nna molemo go kwala diele di le mmalwa fela go nna matseno a gago. Mme morago ga moo, akanya ka dintlha, e seng ka mafoko. Fa o kwala dintlha tseo gore e nne diele, dirisa diele tse dikhutshwane. Dintlha di le mmalwa tsa konokono tse o ikaeletseng go di tlotla di tshwanetse go tlhomologa sentle mo aotlelaeneng ya gago. O ka kgona go dira gore di tlhomologe ka go di kwala ka ditlhaka tse dikgolo, ka go di thalela kgotsa go di tshwaya ka pene ya mmala o sele. Ka fa tlase ga ntlha nngwe le nngwe ya konokono, kwala dintlha tse o batlang go di dirisa fa o neela puo. Umaka dikwalo tse o ikaeletseng go di bala. Gantsi go molemo gore o bale ka tlhamalalo go tswa mo Baebeleng. Kwala ditshwantsho tse o batlang go di dirisa. Gape o ka nna wa bo o na le dinopolo dingwe tse di botlhokwa go tswa mo dibukeng tsa lefatshe tse di tshwanelang go dirisiwa. Dira gore dintlha tsa gago di nne le tshedimosetso e e lekaneng gore e go neye dintlha tse di rileng tse o ka tlotlang ka tsone. Go tla nna motlhofo go dirisa aotlelaene fa e sa tlalatlala ka dilo tse dintsi.
Bangwe ba dirisa diaotlelaene tse di nang le dintlha tsa konokono fela. Aotlelaene e ka nna le mafoko a le mmalwa fela a konokono, ditemana tse di kwadilweng tse sebui se tla di buang fela ka tlhogo, le ditshwantsho dingwe tse sebui se di tshwantshitseng tse di mo thusang go gakologelwa dintlha. Fa dintlha di le motlhofo ka tsela eno, sebui se kgona go tlotla dintlha tsa sone ka tsela e e lomaganang sentle le ka mokgwa wa go tlotla. Seo ke jone boikaelelo jo bogolo jwa thuto eno.
Mo go ditsebe 39 go ya go 42 tsa buka eno, o tla fitlhela go na le motlotlo wa setlhogo se se reng “Go Dira Aotlelaene.” Go bala dintlha tseo fa o berekela mo setlhogong seno se se reng “Go Dirisa Aotlelaene” go tla go thusa thata.
Tsela ya go Dirisa Aotlelaene. Le fa go ntse jalo, mo nakong eno, mokgele wa gago ga se fela go baakanyetsa puo ya gago go e dira aotlelaene. Ke go dirisa aotlelaene ka tsela e e molemo.
Kgato ya ntlha ya go dirisa aotlelaene ya gago ke go baakanyetsa gore o neele puo. Leba setlhogo, bala ntlha nngwe le nngwe ya konokono o bo o lebe gore e amana jang le setlhogo. Kwala gore ntlha nngwe le nngwe ya konokono e ka tlhalosiwa lobaka lo lo kana kang. Jaanong boela morago o ye go ithuta ntlha ya ntlha ya konokono. Boeletsa mabaka, ditemana, ditshwantsho le dikai tse o ikaeletseng go di dirisa go tlotla ka ntlha eo. Boeletsa dintlha tseo makgetlo a le mmalwa go fitlha karolo eo ya puo e tsena sentle mo mogopolong wa gago. Dira jalo le ka dintlha tse dingwe tsa konokono. Akanya ka dintlha tse o ka di ntshang fa go tlhokega, gore o tle o fetse ka nako. Morago ga moo boeletsa puo yotlhe. Tlhoma mogopolo mo dintlheng ka botsone, e seng mo mafokong. O se ka wa tshwara puo ka tlhogo.
Fa o neela puo, o tshwanetse go kgona go leba bareetsi ba gago sentle. Fa o sena go bala temana, gantsi o tshwanetse gore o kgone go e tlhalosa o dirisa Baebele o sa lebe dintlha tse o di kwadileng. Ka tsela e e tshwanang, fa o dirisa setshwantsho, se bolele fela jaaka o ne o ka se bolelela ditsala o sa se bale. Fa o ntse o bua, o se ka wa leba dintlha tsa gago go leba seele sengwe le sengwe. Bua go tswa pelong, mme o tla fitlhelela dipelo tsa ba ba go reeditseng.
Fa o setse o na le bokgoni jwa go bua o dirisa aotlelaene, o tla bo o dirile kgatelopele e e botlhokwa thata ya go nna sebui sa phatlalatsa se se molemo.