Go Dira Aotlelaene
BATHO ba le bantsi fa ba abetswe go neela puo, ba tsaya matsapa a go kwalolola sengwe le sengwe, go simolola ka matseno ba bo ba ye go fitlha le kwa konelong ya yone. Pele ga ba wetsa puo eno, ba ka nna ba bo ba ile ba kwalakwala dipampitshana di le mmalwa. Tsela eno ya go baakanyetsa e ka nna ya tsaya diura di le dintsi thata.
A ke tsela e o baakanyetsang dipuo tsa gago ka yone? A o ka rata go ithuta tsela e e motlhofonyana? Fa o ithuta tsela ya go baakanyetsa aotlelaene, ga o na go tlhola o tshwanelwa ke go kwalolola sengwe le sengwe. Seno se tla go naya nako e e oketsegileng ya gore o ikatisetse go neela puo eno. Ka go dira jalo ga go na go nna motlhofo fela go neela dipuo tsa gago mme gape bareetsi ba tla itumelela go di reetsa e bile di tla ba tlhotlheletsa go tsaya kgato.
Gone ee, fa e le dipuo tsa phatlalatsa tse di neelwang mo phuthegong, go na le aotlelaene e e rulagantsweng. Le fa go ntse jalo, ga go a nna jalo ka dipuo tse dingwe tse dintsi. O ka nna wa abelwa fela kgang kgotsa setlhogo gore o tlotle ka sone. Kgotsa o ka nna wa kopiwa gore o tlotle ka setlhogo sengwe se se gatisitsweng. Ka dinako tse dingwe o ka nna wa newa fela ditaelo di sekae. Mo dikabelong tseno tsotlhe, o tshwanetse go itirela aotlelaene ya gago.
Sekai se se mo tsebeng 41 se tla go bontsha gore aotlelaene e khutshwanyane e ka rulaganngwa jang. Ela tlhoko gore ntlha nngwe le nngwe ya konokono e simolola kwa thokothoko mo molemeng e bile e kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo. Mo tlase ga ntlha nngwe le nngwe ya konokono, go kwadilwe dintlha tse di e tshegetsang. Dintlha tse dingwe tse di tlileng go dirisiwa go godisa tse di kafa tlase ga tsa konokono di kwadilwe mo tlase ga tsone e bile di tsene kwa tengnyana fa di bapisiwa le tse di fa godimo ga tsone. Tlhatlhoba aotlelaene eno ka kelotlhoko. Tlhokomela gore dintlha tse pedi tsa konokono di amana ka tlhamalalo le setlhogo. Gape, ela tlhoko gore dintlha tse di kafa tlase ga tsone ga se dintlha tse di tsentsweng fela ka gonne di kgatlha. Go na le moo, nngwe le nngwe e tshegetsa ntlha ya konokono e e leng mo tlase ga yone.
Fa o baakanyetsa aotlelaene, e ka nna ya se ka ya tshwana kgo le sekai seno. Mme fa o lemoga melaometheo e e dirisiwang mono, e tla go thusa gore o rulaganye dintlha tsa gago o bo o baakanyetse puo e e molemo mo nakong e khutshwanyane. O tshwanetse go simolola jang?
Sekaseka, Tlhopha, O bo O Rulaganye
O tlhoka setlhogo. Setlhogo sa gago ga se kgang fela e e tshwanang le e e ka tlhalosiwang ka lefoko le le lengwe. Ke kgopolo ya konokono e o batlang go e tlhalosetsa ba bangwe, e bile e bontsha gore o batla go tlotla kgang ya gago o kobisitse kae. Fa o abetswe setlhogo, sekaseka lefoko lengwe le lengwe la konokono ka kelotlhoko. Fa o tlile go baakanyetsa setlhogo sengwe se o se abetsweng o dirisa dintlha dingwe tse di gatisitsweng, ithute dintlha tseo o akantse ka setlhogo seo. Fa o abetswe kgang fela gore o tlotle ka yone, he ke wena o tshwanetseng go itlhophela setlhogo. Le fa go ntse jalo, pele ga o dira jalo, o ka go fitlhela go thusa go dira patlisiso. Fa o boloka mogopolo wa gago o bulegetse go amogela megopolo e mengwe, gantsi o tla amogela dikgopolo tse disha.
Fa o ntse o tsaya dikgato tseno, nna o ipotse dipotso tseno: ‘Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore bareetsi ba me ba utlwe dintlha tseno? Boikaelelobogolo jwa me ke bofe?’ Ga ya tshwanela go nna fela go ba tlotlela dintlha tseno kgotsa go neela puo e e tshegisang, mme e tshwanetse ya nna go dira sengwe se se tla solegelang bareetsi ba gago molemo. Fa o simolola go lemoga boikaelelobogolo jwa gago, bo kwale fa fatshe. Fa o ntse o baakanyetsa, nna o ikgakolole jone.
Fa o sena go bona boikaelelobogolo jwa gago e bile o tlhophile setlhogo se se tsamaisanang le jone (kana o sena go tlhatlhoba go bona gore setlhogo se o se abetsweng se nyalana jang le boikaelelobogolo jwa gago), o ka simolola go dira patlisiso o kobisitse mo go seo. Batla dintlha tse di tla tswelang bareetsi ba gago molemo. O se ka wa tsaya dintlha dingwe le dingwe fela, mme senka dintlha tse di maleba tse di rutang e bile di thusa fela thata. O se ka wa feteletsa dilo fa o dira patlisiso. Gantsi go ise go ye kae, o tla bo o na le dintlha tse dintsi thata go feta tse o ka di dirisang, ka jalo o tla tshwanelwa ke go tlhopha tse di tshwanelang.
Leba gore ke dintlha dife tsa konokono tse o tshwanetseng go tlotla ka tsone gore o tlhalose setlhogo sa gago le gore o fitlhelele boikaelelobogolo jwa gago. Tseno e tla nna dintlha tse o tla di dirisang go baakanyetsa setlhogo sa gago, aotlelaene e o berekelang mo go yone. Go tshwanetse ga nna le dintlha di le kae tsa konokono? Gongwe di le pedi di ka lekana mo puong e khutshwane, mme gantsi di le tlhano di lekane le mo puong e e boleele jwa ura. Fa dintlha tsa gago tsa konokono di se dintsi thata, bareetsi ba gago ba tla di gakologelwa.
Fa o setse o na le setlhogo sa gago le dintlha tsa gago tsa konokono, rulaganya dintlha tse o di batlisisitseng. Bona gore ke dife tse di amanang ka tlhamalalo le dintlha tsa gago tsa konokono. Tlhopha dintlha tse di tla dirang gore puo ya gago e utlwale e le ntšha. Fa o tlhopha ditemana tse di tla tshegetsang dintlha tsa konokono, ela tlhoko dikgopolo tse di tla go thusang go tlhalosa ditemana tseo ka tsela e e utlwalang. Baya ntlha nngwe le nngwe mo tlase ga ntlha ya konokono e e tshwanetseng ya nna mo tlase ga yone. Fa tshedimosetso nngwe e sa nyalane le epe ya dintlha tsa gago tsa konokono, e latlhe—tota le fa e kgatlha jang—kana e beye mo faeleng gore o e dirise ka nako e nngwe. Dirisa fela dintlha tse di tshwanelang sentle. Fa o leka go tlhalosa dintlha tse dintsi thata, o tla tshwanelwa ke go bua ka bonako thata mme ga o na go tlhalosa dilo sentle. Go botoka go tlhalosetsa bareetsi dintlha di sekae tse di molemo tota mme o di tlhalosa sentle. O se ka wa bua go feta nako e o e beetsweng.
Fa o fitlha fano, fa e le gore ga o ise o dire jalo, rulaganya dintlha tsa gago ka tatelano ya tsone. Mokwadi wa Efangele e bong Luke o ne a dira jalo. E ne ya re fa a sena go kgobokanya dintlha tse dintsintsi tse di amanang le kgang ya gagwe, o ne a di rulaganya “ka tatelano.” (Luke 1:3) O ka nna wa rulaganya dintlha tsa gago go ya ka dinako tsa tsone kgotsa go ya ka ditlhogo tsa tsone, gongwe go ya ka tiragalo le seo e se bakileng kgotsa go ya ka bothata le tharabololo ya jone, go ikaegile ka gore ke eng se se tla kgonang go fitlhelela boikaelelobogolo jwa gago ka tsela e e molemolemo. Ga wa tshwanela go tswa mo ntlheng e nngwe o tlolela kwa go e nngwe ka tsela e e sa lomaganeng. Bareetsi ba gago ba tshwanetse go kaelwa ka tsela e e motlhofo go tswa mo ntlheng e nngwe go ya kwa go e nngwe, go se na diphatlha tse di sa kgoneng go tswalega motlhofo. Bosupi jo o bo neelang bo tshwanetse go kaela bareetsi kwa ditshwetsong tse di utlwalang. Fa o ntse o rulaganya dintlha tsa gago, ipotse gore puo eno e tlile go utlwala jang mo bareetsing ba gago. A ba tla kgona go tsamaisana le wena sentle fa o ntse o tlhalosa? A ba tla tlhotlheletsega go dira se ba se utlwang, tumalanong le boikaelelobogolo jo o batlang go bo fitlhelela?
Morago ga moo, baakanyetsa matseno a a tla dirang gore bareetsi ba kgatlhegele kgang ya gago le a a ba bontshang gore se o tlileng go se tlotla le bone se botlhokwa thata mo go bone. Go ka thusa go kwala dipolelo di sekae tse o tla simololang ka tsone. Sa bofelo, rulaganya konelo e e tlhotlheletsang e e tsamaisanang le boikaelelobogolo jwa gago.
Fa o baakanyetsa aotlelaene ya gago go sa le gale, o tla nna le nako ya go e tokafatsa pele ga o e neela. O ka nna wa bona go tlhokega go tshegetsa dintlha dingwe ka dipalo di le mmalwa, setshwantsho, kgotsa boitemogelo. Go umaka tiragalo nngwe e e diragetseng bosheng kgotsa sengwe se se amang batho ba lefelo le o leng mo go lone go ka nna ga thusa bareetsi ba gago go bona ka bonako gore dintlha tseno di a ba ama. Fa o ntse o boeletsa puo ya gago, o ka nna wa lemoga ditshono dingwe tsa go fetola tshedimosetso ya gago gore e siamele bareetsi ba gago. Mokgwa wa go sekaseka le go tokafatsa puo o botlhokwa go dira gore dintlha tse di molemo di fetoge go nna puo e e nang le matswela.
Dibui dingwe di ka nna tsa tlhoka go kwala dintlha tse dintsinyana go feta tse dingwe. Mme fa o rulaganya dintlha tsa gago ka dintlha di sekae fela tsa konokono, o tlosa tse tota di sa tshegetseng dintlha tsa konokono, mme o rulaganya dintlha tsa gago ka tatelano ya tsone, o tla fitlhela gore fa o ntse o nna le maitemogelo a a oketsegileng, ga o na o tlhola o tshwanelwa ke go kwalolola sengwe le sengwe. A bo seo se tlile go go bolokela nako e ntsi jang ne! Mme le boleng jwa dipuo tsa gago bo tla tokafala. Go tla bonala gore e le ruri o solegelwa molemo ke thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.