LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 37 ts. 212-ts. 214 ser. 5
  • Go Dirilwe Gore Dintlha Tsa Konokono di Tlhomologe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dirilwe Gore Dintlha Tsa Konokono di Tlhomologe
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhomolola Dintlha Tsa Botlhokwa
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Go Dira Aotlelaene
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Boeletsa Dintlha Tsa Botlhokwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Go Dirisa Dintlha Tse o di Abetsweng
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 37 ts. 212-ts. 214 ser. 5

THUTO 37

Go Dirilwe Gore Dintlha Tsa Konokono di Tlhomologe

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Rulaganya dintlha tsa gago o bo o di neele ka tsela e e tla dirang gore bareetsi ba lemoge dintlha tsa konokono ka tsela e e kgethegileng.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Go thusa bareetsi go gakologelwa dintlha, mme ka tsela eo ba kgona go tlhatlhanya ka tsone le go di dirisa.

DINTLHA tsa konokono ke dife mo puong? Ga se dintlha fela tse di tshegisang tse di buiwang go fetwa fela. Ke dikgopolo tse di botlhokwa tse di tlhalosiwang ka botlalo. Ke dikgopolo tse go leng botlhokwa thata gore o nne le tsone gore o fitlhelele boikaelelo jwa gago.

Selo se segolo se se tla go thusang go tlhomolola dintlha tsa konokono ke gore o tlhophe o bo o rulaganye dintlha tsa puo ya gago ka botlhale. Go dira dipatlisiso ka puo gantsi go dira gore o nne le tshedimosetso e ntsi go feta e o ka e dirisang. O ka dira jang gore o bone tshedimosetso e o ka e dirisang?

Sa ntlha, akanya ka bareetsi ba gago. A ba le bantsi ba bone ba ka tswa ba sa tlwaelana le setlhogo sa gago, kgotsa a ba tlwaelane sentle le sone? A bontsi jwa bone bo dumalana le se Baebele e se buang ka setlhogo seo, kgotsa a gongwe bangwe ga ba dumalane le sone? Ba lebana le dikgwetlho tsa mofuta ofe mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi fa ba leka go dirisa se Baebele e se buang ka kgang eo? Sa bobedi, tlhomamisa gore o kgona go bona sentle mo mogopolong wa gago boikaelelo jwa go bua le bareetsi bano ka setlhogo se o rulaganyang go bua le bone ka sone. O dirisa dintlha tseno tse pedi, tlhatlhoba dintlha tsa gago tsa puo mme o boloke fela tse di tshwanelang sentle.

Fa e le gore o neilwe aotlelaene e e nang le setlhogo le dintlha tsa konokono, o tshwanetse go kgomarela tsone. Le fa go ntse jalo, se o tlileng go se bua se tlile go utlwala botoka fa o gakologelwa dintlha tse di fa godimo fa o ntse o tlhalosa ntlha nngwe le nngwe ya konokono. Fa o sa newa aotlelaene, ke wena o tshwanetseng go itlhophela dintlha tsa konokono.

Fa o setse o itse dintlha tsa gago tsa konokono sentle e bile o rulagantse dintlha tse di tlang mo tlase ga tsone, go tla nna motlhofo go neela puo. Mme gape le bareetsi ba gago ba ka solegelwa molemo thata ke yone.

Ditsela Tse di Farologaneng Tsa go Rulaganya Dintlha Tsa Gago Tsa Puo. O ka dirisa mekgwa e e farologaneng fa o rulaganya mmele wa puo ya gago. Fa o tlwaelana le yone, o tla fitlhela gore e le mmalwa ya yone e ka nna le matswela a a molemo go ikaegile ka boikaelelo jwa gago.

Mokgwa mongwe o o kgonang go fetofetoga motlhofo ke wa go kgaoganya dintlha go ya ka ditlhogo tsa tsone. (Ntlha nngwe le nngwe ya konokono e a tlhokega ka gonne e thusa bareetsi ba gago go tlhaloganya setlhogo sentle kgotsa e go thusa go fitlhelela boikaelelo jwa puo ya gago.) Mokgwa o mongwe ke wa go rulaganya dintlha go ya ka go latelana ga tsone. (Ka sekai, o ka simolola ka go tlotla ka ditiragalo tsa pele ga Morwalela, mme morago ga moo o tlotle ka ditiragalo tsa pele ga Jerusalema e senngwa ka 70 C.E., e re go tswa foo o tsene mo ditiragalong tsa motlha wa rona.) Mokgwa wa boraro ke go tlotla ka tiragalo e e rileng le se se e bakileng. (Ono o ka dirisiwa ka tsela le fa e le efe. Ka sekai, o ka simolola ka boemo bongwe jo bo gone, tiragalo, go tswa foo o bo o bontsha se se bo bakileng.) Mokgwa wa bonè o akaretsa go tlhagisa dilo tse di ganetsanang. (O ka nna wa bontsha ka fa molemo le bosula kgotsa se se siameng le se se sa siamang di farologanang ka teng.) Ka dinako tse dingwe puo e ka nna le mokgwa o o fetang o le mongwe.

Fa Setefane a ne a pegwa ditatofatso tse e seng tsone fa pele ga Sanehederine ya Bajuda, o ne a neela puo e e maatla e e neng e dirisa mokgwa wa go tlhalosa ditiragalo go ya ka go latelana ga tsone. Fa o e bala mo go Ditiro 7:2-53, ela tlhoko gore tsela e a tlhophileng dintlha ka yone e bontsha boikaelelo jo a neng a batla go bo fitlhelela. Setefane o simolola ka go bontsha sentle gore o ne a bua ka hisitori e bareetsi ba gagwe ba neng ba ka se e ganetse. Go tswa foo o ne a bontsha gore le mororo Josefa a ne a latlhilwe ke bomogolowe, Modimo o ne a mo dirisa go ba golola. Morago ga moo, o ne a bontsha gore Bajuda ga ba a ka ba utlwa Moshe yo Modimo a neng a mo dirisa. O ne a konela ka go gatelela gore moya o Bajuda ba bogologolo ba neng ba o bontsha o ne gape o bontshiwa ke ba ba neng ba bolaya Jesu Keresete.

O se Ka wa Nna le Dintlha Tse Dintsi Thata Tsa Konokono. Go tlhokega dilo di sekae fela fa o tlhalosa setlhogo le fa e le sefe. Mo mabakeng a le mantsi e ka nna tse di ka tlatsang seatla fela. Go ntse jalo le fa o ka tswa o tlile go bua ka metsotso e le 5, e le 10, e le 30, kgotsa go feta. O se ka wa leka go dira gore go tlhomologe dintlha di le dintsi thata. Bareetsi ba gago ba ka kgona go tshwara dikgopolo di sekae fela tse di farologaneng mo puong e le nngwe. Fa puo e nna telelenyana, dintlha tsa konokono di tshwanetse go tlhomololwa ka tsela e e tlhageletseng le e e utlwalang sentle.

Le fa o ka tswa o na le dintlha tsa konokono di le dintsi go le kana kang, tlhomamisa gore o tlhalosa ntlha nngwe le nngwe ka botlalo. Naya bareetsi nako e e lekaneng ya go tlhatlhoba ntlha nngwe le nngwe gore e nwelelele tota mo megopolong ya bone.

Puo ya gago ga e a tshwanela go utlwala e raraane thata. Ga se ka metlha seno se tla laolwang ke gore dintlha tse o tlileng go di neela di dintsi go le kana kang. Fa dikgopolo tsa gago di rulagantswe sentle mo tlase ga ditlhogwana di sekae fela tse dikgolo mme o di tlhalosa ka bongwe ka bongwe, go tla nna motlhofo go e tlhaloganya e bile bareetsi ga ba na go e lebala motlhofo.

Dira Gore Dintlha Tsa Gago Tsa Konokono di Tlhomologe. Fa dintlha tsa gago tsa puo di rulagane sentle, ga go kitla go nna thata go dira gore dintlha tsa gago tsa konokono di tlhagelele mo tseleng e o neelang puo ka yone.

Tsela e kgolo ya go dira gore dintlha tsa konokono di tlhomologe ke go tlhalosa dintlha tse di ntshang bosupi, ditemana le dintlha tse dingwe ka tsela e e tla dirang gore di lebise tlhokomelo mo ntlheng ya konokono di bo di e godise. Dintlha tse dingwe di tshwanetse go tlhalosa, di ntshe bosupi kgotsa di godise ntlha ya konokono. O se ka wa tsenya dikgopolo tse dingwe tse di sa amaneng le setlhogo sa gago fela ka gonne di tshegisa. Fa o tlhalosa dintlha tse dingwe, bontsha ka fa di golaganang ka gone le ntlha ya konokono e di e tshegetsang. O se ka wa di tlogelela bareetsi gore ba iponele gore ba di golaganya jang. O ka bontsha tsela e di golaganang ka yone ka go boeletsa mafoko a konokono a a tlhalosang kgopolo ya konokono kgotsa ka go dira gore nako le nako o boaboeletse se tota se bolelwang ke ntlha ya konokono.

Dibui dingwe di tlhomolola dintlha tsa konokono ka go di naya dinomoro. Le fa eno e le tsela nngwe ya go tlhomolola dintlha tsa konokono, go sa ntse go le botlhokwa go tlhopha dintlha tsa gago tsa konokono ka kelotlhoko le go di tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle.

O ka nna wa tlhopha go simolola ka go bolela ntlha ya gago ya konokono pele ga o ntsha dintlha tse di e tshegetsang. Seno se tla thusa bareetsi go lemoga mosola wa se o tlileng go se bua mme gape se tla gatelela ntlha eo ya konokono mo megopolong ya bone. O ka nna wa gatelela ntlha eo gape ka go e sobokanya fa o sena go e tlhalosa sentle.

Mo Bodireding Jwa Tshimo. Melaometheo e go tlotliwang ka yone fa godimo ga e dire fela mo dipuong tse di neelwang mo phuthegong mme gape e ka dirisiwa fa o tlotla le batho mo bodireding jwa tshimo. Fa o baakanyetsa, akanyetsa boemo le fa e le bofe jo bogolo jo batho ba ba mo karolong ya lona ba akantseng ka jone. Tlhopha setlhogo se se tla dirang gore o kgone go bontsha kafa tsholofelo e Baebele e re nayang yone e tla rarabololang boemo joo ka gone. Gongwe o ka tlhopha dintlha tse pedi tsa konokono go tlhalosa setlhogo seo. Bona gore ke ditemana dife tse o ka di dirisang go tshegetsa dintlha tseo. Go tswa foo rulaganya gore o tla simolola motlotlo wa gago jang. Go baakanyetsa ka tsela eno go dira gore o kgone go fetofetoga le maemo go ya kafa go tlhokegang ka gone. Gape go go thusa go bua sengwe se beng ba matlo ba tla se gakologelwang.

KAFA O KA GO DIRANG KA GONE

  • Pele ga o tlhopha dintlha tsa konokono, sekaseka se bareetsi ba gago ba se itseng ka setlhogo seo o bo o bone gore boikaelelo jwa gago e tla nna bofe. Rulaganya dintlha tsa gago tsa puo o akantse ka dilo tseno.

  • Bontsha sentle kafa dintlha tse di ntshang bosupi, ditemana, le dintlha tse dingwe le dikgopolo tsa konokono tse di di tshegetsang, di golaganang ka teng.

  • Dira gore go lemogwe ntlha nngwe le nngwe ya konokono. Seno se ka dirwa ka go di naya dinomoro, ka go bolela ntlha nngwe le nngwe ya konokono pele ga o neela dintlha tse di e tshegetsang, kgotsa ka go boeletsa ntlha eno morago ga go e tlhalosa.

IKATISO: Boeletsa setlhogo sa Thuto ya beke eno ya Tora ya Tebelo. O dirisa ditlhogwana tse di kwadilweng ka mokwalo o mokima le dipotso tse di mo lebokosong le le rutang, leka go bona dintlha tsa konokono. Go ka nna ga go thusa thata go dira seno beke le beke.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela