KAKANTSHO YA GO ITHUTA
Boeletsa Dintlha Tsa Botlhokwa
A ka dinako dingwe go thata go gopola dilo tse o di ithutileng? Go re diragalela rotlhe! Ke eng se se ka go thusang? Boeletsa dintlha tsa botlhokwa.
Fa o ithuta, tla o ema gore o akanye ka se o se ithutileng. Seo ke se moaposetoloi Paulo a ileng a kgothaletsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba se dire. O ne a re: “Jaanong ntlha ya botlhokwa e re e buang ke eno.” (Baheb. 8:1) Fa a rialo, o ne a ba thusa go tlhaloganya se a se buang le gore se amana jang le dintlha tse a setseng a di buile.
Fa o sena go ithuta, dirisa metsotso e le lesome go akanya ka dintlha tsa botlhokwa tse o di ithutileng. Fa o sa di gopole sentle, leba ditlhogwana kgotsa bala mola wa ntlha wa serapa sengwe le sengwe go di ikgopotsa. Fa o ithutile sengwe se sesha, leka go se tlhalosa ka mafoko a gago. Go boeletsa dintlha tse o di ithutileng go tla go thusa gore o kgone go di gopola. Gape o tla kgona go lemoga gore o ka di dirisa jang mo botshelong.