LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 27 ts. 174-ts. 178 ser. 2
  • Go Neela Puo o sa Bale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Neela Puo o sa Bale
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirisa Aotlelaene
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Baakanyetsa Dipuo Tsa Phatlalatsa
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Nna Matlhagatlhaga
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Dira Aotlelaene
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 27 ts. 174-ts. 178 ser. 2

Thuto 27

Go Neela Puo o sa Bale

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Bua ka tsela e mafoko a o a dirisang a itlelang fela mme e le e e bontshang gore dintlha tsa gago di baakanyeditswe sentle.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Go neela puo o sa bale lefoko ka lefoko se se kwadilweng fa fatshe ke tsela e e molemo thata ya go dira gore bareetsi ba gago ba nne ba go reeditse le go ba tlhotlheletsa go tsaya kgato.

O KA tswa o dirile ka natla go baakanyetsa puo ya gago. O ka tswa o na le dintlha tse di rutang. Di ka tswa di utlwala sentle. O ka tswa o kgona go di neela sentle fela ka thelelo. Mme fa bareetsi ba gago ba sa go reetsa ka botlalo—ba reetsa fela dingwe tsa dilo tse o di buang ka gonne megopolo ya bone e tla e eta gangwe le gape—puo ya gago e tla nna le matswela go le kana kang? Fa ba sa kgone go tlhoma megopolo ya bone mo puong, a o tla kgona go fitlhelela dipelo tsa bone?

Bothata jono bo ka tswa bo bakwa ke eng? Bo ka tswa bo bakwa ke dilo di le mmalwa. Gantsi go dirwa ke go bo sebui se sa kgone go neela puo se sa bale se se kwadilweng fa fatshe. Ka mafoko a mangwe, sebui se leba dintlha tsa sone gantsi thata, kgotsa tsela e a neelang puo ka yone e utlwala e gagametse. Le fa go ntse jalo, mathata ano a amana le tsela e puo e baakanyeditsweng ka yone.

Fa o simolola pele ka go kwala puo ya gago o bo o leka go e dira aotlelaene morago ga moo, go ka direga thata gore o go fitlhele go le thata go e neela o sa e bale. Ka ntlha yang? Ka gonne o tlhophile mafoko a o batlang go a dirisa fela jaaka a ntse. Le fa o dirisa aotlelaene go neela puo eo, o tla bo o ntse o leka go gakologelwa mafoko a o neng o a dirisitse mo aotlelaeneng ya ntlha. Fa o kwadile selo fa fatshe, puo e e dirisiwang mo selong se se kwadilweng e gagametse thata e bile diele tsa sone e nna tse di raraaneng thata go feta fa e le puo e e ipuelwang fela ya letsatsi le letsatsi. Seo se tla utlwala mo puong ya gago fa o e neela.

Go na le gore o kwale puo yotlhe, leka ditsela tse di latelang: (1) Tlhopha setlhogo le dintlha tsa sone tsa konokono tse o tlileng go di dirisa fa o tlhalosa setlhogo seo. Fa e le puo e khutshwane, dintlha di le pedi fela tsa konokono di ka tswa di lekane. Puo e telele e ka nna ya nna le tse nnè kgotsa tse tlhano. (2) Kafa tlase ga ntlha nngwe le nngwe ya konokono, kwala ditemana tsa konokono tse o rulaganyetsang go di dirisa fa o e neela; gape, kwala ditshwantsho tse o tlileng go di dirisa le dintlha tsa konokono. (3) Akanya gore o tla simolola puo ya gago jang. Gongwe o ka nna wa ba wa kwala seele se le sengwe fela kgotsa tse pedi. Gape, rulaganya kafa o tla e konelang ka gone.

Go botlhokwa gore o baakanyetse tsela e o tlileng go neela puo eo ka yone. Mme o se ka wa e boaboeletsa o e bua lefoko ka lefoko ka boikaelelo jwa go e tshwara ka tlhogo. Fa o baakanyetsa puo e o tlileng go e neela o sa bale se se kwadilweng, o tshwanetse go tlhoma mogopolo thata mo dintlheng tse o tlileng go di tlotla e seng mo mafokong. O tshwanetse go boeletsa dintlha tseno gangwe le gape go fitlha di kgona go latelana sentle mo mogopolong wa gago. Fa e le gore o agile puo ya gago ka tsela e e utlwalang sentle e bile o e rulagantse sentle, ga o a tshwanela go nna le bothata e bile dintlha tsa yone di tshwanetse go itlela fela kwantle ga bothata bope fa o e neela.

Akanya ka Melemo ya Gone. Molemo o o botlhokwa wa go neela puo o sa bale ke gore o tla bo o bua ka tsela e e motlhofo e e tla dirang gore batho ba le bantsi ba amogele motlhofo se o se buang. Puo ya gago e tla nna e e tletseng botshelo le e e kgatlhang thata mo bareetsing ba gago.

Mokgwa ono wa go bua o dira gore o kgone go leba bareetsi ba gago lobaka lo loleelenyana, mme seno se tokafatsa tsela e o buisanang le bone ka yone. E re ka o sa tlhoke go leba dintlha tse o di kwadileng gore o bue lefoko lengwe le lengwe la seele sengwe le sengwe, bareetsi ba gago ba tla bona gore o itse kgang ya gago sentle le gore eleruri o dumela se o se buang. Ka jalo, puo e e neelwang ka tsela eno e nna e e botsalano, e e neelwang ka mokgwa wa go tlotla le e e neelwang go tswa pelong.

Go neela puo o sa bale se se kwadilweng gape go dira gore o kgone go fetofetoga le maemo. Dintlha tsa gago ga di kitla di gagamala thata mo e leng gore ga o ka ke wa kgona go di fetola. A re re mo mosong wa letsatsi le o tlileng go neela puo ka lone go nna le pego nngwe e e tlhomologileng ya dikgang e e amanang ka tlhamalalo le setlhogo sa gago. A go ne go se kitla go nna molemo go e umaka? Kgotsa gongwe fa o ntse o neetse puo, o lemoga gore mo gare ga bareetsi go na le bana ba le bantsi ba ba tsenang sekolo. A bo go tla bo go le molemo jang ne go fetola ditshwantsho tsa gago le thuto e di e rutang ka boikaelelo jwa go ba thusa go lemoga kafa kgang eno e amang matshelo a bone ka gone!

Molemo o mongwe wa go neela puo o sa bale se se kwadilweng ke gore e tlhotlheletsa mogopolo wa gago. Fa bareetsi ba gago e le batho ba ba anaanelang e bile ba reetsa, wena ka bowena o a tlhagafala mme o bo o tlhalosa dintlha tsa gago ka tsela e e tseneletseng kgotsa o tsaya nako go boeletsa dintlha dingwe gore o di gatelele. Fa o lemoga gore bareetsi ba felelwa ke kgatlhego, o ka tsaya dikgato tsa go rarabolola bothata joo go na le go bua fela le batho ba ba jesitseng megopolo nala.

Tila Dikotsi. Gape, o tshwanetse go lemoga gore go bua o sa bale se se kwadilweng le gone go na le dikotsi tsa gone. Nngwe ya dikotsi tseo ke go ja nako. Fa o tsenya dintlha di le dintsi tse di oketsegileng fa o ntse o neetse puo, o ka nna wa nna le bothata jwa nako. O ka kgona go baakanya bothata jono ka go kwala mo aotlelaeneng ya gago nako e e beetsweng karolo nngwe le nngwe ya puo. Morago ga moo ngaparela thulaganyo eo.

Kotsi e nngwe e gantsi dibui tse di nang le maitemogelo di nang le go nna le yone ke go itshepa thata. E re ka bangwe ba tlwaetse go bua phatlalatsa, ba ka nna ba go fitlhela e se bothata go tsenya dintlha tse dingwe tse di oketsegileng go tlatsa nako e e setseng. Le fa go ntse jalo, boikokobetso le go lemoga gore re na le seabe mo thulaganyong ya go ruta e Jehofa ka boene e leng Motlhatlheledi yo Mogolo mo go yone go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go rapela malebana le dikabelo tsa rona le go di baakanyetsa sentle.—Isa. 30:20; Bar. 12:6-8.

Gongwe selo se dibui di le dintsi tse di se nang maitemogelo di tshwenyegang thata ka sone fa di tlile go neela puo di sa bale se se kwadilweng ke gore di ka nna tsa lebala se di batlang go se bua. O se ka wa letla seo se go thibela go tsaya kgato eno e e molemo ya go nna sebui se se molemo. Baakanyetsa sentle mme o kope Jehofa gore a go thuse ka moya wa gagwe.—Joh. 14:26.

Dibui tse dingwe di tlogela go neela puo ka tsela eno ka gonne di tshwenyegile thata ka go dirisa mafoko a a rileng fela jaaka a ntse. Ke boammaaruri gore puo e e neelwang o sa bale se se kwadilweng e ka nna ya raya gore ga o dirise mafoko a a tlhophilweng ka bokgeleke le thutapuo e e siameng jaaka fa o neela puo e e balwang, mme go e neela ka mokgwa o montle wa go tlotla go tla dira gore seo se se ka sa bonala. Batho ba tlhaloganya motlhofo dintlha tse di buiwang ka mafoko a ba a tlhaloganyang motlhofo le ka diele tse di sa raraanang. Fa o baakanyetsa sentle, go rulaganya dipolelo ka tsela e e tshwanetseng go tla itlela fela, e se ka gonne o di tshwareletse ka tlhogo, mme e le ka gonne o ile wa boeletsa dintlha tsa gago sentle ka mo go lekaneng. Mme fa o dirisa puo e e siameng mo motlotlong wa gago wa letsatsi le letsatsi, e tla itlela fela fa o le mo seraleng.

Mofuta wa Aotlelaene E o Ka e Dirisang. Fa nako e ntse e tsamaya e bile o ntse o ikatisa, o ka kgona go fokotsa aotlelaene ya gago gore ntlha nngwe le nngwe ya puo ya gago e nne le mafoko a le mmalwanyana fela. O ka kwala mafoko ao mmogo le ditemana tse o rulaganyetsang go di dirisa mo karateng kgotsa mo pampiring gore o tle o di bone motlhofo. Fa o ya tirelong ya tshimo, gantsi o tla tshwarelela aotlelaene e e motlhofo fela ka tlhogo. Fa e le gore o dirile patlisiso ka kgang nngwe mo loetong lwa go boela, o ka nna wa kwala dintlhanyana di sekae fela mo pampiring e o e tsentseng mo Baebeleng ya gago. Kgotsa o ka nna wa dirisa aotlelaene e e mo go “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano” kgotsa dintlha tsa Go Fetolana ka Dikwalo go thaya motlotlo wa gago mo go tsone.

Le fa go ntse jalo, fa e le gore o abetswe go neela dipuo di le mmalwa tsa phuthego mo dibekeng di le mmalwa gongwe le go neela dipuo tsa phatlalatsa, o ka nna wa fitlhela gore o tlhoka go kwala dintlha di le dintsinyana. Ka ntlha yang? Gore o ikgopotse dintlha tseo pele o neela nngwe le nngwe ya dipuo tseo. Le teng moo, fa o leba aotlelaene ya gago thata gore o dirise mafoko a o a kwadileng ka nako ya fa o neetse puo—o leba mo e batlang e nna seele sengwe le sengwe nako le nako fa o bua—puo ya gago ga e kitla e nna le melemo e e nnang teng fa e neelwa e sa balwe. Fa o kwadile dintlha tse dintsi thata, di tshwaye gore o tle o kgone go leba fela mafoko a le mmalwa a a tlhomologileng le ditemana tse di umakilweng tse di bopang aotlelaene ya gago.

Le fa sebui se se nang le maitemogelo se tshwanetse gore gantsi se neele puo se sa bale se se kwadilweng, gape go ka nna le melemo mengwe ya go neela puo ka mekgwa e mengwe e sele. Mo matsenong le mo konelong, moo go leba bareetsi ka tsela e e molemo go tshwanetseng ga tsamaisana le mafoko a a nonofileng sentle a a tlhophilweng ka kelotlhoko, go ka thusa go tshwarelela dipolelo di le mmalwa ka tlhogo. Fa o tlotla ka ditiragalo dingwe, dipalo, mafoko a a nopotsweng kgotsa ditemana, go ka tshwanela go di bala jaaka di ntse e bile o ka kgona go dira seno ka mokgwa o o nang le matswela fela thata.

Fa ba Bangwe ba Batla go Tlhalosediwa. Ka dinako tse dingwe, re kopiwa gore re tlhalose dilo tse re di dumelang re sa nna le nako ya go di baakanyetsa go sa le gale. Seno se ka direga fa mongwe yo re kopanang le ene mo tirelong ya tshimo a re ganetsa. Go ka nna ga tsoga maemo a a tshwanang le ao fa re na le ba losika, kwa tirong kgotsa kwa sekolong. Badiredi ba puso le bone ba ka nna ba batla gore re tlhalose ditumelo tsa rona le tsela ya rona ya botshelo. Dikwalo di re kgothatsa jaana: “Ka metlha [lo iketleeletse] go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang lebaka la tsholofelo e e mo go lona, mme lo dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.”—1 Pet. 3:15.

Ela tlhoko kafa Petere le Johane ba neng ba araba Sanehederine ya Bajuda ka gone, jaaka go begilwe mo go Ditiro 4:19, 20. Ba ne ba tlhalosa boemo jwa bone ka phepafalo ka diele di le pedi fela. Ba ne ba dira jalo ka tsela e e neng e tshwanela bareetsi ba bone—ba bontsha gore kgang e e neng e ama baaposetoloi gape e ne e ama le kgotlatshekelo. Moragonyana, Setefane o ne a latofadiwa ka ditatofatso tsa maaka, mme a isiwa fa pele ga yone kgotlatshekelo eo. Bala karabo ya gagwe e a neng a e bua fela a sa e baakanyetsa mo go Ditiro 7:2-53. O ne a rulaganya dintlha tsa gagwe jang? O ne a tlhalosa ditiragalo ka go latelana ga tsone. Fa go neng go tshwanela gone, o ne a simolola go gatelela moya wa botsuolodi o o neng o bontshiwa ke setšhaba sa Iseraele. Fa a konela, o ne a bontsha gore Sanehederine e ne e bontshitse one moya oo ka go dira gore Morwa Modimo a bolawe.

Fa o bidiwa gore o tle go tlhalosa tumelo ya gago o sa ipaakanyetsa, ke eng se se ka go thusang go bua sentle? Etsa Nehemia, yo o neng a rapela ka tidimalo pele a araba potso e a neng a e boditswe ke Kgosi Aretaserese. (Neh. 2:4) Morago ga moo, itirele aotlelaene ka bonako mo mogopolong. O ka nna wa tlhomaganya dikgato tsa konokono jaana: (1) Tlhopha ntlha e le nngwe kana tse pedi tse tlhaloso ya gago e tshwanetseng ya nna le tsone (o ka nna wa tlhopha go dirisa dintlha tse di mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo). (2) Akanya gore ke ditemana dife tse o tla di dirisang go tshegetsa dintlha tseno. (3) Rulaganya gore o ka simolola tlhaloso ya gago jang ka botlhale gore motho yo o go boditseng potso a tle a batle go go reetsa. Morago ga moo simolola go bua.

A o tla gakologelwa se o tshwanetseng go se bua fa o le mo mathateng? Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela kaga gore lo tla bua jang kgotsa eng; gonne se lo tla se buang lo tla se newa ka nako eo; gonne ba ba buang ga se lona fela, mme ke moya wa ga Rraalona o o buang ka lona.” (Math. 10:19, 20) Seno ga se reye gore o tla nna le “puo ya botlhale” ka kgakgamatso e e neng ya newa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (1 Bakor. 12:8) Mme fa o dira gore ka metlha o amogele thuto e Jehofa a e nayang batlhanka ba gagwe mo phuthegong ya Bokeresete, moya o o boitshepo o tla dira gore o gakologelwe tshedimosetso e e tlhokegang ka nako ya fa o e tlhoka.—Isa. 50:4.

Ga go na pelaelo gore go neela puo o sa bale se se kwadilweng go ka nna le matswela. Fa o ikatisa ka metlha go e neela jalo fa o neela dipuo mo phuthegong, he ga go kitla go nna thata go araba dipotso o sa baakanyetsa, e re ka go dirisiwa mokgwa o o tshwanang fela. O se ka wa ikgogona. Go ithuta go bua o sa bale se se kwadilweng go tla go thusa go dira gore bodiredi jwa gago jwa tshimo bo nne le matswela thata. Mme fa o na le tshiamelo ya go neela dipuo mo phuthegong, ga go na pelaelo gore o tla gapa mogopolo wa bareetsi le go ama dipelo tsa bone.

KAFA O KA FITLHELELANG SENO KA GONE

  • Mo mogopolong wa gago gatelela melemo ya go neela puo o sa bale se se kwadilweng.

  • Go na le go kwala puo ya gago, dira aotlelaene e e sa raraanang.

  • Ipaakanyetse go e neela ka go boeletsa ntlha nngwe le nngwe ya konokono mo mogopolong wa gago. Go na le go tshwenyega thata ka mafoko, tlhoma mogopolo thata mo go neeleng dintlha ka tatelano e e utlwalang sentle.

IKATISO: (1) Fa o baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo, itlwaetse go gatelela dintlha tsa botlhokwa fela e seng diele tsotlhe. Araba ka mafoko a gago. (2) Fa o baakanyetsa puo ya gago e e latelang mo sekolong, simolola ka go bua setlhogo sa gago ka tlhogo le dintlha tsa konokono di le pedi kgotsa di le tharo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela