LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 7 ts. 105-ts. 106 ser. 1
  • Dintlha Tsa Konokono di Gateletswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dintlha Tsa Konokono di Gateletswe
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Gatelela Dintlha ka Tsela e e Tshwanetseng
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Baakanyetsa Dipuo Tse di Neelwang Phuthego
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Dirilwe Gore Dintlha Tsa Konokono di Tlhomologe
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ditemana di Badilwe ka go Gatelelwa Sentle
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 7 ts. 105-ts. 106 ser. 1

THUTO 7

Dintlha Tsa Konokono di Gateletswe

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Fa o balela kwa godimo, ka tsela e e kgethegileng gatelela dintlha tsa konokono, e seng diele fela, mo go se o se balang.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Batho ba tla gakologelwa molaetsa wa gago motlhofo fa dintlha tsa konokono di gateletswe.

MMADI yo o setswerere ga a tlhome mogopolo fela mo seeleng se a se balang, le fa e le mo serapeng se seele seo se leng mo go sone fela. Fa a bala, o nna a ntse a akantse ka dintlha tsa konokono tse di tshwerweng ke setlhogo sotlhe se a se balang. Seno ke sone se se mo kaelang gore a gatelele dintlha dife.

Fa a sa bale ka mokgwa ono, mooko wa se a se balang ga o kitla o tlhomologa. Ga go na sepe se se tla tlhomologang ka tsela e e utlwalang sentle. Fa a fetsa go bua, go ka nna ga nna thata go gakologelwa sepe fela se se tlhomologileng mo puong ya gagwe.

Fa go elwa tlhoko gore dintlha tsa konokono di gatelelwa ka tsela e e tshwanetseng, gantsi seno se ka tokafatsa thata tsela e pego e e balwang mo Baebeleng e utlwalang ka yone. Go gatelela dintlha ka tsela e e ntseng jalo go ka dira gore go balwa ga dirapa kwa thutong ya legae ya Baebele kgotsa mo pokanong ya phuthego go nne le bokao. Mme seno se botlhokwa bogolo jang fa go neelwa puo e e balwang, jaaka go a tle go dirwe mo dikopanong tsa rona tse dikgolo.

Kafa go ka Dirwang ka Gone. O ka nna wa abelwa go bala karolo nngwe ya Baebele mo sekolong. Ke eng se se tshwanetseng go gatelelwa? Fa e le gore go na le ntlha nngwe ya konokono kgotsa tiragalo nngwe e e botlhokwa e dintlha tse o di balang di remeletseng mo go yone, go tla nna molemo go dira gore e tlhomologe.

Le fa karolo e o e balang e ka tswa e kwadilwe ka tsela ya poko kgotsa ka tsela e e tlwaelegileng fela, e le diane kgotsa kanelo, bareetsi ba gago ba tla solegelwa molemo fa o e bala sentle. (2 Tim. 3:16, 17) Gore o dire jalo, o tshwanetse go akanya ka ditemana tse o tlileng go di bala le ka bareetsi ba gago.

Fa e le gore o tlile go balela kgatiso nngwe kwa godimo kwa thutong ya Baebele kgotsa kwa pokanong ya phuthego, ke dintlha dife tsa konokono tse o tshwanetseng go di gatelela? Tsaya dikarabo tsa dipotso tse di gatisitsweng e le tsone dintlha tsa konokono. Gape gatelela le dintlha tse di amanang le setlhogwana se se kwadilweng ka mokwalo o mokima se dintlha tseo di tlhagang ka fa tlase ga sone.

Go akantshiwa gore o se ka wa itlwaetsa go neela puo e e balwang fa o neela dipuo mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, go baakanyediwa dipuo tse di balwang gore di neelwe mo dikopanong tse dikgolo gore dintlha tse di tshwanang di neelwe ka tsela e e tshwanang mo dikopanong tsotlhe. Gore sebui se kgone go gatelela dintlha tsa konokono mo puong e e ntseng jalo e e balwang, se tshwanetse gore pele se sekaseke puo eo ka kelotlhoko. Dintlha tsa konokono ke dife? O tshwanetse gore a kgone go di lemoga. Dintlha tsa konokono ga se dikgopolo tse a akanyang gore di a kgatlha. Ke dintlha tsa konokono tse puo e remeletseng mo go tsone. Ka dinako tse dingwe, polelo nngwe e khutshwanyane ya kgopolo ya konokono mo puong e e balwang e isa mogopolo kwa kgannyeng nngwe e e anelwang kgotsa kwa tseleng nngwe ya go tlhalosa mabaka. Gantsi go umakiwa ntlha nngwe e e nonofileng fa bosupi jo bo tshegetsang kgang eo bo sena go tlhalosiwa. Fa sebui se sena go lemoga dintlha tseno tsa konokono, se tshwanetse go di tshwaya. Gantsi di nna mmalwa fela, gongwe di sa fete di le nnè kgotsa di le tlhano. Morago ga moo, o tshwanetse go itlwaetsa go bala ka tsela e e dirang gore bareetsi ba kgone go di lemoga motlhofo. Ke tsone mooko wa puo. Fa puo e badilwe go gatelelwa dintlha ka tsela e e tshwanetseng, go tla direga thata gore bareetsi ba gakologelwe dintlha tseno tsa konokono. Seo e tshwanetse go nna mokgele wa sebui.

Go na le ditsela tse di farologaneng tse sebui se ka gatelelang dintlha ka tsone go thusa bareetsi go lemoga dintlha tsa konokono. Fa re umaka di sekae fela, a ka nna a nna matlhagatlhaga go feta pele mo dikarolong dingwe, a fetola lobelo lo a buang ka lone, a tsenya maikutlo kgotsa a dirisa boitshikinyo jo bo tshwanetseng jwa mmele.

DINTLHA TSE O TSHWANETSENG GO DI GAKOLOGELWA

  • Sekaseka dintlha tse di gatisitsweng gore o lemoge dintlha tsa konokono tse puo e remeletseng mo go tsone. Di tshwaye.

  • Fa o balela kwa godimo, nna matlhagatlhaga go feta pele mo dikarolong dingwe, fokotsa lobelo mo go tse dingwe kgotsa o tsenye maikutlo kafa go tshwanetseng gore dintlha tseo tsa konokono di tlhomologe.

IKATISO: Tlhopha dirapa di le tlhano mo setlhogong sa Tora ya Tebelo se se tlileng go ithutiwa. Thalela dikarabo tsa dipotso tsa thuto tsa dirapa tseo. Balela dirapa tseo kwa godimo ka tsela e moreetsi a tla lemogang dikarabo tseo motlhofo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela