THUTO 16
Go Wela Dibete
GO TLWAELEGILE gore sebui se ikutlwe se tshogile fa se ya go neela puo, segolo jang fa se sa neele dipuo gantsi. Mmoledi a ka nna a ikutlwa a tshogilenyana fa a simolola go etela matlo a le mmalwa a ntlha mo bodireding jwa tshimo. Jeremia o ne a arabela jaana fa a ne a tlhomiwa go nna moporofeti: “Bona, ga ke itse go bua, gonne ke mosimanyana fela.” (Jer. 1:5, 6) Jehofa o ne a thusa Jeremia, mme le wena o tla go thusa. Fa nako e ntse e tsamaya, o tla kgona go wela dibete.
Sebui se se wetseng dibete ke se se ritibetseng. Go ritibala gono go bonala mo tseleng e a emeng ka yone. O ema ka tsela ya gagwe fela ya tlholego e e tshwanelang boemo jo a leng mo go jone. O tsamaisa diatla fa go tlhokega. Lentswe la gagwe le utlwala sentle e bile o kgona go le laola sentle.
Le fa gongwe o ka tswa o akanya gore tsela e go tlhalosiwang motho yo o wetseng dibete ka yone fano ga se e o ka kgonang go e bontsha, o ka kgona go tokafatsa. Jang? Mma re sekaseke lebaka la go bo sebui se ikutlwa se tshogile e bile se sa wela dibete. Bothata bo ka tswa bo le mo mmeleng.
Fa o lebane le kgwetlho nngwe mme o batla go e dira sentle mme o sa tlhomamisege gore o tla e kgona, seno se ka dira gore o tlhobaele. Ka ntlha ya moo, boboko bo bolelela mmele gore o ntshe dihoromone tse dintsi tsa adrenaline. Fa e tswa ka bontsi jalo, e ka dira gore pelo ya gago e iteele ka bonako, o hemele ka bonako, o fufulelwe thata kgotsa gore diatla tsa gago di rorome le mangole a gago a kgwetlhe le gore lentswe la gago le rorome. Mmele wa gago o leka go go thusa go lebana le boemo jo o mo go jone ka go oketsa maatla a gago. Kgwetlho e nna gore o dirise jang maatla a mantsintsi ao gore o kgone go akanya sentle le go neela puo ka tlhagafalo.
Kafa o ka Fokotsang go Tlhobaela ka Gone. Gakologelwa gore ga go na molato ope ka go ikutlwa o tlhobaela. Le fa go ntse jalo, gore o wele dibete, o tshwanetse go kgona go fokotsa selekanyo sa go tlhobaela ga gago le go lebana le boemo jono o ritibetse le ka seriti. O ka kgona jang go dira seno?
Baakanyetsa sentle. Dirisa nako e ntsi o baakanyetsa puo ya gago. Tlhomamisega gore o tlhaloganya puo ya gago sentle. Fa e le gore puo ya gago ke e mo go yone o itlhophelang dintlha tse o tla tlotlang ka tsone, akanya ka se bareetsi ba gago ba setseng ba se itse ka kgang eo le se o ikaeletseng go se fitlhelela ka yone. Seno se tla go thusa go tlhopha dintlha tse di mosola fela thata. Fa e le gore o fitlhela go le thata kwa tshimologong go dira jalo, tlotla bothata jwa gago le sebui se se nang le maitemogelo. Se ka go thusa go sekaseka dintlha tsa gago sentle le go akanya ka bareetsi. Fa o tlhomamisegile gore o na le dintlha tse di tla solegelang bareetsi ba gago molemo, e bile o di tlhaloganya sentle, keletso ya gago ya go batla go di tlotla le bone e tla hupetsa tlhobaelo epe e o ka tswang o na le yone fa o akanya ka go neela puo eo.
Ela tlhoko thata matseno a gago. Itse tsela e o tlileng go simolola ka yone. Fa o setse o tsweletse ka puo ya gago, go ka direga thata gore tlhobaelo ya gago e kokobele.
O ka dirisa dintlha tseno gape fa o baakanyetsa bodiredi jwa tshimo. O se ka wa akanya fela ka kgang e o tlileng go tlotla ka yone mme akanya le ka mofuta wa batho ba o tlileng go ba neela bosupi. Rulaganya matseno a gago ka kelotlhoko. Solegelwa molemo ke maitemogelo a baboledi ba ba nang le maitemogelo.
O ka nna wa akanya gore o tla wela dibete thata fa o dirisa puo e e balwang fa o neela puo fa pele ga setlhopha. Totatota, seno se tla dira gore tlhobaelo ya gago e gole nako le nako fa o neela puo. Ke boammaaruri gore dibui dingwe di kwala dintlha di le dintsi thata fa tse dingwe tsone di kwala tse di khutshwane fela. Mme se se tla dirang gore o tsepe mogopolo le go fokotsa tlhobaelo ya gago ga se mafoko a a kwadilweng mo pampiring, mme ke go tlhatswega pelo gore se o se baakanyeditseng bareetsi ba gago ruri se mosola.
Buela kwa godimo fa o ikatisetsa go neela puo. Go ikatisa ka tsela e e ntseng jalo go tla dira gore o bone gore o ka kgona go tlhalosa dikgopolo tsa gago ka mafoko. Fa o ntse o ikatisa, o dira gore ka nako e o tla bong o neela puo ka yone, o gakologelwe motlhofo dintlha tse o ntseng o ikatisetsa go di neela. Dira gore nako ya gago ya go ikatisa e tshwanele maemo a o tlileng go neela puo mo go one. Bona bareetsi ba gago mo mogopolong wa gago. Nna fa tafoleng kgotsa o eme ka dinao, ka tsela e o tla bong o ntse ka yone fa o neela puo.
Rapela Jehofa gore a go thuse. A o tla araba thapelo eo? “Eno ke tshepo e re nang le yone mo go ene, gore, go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.” (1 Joh. 5:14) Fa o eletsa go tlotla Modimo le go thusa batho gore ba solegelwe molemo ke Lefoko la gagwe, ruri o tla araba thapelo ya gago. Go tlhomamisega ka seo go tla go nonotsha thata gore o dire kabelo ya gago. Mo godimo ga moo, fa o ntse o tlhagolela maungo a moya—lorato, boipelo, kagiso, bopelonomi le boikgapo—o tla kgona go nna le maikutlo a a dirang gore o kgone go lebana le boemo jono o wetse dibete.—Bagal. 5:22, 23.
Bapala maitemogelo. Letshogo la gago le tla fokotsega fa o dirisa nako e ntsi mo tirelong ya tshimo. Fa o akgela thata kwa dipokanong tsa phuthego, go tla nna motlhofo thata gore o bue fa pele ga ba bangwe. Fa o ntse o neela dipuo tse di oketsegileng mo phuthegong, go ka direga thata gore o se ka wa tlhola o tlhobaela thata fa o tshwanetse go neela puo. A o ka rata go nna le ditshono di le dintsi tsa go neela puo? He ithaopele go neela puo mo sekolong fa ba bangwe ba sa kgona go tla go neela dipuo tsa bone.
Fa o setse o latetse dikgato tse di tlhalositsweng fa godimo, o tla go fitlhela go le molemo go sekaseka matshwao a a bontshang sentle gore motho ga a ritibala. Go lemoga matshwao ao le go ithuta go lebana le one go tla go thusa go bua o wetse dibete. Matshwao ao a ka bonala mo mmeleng kgotsa a utlwala mo lentsweng.
Matshwao a Mmele. Fa o wetse dibete kgotsa o tshogile o bonala ka tsela e o emang ka yone le tsela e o dirisang diatla tsa gago ka yone. Santlha, akanya ka diatla. Go baya matsogo kafa morago, go a tlhamalatsa kafa matlhakoreng a gago kgotsa go ngangatlela tafole ya sebui; go nna o tsenya diatla mo dikgetsaneng le go di ntsha gangwe le gape, go nna o kopela baki le go e kopolola, go nna o itshwaratshwara lerama, nko, go tshwaratshwara digalase tsa matlho; go tshameka ka tshupanako, pensele, palamonwana kgotsa pampiri e o kwaletseng dintlha mo go yone; go dirisa diatla o sa gololesega fa o ntse o bua—dilo tseno tsotlhe di bontsha gore ga o a wela dibete.
Go nna o tsamaisatsamaisa maoto fa fatshe, go nna o ntse o sekamisetsa mmele kafa matlhakoreng otlhe, go ema tsi fela o gagametse, go obegela kwa pele, go itatswa dipounama nako le nako, go metsa mathe nako le nako le go hemela ka bonako le gone go ka supa gore ga o a wela dibete.
Fa motho a iteka ka tlhoafalo, a ka kgona go laola matshwao ano a a bontshang letshogo. Leka go lwantsha bo le bongwe fela jwa mathata ano ka nako. Tlhopha bo le bongwe fela jwa mathata ano o bo o akanya go sa le gale gore o tlile go dirang go bo lwantsha. Fa o iteka jalo, o tla bontsha gore o wetse dibete ka tsela e o itshwarang ka yone mo mmeleng.
Matshwao a a Utlwalang mo Lentsweng. Matshwao a letshogo a a utlwalang mo lentsweng a ka nna a akaretsa go tlhatlogela kwa godimo ga lentswe ka tsela e e sa tlwaelegang kgotsa go roroma ga lone. Gongwe o rata go itlhatswa kgokgotso gangwe le gape kgotsa go buela ka bonako. Mathata ano le mekgwa eno e ka fenngwa ka go leka ka natla go laola lentswe la gago.
Fa o ikutlwa o tshogile, ema go sekae mme o gope moya makgetlonyana pele o ya kwa seraleng. Leka go repisa mmele otlhe wa gago. Go na le go akanya ka letshogo la gago, akanya thata ka gore ke ka ntlha yang fa o batla go tlotla le bareetsi ba gago dilo tse o di baakanyeditseng. Pele o simolola go bua, ema go sekae fela gore o lebe bareetsi ba gago, tlhopha sefatlhego se se botsalano o bo o nyenya. Bua o iketlile fa o simolola, morago ga moo o bo o nwelelela mo puong ya gago.
Se o Ka se Lebelelang. O se ka wa lebelela gore letshogo le nyelele lotlhe fela. Dibui di le dintsi tse di nang le maitemogelo a dingwaga di le dintsi tsa go bua mo seraleng di a tshoga pele di ema fa pele ga bareetsi. Le fa go ntse jalo, ba ithutile go laola letshogo la bone. Mongwe wa dibui tseo o ne a bolela jaana: “Gone ke sa ntse ke tle ke tshoge, mme jaanong ke kgona go le laola.”
Fa o iteka ka tlhoafalo gore o fokotse letshogo le le bonalang mo go wena, bareetsi ba gago ba tla go leba jaaka sebui se se wetseng dibete. O sa ntse o ka nna wa ikutlwa o tshogile, mme ba ka nna ba se ka ba lemoga seo gotlhelele.
Gakologelwa gore go tswa ga dihoromone di le dintsi tsa adrenaline gape go dira gore o nne le maatla a mantsi. Dirisa maatla ao go bua o tsenya maikutlo.
Ga o tlhoke go leta go fitlha o ya kwa seraleng e bo e le gone o simololang go ikatisetsa go dira dilo tseno tsotlhe. Ithute go wela dibete le go laola lentswe la gago le go bua ka go tsenya maikutlo ka tsela e e tshwanetseng mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi. Go dira jalo go tla go thusa thata gore o ritibale fa o le mo seraleng le mo bodireding jwa tshimo, kwa go leng botlhokwa thata gore o dire jalo gone.