THUTO 13
Go Leba Bareetsi
MATLHO a rona a bolelela ba bangwe tsela e re ikutlwang ka yone. A ka nna a bontsha gore re gakgametse kgotsa gore re a boifa. A ka nna a supa bopelotlhomogi kgotsa lorato. Ka dinako tse dingwe, a ka nna a bontsha gore re a belaela kgotsa gore re hutsafetse. Monna mongwe yo o tsofetseng o ne a bua jaana ka banna ba lefelo la gabone ba ba neng ba bogile thata: “Re bua ka matlho.”
Ba bangwe ba ka nna ba dira ditshwetso ka rona le ka se re se buang go ya ka gore re dira jalo re lebisitse matlho a rona kae. Mo ditsong di le dintsi, gantsi batho ba tshepa motho yo o ba lebang ka tsela e e botsalano. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa motho a bua a lebile fela fa fatshe kgotsa a lebile sengwe se sele go na le go leba motho yo a buang le ene, seno se ka dira gore ba ipotse gore a o bua boammaaruri le gore a o a itshoga. Mo ditsong tse dingwe, go tsepa motho matlho go lejwa e le go tlhoka maitseo, go supa kgalefo kgotsa go gwetlha motho. Go ntse jalo segolobogolo fa motho a bua le batho ba bong bo sele kgotsa kgosana kgotsa motho mongwe wa maemo a a kwa godimo. Mme kwa mafelong a mangwe, fa motho yo monnye a leba motho yo mogolo mo matlhong fa a bua le ene, seno se tsewa e le go tlhoka tlotlo.
Le fa go ntse jalo, koo go sa kgopiseng gone, go leba motho mo matlhong fa o bua ntlha nngwe e e botlhokwa go ka gatelela botlhokwa jwa se o se buang. Go ka lejwa e le bosupi jwa gore sebui se tlhatswegile pelo ka se a se buang. Ela tlhoko kafa Jesu a ileng a arabela ka gone fa barutwa ba gagwe ba ne ba gakgametse thata ba bo ba re: “Tota ke mang yo o ka bolokwang?” Baebele e bega jaana: “Ya re Jesu a ba lebile mo matlhong, a ba raya a re: ‘Mo bathong seno ga se kgonege, mme mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.’” (Math. 19:25, 26) Dikwalo di bontsha gape gore moaposetoloi Paulo o ne a ela tlhoko tsela e bareetsi ba gagwe ba neng ba arabela ka yone. Nako nngwe fa Paulo a ntse a bua, go ne go na le monna mongwe yo o neng a tsetswe a le segole. Ditiro 14:9, 10 e tlhalosa jaana: “Monna yono o ne a reeditse Paulo a bua, yo, e rileng fa a mo leba mme a bona gore o ne a na le tumelo ya go fodisiwa, a re ka lentswe le le kwa godimo: ‘Ema ka dinao o tlhamalale.’”
Dikakantsho Tsa Kwa Bodireding Jwa Tshimo. Fa o le mo bodireding jwa tshimo, nna botsalano fa o bua le batho. Fa go tshwanelang gone, dirisa dipotso tse di dirang gore motho a akanye fa o simolola motlotlo ka sengwe se lo ka tswang lo se kgatlhegela loobabedi. Fa o dira jalo, leka go mo leba mo matlhong—kgotsa go leba motho mo sefatlhegong ka tlotlo le ka tsela e e supang bopelonomi. Monyenyo o o botsalano mo sefatlhegong sa motho yo matlho a gagwe a supang gore o itumetse o gogela tota. Go itshwara ka tsela e e ntseng jalo go ka bolelela motho go le gontsi gore o motho yo o ntseng jang le go mo dira gore a ikutlwe a phuthologile thata fa o ntse o bua le ene.
Go leba tebego ya motho ya sefatlhego fa go tshwanelang gone, go ka nna ga go bontsha gore o dirisane jang le boemo. O ka kgona go bona fa e le gore motho o galefile kgotsa fa e le gore tota ga a kgatlhege. O ka kgona go lemoga fa a sa go tlhaloganye. Gantsi o tla kgona go lemoga fa a fela pelo. Gape o tla kgona go lemoga fa a kgatlhega thata. Tebego ya sefatlhego sa gagwe e ka nna ya go tlhokomedisa gore o tlhoka go fetola lobelo lo o buang ka lone, go leka go mo akaretsa mo motlotlong, go emisa motlotlo wa gago le ene kgotsa gongwe, go mmontsha gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang.
Le fa o neela bosupi phatlalatsa kgotsa o tshwere thuto ya Baebele ya legae, leka go leba motho yo o buang le ene ka tlotlo mo matlhong. Le fa go ntse jalo, o se ka wa tsepa matlho mo go ene lobaka lo loleele e re ka seo se ka nna sa dira gore a tlhabiwe ke ditlhong. (2 Dikg. 8:11) Le fa go ntse jalo, mo lebe mo matlhong gangwe le gape ka tsela e e tlwaelegileng fela e e botsalano. Mo dinageng di le dintsi, seno se bontsha gore o mo kgatlhegela ka tsela ya mmatota. Gone ke boammaaruri gore fa o bala Baebele kgotsa kgatiso nngwe, matlho a gago a tla bo a lebile se o se balang. Mme fa o batla go gatelela ntlha, o ka nna wa batla go mo leba ka tlhamalalo, o dira jalo ka nakwana fela. Fa o nna o mo leba jalo nako le nako, seno se tla dira gore o kgone go bona gore o tsibogela jang se o se balang.
Fa e le gore go tlhabiwa ke ditlhong go dira gore go nne thata go leba motho mo matlhong kwa tshimologong, o se ka wa kgobega marapo. Go leba motho mo matlhong ka tsela e e tshwanetseng go tla itlela fela fa o nna o go itlwaetsa, mme go ka nna ga tokafatsa tsela e o tlotlang le ba bangwe ka yone.
Fa o Neela Puo. Baebele e re bolelela gore pele Jesu a simolola Thero ya gagwe ya mo Thabeng, o ne “a tsholeletsa matlho kwa barutweng ba gagwe.” (Luke 6:20) Ithute go tswa mo sekaong sa gagwe. Fa e le gore o tlile go bua fa pele ga setlhopha sa batho, ba lebe mme o kgwe mowa metsotswana e sekae pele o simolola go bua. Mo mafelong a le mantsi, seno se tla bolela go leba bangwe ba bareetsi ba gago mo matlhong. Go kgwa mowa ka bokhutshwanyane jalo go tla go thusa go fokotsa letshogo le o nnang le lone fa o simolola. Gape go tla thusa bareetsi go ipaakanyetsa boikutlo bope fela joo sefatlhego sa gago se bo bontshang. Mo godimo ga moo, fa o dira jalo o tla bo o naya bareetsi sebaka sa gore ba repe mme ba ipaakanyetse go go tlhwaela tsebe.
Fa o ntse o neetse puo, leba bareetsi ba gago. O se ka wa leba setlhopha sotlhe ka nako e le nngwe. Leka go leba batho ka bongwe mo go sone. Mo e batlang e le mo ditsong tsotlhe, go lebeletswe gore sebui sa phatlalatsa se lebe batho mo matlhong.
Go leba bareetsi ga go bolele fela go tsamaisa matlho go tswa mo letlhakoreng le lengwe go ya kwa go le lengwe. Leba mongwe mo bareetsing ka tlotlo mme fa go tshwanela, bua seele sotlhe o lebile motho yoo. Morago ga moo, leba yo mongwe mme o bue seele se le sengwe kana tse pedi o mo lebile. O se ka wa leba ope lobaka lo loleele mo a tla tlhabiwang ke ditlhong, le gone o se ka wa tlhoma mogopolo wa gago mo bathong ba le bangwe fela mo gare ga bareetsi botlhe. Tswelela o ntse o leba bareetsi botlhe ka tsela eno, mme fa o ntse o bua le motho, dira gore o bue le ene tota mme o ele tlhoko kafa a tsibogelang se o se buang ka gone pele o fetela kwa go yo mongwe.
Aotlelaene ya gago e tshwanetse go nna mo godimo ga tafole ya sebui, mo seatleng sa gago, kgotsa mo Baebeleng ya gago gore o kgone go e leba ka go e latlhela leitlho fela. Fa e le gore o tlhoka go tsamaisa tlhogo yotlhe gore o lebe aotlelaene, ga o kitla o kgona go leba bareetsi sentle. O tshwanetse go ela tlhoko gore o leba aotlelaene ya gago gantsi go le kana kang le gore o e leba leng. Fa o leba aotlelaene ya gago ka nako ya fa o fitlha kwa setlhoeng sa puo ya gago, ga o kitla o palelwa fela ke go bona tsela e bareetsi ba arabelang ka yone mme gape puo ya gago e tla latlhegelwa ke maatla a yone. Ka tsela e e tshwanang, fa o leba aotlelaene ya gago nako le nako, ga o kitla o kgona go leba bareetsi.
Fa o latlhelela mongwe bolo, o a leba go bona gore a o a e tshwara. Ntlha nngwe le nngwe mo puong ya gago e tshwana le go “latlhelela” bareetsi ba gago bolo. Go e “tshwara” ga bone go bontshiwa ke tsela e ba arabelang ka yone—go koma ka tlhogo, go nyenya, go go leba ba reeditse ka tlhoafalo. Fa o leba bareetsi ka tsela e e molemo, seno se tla go thusa go tlhomamisa gore ba “tshwara” dikgopolo tsa gago.
Fa o abetswe go balela phuthego, a o tshwanetse go leka go leba bareetsi fa o ntse o bala? Fa bareetsi ba tsamaisana le wena mo Dibaebeleng tsa bone, bontsi jwa bone ga bo kitla bo lemoga gore a o a ba leba kgotsa nnyaa. Mme go leba bareetsi ba gago go ka go thusa go dira gore go bala ga gago go nne le botshelo ka gonne go tla dira gore o lemoge sentle kafa ba arabelang ka gone. Mme fa go na le bape fela mo bareetsing ba ba sa diriseng Dibaebele tsa bone e bile megopolo ya bone e ka tswa e kgarakgatshega, fa sebui se ba leba seno se ka ba thusa gore ba boe gape ba tlhome megopolo ya bone mo go se se balwang. Gone ke boammaaruri gore o ka nna wa kgona go ba leba ka nakwana fela, e bile ga o a tshwanela go dira jalo ka tsela e e dirang gore o kgonye fa o ntse o bala. Gore o kgone go dira jalo, go molemo gore o tshware Baebele ya gago ka seatla le go emisa tlhogo, seledu sa gago se le kgakala le sehuba.
Ka dinako tse dingwe, bagolwane ba kopiwa go neela puo e e balwang kwa kopanong. Go dira jalo ka tsela e e nang le matswela go batla maitemogelo, go baakanyetsa ka kelotlhoko le go e boaboeletsa fela thata. Ke boammaaruri gore puo e e balwang e dira gore o se ka wa kgona go leba bareetsi sentle. Mme fa sebui se baakanyeditse sentle, se tshwanetse go kgona go leba bareetsi nako le nako se sa timelelwe ke fa se leng teng. Go dira jalo go tla mo thusa go gapa mogopolo wa bareetsi le go ba thusa gore tao e e botlhokwa ya semoya e ba e newang e ba solegele molemo.