Lebokoso la Dipotso
◼ Ke ka ntlha yang fa go le molemo gore bareetsi ba bale ditemana fa sebui se ba kopa go dira jalo fa se neela puo?
Dilo tse di tshwanang le setlhogo se go tlotlwang ka sone le gore a puo eno e tlotla ka karolo nngwe ya Lefoko la Modimo temana ka temana, ke tsone tse di tla laolang gore bareetsi ba kopiwa go bala ditemana di le kae.
Go botlhokwa go gakologelwa gore lebaka le lengwe la go bala ditemana dingwe ke go tlhomamisa gore se go buiwang ka sone se tswa mo Baebeleng. (Dit. 17:11) Boikaelelo jo bongwe ke go tlhatlhoba bosupi jwa Dikwalo go tshegetsa se go tlotlwang ka sone gore tumelo ya botlhe e nonotshiwe. Fa bareetsi ba iponela se tota Baebele e se buang fa temana nngwe ya konokono e balwa, seno se tla gatelelwa thata mo megopolong ya bone. Mo godimo ga go bala ditemana, go molemo go kwala dintlha le go tsamaisana le tsela e dikgopolo di tlhalosiwang ka teng.
Le mororo aotlelaene ya Mokgatlho e ka nna ya bo e bontshitse ditemana di le dintsi tsa Dikwalo go tlhalosa ntlha nngwe, ditemana tseno di kwaletswe go thusa sebui, go mo thusa fa a baakanyetsa. E ka nna ya bo e le go mo naya tshedimosetso e e oketsegileng ka se se tlotliwang le go mo thusa go lemoga melaometheo ya konokono ya Dikwalo sentle le gore a tlhaloganye tsela e kgang eo e godisiwang ka teng. Sebui se leba gore ke ditemana dife tse di botlhokwa mo puong mme se kope bareetsi go tsamaisana le sone fa se bala ditemana tseo le go di tlhalosa. Ditemana tse dingwe tse di tshegetsang se go tlotliwang ka sone di ka nna tsa umakiwa fela tsa ba tsa tlhalosiwa, mme mo mabakeng ano bareetsi ga ba tlhoke go di bala.
Fa sebui se bala ditemana tse se di tlhophileng, se di bala ka tlhamalalo mo Baebeleng, e seng mo pampiring e se e kwadileng ka khomputara. Fa sebui se kopa bareetsi go bala mo Dibaebeleng tsa bone, se tshwanetse go kaya buka ya Baebele, kgaolo, le (di)temana ka tsela e e utlwalang sentle. Fa a ema go sekae go botsa potso kana go tlhalosa ka bokhutshwane lebaka la go bo temana nngwe e balwa, o naya bareetsi sebaka sa go bona temana eo. Go bitsa temana eo gape go tla thusa bareetsi go e gakologelwa. Le fa go ntse jalo, ga go akantshiwe gore a umake gore temana e mo tsebeng efe, ka gonne ga di tshwane go ya ka gore bareetsi ba ba farologaneng ba dirisa kgatiso efe ya Baebele. Fa bareetsi ba bala ditemana tse ba kopilweng gore ba di bale go ba thusa gore ba solegelwe molemo ke maatla a Lefoko la Modimo fa le ntse le tlhalosiwa mo puong.—Baheb. 4:12.