Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Bua o Lebane le Bone mo Matlhong
1 Fa re neela bosupi phatlalatsa le ka ntlo le ntlo, gantsi re lebana le batho mo matlhong pele ga re simolola motlotlo. Ka nako eo e khutshwane, re ka nna ra kgona go bona mo difatlhegong tsa bone kafa ba ikutlwang ka gone ka go eta ga rona le go bona gore ba mo seemong sefe. Le bone ba ka lemoga dilo di le dintsi ka rona. Mosadi mongwe o ne a bua jaana ka Mosupi yo o neng a mo etetse: “Ke gakologelwa kafa a neng a nyenya ka botsalano ka gone. Ke ne ke kgatlhegile tota.” Seno se ne sa dira gore mosadi yono a reetse dikgang tse di molemo.
2 Tsela e e nang le matswela e re ka simololang go neela bosupi ka yone fa re dira tiro ya mmila kgotsa re neela bosupi mo mafelong a mangwe a batho botlhe, ke go bua re lebane le batho mo matlhong. Mokaulengwe mongwe o ba leba mo matlhong. Fa ba se na go kopanya matlho, o a nyenya mme morago ga moo a bo a ba bontsha dimakasine. O tshwara metlotlo e le mentsi e e itumedisang e bile o tsamaisa dikgatiso di le dintsi ka go bo a dirisa mokgwa ono.
3 Lemoga Tsela e Batho ba Bangwe ba Ikutlwang ka Yone: Go bua re lebane le batho mo matlhong go tla re thusa go lemoga tsela e ba ikutlwang ka yone. Ka sekai, fa mongwe a sa re tlhaloganye sentle kgotsa a sa dumalane le sengwe se re se buileng, gantsi re tla lemoga seno mo sefatlhegong sa gagwe. Fa a tshwaregile kgotsa a fela pelo, re tla lemoga seo fa re mo lebelela mo sefatlhegong. Morago ga moo re ka kgona go fetola puisano ya rona kgotsa go khutshwafatsa se re tlotlang ka sone kafa go tshwanelang ka gone. Tsela e e molemo e re ka bontshang ka yone gore re kgatlhegela batho ba bangwe ke go lemoga kafa ba ikutlwang ka gone.
4 Go Bua ka Bopeloephepa Le ka Go Tlhatswega Pelo: Mo ditsong di le dintsi, go leba motho mo matlhong go lebiwa e le bosupi jwa gore motho o bua ka bopeloephepa. Ela tlhoko kafa Jesu a ileng a dira ka gone fa barutwa ba gagwe ba ne ba mmotsa jaana: “Tota ke mang yo o ka bolokwang?” Baebele e bega jaana: “Ya re Jesu a ba lebile mo matlhong, a ba raya a re: ‘Mo bathong seno ga se kgonege, mme mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.’” (Math. 19:25, 26) Kwantle ga pelaelo, tsela e Jesu a neng a bua ka yone a tlhwatswegile pelo e ne e dira gore batho ba dumele se a neng a se bua. Ka tsela e e tshwanang, go bua le batho re lebane le bone mo matlhong go tla re thusa go bua molaetsa wa Bogosi ka bopeloephepa le ka go tlhatswega pelo.—2 Bakor. 2:17; 1 Bathes. 1:5.