Botlhale Jwa Leitlho
● Leitlho la motho le lentle. Mme ga le lentle fela. Gape le maatla. Buka ya Visual Impact, Visual Teaching ya re “diperesente di le 40 tsa ditshikana tsotlhe tse di golaganeng le boboko di golagane le lethapono (retina),” e leng thishu e tshesane e e mo teng ga leitlho.
Go a tshwanela go bo Jesu Keresete a ile a re leitlho ke “lobone lwa mmele.” Fa a tlhalosa gore o ne a kaya eng, o ne a tswelela jaana: “Fa leitlho la gago le sa raraana [le tlhomilwe mo dilong tse di siameng] mmele otlhe wa gago o tla tlala lesedi; mme fa leitlho la gago le le boikepo, mmele otlhe wa gago o tla nna lefifi.” (Mathaio 6:22, 23) Ka go bua mafoko ano, Jesu o ne a gatelela kafa leitlho le leng maatla ka teng mme ka tsela ya tshwantshetso, o ne a re gakolola kafa leitlho le ka tlhotlheletsang ka teng dilo tse re di akanyang, maikutlo a rona le se re se dirang. Go akanya ka dilo tse di siameng go dira gore botshelo jwa motho bo nne le lesedi; dikakanyo tse di sa siamang di dira gore bo nne le lefifi.
Ka sekai, akanya ka mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:28, 29 a a reng: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe. Jaanong, fa e le gore leitlho leo la gago la moja le a go kgopisa, le gonye [ka tsela ya tshwantshetso].” O ne a raya goreng? Leitlho le le lebang mo le sa tshwanelang le ka tsosa dikeletso tse di sa siamang go ya bokgakaleng jwa gore, fa motho a ka bona tshono, a dire boitsholo jo bo sa siamang mme a bo a sa tlhole a amogelesega mo matlhong a Modimo.—Jakobe 1:14, 15.
Abo go le botoka jang ne go nna boikgapo, tota le fa go dira jalo go le thata go tshwana le go gonya leitlho la gago! Gone mme, a go mosola go latlhegelwa ke botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya go ijesa monate ka sengwe sa nakwana fela se se fetang?
Se re se lebelelang gape se ka dira gore re nne pelotshetlha. Ke ka moo Baebele e re tlhagisang gore ‘keletso ya matlho ga e tswe mo go Rara mme e tswa mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.’—1 Johane 2:16, 17.
A Baebele e re beela dithibelo go sa tlhokege? Le e seng! Go itlhokomolosa melao ya yone go ka dira gore re nne le mathata le gore re se ka ra itumela. (Bagalatia 6:7, 8) Go ikobela Lefoko la Modimo, go akaretsa le kaelo ya lone e e botlhale e e ka re thusang malebana le dilo tse re di lebang, go tla dira gore re itumele. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo.” (Luke 11:28) Mo godimo ga moo, ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng mme ba ba nang le leitlho le le ratang boitsholo jo bo sa siamang kgotsa bopelotshetlha ba ka se bone boitumelo le botshelo.