LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/04 ts. 1
  • Boloka Leitlho la Gago le sa Raraana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boloka Leitlho la Gago le sa Raraana
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Leitlho la Gago Ga le A Raraana?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Molao o o Reng “Leitlho mo Boemong Jwa Leitlho” o Kayang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Botlhale Jwa Leitlho
    Tsogang!—2012
  • Poeletso ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 9/04 ts. 1

Boloka Leitlho la Gago le sa Raraana

1. Go nna le leitlho le le sa raraanang go bolelang, mme ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa?

1 Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a bontsha kafa leitlho la semoya le ka nnang le tlhotlheletso e kgolo ka gone mo tseleng e re tshelang ka yone. O ne a re: “Ka jalo, fa leitlho la gago le sa raraana, mmele otlhe wa gago o tla tlala lesedi; mme fa leitlho la gago le le boikepo, mmele otlhe wa gago o tla nna lefifi.” (Math. 6:22, 23) Leitlho le le sa raraanang ke le le tsepamisitsweng mo maitlhomong a le mangwe fela—go dira thato ya Modimo—le sa tle le tlhobaediwa ke dikhumo go sa tlhokege. (Math. 6:19-21, 24-33) Ke eng se se ka re thusang gore re nne re ntse re na le leitlho le le sa raraanang?

2. Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go leba dikhumo jang?

2 Go Tlhagolela Kgotsofalo: Go naya ba lelapa dilo tse ba di tlhokang ke boikarabelo jwa Dikwalo. (1 Tim. 5:8) Mme seno ga se bolele gore re tswe letsholo go ya go batla dilo tsa maemo a a kwa godimo le tsa bosheng re sa fetse. (Dia. 27:20; 30:8, 9) Go na le moo, Dikwalo di re kgothaletsa gore re kgotsofalele “dijo le se re ipipang ka sone” e leng tsone dilo tse tota di tlhokegang mo botshelong. (1 Tim. 6:8; Baheb. 13:5, 6) Go tsaya kgakololo eno tsia go ka re thusa gore re kgone go nna re tsepamisitse matlho a rona mo dilong tse di tshwanetseng.

3. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra ithwesa merwalo e e sa tlhokegeng?

3 Re tla bo re le botlhale fa re sa ithwese morwalo ka dikoloto tse di sa tlhokegeng le dithoto tse dintsi tse di tla re tlhokang nako le tlhokomelo e ntsi. (1 Tim. 6:9, 10) Re ka dira seno jang? Fa re akanyetsa go dira sengwe, re tshwanetse go akanyetsa dilo ka kelotlhoko le ka thapelo mme re leke go bona gore a se re batlang go se dira ga se kitla se dira gore re tlhokomologe dilo tsa semoya. Ikemisetse gore o tla nna o beile dilo tsa semoya kwa pele mo botshelong jwa gago.—Bafil. 1:10; 4:6, 7.

4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go batla ditsela tse re ka tshelang botshelo jo bo motlhofo ka tsone?

4 Tshela Botshelo Jo bo Sa Raraanang: Selo se sengwe se se ka re thusang gore re se ka ra rata dikhumo ke go tshela botshelo jo bo sa raraanang. Mokaulengwe mongwe yo o neng a bona gore ba lelapa la gagwe ba ne ba ka kgona go tshela sentle kwantle ga dilo tse di bonalang tse di oketsegileng o ne a re: “Ke kgona go dira mo gontsi gone jaanong mo phuthegong go thusa bakaulengwe ba me. Ke tlhomamisegile gore Jehofa o segofatsa batlhanka botlhe ba gagwe fa ba baya kobamelo ya boammaaruri kwa pele ga dikgatlhego tsa bone.” A o ka kgona go itumelela masego a mantsi ka go tshela botshelo jo bo sa raraanang?

5. Ke ka ntlha yang fa go tlhokega gore re nne re iteke ka natla gore re boloke leitlho la rona le sa raraana?

5 Re tshwanetse go nna re iteka ka natla gore re kgone go gana tlhotlheletso ya ga Satane, lefatshe la gagwe le le ratang dikhumo le go sa itekanelang ga rona. Go na le gore re letle matlho a rona gore a kgarakgatshege, a re nneng re a tsepamisitse mo go direng thato ya Modimo le mo tsholofelong ya rona e e molemo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Dia. 4:25; 2 Bakor. 4:18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela