LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 149
  • Molao o o Reng “Leitlho mo Boemong Jwa Leitlho” o Kayang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Molao o o Reng “Leitlho mo Boemong Jwa Leitlho” o Kayang?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Boikaelelo jwa molao ono e ne e le eng?
  • A Bakeresete ba sa ntse ba latela molao ono?
  • Dikgopolo tse di phoso ka molao ono
  • Botlhale Jwa Leitlho
    Tsogang!—2012
  • Boloka Leitlho la Gago le sa Raraana
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Go Naya Motho Lerama le Lengwe go Kaya Eng?
    Tsogang!—2010
  • Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Bua o Lebane le Bone mo Matlhong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 149
Leitlho

Molao o o Reng “Leitlho mo Boemong Jwa Leitlho” o Kayang?

Karabo ya Baebele

Molao o o reng “leitlho mo boemong jwa leitlho” ke karolo ya melao e Modimo a neng a e naya Moshe gore a e neye Baiseraele e bile Jesu o ile a bua ka one ka nako ya Thero ya kwa Thabeng. (Mathaio 5:38; Ekesodo 21:24, 25; Duteronome 19:21) Molao oo o ne o kaya gore fa motho a dirile sengwe se se phoso, katlholo ya gagwe e ne e tshwanetse go lekana le molato o a o dirileng.a

Molao oo o ne o dirisiwa fa motho a utlwisitse motho yo mongwe botlhoko ka boomo. Molao o Modimo a neng a o neile Moshe o ne o bua jaana ka motho yo o ntseng jalo: “Go robega mo boemong jwa go robega, leitlho mo boemong jwa leitlho, leino mo boemong jwa leino; mofuta wa bogole jo a dirang gore bo nne teng mo mothong, ke jo bo tshwanetseng jwa dirwa gore bo nne teng mo go ene.”​—Lefitiko 24:20.

  • Boikaelelo jwa molao ono e ne e le eng?

  • A Bakeresete ba sa ntse ba latela molao ono?

  • Dikgopolo tse di phoso ka molao ono

  • Jesu o baakanya kgopolo e e phoso

Boikaelelo jwa molao ono e ne e le eng?

Molao o o reng “leitlho mo boemong jwa leitlho” o ne o sa direlwa gore motho a ipusolosetse ka boene. Go na le moo, o ne o diretswe go thusa baatlhodi gore fa ba atlhola motho ba se ka ba gagamatsa letsogo thata le fa e le go le repisa thata.

Gape molao oo o ne o diretswe go thibela motho gore a se ka a loga maano a go utlwisa motho yo mongwe botlhoko ka boomo. “Ba ba salang [kgotsa ba ba bonang fa molao wa Modimo o latelwa] ba tla utlwa ba bo ba boifa, mme ba ka se tlhole ba dira sepe se se bosula jaaka seno gape mo gare ga gago.”​—Duteronome 19:20.

A Bakeresete ba sa ntse ba latela molao ono?

Nnyaa, Modimo ga a lebelela gore Bakeresete ba latele molao ono ka gonne Molao o Modimo a neng a o naya Moshe o ile wa fedisiwa fa Jesu a sena go intsha setlhabelo.​—Baroma 10:4.

Mme gone molao ono o re thusa go tlhaloganya tsela e Modimo a ikutlwang ka yone. Ka sekai, o re thusa go bona gore Modimo o rata tshiamiso. (Pesalema 89:14) Gape o re bontsha gore Modimo o batla gore motho yo o dirileng sengwe se se sa siamang a otlhaiwe go ya ka “selekanyo se se tshwanetseng.”​—Jeremia 30:11.

Dikgopolo tse di phoso ka molao ono

Kgopolo e e phoso: Molao ono o ne o le setlhogo thata.

Boammaaruri: Molao ono o ne o sa neye baatlhodi tshwanelo ya go feteletsa dilo fa ba atlhola motho. Go na le moo, baatlhodi ba ba tshwanelegang ba ne ba o latela fa fela ba sena go sekaseka kgetsi yotlhe le go bona gore a motho yo o molato o dirile seno ka boomo kgotsa e ne e le phoso fela. (Ekesodo 21:28-30; Dipalo 35:22-25) Ka jalo, molao ono o ne o thusa baatlhodi gore ba se ka ba feteletsa dilo fa ba atlhola motho.

Kgopolo e e phoso: Molao ono o ne o kgothaletsa batho gore ba nne ba ipusolosetsa.

Boammaaruri: Molao o Modimo a neng a o naya Moshe o ne o re: “O se ka wa ipusolosetsa le fa e le go tshwara bomorwa batho ba gaeno ka pelo.” (Lefitiko 19:18) Molao ono o ne o sa kgothaletse batho go ipusolosetsa, go na le moo, o ne o ba kgothaletsa go tshepa Modimo le dithulaganyo tse a di dirileng go rarabolola melato.​—Duteronome 32:35.

Jesu o baakanya kgopolo e e phoso

Jesu o ne a itse gore go na le batho ba ba neng ba sa tlhaloganye molao ono. O ile a ba thusa go o tlhaloganya fa a ne a ba raya a re: “Lo ne lwa utlwa gore go ne ga twe, ‘Leitlho le tswele leitlho le leino le tswele leino.’ Le fa go ntse jalo, nna ke lo raya ke re: ‘O se ka wa emelelana le yo o boikepo; mme le fa e le mang yo o go fapholang mo lerameng la gago la moja, lebisa le lengwe gape kwa go ene.’”​—Mathaio 5:38, 39.

Ela tlhoko gore Jesu o ba raya a re “lo ne lwa utlwa gore go ne ga twe.” Go bonala a ne a bua ka baeteledipele bangwe ba Bajuda ba ba neng ba kgothaletsa batho gore ba ipusolosetse. Moitse mongwe wa Baebele yo o bidiwang Adam Clarke o ile a re: “Go bonala Bajuda ba ne ba dirisa molao ono [wa leitlho mo boemong jwa leitlho] . . . e le seipato sa go tshwara motho ka pelo, le go feteletsa dilo fa ba ipusolosetsa mo mothong.” Baeteledipele bano ba Bajuda ba ne ba sa dirise molao wa Modimo ka tsela e e siameng ka gonne ba ne ba kgothaletsa batho go ipusolosetsa.​—Mareko 7:13.

Jesu o ne a gatelela ntlha ya gore melao ya Modimo e bontsha gore o a re rata. O ile a re: “O rate Jehofa Modimo . . . Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha. Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Molao otlhe le Baporofeti, di ikaegile ka ditaelo tse pedi tseno.” (Mathaio 22:37-40) Jesu o ne a ruta gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla bonala ka go ratana e seng ka go ipusolosetsa.​—Johane 13:34, 35.

a Molao oo o ka Se-Latin o bidiwang lex talionis o ne o dirisiwa bogologolo mo dilong tsa semolao.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela