Poeletso ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
Tshedimosetso eno e tla dirisiwa mo thulaganyong ya Pokano ya Tirelo pele phuthego e ya kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya ngwaga wa tirelo wa 2006 le fa e tswa kwa go yone. Molebedi yo o okamelang o tla rulaganya gore dintlha tseno di tlotlwe leng pele ga kopano le gore poeletso e tla dirwa leng morago ga yone jaaka go tlhalositswe mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 2004, tsebe 4. Ka nako ya poeletso, go bodiwe dipotso tsotlhe, mme go gatelelwe gore re ka dirisa jang tshedimosetso e re ithutileng yone.
THULAGANYO YA MO MOSONG
1. Go boloka leitlho la gago le sa raraana go rayang, mme ke ka ntlha yang fa go se motlhofo go dira jalo gompieno? (“Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Dira Gore Leitlho la Gago le Nne le sa Raraana?”)
2. Re solegelwa molemo jang ke go boloka leitlho la rona le sa raraana? (“Bona Masego ka Ntlha ya go Dira Gore Leitlho la Gago le Nne le sa Raraana”)
3. Ditiro tse dintsi tse go tweng ke tse di tlwaelegileng fela di na le dikotsi dife? (“Go Dira Gore Leitlho le Nne le sa Raraana mo Lefatsheng le le Boikepo”)
THULAGANYO YA THAPAMA
4. Batsadi le ba bangwe ba ka kgothatsa jang basha go gagamalela mekgele ya semoya? (“Batsadi ba ba Lebaganyang Metswi ya Bone Sentle”)
5. Re ka gatela pele jang le phuthego ya ga Jehofa (a) motho ka bongwe? (b) jaaka malapa? (c) jaaka phuthego? (“Tlhoma Mogopolo mo go Gateleng Pele le Phuthego ya ga Jehofa”)