LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/05 ts. 5
  • Poeletso ya Dintlha Tsa Kopano ya Potologo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Poeletso ya Dintlha Tsa Kopano ya Potologo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thulaganyo e Ntšha ya go Boeletsa Dintlha Tsa Kopano
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Poeletso ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Poeletso ya Dintlha Tsa Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 8/05 ts. 5

Poeletso ya Dintlha Tsa Kopano ya Potologo

Tshedimosetso eno e tla dirisiwa mo thulaganyong ya Pokano ya Tirelo pele phuthego e ya kwa kopanong ya potologo ya ngwaga wa tirelo wa 2006 le fa e tswa kwa go yone. Molebedi yo o okamelang o tla rulaganya gore dintlha tseno di tlotlwe leng pele ga kopano le gore poeletso e tla dirwa leng morago ga yone jaaka go tlhalositswe mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 2004, tsebe 4. Ka nako ya poeletso, go bodiwe dipotso tsotlhe, mme go gatelelwe gore re ka dirisa jang tshedimosetso e re ithutileng yone.

LETSATSI LA NTLHA

1. Re ka apara botho jo bosha jang, mme re ka nna re bo tlhokometse ka tsela efe?

2. Bangwe ba ile ba oketsa jang seabe sa bone mo tirong ya go rera?

3. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go ipapisa le batho ba bangwe?

4. Maloko a lelapa a ka bontsha jang botho jo bosha mo lelapeng?

5. Re ka bontsha jang gore re tshegetsa phuthego ka boikanyegi?

6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bontsha botho jo bosha mo bodireding jwa tshimo?

7. Go tlhatlhanya ka tsela e e siameng go akaretsa eng, mme re solegelwa molemo jang fa re tlhatlhanya ka tsela e e ntseng jalo?

8. Ke dinonofo dife tse di ka dirang gore Jehofa a kgone go bopa botho jwa rona?

LETSATSI LA BOBEDI

9. Go botlhokwa go le kana kang go dirisa loleme ka tsela e e siameng?

10. Re solegelwa molemo jang fa re dirisa puo e e siameng fa re bua le badiri mmogo, ba re tsenang sekolo le bone le ba bangwe?

11. Re ka dirisa jang kgakololo ya ga Paulo e e mo go Baefeso 4:25-32 fa re dirisana le badumedi ka rona?

12. Tsela e e tlotlegang thata e loleme lo ka dirisiwang ka yone ke efe?

13. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re kgone go fenya yo o bosula?

14. Ke mo maemong afe a mo go one re tshwanetseng go leka go nna re se na selabe sepe se se tswang mo lefatsheng?

15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ntšhafatsa motho yo o kafa teng ka metlha, mme re ka dira seno jang?

16. O ikaeletse go dirisa kgakololo efe e e tswang mo thulaganyong ya kopano ya potologo ya monongwaga?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela