LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/05 ts. 5
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tswelela o Apara “Botho jo Bosha” Le fa O Sena go Kolobediwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Poeletso ya Dintlha Tsa Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 8/05 ts. 5

Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo

Mo malatsing a bofelo a lefatshe leno le le boikepo, go botlhokwa gore re boloke diaparo tsa rona tsa semoya mme re sireletse se re leng sone jaaka Bakeresete. (Tshen. 16:15) Ka jalo, go a tshwanela go bo setlhogo sa thulaganyo ya kopano ya potologo ya ngwaga wa tirelo wa 2006 se re “Lo Apare Botho jo Bosha.”—Bakol. 3:10.

Letsatsi la Ntlha: Puo ya ntlha ya neeletsano e e reng “Go Bontsha Dikarolo Tse Dingwe Tsa Botho jo Bosha,” e tla gatelela kafa go lwela go nna le botho jo bosha go re solegelang molemo ka gone mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa rona. Re ka lwela jang go nna le botho jono jo bosha? Potso eo e tla sekasekiwa mo dipuong tsa bofelo tse pedi mo letsatsing la ntlha, tse di reng “Itaye Thata Gore o Tlhatlhanye ka Tshwanelo” le “Thuto e e Bopang Botho jo Bosha.”

Letsatsi la Bobedi: Mo puong ya bobedi ya neeletsano e e reng “Go Lwela go Nna le Loleme Lwa ba ba Botlhale,” go tla tlotliwa kafa botho jo bosha bo tlhotlheletsang tsela e re dirisang loleme ka yone. Puo ya phatlalatsa e tla nna le setlhogo se se reng “A o Fenya yo o Bosula?” mme e tla gatelela botlhokwa jwa go nna re etse maano a ga Satane tlhoko. Dipuo tse pedi tsa bofelo tsa kopano tse di reng “Ipoloke O se Na Selabe se se Tswang mo Lefatsheng” le “Go Nna re Ntšhafatsa Motho yo re Leng Ene mo Teng Letsatsi le Letsatsi” di tla re thusa go gana mekgwa le boitshwaro tse di sa dumalaneng le ditsela tse di siameng tsa Modimo le gore re nne re nitame mo kobamelong ya ga Jehofa.

A bo re lebeletse pele jang ne go kgothadiwa gore re apare le go boloka botho jo bosha!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela