THUTO 48
Mokgwa wa go Ntsha Mabaka
RE ITUMELELA kafa Lefoko la Modimo le fetotseng matshelo a rona ka teng, mme re batla gore ba bangwe le bone ba solegelwe molemo fela jalo. Mo godimo ga moo, re lemoga gore tsela e batho ba amogelang dikgang tse di molemo ka yone e tla ama isagwe ya bone. (Math. 7:13, 14; Joh. 12:48) Re eletsa ka pelo yotlhe gore ba amogele boammaaruri. Le fa go ntse jalo, mo godimo ga tumelo ya rona e e nonofileng le tlhoafalo e re e bontshang, re tshwanetse go nna le temogo gore re tle re nne le matswela a a molemo.
Gantsi batho ga ba na go amogela se re se buang fa re bua ka go phantsha fela fa re ba bolelela boammaaruri jo bo senolang gore se ba ntseng ba se dumela ga se boammaaruri, le fa go ka tswa go na le lenaane le leleele la Dikwalo tse di tshegetsang se re se buang. Ka sekai, fa re nnela go nyatsa meletlo mengwe e batho ba e ratang thata re ba bolelela fela gore e simolotse kwa boheitaneng, seno se ka nna sa se ka sa ba thusa go fetola tsela e ba ikutlwang ka yone ka meletlo eo. Gantsi o ka atlega thata fa o bua le motho o mo ntshetsa mabaka. Go tlhokega eng gore motho a nne tekatekano ka tsela e e ntseng jalo?
Dikwalo di re bolelela gore “botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . bo na le kagiso, bo tekatekano.” (Jak. 3:17) Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “tekatekano” fano totatota le raya “go ineela.” Dithanolo dingwe di le ranola ka go re “go akanyetsa,” “bonolo,” kgotsa “go itshoka.” Ela tlhoko gore go nna tekatekano go tsamaisana le go rata kagiso. Mo go Tito 3:2, go umakiwa mmogo le bonolo mme ga go tsamaisane le go rata ntwa. Bafilipi 4:5 e re kgothaletsa gore re itsiwe re le batho ba ba “tekatekano.” Motho yo o tekatekano o akanyetsa tsela e motho yo a buang le ene a godileng ka yone le tsela e a ikutlwang ka yone. O iketleeditse go ineela fa go tshwanela gore a dire jalo. Go dirisana le ba bangwe ka tsela e e ntseng jalo go thusa go bula megopolo le dipelo tsa bone gore ba reetse fa re ba ntshetsa mabaka go tswa mo Dikwalong.
Fa o Ka Simololang Gone. Rahisitori e bong Luke o bega gore fa moaposetoloi Paulo a ne a le kwa Thesalonika, o ne a dirisa Dikwalo, “a tlhalosa e bile a ntsha bosupi ka go nopola gore go ne go tlhokega gore Keresete a boge le go tsoga mo baswing.” (Dit. 17:2, 3) Se se kgatlhang ke gore Paulo o ne a dira seno mo sinagogeng ya Bajuda. Ba a neng a bua le bone ba ne ba dumela gore Dikwalo Tsa Sehebera di boammaaruri. Ka jalo go ne go tshwanela gore a simolole ka se ba neng ba se dumela.
Fa Paulo a ne a bua le Bagerika kwa Areopago kwa Athena, ga a ka a simolola ka go umaka Dikwalo. Go na le moo, o ne a simolola ka dilo tse ba neng ba di itse e bile ba di dumela, mme o ne a di dirisa ka tsela e e neng ya dira gore ba akanye ka Mmopi le maikaelelo a Gagwe.—Dit. 17:22-31.
Gompieno jaana go na le batho ba le dimilione di le dikete ba ba sa dumeleng mo Baebeleng. Mme mo e batlang e nna mongwe le mongwe o amiwa ke mathata a tsamaiso ya gone jaanong ya dilo. Batho ba eletsa sengwe se se botoka. Fa o simolola ka go ba bontsha gore o a amega ka se se ba tshwenyang o bo o ba bontsha kafa Baebele e se tlhalosang ka gone, go bua le bone ka tsela e e ntseng jalo e e tekatekano go ka nna ga dira gore ba reetse se Baebele e se buang ka boikaelelo jwa Modimo ka batho.
Motho yo o ithutang Baebele yono a ka tswa a tsere ditumelo dingwe tsa bodumedi le ditlwaelo dingwe mo batsading ba gagwe. Jaanong, motho yo o ithutang yono o ithuta gore ditumelo le ditlwaelo tseo ga di itumedise Modimo, mme o a di tlogela a bo a simolola go dumela se Baebele e se rutang. Motho yono a ka tlhalosetsa batsadi ba gagwe jang tshwetso e a e dirileng? Ba ka nna ba nna le maikutlo a gore ka go latlha bodumedi jo a godisitsweng ka jone o latlha bone. Moithuti yono wa Baebele a ka nna a swetsa ka gore pele a leka go tlhalosetsa batsadi ba gagwe lebaka la tshwetso e a e dirileng a dirisa Baebele, o tla tshwanelwa ke go ba tlhomamisetsa gore o a ba rata e bile o a ba tlotla.
Nako ya go Ineela. Le fa Jehofa ka boene a na le taolo e e feletseng ya go laela, o tekatekano ka tsela e e tlhomologileng. Fa baengele ba ga Jehofa ba ne ba ntsha Lote le lelapa la gagwe kwa Sodoma, ba ne ba mo raya ba re: “Falolela kwa kgaolong e e dithaba e se re kgotsa wa gogolwa!” Le fa go ntse jalo, Lote o ne a kopa a re: “E seng jalo, tsweetswee, Jehofa!” O ne a kopa gore a letlelelwe go tshabela kwa Soare. Jehofa o ne a bontsha Lote gore o a mo akanyetsa ka go mo letla gore a tshabele gone; ka jalo fa metse e mengwe e ne e senngwa, Soare ga ya ka ya senngwa. Le fa go ntse jalo, moragonyana Lote o ne a ikobela taelo ya ntlha ya ga Jehofa mme a fudugela kwa kgaolong e e dithaba. (Gen. 19:17-30) Jehofa o ne a itse gore se a neng a batla go se dira se ne se siame, mme o ne a akanyetsa Lote ka bopelotelele go fitlha Lote a tlhaloganya gore se Jehofa a neng a batla go se dira se ne se siame.
Le rona re tshwanetse go nna tekatekano gore re kgone go dirisana le ba bangwe sentle. Re ka nna ra bo re tlhomamisega gore se motho yo mongwe a se buang ga se boammaaruri, e bile re ka tswa re na le mabaka mangwe a a nonofileng a a ka bontshang seno. Mme ka dinako tse dingwe go botoka go se pateletse motho yo mongwe go amogela se re se buang. Go nna tekatekano ga go bolele go repisa melao ya ga Jehofa. Go ka nna ga nna botoka fela gore o leboge motho yo o buang le ene go bo a tlhalositse maikutlo a gagwe kgotsa gore o se ka wa ganetsa sengwe le sengwe se a se buang se se seng boammaaruri, gore o tle o tlhome mogopolo mo go tlotleng ka sengwe se se tla nnang le matswela a a molemo. O se ka wa galefa le fa a kgala se o se dumelang. O ka nna wa mmotsa gore ke ka ntlha yang fa a ikutlwa ka tsela e a ikutlwang ka yone. Mo reetse ka kelotlhoko fa a go araba. Seno se tla dira gore o lemoge kafa a akanyang ka gone. E bile se ka nna sa bula sebaka sa gore lo boe lo buisane gape nako nngwe mo isagweng.—Dia. 16:23; 19:11.
Jehofa o neile batho bokgoni jwa go itlhophela. O ba letla gore ba dirise bokgoni jo ba nang le jone jwa go itlhophela le fa ba ka nna ba se ka ba bo dirisa ka botlhale. Joshua, jaaka mmueledi wa ga Jehofa, o ne a tlotla le Baiseraele ka tsela e Modimo a neng a dirisana le bone ka yone. Morago ga moo a re: “Jaanong fa go le bosula mo matlhong a lona go direla Jehofa, itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang, e ka ne e le medimo e borraalonamogologolwane ba ba neng ba le ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka ba neng ba e direla kgotsa medimo ya Baamore ba lo nnang mo lefatsheng la bone. Mme nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.” (Josh. 24:15) Se re tshwanetseng go se dira gompieno ke go neela “bosupi,” re bua re tlhatswegile pelo, mme ga re pateletse ba bangwe go dumela. (Math. 24:14) Ba tshwanetse go itlhophela, mme ga re ba amoge tshwanelo eo.
Botsa Dipotso. Jesu o ne a tlhoma sekao se se tlhomologileng tota sa go ntshetsa batho mabaka. O ne a akanyetsa tsela e ba godisitsweng ka yone le go dirisa ditshwantsho tse ba neng ba tla di tlhaloganya ka bonako. Gape o ne a dirisa dipotso ka tsela e e nang le matswela. Seno se ne sa naya ba bangwe sebaka sa go tlhalosa maikutlo a bone le go senola se se leng mo dipelong tsa bone. Gape se ne se ba kgothaletsa go akanya ka kgang e go neng go tlotlwa ka yone.
Monna mongwe yo e neng e le moitse wa Molao o ne a botsa Jesu jaana: “Moruti, ke tla rua botshelo jo bosakhutleng ka go dira eng?” Jesu o ka bo a mo neile karabo motlhofo fela. Mme o ne a kopa monna yono go tlhalosa maikutlo a gagwe. “Go kwadilwe eng mo Molaong? O bala jang?” Monna yono o ne a araba sentle. A karabo ya gagwe e e siameng e ne ya dira gore ba emise motlotlo wa bone gone foo? Le eseng. Jesu o ne a letla monna yono gore a tswelele pele go bua, mme potso e monna yono a neng a e botsa e ne ya bontsha gore o leka go itira yo o siameng. O ne a botsa jaana: “Ke mang tota yo e leng moagelani wa me?” Go na le gore Jesu a mo neye karabo, e monna yono a neng a ka nna a e ganetsa ka ntlha ya maikutlo a Bajuda ba neng ba na le one ka Baditšhaba le Basamarea, o ne a mo kopa gore a akanye ka setshwantsho sengwe. E ne e le sa Mosamarea yo o molemo yo o neng a thusa motho mongwe yo o neng a tsere loeto, yo o neng a thukuthiwa a ba a itewa, yo moperesiti le Molefi ba sa mo thusang. Jesu o ne a tlhomamisa gore monna yono o tshwara ntlha ka go dirisa potso fela e e motlhofo. Tsela e Jesu a neng a ntsha mabaka ka yone e ne ya dira gore lereo le le reng “moagelani” le nne le bokao jo monna yono a iseng a ke a bo lemoge. (Luke 10:25-37) A bo e le sekao se se molemo jang ne se re ka se etsang! Go na le gore o bue o le esi, mo tota go rayang gore o akanya gore o itse se mong wa ntlo a se akanyang, ithute go dirisa dipotso le ditshwantsho ka botlhale go kgothaletsa moreetsi wa gago go akanya.
Ntsha Mabaka. Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua a le mo sinagogeng kwa Thesalonika, ga a ka a bala fela dikwalo tse bareetsi ba gagwe ba neng ba di dumela. Luke o bega gore Paulo o ne a tlhalosa, a ntsha bosupi e bile a bontsha kafa se a neng a se bala se ka dirisiwang ka gone. Ka ntlha ya moo, “bangwe ba bone ba nna badumedi ba bo ba ikopanya le Paulo le Silase.”—Dit. 17:1-4.
Go sa kgathalesege gore o reeditswe ke bomang, fa o ba ntshetsa mabaka ka tsela e e ntseng jalo ba ka solegelwa molemo. Go nna jalo fa o neela ba losika bosupi, fa o bua le badiri ka wena kgotsa ba o tsenang sekolo le bone, fa o bua le batho ba o sa ba itseng mo bodireding jwa phatlalatsa, fa o tshwere thuto ya Baebele kgotsa o neetse puo mo phuthegong. Fa o bala temana, o ka tswa o tlhaloganya sentle se e se kayang mme motho yo mongwe ene a ka nna a bo a sa e tlhaloganye. Tsela e o e tlhalosang ka yone kgotsa tsela e o bontshang ka yone kafa e ka dirisiwang ka gone e ka nna ya utlwala e le go mo gatelela go amogela pono ya gago. A go tlhopha dipolelo dingwe tsa konokono mo temaneng eo le go di tlhalosa go ka thusa? A o ka tshegetsa ntlha ya gago ka bosupi, gongwe e le jo bo tswang mo ditemaneng tse di dikologileng e o e balang kgotsa jo bo tswang mo temaneng e nngwe e e buang ka kgang e lo tlotlang ka yone? A o ka dirisa setshwantsho sengwe go bontsha gore se o se buileng se a utlwala? A dipotso di ka thusa bareetsi go akanya ka kgang e o tlotlang ka yone? Go ntshetsa bareetsi mabaka ka tsela e e ntseng jalo go dira gore ba amogele se o se buang e bile go dira gore ba akanye thata ka sone.