LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wt kgao. 7 ts. 60-69
  • Se go Letla Boikepo ga Modimo Go se Re Rutang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se go Letla Boikepo ga Modimo Go se Re Rutang
  • Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ka Ntlha ya Leina la Gagwe le Legolo
  • ‘A Boteng Jwa Botlhale Jwa Modimo!’
  • Sebaka sa go Bontsha Boineelo Jwa Rona
  • Re ka Solegelwa Molemo fa re Itshokela go Boga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Ke Eng Fa Modimo O Letlile Pogo Gore E Tswelele?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
    “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
  • Jehofa ke Modimo yo o Pelotelele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
wt kgao. 7 ts. 60-69

Kgaolo Ya Bosupa

Se go Letla Boikepo ga Modimo Go se Re Rutang

1, 2. (a) Fa Jehofa a ka bo a ile a bolaya batsuolodi ba kwa Edene ka bonako fela, seo se ka bo se re amile jang? (b) Jehofa o re diretse dithulaganyo dife ka lorato?

TLHOGO ya lotso e bong Jakobe o ne a re: “Malatsi a dingwaga tsa botshelo jwa me a itshupile a le mmalwa e bile a tletse matshwenyego.” (Genesise 47:9) Jobe le ene o ne a re motho o “botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego.” (Jobe 14:1) Bontsi jwa rona re kile ra nna le mathata fela jaaka bone, ra se tshwarwe sentle, ra ba ra welwa ke masetlapelo. Le fa go ntse jalo, go tsholwa ga rona e ne e se go tlhoka tshiamiso ga Modimo. Ke boammaaruri gore ga re na megopolo le mebele e e itekanetseng le legae la Paradaise tse Adame le Efa ba neng ba na le tsone kwa tshimologong. Mme go tweng fa Jehofa a ka bo a ba bolaile fela fa ba tsuologa? Le fa gone bolwetse, bohutsana kgotsa loso di ka bo di seyo, le batho ba ka bo ba seyo. Re ka bo re sa tsholwa. Ka bopelotlhomogi, Modimo o ne a fa Adame le Efa nako ya gore ba tshole bana, le fa bana bao ba ile ba rua bosaitekanelang. Mme Jehofa o ne a rulaganya ka Keresete gore re boelwe ke se Adame a neng a se latlhile—botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.—Johane 10:10; Baroma 5:12.

2 A bo go re kgothatsa jang ne go bo re kgona go leba pele kwa botshelong jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha mo tikologong ya Paradaise, kwa re tla bong re sa tlhole re lwala, re hutsafala, re utlwa botlhoko, re swa e bile go sa tlhole go na le batho ba ba boikepo! (Diane 2:21, 22; Tshenolo 21:4, 5) Mme se se kwadilweng mo Baebeleng se re bontsha gore le fa go ka tswa go le botlhokwa thata mo go rona le mo go Jehofa gore re bolokwe, go na le sengwe se se botlhokwa le go feta se se amegang.

Ka Ntlha ya Leina la Gagwe le Legolo

3. Go diragadiwa ga boikaelelo jwa ga Jehofa ka lefatshe le batho go ama eng?

3 Go diragadiwa ga boikaelelo jwa Modimo malebana le lefatshe le batho go ama leina la gagwe. Leina leo, Jehofa, le kaya “O Dira Gore go Diragale.” Ka jalo leina la gagwe le akaretsa se a itsegeng ka sone jaaka Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe, Modiragatsamaikaelelo le Modimo wa boammaaruri. Ka ntlha ya maemo a ga Jehofa, leina la gagwe le sotlhe se se amanang le lone se tshwanetse sa newa tlotlo e e feletseng e bile batho botlhe ba tshwanetse gore ba mo ikobele e le gore lobopo lotlhe lo nne le kagiso le katlego.

4. Boikaelelo jwa ga Jehofa ka lefatshe bo ne bo akaretsa eng?

4 Fa Jehofa a sena go bopa Adame le Efa, o ne a ba naya kabelo e ba neng ba tshwanetse go e diragatsa. O ne a tlhalosa sentle gore boikaelelo jwa gagwe e ne e se fela gore ba fenye lefatshe lotlhe—ka go rialo ba atolosa melelwane ya Paradaise—mme gape e ne e le gore ba le tlatse ka ditlogolwana tsa bone. (Genesise 1:28) A boikaelelo jono bo ne bo tlile go palelwa ka ntlha ya boleo jwa bone? A bo e ne e tla nna kgobo e kgolo jang ne mo leineng la ga Jehofa mothatayotlhe fa a ne a ka se kgone go diragatsa boikaelelo jwa gagwe malebana le lefatshe leno le batho!

5. (a) Fa batho ba ntlha ba ne ba ka ja leungo la setlhare sa kitso ya molemo le bosula, ba ne ba tla swa leng? (b) Jehofa o ne a diragatsa lefoko la gagwe le le mo go Genesise 2:17 jang mme a ntse a tlotla boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe?

5 Jehofa o ne a tlhagisitse Adame le Efa gore fa ba ne ba ka tlhoka kutlo mme ba ja leungo la setlhare sa kitso ya molemo le bosula, ba ne ba tla swa “ka letsatsi” le ba le jang ka lone. (Genesise 2:17) Fela jaaka Jehofa a ne a boletse, o ne a ba sekisa ka lone letsatsi le ba leofileng ka lone a bo a bolela katlholo ya loso. Kafa Modimo a lebang dilo ka teng, Adame le Efa ba sule ka lone letsatsi leo. Le fa go ntse jalo, pele ba swa ka tsela ya mmatota, Jehofa o ne a ba letla gore ba nne le lelapa gore ba diragatse boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe. Le fa go ntse jalo, e re ka Modimo a kgona go leba dingwaga tse 1 000 e le letsatsi le le lengwe fela, fa Adame a ne a swa a na le dingwaga di le 930, e ne e le mo ‘letsatsing’ le le lengwe fela. (2 Petere 3:8; Genesise 5:3-5) Ka gone boammaaruri jwa ga Jehofa malebana le gore kotlhao e ne e tla diragala leng bo ne jwa nna bo eme, mme boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe ga bo a ka jwa emisiwa ke go swa ga bone. Mme le fa go ntse jalo, batho ba ba sa itekanelang, go akaretsa le baikepi, ba ntse ba letleletswe go tshela ka lobakanyana.

6, 7. (a) Go ya ka Ekesodo 9:15, 16, ke ka ntlha yang fa Jehofa a letlelela baikepi ba tswelela pele ka lobakanyana? (b) Mo kgannyeng ya ga Faro, maatla a ga Jehofa a ne a bontshiwa jang, mme leina la Gagwe le ne la itsisiwe jang? (c) Diphelelo e tla nna eng fa tsamaiso ya jaanong e e boikepo e fela?

6 Se Jehofa a neng a se raya mmusi wa Egepeto mo metlheng ya ga Moshe le sone se bontsha lebaka la go bo Modimo a letleletse baikepi go tswelela pele. Fa Faro a ne a kganela bana ba Iseraele go tswa kwa Egepeto, Jehofa ga a ka a mmolaya ka yone nako eo. Go ne ga tlisiwa Dipetso tse di Lesome mo nageng, tse di neng di bontsha maatla a ga Jehofa ka ditsela tse di gakgamatsang. Fa Jehofa a ne a tlhagisa ka petso ya bosupa, o ne a bolelela Faro gore O ka bo a ile a bolaya Faro le batho ba gagwe motlhofo fela a ba tlosa mo lefatsheng. Jehofa o ne a re: “Mme tota, ke go tlogetse o ntse o le gone ka lebaka leno, gore ke go bontshe maatla a me le gore leina la me le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.”—Ekesodo 9:15, 16.

7 Fa Jehofa a ne a golola Baiseraele, eleruri leina la gagwe le ne la itsewe lefatshe ka bophara. (Joshua 2:1, 9-11) Gompieno, dingwaga di ka nna 3 500 moragonyana, se a se dirileng morago koo ga se a lebalwa. Ga go a ka ga bolelwa leina la ga Jehofa fela mme go boletswe le boammaaruri kaga Ene mong wa leina leo. Seno se ne sa tlhomamisa se Jehofa a itsegeng ka sone gore ke Modimo yo o bolokang ditsholofetso tsa gagwe le yo o tsayang kgato go thusa batlhanka ba gagwe. (Joshua 23:14) Se ne sa bontsha gore ka ntlha ya maatla a gagwe jaaka e le mothatayotlhe, ga go na se se ka thibang boikaelelo jwa gagwe. (Isaia 14:24, 27) Ka jalo re ka tlhomamisega gore go ise go ye kae o tla tsaya kgato go thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka go senya tsamaiso yotlhe e e boikepo ya ga Satane. Kgato eo e e bontshang maatla a mothatayotlhe le kgalalelo e kgato eno e e tlisetsang leina la ga Jehofa ga di ka ke tsa lebalwa le ka motlha. Go tla nna le melemo e mentsintsi.—Esekiele 38:23; Tshenolo 19:1, 2.

‘A Boteng Jwa Botlhale Jwa Modimo!’

8. Paulo o re rotloetsa go ela tlhoko dintlha dife?

8 Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Baroma, o botsa potso eno: “A go na le botlhokatshiamiso mo Modimong?” O araba jaana a gatelela: “Le ka motlha e kete go ka se ka ga nna jalo!” Go tswa foo o gatelela kutlwelobotlhoko ya Modimo a bo a umaka se Jehofa a se boletseng malebana le go letla Faro gore a tswelele a tshela ka lobakanyana. Paulo gape o bontsha gore rona batho re tshwana le letsopa mo diatleng tsa mmopi. Go tswa foo a re: “Jaanong, fa Modimo, le mororo a na le thato ya go bontsha tšhakgalo ya gagwe le go itsise maatla a gagwe, a ne a leseletsa dijana tsa tšhakgalo tse di dirilweng gore di tshwanele tshenyego ka go nna pelotelele thata, gore a itsise dikhumo tsa kgalalelo ya gagwe mo dijaneng tsa kutlwelobotlhoko, tse a neng a di baakanya go sa le pele a di baakanyetsa kgalalelo, e bong, rona, ba a neng a ba bitsa, e seng fela mo Bajudeng mme gape mo ditšhabeng, molato wa gone ke eng?”—Baroma 9:14-24.

9. (a) “Dijana tsa tšhakgalo tse di dirilweng gore di tshwanele tshenyego” ke bomang? (b) Ke eng fa Jehofa a ile a bontsha bopelotelele jo bogolo le fa a ganediwa, mme diphelelo tsa gone di tla solegela ba ba mo ratang molemo jang?

9 Fa e sa le ka botsuolodi jwa kwa Edene, batho bape ba ba ileng ba ganetsa Jehofa le melao ya gagwe e ntse e le “dijana tsa tšhakgalo tse di dirilweng gore di tshwanele tshenyego.” Fa e sa le ka nako eo, Jehofa o ntse a le pelotelele nako e yotlhe. Baikepi ba ile ba sotla ditsela tsa gagwe, ba bogisa batlhanka ba gagwe, ba bo ba bolaya Morwawe. Jehofa o ile a bontsha boikgapo tota ka go letla gore go fete nako e e lekaneng gore popo yotlhe e bone ka botlalo diphelelo tse di botlhoko tsa go tsuologela Modimo le go ipusa kwantle ga gagwe. Gape, loso lwa ga Jesu lo dirile gore batho ba ba kutlo ba kgone go gololwa le gore ‘ditiro tsa ga Diabolo di senngwe.’—1 Johane 3:8; Bahebera 2:14, 15.

10. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a itshokela baikepi ka dingwaga tse 1 900 tse di fetileng?

10 Mo dingwageng tse di fetang 1 900 fa e sa le Jesu a tsosiwa, Jehofa o ile a nna a tswelela pele a itshokela “dijana tsa tšhakgalo,” a diegisa go senngwa ga tsone. Ka ntlha yang? Sa ntlha, ka gonne o ntse a rulaganya bao ba tla kopanelang le Jesu Keresete mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. Bano ba 144 000 ka palo, mme ke ‘dijana tsa kutlwelobotlhoko’ tse moaposetoloi Paulo a buileng ka tsone. Sa ntlha, batho ba ba tswang mo Bajudeng ba ne ba lalediwa go bopa setlhopha seno sa selegodimo. Moragonyana Modimo o ne a laletsa batho ba merafe ya Baditšhaba. Jehofa ga a pateletsa bape mo go bone gore ba mo direle. Mme bangwe ba bao ba neng ba bontsha go anaanela dithulaganyo tsa gagwe tse di lorato, o ne a ba naya tshiamelo ya go busa le Morwawe mo Bogosing jwa selegodimo. Go rulaganngwa ga setlhopha seo sa selegodimo jaanong go batla go wetse.—Luke 22:29; Tshenolo 14:1-4.

11. (a) Ke setlhopha sefe se jaanong se solegelwang molemo ke bopelotelele jwa ga Jehofa? (b) Baswi ba tla solegelwa molemo jang?

11 Mme go tla diragalang ka banni ba lefatshe? Bopelotelele jwa ga Jehofa gape bo dirile gore go kgonege go kokoanya “boidiidi jo bogolo” go tswa mo ditšhabeng tsotlhe. Jaanong palo ya bone e fitlha go dimilione. Jehofa o solofeditse gore setlhopha seno sa mo lefatsheng se tla falola bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo mme se nne le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Tshenolo 7:9, 10; Pesalema 37:29; Johane 10:16) Ka nako ya Modimo e e tshwanetseng, boidiidi jwa baswi ba tla tsosiwa mme ba newe sebaka sa go nna babusiwa ba ba nnang mo lefatsheng ba Bogosi jwa selegodimo. Lefoko la Modimo le bolelela pele jaana mo go Ditiro 24:15: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Johane 5:28, 29.

12. (a) Lebaka la go bo Jehofa a itshoketse boikepo le re rutile eng ka ga gagwe? (b) O ikutlwa jang ka tsela e Jehofa a dirileng ka yone mo dikgannyeng tseno?

12 A go ile ga nna le botlhokatshiamiso bope mo go sotlhe seno? Nnyaa, ka gonne fa Modimo a diegisa go senya baikepi, kgotsa “dijana tsa tšhakgalo,” tota o bontsha ba bangwe bopelotlhomogi, go dumalana le boikaelelo jwa gagwe. Seno se bontsha kafa a leng pelotlhomogi le lorato ka teng. Mo godimo ga moo, e re ka re nnile le nako ya go bona boikaelelo jwa gagwe bo diragala, re ithuta mo gontsi kaga Jehofa ka boene. Re gakgamalela dikarolo tse di farologaneng tsa botho jwa gagwe tse di senogang—tshiamiso ya gagwe, kutlwelobotlhoko ya gagwe, bopelotelele jwa gagwe, botlhale jwa gagwe jo bo methalethale. Jehofa o ne a dirisa botlhale go rarabolola kgang ya bolaodi jwa lobopo lotlhe—e leng tshwanelo ya gagwe ya go busa—mme seo e tla nna e le bosupi ka bosakhutleng jwa gore tsela e a busang ka yone ke yone e e molemolemo. Re bolela jaana le moaposetoloi Paulo: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso! A bo dikatlholo tsa gagwe di ka se ka tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa gagwe e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa!”—Baroma 11:33.

Sebaka sa go Bontsha Boineelo Jwa Rona

13. Fa re boga, re nna le sebaka sa go dira eng, mme ke eng se se tla re thusang go arabela ka tsela e e botlhale?

13 Batlhanka ba Modimo ba le bantsi ba mo maemong a a dirang gore ba boge. Ba tswelela pele ba boga ka gonne Modimo ga a ise a senye baikepi le go tsosolosa batho jaaka go boleletswe pele. A seno se tshwanetse sa re utlwisa botlhoko? Kgotsa a re ka bona maemo ano e le sebaka sa gore re tsenye letsogo mo go supeng gore Diabolo ke moaki? Re ka kgona go dira jalo fa re nna re gopotse kgothatso eno: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” (Diane 27:11) Satane, ene yo o sotlang Jehofa, o ne a bolela gore fa batho ba latlhegelwa ke dilo tsa bone kgotsa ba utlwisiwa botlhoko mo mmeleng, ba tla pega Modimo molato, ba bo ba mo tlhapatse. (Jobe 1:9-11; 2:4, 5) Re ipedisa pelo ya ga Jehofa fa re bontsha gore rona ga re a nna jalo ka go ikanyega mo go ene le fa re lekwa.

14. Fa re ikaega ka Jehofa fa re le mo ditekong, re ka solegelwa molemo jang?

14 Fa re ikaega ka Jehofa fa re le mo ditekong, re ka nna le dinonofo tse di molemolemo. Ka sekai, ka ntlha ya dilo tse Jesu a neng a di boga, o ne a “ithuta kutlo” ka tsela e a neng a ntse a sa e itse pele. Le rona re ka ithuta mo ditekong tsa rona ka gonne re ka nna le bopelotelele le boitshoko e bile re ka anaanela thata ditsela tsa ga Jehofa tsa tshiamo.—Bahebera 5:8, 9; 12:11; Jakobe 1:2-4.

15. Fa re ntse re itshokela pogo ka bopelotelele, ba bangwe ba ka solegelwa molemo jang?

15 Ba bangwe ba tla ela tlhoko se re se dirang. Fa ba bona kafa re bogang ka teng ka ntlha ya go rata tshiamo, bangwe ba bone fa nako e ntse e ya ba ka nna ba lemoga gore Bakeresete ba boammaaruri ke bomang gompieno. Mme ka go kopanela le rona mo kobamelong, ba ka nna mo seemong sa go solofela masego a botshelo jo bo sa khutleng. (Mathaio 25:34-36, 40, 46) Jehofa le Morwawe ba batla gore batho ba nne le tshono eo.

16. Tsela e re lebang go boga ka yone e amana jang le kgang ya kutlwano?

16 A bo go le molemo jang ne go leba tota le maemo a a bokete e le sebaka se se tla re thusang go bontsha gore re ineetse mo go Jehofa le sa go tsenya letsogo mo go diragatseng thato ya gagwe! Go dira jalo e ka nna bosupi jwa gore ruri re tsaya kgato ya gore re nne mo kutlwanong le Modimo le Keresete. Jesu o ne a rapela Jehofa a rapelela Bakeresete botlhe ba boammaaruri, a re: “Ke a kopa, e seng kaga bano [barutwa ba gagwe ba ba gaufi nae] fela, mme le ka ga ba ba dumelang mo go nna ka lefoko la bone; gore botlhe ba tle ba nne mongwe fela, fela jaaka wena, Rara, o le seoposengwe le nna le nna ke le seoposengwe le wena, gore le bone ba tle ba nne seoposengwe le rona.”—Johane 17:20, 21.

17. Re ka solofela eng fa re ikanyega mo go Jehofa?

17 Fa re ikanyega mo go Jehofa, o tla re duela ka bopelotshweu. Lefoko la gagwe la re: “Nitamang, lo sa tshikhinyege, ka metlha lo na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena, ka lo itse gore tiro ya lona e lo e dirang ka natla ga se ya lefela mo Moreneng.” (1 Bakorintha 15:58) Gape ya re: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.” (Bahebera 6:10) Jakobe 5:11 ya re: “Bonang! Re bolela ba ba itshokileng e le ba ba itumetseng. Lo utlwile ka boitshoko jwa ga Jobe e bile lo bone phelelo e Jehofa a neng a e naya, gore Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng [lorato] e bile o kutlwelobotlhoko.” Go ne ga felela jang ka Jobe? “Fa e le Jehofa ene, a segofatsa bokhutlo jwa ga Jobe morago ga moo go feta tshimologo ya gagwe.” (Jobe 42:10-16) Ee, Jehofa ke “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Mme a bo re na le tuelo e ntle jang ne e re ka e solofelang—botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise!

18. Kgabagare go tla diragalang ka dilo dipe tse di botlhoko tse re ka tswang re di gopola?

18 Puso ya Bogosi jwa Modimo e tla fedisa tshenyo yotlhe e e diretsweng lelapa la motho mo dingwageng tse di diketekete tse di fetileng. Boitumelo jwa nako eo bo tla feta kgakala pogo epe e e re diragalelang gone jaanong. Ga re ne re tshwenngwa ke go gakologelwa sepe se se bosula sa go boga ga nako e e fetileng. Dikakanyo le ditiro tse di itumedisang tse di tla bong di tlwaelegile mo bathong ba lefatshe le lesha di tla dira gore ka iketlo ba lebale ditiragalo tse di botlhoko tse di fetileng. Jehofa a re: “Ke bopa magodimo a masha [puso ya Bogosi jo bosha jwa selegodimo jo bo tla busang batho] le lefatshe le lesha [batho ba ba siameng]; mme dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong. Mme itumeleng, lo ipele ka bosaengkae mo go se ke se bopang.” Ee, mo lefatsheng la ga Jehofa le lesha, basiami ba tla kgona go re: “Lefatshe lotlhe le ikhuditse, le dule mo matshwenyegong. Batho ba thamile e bile ba goa ka boipelo.”—Isaia 14:7; 65:17, 18.

Motlotlo wa Poeletso

• Le fa Jehofa a letla bosula, ka mo go tshwanetseng o bontshitse jang tlotlo e kgolo malebana le leina la gagwe?

• Lebaka la go bo Modimo a letleletse “dijana tsa tšhakgalo” le dirile jang gore bopelotlhomogi jwa gagwe bo fitlhe le mo go rona tota?

• Re tshwanetse ra leka go bona eng mo maemong a a dirang gore re boge?

[Ditshwantsho mo go tsebe 67]

Jehofa o ne “a segofatsa bokhutlo jwa ga Jobe morago ga moo go feta tshimologo ya gagwe”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela