Kgaolo Ya Lesomerobongwe
Tswelelang lo Bua Lefoko la Modimo ka Bopelokgale
1. (a) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba bolela dikgang dife tse di molemo, mme bangwe ba Bajuda ba ile ba itshwara jang? (b) Ke dipotso dife tse re ka di botsang?
DINGWAGA di ka nna 2 000 tse di fetileng, Morwa Modimo, Jesu Keresete, o ne a tlodiwa gore a nne Kgosi ya mo nakong e e tlang ya lefatshe lotlhe. Jesu o ne a bolawa fa baba ba gagwe ba bodumedi ba ne ba tlhotlheletsa gore a bolawe, mme Jehofa o ne a mo tsosa mo baswing. Jaanong batho ba ne ba ka bona botshelo jo bo sa khutleng ka Jesu. Le fa go ntse jalo, fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba bolela dikgang tse di molemo tseno phatlalatsa ba ne ba bogisiwa. Bangwe ba bone ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ba bo ba itewa mme ba laelwa gore ba se ka ba tlhola ba bua ka Jesu. (Ditiro 4:1-3, 17; 5:17, 18, 40) Ba ne ba tla dira eng? Wena o ka bo o dirile eng? A o ka bo o ile wa tswelela pele o rera ka bopelokgale?
2. (a) Ke dikgang dife tse di molemo thata tse di tshwanetseng tsa bolelwa mo motlheng wa rona? (b) Ke bomang ba ba nang le boikarabelo jwa go rera dikgang tse di molemo?
2 Ka 1914 Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, Jesu Keresete, o ne a bewa mo setulong sa bogosi kwa legodimong gore a buse ‘mo gare ga baba ba gagwe.’ (Pesalema 110:2) Morago ga moo, Satane le badimona ba gagwe ba ile ba latlhelwa mo lefatsheng. (Tshenolo 12:1-5, 7-12) Metlha ya bofelo ya tsamaiso e e boikepo ya gone jaanong e ne e simologile. Fa metlha eno e khutla, Modimo o tla fedisa tsamaiso yotlhe ya ga Satane ya dilo. (Daniele 2:44; Mathaio 24:21) Bafalodi ba tla nna le tebelelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le le tla nnang paradaise. Fa o amogetse dikgang tse di molemo tseno, o tla batla go di bolelela ba bangwe. (Mathaio 24:14) Mme o ka letela gore ba arabele jang?
3. (a) Batho ba arabela jang molaetsa wa Bogosi? (b) Re tshwanetse ra ipotsa potso efe?
3 Fa o bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi, batho bangwe ba ka di amogela, mme bontsi ga bo ne bo bontsha kgatlhego. (Mathaio 24:37-39) Bangwe ba ka go sotla kgotsa ba go ganetsa. Jesu o ne a tlhagisa gore kganetso e ka tswa mo go one masika a gago. (Luke 21:16-19) E ka nna ya tswa le kwa tirong kgotsa kwa sekolong. Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, Basupi ba ga Jehofa e bile ba kganetswe ke puso. Fa o lebane le maemo a a ntseng jalo, a o tla tswelela pele o bua lefoko la Modimo ka bopelokgale e bile o ‘eme o nitame mo tumelong’?—1 Bakorintha 16:13.
Go se Ikaege ka Maatla a Rona
4. (a) Gore re itshupe re le batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo, ke eng sa botlhokwa se se tlhokegang? (b) Ke eng fa dipokano tsa Bokeresete di le botlhokwa jaana?
4 Sengwe sa botlhokwa gore motho a nne motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa ke gore a ikaege ka dithulaganyo tsa gagwe. Nngwe ya tsone ke dipokano tsa phuthego. Dikwalo di re kgothaletsa gore re se ka ra di tlhokomologa. (Bahebera 10:23-25) Ba ba ileng ba tswelela pele e le Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ile ba iketleeletsa go nna teng kwa dipokanong ka metlha le baobamedi ka bone. Kwa dipokanong tseno kitso ya rona ya Dikwalo e a oketsega. Gape, tsela e re tlhaloganyang ka yone dintlha tse di itsegeng sentle tsa boammaaruri e a gola, le tsela e re lemogang ditsela tse re ka di dirisang ka yone e a tokafala. Re atamelana thata le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete fa re ntse re obamela ka kutlwano e bile re nonotshiwa gore re dire thato ya Modimo. Moya wa ga Jehofa o naya kaelo ka phuthego, mme ka ntlha ya moya oo Jesu o mo gare ga rona.—Mathaio 18:20; Tshenolo 3:6.
5. Fa Basupi ba ga Jehofa ba thibetswe, go diragalang ka dipokano?
5 A o nna teng kwa dipokanong tsotlhe ka metlha, mme se o utlwang se tlhalosiwa koo, a o se dirisa mo botshelong jwa gago? Ka dinako tse dingwe, fa Basupi ba ga Jehofa ba thibetswe, go tlhokega gore go tshwarwe dipokano ka ditlhotshwana mo magaeng a bakaulengwe. Mafelo le dinako tsa dipokano di ka fetofetoga e bile di ka nna tsa bo di sa siamela botlhe ka dinako tsotlhe, e re ka dipokano dingwe di tsena bosigo thata. Mme le fa maemo e se a a monate kgotsa a le kotsi, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikanyegang ba dira maiteko a magolo gore ba nne teng kwa pokanong nngwe le nngwe.
6. Re ka bontsha jang gore re ikaegile ka Jehofa, mme seno se ka re thusa jang gore re nne re bue ka bopelokgale?
6 Re ka ikaega ka Jehofa fa re mo rapela thapelo e e tswang pelong ka metlha, re lemoga gore re tlhoka thuso ya Modimo. A o dira jalo? Jesu o ne a rapela gangwe le gape mo bodireding jwa gagwe jwa mo lefatsheng. (Luke 3:21; 6:12, 13; 22:39-44) Mme mo bosigong jwa pele a bapolwa, o ne a rotloetsa barutwa ba gagwe jaana: “Nnang lo disitse e bile lo rapela, gore lo se ka lwa tsena mo thaelong.” (Mareko 14:38) Fa re fitlhela batho ba sa kgatlhegele molaetsa wa Bogosi, re ka raelesega go iketla mo bodireding jwa rona. Fa batho ba re sotla kgotsa ba re bogisa, re ka nna ra ikutlwa re raelesega go tlogela go rera gore re tswe mo mathateng. Mme fa re rapela ka tlhoafalo gore moya wa Modimo o re thuse gore re nne re bue ka bopelokgale, re tla sireletsega gore re se ka ra ineela mo dithaelong tseo.—Luke 11:13; Baefeso 6:18-20.
Rekoto ya go Neela Bosupi ka Bopelokgale
7. (a) Ke ka ntlha yang fa rekoto ya Ditiro e re kgatlha thata? (b) Araba dipotso tse di kwa bofelong jwa serapa seno, o gatelela kafa tshedimosetso eno e ka re solegelang molemo ka teng.
7 Rekoto e e mo bukeng ya Ditiro e re kgatlha thata rotlhe fela. E re bolelela kafa baaposetoloi le barutwa ba bangwe ba bogologolo—batho ba ba neng ba na le maikutlo a a tshwanang le a rona—ba ileng ba fenya dikgoreletsi ka teng mme ba itshupa e le basupi ba ba pelokgale le ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. A re tlhatlhobeng karolo ya rekoto eo ka thuso ya dipotso le ditemana tse di latelang tse di umakilweng fano. Fa re ntse re dira jalo, ela tlhoko gore wena ka namana o ka solegelwa molemo jang ke se o se balang.
A baaposetoloi e ne e le batho ba ba rutegileng thata? A e ne e le batho ba ka tlholego ba neng ba se na poifo, go sa kgathalesege gore go diragala eng? (Johane 18:17, 25-27; 20:19; Ditiro 4:13)
Ke eng se se neng sa dira gore Petere a kgone go bua ka bopelokgale fa pele ga kgotla ya Bajuda e e neng e atlhotse Morwa Modimo? (Mathaio 10:19, 20; Ditiro 4:8)
Baaposetoloi ba ne ba ntse ba dira eng mo dibekeng tsa pele ba tlisiwa fa pele ga Sanehederine? (Ditiro 1:14; 2:1, 42)
Fa babusi ba ne ba laela baaposetoloi gore ba tlogele go rera ka leina la ga Jesu, Petere le Johane ba ne ba araba jang? (Ditiro 4:19, 20)
Fa baaposetoloi ba sena go gololwa ba ne ba boa ba batla thuso mo go mang gape? A ba ne ba rapelela gore pogiso e eme, kgotsa jang? (Ditiro 4:24-31)
Jehofa o ne a thusa jang fa baganetsi ba ne ba leka go emisa tiro ya go rera? (Ditiro 5:17-20)
Baaposetoloi ba ne ba bontsha jang gore ba ne ba tlhaloganya lebaka la go bo ba ne ba golotswe? (Ditiro 5:21, 41, 42)
Le fa barutwa ba le bantsi ba ne ba gasame ka ntlha ya pogiso, ba ne ba tswelela pele ba dira eng? (Ditiro 8:3, 4; 11:19-21)
8. Bodiredi jwa barutwa ba bogologolo bo ile jwa nna le diphelelo dife tse di kgatlhang, mme re amega jang?
8 Tiro ya go rera dikgang tse di molemo ga e a ka ya itaya se fololetse. Go ne ga kolobediwa barutwa ba ka nna 3 000 ka Pentekosete ya 33 C.E. “Badumedi mo Moreneng ba ne ba nna ba okediwa, bontsintsi jwa banna le jwa basadi.” (Ditiro 2:41; 4:4; 5:14) Fa nako e ntse e ya, tota le mmogisi yo o setlhogo thata wa batho ba Modimo, Saulo wa Tareso, o ne a nna Mokeresete mme a simolola go neela bosupi kaga boammaaruri ka bopelokgale. Morago ga foo o ne a itsiwe e le moaposetoloi Paulo. (Bagalatia 1:22-24) Tiro e e simologileng mo lekgolong la ntlha la dingwaga ga e a ema. E ile ya oketsa lobelo mo metlheng eno ya bofelo mme e fitlhile kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Re na le tshiamelo ya go nna le seabe mo go yone, mme fa re ntse re dira jalo, re ka ithuta mo sekaong se se tlhomilweng ke basupi ba ba ikanyegang ba ba neng ba le teng pele ga rona.
9. (a) Paulo o ne a dirisa dibaka dife go neela bosupi? (b) Wena o anamisa molaetsa wa Bogosi jang mo bathong ba bangwe?
9 Fa Paulo a sena go ithuta boammaaruri ka Jesu Keresete, o ne a dirang? “Ka yone nako eo a simolola go rera Jesu . . . , gore Yono ke Morwa Modimo.” (Ditiro 9:20) O ne a leboga bopelonomi jwa Modimo jo bo sa mo tshwanelang mme a lemoga gore mongwe le mongwe o ne a tlhoka dikgang tse di molemo tse a neng a di utlwile. Paulo e ne e le Mojuda, mme kafa ngwaong ya motlha oo, o ne a ya kwa disinagogeng a ya go neela bosupi. Gape o ne a rera ka ntlo le ntlo a bontshana mabaka le batho kwa mebarakeng. Gape o ne a iketleeleditse go fudugela mo mafelong a masha a ya go rera dikgang tse di molemo.—Ditiro 17:17; 20:20; Baroma 15:23, 24.
10. (a) Paulo o ne a bontsha jang gore le fa a le pelokgale, gape o ne a dirisa temogo mo tseleng e a neelang bosupi ka yone? (b) Re ka bontsha jang dinonofo tsa ga Paulo fa re neela bosupi mo go ba losika, ba re berekang le bone kgotsa ba re tsenang sekolo le bone?
10 Paulo o ne a le pelokgale mme gape a na le temogo, jaaka fa le rona re tshwanetse ra nna jalo. O ne a ikuela mo Bajudeng ka ditsholofetso tse Modimo a di diretseng borraabonemogologolwane. Fa a bua le Bagerika o ne a dirisa dilo tse ba di tlwaetseng. Ka dinako tse dingwe fa a neela bosupi o ne a dirisa se se mo diragaletseng fa a ne a ithuta boammaaruri. O ne a re: “Ke dira dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo, gore ke tle ke di abalane le ba bangwe.”—1 Bakorintha 9:20-23; Ditiro 22:3-21.
11. (a) Paulo o ne a dirang gore a tile go ngangisana le baganetsi kgapetsa kgapetsa? (b) Re ka etsa sekao sa ga Paulo leng ka botlhale, mme jang? (c) Maatla a gore re nne re bue ka bopelokgale a tswa kae?
11 Fa kganetso e ne e dira gore go lebege go le botoka gore Paulo a rere kwa lefelong le lengwe ka nakwana, o ne a dira jalo mo boemong jwa gore a pateletse go buisana le baganetsi a bo a feleletse a ngangisana le bone kgapetsa kgapetsa. (Ditiro 14:5-7; 18:5-7; Baroma 12:18) Mme ga a ka a tlhabisiwa ditlhong ke dikgang tse di molemo. (Baroma 1:16) Le fa Paulo a ne a sa itumelele tsela e baganetsi ba gagwe ba ba se nang maitseo—le ba ba dikgoka—ba neng ba mo tshwara ka yone, o ne a “nna pelokgale ka Modimo wa rona” gore a tswelele pele a rera. O ne a re: “Morena o ne a ema gaufi le nna mme a tsenya maatla mo go nna, gore go rera go wediwe ka nna ka botlalo.” (1 Bathesalonika 2:2; 2 Timotheo 4:17) Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, Jesu, e tswelela pele go re naya maatla a re a tlhokang go dira tiro e a boleletseng pele gore e tla dirwa mo motlheng wa rona.—Mareko 13:10.
12. Ke eng se se nayang bosupi jwa bopelokgale jwa Bakeresete, mme se theilwe mo go eng?
12 Re na le mabaka a a utlwalang a go tswelela pele re bua lefoko la Modimo ka bopelokgale, fela jaaka Jesu le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo ba ile ba dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Seno ga se reye gore re se ka ra amega ka ba bangwe kgotsa gore le batho ba ba sa batleng molaetsa re o ba pateletse. Mme ga re ineele fela ka gonne batho ba se na kgatlhego; le gone ga re didimadiwe ke kganetso. Fela jaaka Jesu, re bua ka Bogosi jwa Modimo gore ke jone puso e e tshwanetseng ya lefatshe lotlhe. Re bua ka go tlhomamisega ka gonne re emela Jehofa, Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe, le ka gonne molaetsa o re o bolelang ga o tswe mo go rona mme o tswa kwa go ene. Mme tsela e re ratang Jehofa ka yone e tshwanetse ya nna sone selo se segolo se se re tlhotlheletsang go mmaka.—Bafilipi 1:27, 28; 1 Bathesalonika 2:13.
Motlotlo wa Poeletso
• Ke eng fa go le botlhokwa go bolelela mongwe le mongwe yo re ka kgonang go mmolelela molaetsa wa Bogosi, mme re ka lebelela gore batho ba itshware jang?
• Re ka bontsha jang gore ga re ikaege ka maatla a rona go direla Jehofa?
• Re ithuta dithuto dife tsa botlhokwa mo bukeng ya Ditiro?
[Ditshwantsho mo go tsebe 173]
Jaaka mo nakong e e fetileng, batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale