KGAOLO 6
Morutisi yo Mogolo O ne A Direla ba Bangwe Dilo
A O A itumela fa mongwe a go direla sengwe se sentle?— Batho ba bangwe le bone ba a itumela fa mongwe a ba direla sengwe se sentle. Rotlhe re a itumela. Morutisi yo Mogolo o ne a itse seo, mme o ne a direla batho ba bangwe dilo ka metlha. O ne a re: ‘Ga ke a tla go direlwa, mme ke tlile go direla.’—Mathaio 20:28.
Balatedi ba ga Jesu ba ne ba ngangisana ka eng?
Ka jalo fa re batla go tshwana le Morutisi yo Mogolo, ke eng se re tshwanetseng go se dira?— Re tshwanetse go direla ba bangwe dilo. Re tshwanetse go ba direla dilo tse di molemo. Ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ga ba direle ba bangwe dilo. Tota e bile, batho ba bantsi ba batla gore ka metlha ba direlwe dilo ke ba bangwe. Nako nngwe le balatedi ba ga Jesu tota ba ne ba ikutlwa jalo. Mongwe le mongwe wa bone o ne a batla go tsewa a le mogolo thata kgotsa go tsewa e le motho yo o botlhokwa thata.
Tsatsi lengwe Jesu o ne a tsamaya le barutwa ba gagwe, ba e neng e le balatedi ba gagwe. Fa ba sena go tsena mo motseng wa Kaperenama, gaufi le Lewatle la Galalea, ba ne ba tsena botlhe mo teng ga ntlo. Fa ba le koo Jesu o ne a ba botsa jaana: “Ke eng se lo neng lo ngangisana ka sone mo tseleng?” Ba ne ba didimala ka gonne mo tseleng ba ne ba ngangisana ka gore ke mang yo mogolo mo go bone.—Mareko 9:33, 34.
Jesu o ne a itse gore go ne go sa siama gore ope wa barutwa ba gagwe a akanye gore o ne a le mogolo mo go ba bangwe botlhe. Jaaka re ithutile mo kgaolong ya ntlha ya buka eno, o ne a baya ngwana yo monnye mo gare ga bone mme a ba raya a re ba tshwanetse go ikokobetsa fela jaaka ngwana yoo. Mme ga ba ka ba ithuta. Mme pele ga Jesu a swa, o ne a ba ruta thuto e ba neng ba se na go e lebala. O ne a dira eng?—
Fa ba ne ba ntse mmogo botlhe ba ja, Jesu o ne a ema a tswa fa tafoleng mme a apola diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle. A tsaya toulo, a ikgatlha ka yone mo lothekeng. A tsaya sejana a tshela metsi mo go sone. Balatedi ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba ipotsa gore o tlile go dirang. Fa ba ntse ba lebile, Jesu o ne a tla kwa go bone botlhe, a inama, mme a ba tlhapisa dinao. Go tswa foo a phimola dinao tsa bone ka toulo. Akanya fela! O ne o tla dirang fa o ne o le koo? O ne o tla ikutlwa jang?—
Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe thuto efe?
Balatedi ba gagwe ba ne ba sa bone go siame gore Morutisi yo Mogolo a ba direle jalo. Ba ne ba tlhabilwe ke ditlhong. Tota e bile, Petere o ne a sa batle gore Jesu a mo direle tiro eno ya maemo a a kwa tlase. Mme Jesu o ne a mo raya a re go botlhokwa gore ene Jesu a e dire.
Gompieno ga re tlhapisane dinao. Mme go ne go dirwa jalo fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. A o itse gore ke ka ntlha yang?— Mo lefatsheng le Jesu le balatedi ba gagwe ba neng ba nna mo go lone, batho ba ne ba rwala bompaatšhane mo dinaong. Ka jalo e ne e re fa ba tsamaya mo ditseleng tse di lerole, maoto a bone a ne a tlala lerole. E ne e le selo se sentle go tlosa lerole mo dinaong tsa motho yo o etetseng mo ntlong.
Mme mo nakong eno ga go na le fa a le mongwe wa barutwa ba ga Jesu yo o neng a ithaopela go tlhapisa ba bangwe dinao. Ka jalo Jesu o ne a ba tlhapisa dinao ka boene. Ka go dira jalo, Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe thuto e e botlhokwa thata. Ba ne ba tshwanetse go ithuta thuto eno. Mme ke thuto e le rona gompieno re tshwanetseng go e ithuta.
A o a itse gore thuto eo ke efe?— Fa Jesu a sena go apara diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle le go nna gape mo tafoleng, o ne a tlhalosa jaana: “A lo a itse se ke se dirileng mo go lona? Lo mpitsa, ‘Moruti,’ le, ‘Morena,’ mme lo bua sentle, gonne ke ene. Jalo, fa nna, le mororo ke le Morena le Moruti, ke ne ka tlhapisa dinao tsa lona, le lona lo tshwanetse lwa tlhapisana dinao.”—Johane 13:2-14.
Ke eng se o ka se dirang go thusa ba bangwe?
Mono Morutisi yo Mogolo o ne a bontsha gore o ne a batla gore balatedi ba gagwe ba direlane dilo. O ne a sa batle gore ba ikakanyetse ba le nosi. O ne a sa batle gore ba akanye gore ba ne ba le botlhokwa thata mo e leng gore ba bangwe ba tshwanetse go ba direla dilo ka metlha. O ne a batla gore ba rate go direla ba bangwe dilo.
A eo e ne e se thuto e e molemo?— A le wena o tla tshwana le Morutisi yo Mogolo mme o direle ba bangwe dilo?— Rotlhe re ka kgona go direla ba bangwe dilo. Seno se tla dira gore ba itumele. Mme se se molemo le go feta, se tla dira gore Jesu le Rraagwe ba itumele.
Ga go thata go direla batho ba bangwe dilo. Fa o ela tlhoko, o tla bona dilo di le dintsi tse o ka di direlang ba bangwe. Jaanong akanya ka seno: A go na le sengwe se o ka se dirang go thusa mmago? O a itse gore o go direla dilo di le dintsi, wena le ba lelapa la ga lona. A o ka kgona go mo thusa?— Ke eng o sa mmotse?
Gongwe o ka baakanya tafole pele ga lelapa le ja. Kgotsa gongwe o ka tsaya dijana tse di leswe mo tafoleng fa lelapa le sena go ja. Bana bangwe ba latlha matlakala letsatsi le letsatsi. Le fa e le eng se o ka se dirang, o tla bo o direla ba bangwe, fela jaaka Jesu a ne a dira.
A o na le bomonnao ba o ka ba direlang dilo? Gakologelwa gore Jesu, Morutisi yo Mogolo, o ne a direla le balatedi ba gagwe dilo dingwe. Fa o direla bomonnao dilo, o tla bo o etsa Jesu. Ke eng se o ka se ba direlang?— Gongwe o ka ba thusa gore ba ithute go phutha dilo tse ba tshamekang ka tsone fa ba sena go tshameka. Kgotsa gongwe o ka ba apesa. Kgotsa gongwe o ka ba thusa go alola dikobo. A o ka akanya ka se sengwe se o ka ba direlang sone?— Ba tla go rata fa o ba direla dilo tseno, fela jaaka balatedi ba ga Jesu ba ne ba mo rata.
Le kwa sekolong o ka direla batho ba bangwe dilo. O ka direla bana ba o tsenang sekolo le bone kgotsa morutabana wa gago dilo. Fa motho a digile dibuka tsa gagwe, o tla bo o dira sentle fa o mo thusa go di sela. O ka nna wa ithaopela go phimola lomati lwa go kwalela kgotsa go direla morutabana wa gago sengwe se sele. Tota le go bulela motho setswalo ke selo se sentle.
Ka dinako tse dingwe, batho ga ba na go re leboga fa re ba diretse dilo dingwe. A o akanya gore seno se tshwanetse go re thibela go direla ba bangwe dilo tse di molemo?— Nnyaa! Batho ba le bantsi ba ne ba sa leboge Jesu fa a dirile ditiro tse di molemo. Mme seo ga se a ka sa dira gore a emise go dira dilo tse di molemo.
Ka jalo le ka motlha re se ka ra tlogela go direla ba bangwe dilo. A re gakologelweng Morutisi yo Mogolo, Jesu, mme ka metlha re leke go latela sekao sa gagwe.
Go bona ditemana tse di oketsegileng tse di buang ka go thusa batho ba bangwe, bala Diane 3:27, 28; Baroma 15:1, 2; le Bagalatia 6:2.