KGAOLO 30
Se se Ka re Thusang go Fenya Dilo Tse di re Boifisang
A GO motlhofo mo go wena go direla Jehofa?— Morutisi yo Mogolo ga a ka a re go tla nna motlhofo. Mo bosigong jwa pele ga Jesu a bolawa, o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Fa lefatshe le lo tlhoile, lo a itse gore le ntlhoile pele ga le tlhoa lona.”—Johane 15:18.
Petere o ile a ikgantsha a re ene a ka se tlogele Jesu, mme Jesu o ne a re Petere o ne a tla mo itatola gararo mo bosigong joo. Mme Petere o ne a dira fela jalo! (Mathaio 26:31-35, 69-75) Seo se ne se ka direga jang?— Se ne sa direga ka gonne Petere o ne a boifa, mme le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba boifa.
A o itse gore ke ka ntlha yang fa baaposetoloi ba bangwe ba ne ba boifa?— Ba ile ba se ka ba dira selo sengwe se se botlhokwa thata. Go itse selo seo go ka re thusa gore re direle Jehofa go sa kgathalesege gore batho ba reng kgotsa ba re dira eng. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go simolola ka go tlhatlhoba se se neng sa direga mo bosigong jwa bofelo fa Jesu a ne a na le baaposetoloi ba gagwe.
Sa ntlha, ba keteka Tlolaganyo mmogo. E ne e le mokete o o kgethegileng o o neng o tshwarwa ngwaga le ngwaga go gopotsa batho ba Modimo tsela e ba neng ba gololwa ka yone mo bokgobeng kwa Egepeto. Go tswa foo Jesu o ne a simolola mokete o mongwe le bone. Re tla bua ka one moragonyana mo kgaolong e nngwe mme re tla tlhalosa kafa mokete oo o re thusang ka teng go gopola Jesu. Morago ga mokete oo fa Jesu a sena go kgothatsa baaposetoloi ba gagwe, o ba isa kwa tshimong ya Gethesemane. Leno ke lefelo le ba neng ba le rata thata le ba neng ba rata go ya kwa go lone.
Jesu o ya kwa tshingwaneng a le esi go ya go rapela. O bolelela Petere, Jakobe, le Johane gore le bone ba rapele. Mme ba a robala. Jesu o tswa gararo a le esi a ya go rapela, mme mo makgetlong a mararo fa a boa o fitlhela Petere le ba bangwe ba robetse! (Mathaio 26:36-47) A o itse gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba tshwanetse go nna ba tsogile e le gore ba rapele?— A re bueng ka gone.
Ke ka ntlha yang fa Petere, Jakobe le Johane ba ne ba tshwanetse go nna ba tsogile?
Judase Isekariota o ne a le kwa Tlolaganyong le Jesu le baaposetoloi ba gagwe pelenyana mo maitseboeng ao. O ka tswa o gakologelwa gore Judase o ne a fetogile legodu. Jaanong e nna mooki. O itse lefelo le le mo tshimong ya Gethesemane kwa gantsi Jesu a neng a tlhola a kopana le baaposetoloi ba gagwe teng. Ka jalo Judase o tlisa masole koo gore a tshware Jesu. Fa ba goroga, Jesu o ba botsa jaana: “Lo batla mang?”
Masole a araba jaana: “Jesu.” Jesu ga a boife, mme o araba jaana: “Ke nna.” Masole a gakgamaditswe thata ke bopelokgale jwa ga Jesu mme a boela kwa morago a bo a wela fa fatshe. Go tswa foo Jesu a re: ‘Fa e le gore lo batla nna, lesang baaposetoloi ba me ba tsamaye.’—Johane 18:1-9.
Fa masole a tshwara Jesu a bo a mmofa, baaposetoloi ba a boifa mme ba a tshaba. Mme Petere le Johane ba batla go bona gore go tla diragalang, ka jalo ba ba sala morago ba le kgakalanyana. Kgabagare, Jesu o isiwa kwa legaeng la ga Kaiafase, moperesiti yo mogolo. E re ka moperesiti yo mogolo a itse Johane, molebedi wa kgoro o letla ene le Petere gore ba tsene mo lolwapeng.
Baperesiti ba setse ba phuthegile mo ntlong ya ga Kaiafase gore tsheko e simolole. Ba batla gore Jesu a bolawe. Ka jalo ba tlisa basupi ba ba buang maaka ka ene. Batho bao ba itaya Jesu ka mabole e bile ba a mo faphola. Fa seno sotlhe se direga, Petere o eme gaufinyana.
Mosetsana wa lelata, yo e leng molebedi wa kgoro yo o neng a letla Petere le Johane go tsena, o lemoga Petere. A re: “Le wena o ne o na le Jesu!” Mme Petere o itatola gore o itse Jesu. Morago ga lobakanyana mosetsana yo mongwe o lemoga Petere mme o raya batho ba ba gaufi a re: “Monna yono o ne a na le Jesu.” Petere o itatola gape gore o a mo itse. Moragonyana setlhopha sa batho se bona Petere se bo se mo raya se re: “Eleruri le wena o mongwe wa bone.” Lekgetlo la boraro, Petere o a itatola, a re: “Ga ke itse monna yono!” E bile Petere o a ikana gore o bua boammaaruri, mme Jesu o a retologa o a mo leba.—Mathaio 26:57-75; Luke 22:54-62; Johane 18:15-27.
Ke ka ntlha yang fa Petere a ile a boifa thata mo a neng a bua maaka a re ga a itse Jesu?
A o itse gore ke ka ntlha yang fa Petere a ne a bua maaka?— Ke ka gonne o ne a boifa. Mme ke ka ntlha yang fa a ne a boifa? Ke eng se a neng a paletswe ke go se dira gore a nne pelokgale? Akanya fela. Ke eng se Jesu a neng a se dirile gore a nne pelokgale?— O ne a rapetse Modimo, mme Modimo o ne a mo thusitse go nna pelokgale. Mme gakologelwa, Jesu o ne a raya Petere gararo a re a rapele, a nne a tsogile e bile a disitse. Mme ke eng se se neng sa direga?—
Mo makgetlong ao otlhe Petere o ne a robala. Ga a ka a rapela, mme ga a ka a nna a disitse. Ka jalo o ne a gakgamala thata fa Jesu a ne a tshwarwa. Moragonyana kwa tshekong, fa ba ne ba itaya Jesu mme ba loga maano a go mmolaya, Petere o ne a tshoga. Le fa go ntse jalo, diura di sekaenyana fela pele ga moo, Jesu o ne a reile baaposetoloi ba gagwe a re ba letele eng?— Jesu o ne a ba raya a re fela jaaka lefatshe le ne le mo tlhoile, le bone le ne le tla ba tlhoa.
O ka iphitlhela jang o le mo boemong jo bo tshwanang le jwa ga Petere?
A re akanyeng ka sengwe se se tshwanang le se se diragaletseng Petere se se ka re diragalelang. A re re o mo tlelaseng mme ba bangwe ba simolola go bua dilo tse di maswe ka batho ba ba sa dumediseng folaga, kgotsa ba ba sa ketekeng Keresemose. Mme fa mongwe a ka go botsa a re: “A ke boammaaruri gore ga o dumedise folaga?” Kgotsa ba bangwe ba re: “Re utlwa go twe ga o keteke Keresemose!” A o tla tshaba go bua boammaaruri?— A o tla raelesega go bua maaka, jaaka Petere?—
Morago ga moo, Petere o ne a ikwatlhaya tota gore o itatotse Jesu. Fa a lemoga se a se dirileng, o ne a tswela kwa ntle mme a lela. Ee, o ne a boela kwa go Jesu. (Luke 22:32) Jaanong akanya ka seno. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra boifa thata mo re ka buang sengwe se se tshwanang le se Petere a se buileng?— Gakologelwa, Petere o ne a paletswe ke go rapela le go nna a disitse. Ka jalo, o ka re ke eng se re tshwanetseng go se dira go nna balatedi ba ba molemo ba Morutisi yo Mogolo?—
Re tshwanetse go rapela Jehofa gore a re thuse. Fa Jesu a ne a rapela, a o itse gore Modimo o ne a mo direlang?— O ne a romela moengele gore a mo nonotshe. (Luke 22:43) A baengele ba Modimo ba ka re thusa?— Baebele ya re: “Moengele wa ga Jehofa o thibelela go dikologa ba ba mmoifang, mme o a ba namola.” (Pesalema 34:7) Mme gore Modimo a re thuse, ga re a tshwanela go mo rapela fela gore a dire jalo. A o itse gore ke eng gape se re tshwanetseng go se dira?— Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re ba nne ba tsogile mme ba disitse. O akanya gore re ka dira seo jang?—
Re ka thusiwa ke go reetsa ka kelotlhoko se se buiwang kwa dipokanong tsa Bokeresete le go reetsa ka kelotlhoko se re se balang mo Baebeleng. Mme gape re tshwanetse go rapela Jehofa ka metlha re mo kopa gore a re thuse gore re mo direle. Fa re dira jalo, re tla bona thuso ya go fenya dipoifo tsa rona. Mme re tla itumela fa re bulegelwa ke sebaka sa go bolelela ba bangwe ka Morutisi yo Mogolo le ka Rraagwe.
Dikwalo tseno di ka re thusa gore le ka motlha re se ka ra dira gore go boifa batho go re thibele go dira se se molemo: Diane 29:25; Jeremia 26:12-15, 20-24; le Johane 12:42, 43.