KGAOLO 126
Petere O Itatola Jesu Kwa Ntlong Ya Ga Kaiafase
MATHAIO 26:69-75 MAREKO 14:66-72 LUKE 22:54-62 JOHANE 18:15-18, 25-27
PETERE O ITATOLA JESU
Fa Jesu a tshwarwa kwa tshingwaneng ya Gethesemane, baaposetoloi ba tlhanola direthe ka gonne ba tshogile. Le fa go ntse jalo, ba le babedi ba bone ba a ema. Ke Petere “le morutwa yo mongwe,” yo go bonalang e le moaposetoloi Johane. (Johane 18:15; 19:35; 21:24) Ba ka nna ba kopana le Jesu fa a isiwa kwa legaeng la ga Anase. Fa Anase a romela Jesu kwa Moperesiting yo Mogolo e bong Kaiafase, Petere le Johane ba mo sala morago ba le kgakajana. Ba ka tswa ba tshogetse matshelo a bone mme gape ba tshwenyegile ka se se tla diragalelang Mong wa bone.
Moperesiti yo mogolo o itse Johane, ka jalo Johane o kgona go tsena mo lolwapeng kwa ntlong ya ga Kaiafase. Petere ene o sala kwa ntle fa kgorong go fitlha Johane a boa a tla go bua le mosetsana mongwe yo e leng molebedi wa kgoro. Jaanong Petere o letlelelwa go tsena.
E re ka go le tsididi mo bosigong jono, batho ba ba mo lolwapeng ba ora molelo. Petere o nna le bone gore a ikomose fa a ntse a letetse ‘go bona gore go tla felela jang’ ka tsheko ya ga Jesu. (Mathaio 26:58) Jaanong molebedi wa kgoro yo o neng a bulela Petere, o kgona go mmona sentle ka gonne ba mo leseding. O raya Petere a re: “Le wena o mongwe wa barutwa ba monna yono, gakere?” (Johane 18:17) Mme ga se ene fela a lemogang Petere le go mo latofatsa gore o ne a na le Jesu.—Mathaio 26:69, 71-73; Mareko 14:70.
Seno se galefisa Petere fela thata. O leka go dira gore batho ba se ka ba mo lemoga, tota e bile o tsamaela kwa kgorong. Ka jalo, o latola gore o ne a na le Jesu, a re: “Ga ke mo itse e bile ga ke tlhaloganye gore o bua ka eng.” (Mareko 14:67, 68) Gape o simolola go “tlhapatsa a bo a ikana,” e leng se se kayang gore o ikemiseditse go ikana gore mafoko a gagwe a boammaaruri le gore o ikemiseditse go lebana le masetlapelo ape fela fa e le gore se a se buang ga se boammaaruri.—Mathaio 26:74.
Mo nakong eno yotlhe, tsheko ya ga Jesu e tsweletse, e gongwe e tshwaretsweng mo phaposing nngwe ya ntlo ya ga Kaiafase e e fa godimo ga lolwapa. Petere le ba bangwe ba ba letileng kwa tlase, ba ka tswa ba bona batho ba ba farologaneng ba ntse ba tsena ba tswa ba tla go neela bosupi.
Fa Petere a bua go a utlwala gore ke Mogalalea, mme seo se bontsha gore o bua maaka fa a re ga a itse Jesu. Mo godimo ga moo, mongwe wa batho ba ba leng foo ke wa losika lwa ga Maleko, yo Petere a neng a mo kgaotse tsebe. Ka jalo, o raya Petere a re: “A ga se wena yo ke go boneng o na le ene kwa tshingwaneng?” Fa Petere a itatola lekgetlo la boraro, mokoko o a lela fela jaaka go ne go boleletswe pele.—Johane 13:38; 18:26, 27.
Ka nako eo, Jesu a ka tswa a le mo mathuding a a fa godimo ga lolwapa. Morena o a retologa a bo a tlhoma Petere matlho, mme seno se tshwanetse sa bo se ile sa tlhaba Petere mo pelong. O gopola se Jesu a ileng a se bua diura di se kae pelenyana fa ba ne ba le kwa phaposing e e kwa godimo. Akanya fela kafa Petere a ikutlwang ka gone fa a lemoga se se diregang! O tswela kwa ntle a bo a lela mo go botlhoko.—Luke 22:61, 62.
Tota matsapa di a tsere kae? Go tlile jang gore Petere, yo o neng a tlhatswegile pelo gore o na le tumelo e e nonofileng le gore o a ikanyega, a itatole Mong wa gagwe? Mo nakong eno, mafoko a ga Jesu a a sokamisiwa, mme o tlhalosiwa e le senokwane se se kotsi. Go na le gore Petere a femele monna yono yo o se nang molato, jaanong o itatola Morwa Modimo yo o nang le “mafoko a a nayang botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 6:68.
Tiragalo eno e e botlhoko e e diragaletseng Petere, e bontsha gore tota le motho yo o nang le tumelo e e nonofileng e bile a ineetse mo Modimong, a ka felelwa ke tumelo fa a sa ipaakanyetsa sentle diteko le dithaelo tse di sa lebelelwang. E kete se se diragaletseng Petere e ka nna tlhagiso mo batlhankeng botlhe ba Modimo!