Kgaolo 120
Go Itatola kwa Lolwapeng lwa Kgotla
FA PETERE le Johane ba sena go tlogela Jesu kwa tshimong ya Gethesemane mme ba tshaba ka ntlha ya poifo ba na le baaposetoloi ba bangwe, ba tlogela go tshaba. Gongwe ba tshwara Jesu mo tseleng a isiwa kwa ntlong ya ga Anase. Fa Anase a mo romela kwa go Moperesiti yo Mogolo Kaiafase, Petere le Johane ba mo sala morago mme ba tsamaela kwa moragonyana, gongwe ba sa itse gore ba ka dira eng ka ba ne ba boifa gore ba tla baya matshelo a bone mo kotsing le ka ba ne ba amegile kaga gore Mong wa bone o ne a tlile go diragalelwa ke eng.
Fa ba goroga kwa legaeng le legolo la ga Kaiafase, Johane o kgona go tsena mo lolwapeng lwa kgotla, ereka moperesiti yo mogolo a mo itse. Lefa go ntse jalo, Petere o sala a eme kwa ntle kwa mojako. Mme go ise go e kae Johane o a boa a bo a bua le motho yo o disang mojako, ebong mosetsana wa motlhanka, mme Petere o letliwa go tsena.
Jaanong go setse go le tsididi, mme babereki ba mo ntlong le maotlana a moperesiti yo mogolo ba goditse molelo wa magala. Petere o tla go ikomosa fa go bone fa a ntse a letile go utlwa gore tsheko ya ga Jesu e tla felela jang. Fa a le koo, mo leseding la molelo oo, motlhokomedi wa kgoro yo a neng a letlile Petere go tsena o kgona go mmona sentle. “Le wèna u nu u na le Yesu oa Mogalilea,” o khutsa jalo.
A shakgaditswe ke go bo a lemogilwe gore ke mang, Petere o itatola fa pele ga bone botlhe gore ga a ise a ko a itse Jesu. “Ga ke itse, leha e le go tlhaloganya se u se buañ,” o bolela jalo.
Fa a rialo, Petere o tswela kwa ntle gaufi le tsela e e yang kwa kgorong. Fa a le koo, mosetsana mongwe gape, o a mmona mme le ene o raya ba ba emeng foo a re: “Monna eo le èna, o na a na le Yesu oa Monasara.” Petere o itatola gape a ikana a re: “Ga ke mo itse, monna eouō.”
Petere o nna a ntse a le mo lolwapeng loo lwa kgotla, a leka fela thata go dira gore a se ka a lemogiwa. Gongwe ka nako eno o tsibosiwa ke go lela ga mokoko mo lefifing la moso. Fa dilo di ntse jalo, tsheko ya ga Jesu e tsweletse, ka phepafalo e tshwaretswe mo karolong ya ntlo e e kwa godimo ga lolwapa lwa kgotla. Kwantle ga pelaelo Petere le ba bangwe ba ba letileng kwa tlase ba bona basupi ba ba farologaneng ba ba tlisitsweng go tla go naya bosupi fa ba ntse ba tswa ba tsena.
Go setse go fetile mo e ka nnang ura fa esale Petere a supiwa fa e le tsala ya ga Jesu. Jaanong ba sekae ba bao ba emeng foo ba tla kwa go ene ba bo ba mo raya ba re: “Rure o moñwe oa bōnè le wèna; gonne loleme loa gago loa gu shupa.” Mongwe mo setlhopheng seno ke wa losika lwa ga Maleko, yoo Petere a neng a kgaola tsebe ya gagwe. A re, “A ga kea gu bōna u na naè kwa tshimoñ?”
“Ga ke mo itse, monna eouō.” Petere o gatelela jalo ka bogale. Ebile tota o leka go ba tlhatswa pelo gore ba phoso botlhe ka go hutsa le go ikana kaga seno mo tota a bileng a bolela gore a welwe ke bomadimabe fa e le gore ga a bue boammaaruri.
Fela fa Petere a sena go itatola laboraro, mokoko o a lela. Mme ka yone nako eo, Jesu yo go lebegang a tswetse fa lolwapaneng lo lo fa godimo ga kgotla, o retologa a bo a mo leba. Ka bonako fela, Petere o gakologelwa seo Jesu a neng a se bua diura di sekae fela tse di fetileng kwa kamoreng e e kwa godimo: “E tla re koko e tona e se e be e lele gabedi, u tla bo u intatotse gararo.” A utlwisitswe botlhoko ke boleo jo bogolo jono jwa gagwe, Petere o tswela kwa ntle mme o lela botlhoko.
Tota seno se ne se ka diragala jang? Petere o ne a ka itatola Mong wa gagwe jang ka makgetlo a mararo a a latelelanang morago ga a sena go tlhomamisa ka botlalo jaana gore o nonofile semoyeng? Kwantle ga pelaelo maemo ano a ne a wela Petere a sa a lebelela. Boammaaruri bo a sokamisiwa mme Jesu o bolelwa e le senokwane fela se se bosula tota. Se se siameng se dirwa gore se lebege se le phoso, yo o senang molato o pegwa molato. Ka jalo ka ntlha ya kgatelelo ya nako eno, Petere o a fekeetsega. Ka tshoganetso tsela e e tshwanetseng eo a ntseng a ikanyega ka yone e a fetoga; o remega ditokololo ka ntlha ya go boifa motho mme seo se mo utlwisa botlhoko. A seo le ka motlha se se ka sa re diragalela! Mathaio 26:57, 58, 69-75; Mareko 14:30, 53, 54, 66-72; Luke 22:54-62; Yohane 18:15-18, 25-27.
▪ Petere le Johane ba kgona jang go tsena ka kgoro ya lolwapa lwa kgotla ya moperesiti yo mogolo?
▪ Fa Petere le Johane ba le mo lolwapeng lwa kgotla, go diragala eng mo ntlong?
▪ Mokoko o lela ga kae, mme Petere o itatola gore o itse Keresete makgetlo a le kae?
▪ Go hutsa le go ikana ga ga Petere go kaya eng?
▪ Ke eng se se dirang gore Petere a itatole gore o itse Jesu?