LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gl ts. 6-7
  • Lefatshe la Ditlhogo Tsa Lotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe la Ditlhogo Tsa Lotso
  • ‘Bona lefatshe le le Molemo’
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • B2 Buka ya Genesise le Mesepele ya Ditlhogo Tsa Lotso
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Mebusomegolo e Tlhasela Lefatshe le le Solofeditsweng
    ‘Bona lefatshe le le Molemo’
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Jehofa—“Modimo yo o Nayang Kagiso”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
‘Bona lefatshe le le Molemo’
gl ts. 6-7

Lefatshe la Ditlhogo Tsa Lotso

SETEFANE o ne a simolola puo ya gagwe e e tumileng ka go umaka mafelo mangwe a mmatota: “[Jehofa] o ne a bonala kwa go rraaronamogologolwane Aborahame fa a ne a ntse a le kwa Mesopotamia, pele ga a aga kwa Harana, mme a mo raya a re, ‘Tswa . . . mme o tle mo lefatsheng le ke tla le go bontshang.’” (Dit 7:1-4) Taelo eno e ne ya isa kwa ditiragalong tse di botlhokwa tsa Lefatshe le le Solofeditsweng tse di amanang le Aborahame, Isake le Jakobe, ditiragalo tse di amanang le boikaelelo jwa Modimo jwa go segofatsa batho.—Ge 12:1-3; Jos 24:3.

Modimo o ne a laela Aborahame (kana, Aberame) go tswa kwa Ure wa Bakaladea, motse o mogolo o o neng o humile o ka nako eo o neng o le mo lobopong lo lo kafa botlhaba jwa Noka ya Euferatese. Aberahame o ne a tla tsaya tsela efe? Go tswa kwa Kaladea, naga e gape e bidiwang Sumere kana Shinare, go ka tswa go ne go bonala go tla nna motlhofo go tlhamalalela kwa bophirima. Ke ka ntlha yang fa a ne a tsaya tsela e e potologang go ya Harana?

Ure e ne e le gaufi le karolo e e kafa botlhaba jwa Sekhutlo se se Nonneng, motse o o segogoropo o o simololang kwa Palesetina go ya go fitlha fela kwa mokgatšheng wa dinoka tsa Tigris le Euferatese. Lefelo leno le ka tswa le kile la bo le sa fise thata. Go ela kwa borwa jwa fa sekhutlo se fapogang gone go na le Sekaka sa Seire le Arabia, se se nang le dithota tsa maje a kalaka le dipoa tse di motlhaba. Encyclopædia Britannica ya re e ne e le “legora le go lebegang le ka se thubiwe” le le fa gare ga Lobopo lwa Mediterranean le Mesopotamia. Bagwebi bangwe ba ka tswa ba ne ba kgabaganya go tswa kwa Euferatese go ya kwa Tadamore e re go tswa foo ba ye kwa Damaseko, mme Aborahame ene ga a ka a tsamaisa lelapa la gagwe le diruiwa tsa gagwe mo sekakeng seno.

Go na le moo, Aborahame o ne a tlhatloga ka mokgatšha wa Noka ya Euferatese go ya kwa Harana. Go tswa foo o ne a tsamaya ka tsela ya bagwebi go ya kwa letsibogong le le kwa Karakemishe mme a leba kwa borwa go ya go feta gaufi le Damaseko a ba a tswelela pele go ya kwa go se se neng sa bidiwa Lewatle la Galalea. Via Maris, kgotsa “Tsela ya Lewatle,” e ne e feta fa Megido e ya kwa Egepeto. Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a ralala dithaba tsa Samarea, mme la bofelo a thibelela kwa Shekema. Fa nako e ntse e ile, o ne a tswelela go ya ntlheng ya borwa a tsamaya ka tsela e e yang kwa nageng eo e e dithaba. Tsamaya le ene fa o ntse o bala Genesise 12:8–13:4. Ela tlhoko mafelo a mangwe a a neng a ntse a tsamaya mo go one fa a ntse a tla a lebana le maemo a a farologaneng: Dana, Damaseko, Hoba, Mamere, Sodoma, Gerare, Beere-sheba, le Moria (Jerusalema).—Ge 14:14-16; 18:1-16; 20:1-18; 21:25-34; 22:1-19.

Go tlhaloganya mangwe a mafelo ano go go thusa go tlhaloganya ditiragalo dingwe mo matshelong a boIsake le boJakobe. Ka sekai, fa Aborahame a ne a le kwa Beere-sheba, o ne a romela motlhanka wa gagwe kae gore a ye go batlela Isake mosadi? O ne a mo romela kwa karolong e e kgakala thata ya bokone, e e kwa Mesopotamia (mo go rayang, “Lefatshe Le le Mo Gare ga Dinoka”) kwa Padana-arama. Go tswa foo akanya ka mosepele o o lapisang o Rebeka a neng a o tsaya ka kamela a ya kwa Negebe, gongwe gaufi le Kadeshe, go ya go kopana le Isake.—Ge 24:10, 62-64.

Moragonyana morwaabone, e bong Jakobe (Iseraele) o ne a tsamaya one mosepele o moleele fela jalo gore a ye go nyala moobamedi wa ga Jehofa. Jakobe o ne a tsamaya ka tsela e e batlang e farologane go sekae go boela kwa lefatsheng la gaabo. Fa Jakobe a sena go kgabaganya Jaboke gaufi le Penuele, o ne a mekamekana le moengele. (Ge 31:21-25; 32:2, 22-30) Esau o ne a kopana le ene mo lefelong leo, mme morago ga moo mongwe le mongwe wa bone o ne a ya go nna go sele.—Ge 33:1, 15-20.

Fa morwadia Jakobe e bong Dina a sena go betelelwa kwa Shekema, Jakobe o ne a fudugela kwa Bethele. Mme gone, a o kgona go bona gore bomorwa Jakobe ba ne ba tsamaya sekgala se se kae go ya go fudisa letsomane la gagwe, kwa kgabagare Josefa a neng a ba fitlhela gone? Mmapa ono (le o o mo go tsebe 18-19) o ka go thusa go bona sekgala se se fa gare ga Bethele le Dothane. (Ge 35:1-8; 37:12-17) Bomogoloe Josefa ba ne ba mo rekisa mo bagwebing ba ba neng ba ya kwa Egepeto. O akanya gore ba ne ba tsamaya ka tsela efe mo tiragalong eno e e neng ya dira gore Baiseraele ba fudugele kwa Egepeto le Phudugo ya bone?—Ge 37:25-28.

[Dimmapa mo go 7]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Mesepele ya ga Aborahame (leba kgatiso)

Mesepele ya ga Isake (leba kgatiso)

Mesepele ya ga Jakobe (leba kgatiso)

Ditsela Tse Dikgolo (leba kgatiso)

Ditlhogo Tsa Lotso (Tshobokanyo)

A4 GOSHENE

A5 EGEPETO

B4 SHURE

B5 PARANA

C3 Damaseko

C3 Dana (Laishe)

C4 Shekema

C4 Bethele

C4 Heberone (Kiriathe-areba)

C4 Gerare

C4 Beere-sheba

C4 SEIRE

C4 Kadeshe

C5 EDOMA

D1 Karakemishe

D2 Tadamore

D3 Hoba

E1 PADANA-ARAMA

E1 Harana

F2 MESOPOTAMIA

G1 Ninife

G2 SEKHUTLO SE SE NONNENG

G3 Babelona

H4 KALADIA

H4 Ure

[Dithaba]

C4 Moria

[Metswedi ya metsi]

B3 Lewatle la Mediterranean (Lewatle le Legolo)

[Dinoka]

E2 Euferatese

G2 Tigris

Ditlhogo Tsa Lotso (mo Lefatsheng le le Solofeditsweng)

KANANA

Megido

GILEADE

Dothane

Shekema

Sukothe

Mahanaime

Penuele

Bethele (Luse)

Ai

Jerusalema (Salema)

Bethelehema (Eferatha)

Mamere

Heberone (Makapela)

Gerare

Beere-sheba

Sodoma?

NEGEBE

Rehobothe?

Kadeshe

Beere-lahai-roi

Ditsela Tse Dikgolo

Via Maris

Tsela ya Kgosi

[Dithaba]

Moria

[Metswedi ya metsi]

Lewatle la Letswai

[Dinoka le melapo]

Joredane

Jaboke

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Noka ya Euferatese gaufi le Babelona

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Aborahame o ne a nna kwa Beere-sheba mme o ne a fudisa matsomane a gagwe gone

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Mokgatšha o o phothoselang wa Jaboke

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela