Mebusomegolo e Tlhasela Lefatshe le le Solofeditsweng
SAMAREA, e leng motsemogolo wa bogosi jwa Iseraele jo bo kwa bokone, e ne ya thopiwa ke Baasiria ka 740 B.C.E. Ka go rialo Baiseraele ba ne ba busiwa ke mmusomogolo o o setlhogo. Asiria o ne a le kwa karolong e e kwa bokone jwa dipoa tsa Mesopotamia, gaufi le Tigris, e leng nngwe ya dinoka tse dikgolo e e fa Sekhutlong se se Nonneng. Nimerode o ne a aga metse e megolo ya Asiria, e leng Ninefe le Kala. (Ge 10:8-12) Ka nako ya puso ya ga Shalemanesere III, Asiria e ne ya anamela kwa bophirima kwa dinageng tse di nang le metsi a le mantsi le tse di ungwang tsa Siria le bokone jwa Iseraele.
Fa Asiria e le kafa tlase ga ga Kgosi Tigelathe-pilesere III (Pule), yo o umakilweng mo Baebeleng, e ne ya simolola go gatelela Iseraele. Gape letsholo la gagwe la sesole le ne la ama Juda go ya kwa borwa. (2Dik 15:19; 16:5-18) Fa nako e ntse e ile, “metsi” a morwalela a Asiria a ne a elelela kwa Juda, mme kgabagare a fitlha kwa motsengmogolo wa yone, e leng Jerusalema.—Isa 8:5-8.
Kgosi Senakaribe wa Asiria o ne a tlhasela Juda ka 732 B.C.E. (2Dik 18:13, 14) O ne a gapa metse e megolo ya Juda e le 46, go akaretsa le Lakishe, e e neng e le mo lefelong le le tshwanetseng kwa Shefela. Jaaka fa mmapa o bontsha, seno se raya gore masole a gagwe a ne a thibelela kafa morago ga Jerusalema, mme kgabagare a dikanyetsa motsemogolo oo wa Juda. Mo direkotong tsa gagwe tsa hisitori, Senakaribe o ikgantsa ka gore o ne a tsenya Hesekia “mo serubing jaaka nonyane,” mme le fa go ntse jalo direkoto tsa Asiria ga di umake go bolawa ga masole a ga Senakaribe ke moengele wa Modimo.—2Dik 18:17-36; 19:35-37.
Malatsi a Mmusomogolo wa Asiria a ne a badilwe. Bameda ba ba neng ba nna mo kgaolong e e dithaba ya lefelo le gone jaanong e leng Iran, ba ne ba simolola go lwantsha masole a a setseng a Baasiria. Seno se ne sa dira gore Asiria e tlhokomologe dikgaolo tsa yone tse di kwa bophirima, tse le tsone di neng di simolotse go tsuologa. Fa go sa ntse go ntse jalo, Bababelona ba ne ba nonofa, mme ba gapa motse o mogolo wa Aseshure. Ka 632 B.C.E., Ninefe—“motse wa tshololo ya madi”—o ne wa thopiwa ke masole a a kopaneng a Babelona, a Bameda le a Basethia, e leng batho ba ba ratang ntwa ba ba tswang kwa bokone jwa Lewatle le Lentsho. Seno se ne sa diragatsa boporofeti jwa ga Nahume le Sefania.—Nah 3:1; Sef 2:13.
Asiria o ne a fedisiwa gotlhelele kwa Harana. Fa Baasiria ba ne ba tlhaselwa ke masole a a neng a ikemiseditse a Bababelona, ba ne ba leka go lwa go fitlha Egepeto e tla go ba thusa. Mme fa Faro Neko a ne a le mo tseleng go ya bokone, o ne a thibelwa ke Kgosi Josia wa Juda kwa Megido. (2Dik 23:29) Fa Neko kgabagare a goroga kwa Harana, go ne go setse go le thari—Mmusomogolo wa Asiria o ne o setse o fentswe.
Mmusomogolo wa Babelona
Mafoko a a reng “ditshingwana tsa mo thabeng” a go gopotsa motse ofe? Babelona, motsemogolo wa mmuso wa lefatshe, o o tshwantshiwang le tau e e nang le diphuka mo boporofeting. (Dan 7:4) Motse o mogolo oo o ne o itsege ka dikhumo, dikgwebo le go gola ga bodumedi jwa one le tepodinaledi. Mmusomogolo ono o ne o le mo dipoeng tse di loraga tse di kwa borwa jwa Mesopotamia, fa gare ga dinoka tsa Tigris le Euferatese. Motse o mogolo oo o ne o agilwe mo matlhakoreng oomabedi a Euferatese, mme dipota tsa one di ne di dira gore motse o lebege o ka se fenngwe.
Bababelona ba ne ba aga ditsela tsa kgwebo go ralala sekaka se se tletseng maje sa bokone jwa Arabia. Nako nngwe Kgosi Nabonidase o ne a nna kwa Tema, a tlogetse Beleshasare gore e nne ene a busang kwa Babelona.
Babelona e ne ya tlhasela Kanana ka makgetlho a le mararo. Fa Nebukadenesare a sena go fenya Baegepeto kwa Karakemishe ka 625 B.C.E., Bababelona ba ne ba tswelela go ya kwa borwa kwa Hamathe, kwa ba neng ba fenya Baegepeto ba ba neng ba ikgogela morago. Go tswa foo Bababelona ba ne ba fologela kwa lotshitshing lwa mokgatšha o o phothoselang wa Egepeto, ba senya Ashekelona fa ba ntse ba le mo tseleng. (2Dik 24:7; Jer 47:5-7) Ka nako ya letsholo leno, Juda e ne ya nna motlhanka wa Babelona.—2Dik 24:1.
Kgosi Jehoiakime wa Juda o ne a tsuologa ka 618 B.C.E. Go tswa foo Babelona e ne ya romela masole a ditšhaba tse di gaufi go ya go lwa le Juda, mme masole a Babelona ka boone a ne a dikanyetsa Jerusalema a bo a e fenya. Go ise go ye kae, Kgosi Sedekia o ne a dira gore Bababelona ba galefele Juda fela thata ka gonne o ne a ipopa ngatana e le nngwe le Egepeto. Bababelona ba ne ba tlhasela gape mme ba ne ba simolola go senya metse e megolo ya Juda. (Jer 34:7) La bofelo, Nebukadenesare o ne a dira gore masole a gagwe a tlhasele Jerusalema, e a neng a e thopa ka 607 B.C.E.—2Dit 36:17-21; Jer 39:10.
[Lebokoso mo go tsebe 23]
DIBUKA TSA BAEBELE GO TLOGA KA NAKO ENO:
Hosea
Isaia
Mika
Diane (karolo ya yone)
Sefania
Nahume
Habakuke
Dikhutsafalo
Obadia
Esekiele
Dikgosi 1 le 2
Jeremia
[Mmapa mo go tsebe 23]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Mebusomegolo ya Babelona/Asiria
Mmusomogolo wa Asiria
B4 Ditsela Tse Dikgolo
B4 Memefise (Nofe)
B5 Soane
B5 EGEPETO
C2 KUPERO (KITIME)
C3 Sidona
C3 Ture
C3 Megido
C3 Samarea
C4 Jerusalema
C4 Ashekelona
C4 Lakishe
D2 Harana
D2 Karakemishe
D2 Arepade
D2 Hamathe
D3 Ribela
D3 SIRIA
D3 Damaseko
E3 Gosane
E2 MESOPOTAMIA
F2 MINNI
F2 ASIRIA
F2 Khorosabade
F2 Ninife
F2 Kala
F2 Aseshure
F3 BABELONIA
F3 Babelona
F4 KALADIA
F4 Ereke
F4 Ure
G3 Shushane
G4 ELAMA
Mmusomogolo wa Babelona
C3 Sidona
C3 Ture
C3 Megido
C3 Samarea
C4 Jerusalema
C4 Ashekelona
C4 Lakishe
D2 Harana
D2 Karakemishe
D2 Arepade
D2 Hamathe
D3 Ribela
D3 SIRIA
D3 Damaseko
D5 Tema
E3 Gosane
E2 MESOPOTAMIA
E4 ARABIA
F2 MINNI
F2 ASIRIA
F2 Khorosabade
F2 Ninife
F2 Kala
F2 Aseshure
F3 BABELONIA
F3 Babelona
F4 KALADIA
F4 Ereke
F4 Ure
G3 Shushane
G4 ELAMA
[Mafelo a mangwe]
MEDIA
Ditsela Tse Dikgolo (Leba kgatiso)
[Metswedi ya metsi]
Lewatle la Mediterranean (Lewatle le Legolo)
Lewatle le Lehibidu
Lewatle la Caspian
Kgogometso ya Peresia
[Dinoka]
Nile
Euferatese
Tigris
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Thabana ya Lakishe
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Setshwantsho se sennye sa Megido wa bogologolo
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Setshwantsho sa motaki sa ditshingwana tsa mo thabeng tsa Babelona