Mafatshe a Baebele
FA SETŠHABA sa Iseraele se ntse se ipaakanyetsa go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Moshe o ne a bolelela Modimo keletso eno ya gagwe e kgolo: “Mma ke kgabaganye tsweetswee, ke bone lefatshe le le molemo le le ka kwa ga Joredane, kgaolo e e molemo eno e e dithaba.”—Dut 3:25.
Moshe ga a ka a letlwa go kgabaganya, mme gone o ne a tlhatlhoga thaba, a leba ntlheng ya Jeriko mme a bona lefatshe leno—‘Gileade go ya go fitlha kwa Dana le lefatshe lotlhe la Juda go ya go fitlha kwa lewatleng le le kafa bophirima, le Negebe le mokgatšha wa Joredane.’ (Dut 3:27; 34:1-4) A o kile wa utlwa ka maina ano? A o itse gore a fitlhelwa kae?
Ke batho ba se kae fela ba ga Jehofa gompieno ba ba kgonang go etela mafelo a mantsi a ba balang ka one mo Baebeleng. Ga ba kgone go dira se Modimo a neng a re o tla dira gore Aberahame a se dire, e leng go tsamayatsamaya mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, a ralala boleele le bophara jwa lone. (Ge 13:14-17) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba eletsa thata go itse ka mafelo a a fitlhelwang mo Baebeleng le go bona gore a amana jang.
Boroutšhara jono jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ ke sedirisiwa se o ka se dirisang go oketsa tsela e o tlhaloganyang Dikwalo ka yone. Bo na le ditshwantsho tsa mafelo a mmatota, jaaka Gileade e e bontshitsweng kafa ntle ga boroutšhara jono. Selo se se nayang tshedimosetso le go feta ke dimmapa, tse di ka oketsang kitso ya gago thata kaga mafelo a a umakiwang mo Baebeleng.
Mmapa o o mo tsebeng ya 2 le ya 3 o bontsha thata mafatshe le dikgaolo tse dikgolo. Ka sekai, fa o bona kwa Asiria le Egepeto di neng di le gone fa di bapisiwa le Lefatshe le le Solofeditsweng, o ka kgona go tlhaloganya boporofeti jo bo umakang mafatshe ao botoka. (Isa 7:18; 27:13; Hos 11:11; Mik 7:12) Sebata seno se sennye se se bidiwang Lefatshe le le Solofeditsweng e ne e le marakanelo a ditsela tsa bogologolo, mme ditšhaba tse dingwe di ne di batla go laola masimo a teng a a nonneng a korong, masimo a mofine le dikgwa tsa teng tsa motlhware.—Dut 8:8; Baatl 15:5.
Ka dinako tse dingwe o tla batla go bapisa dimmapa. Ka sekai, Jona o ne a romilwe gore a ye kwa moshateng wa Asiria, mme ene a tswa a ya Tareshishe. (Jon 1:1-3) A o bona mafelo ao mo mmapeng oo wa ntlha? Mme gone Tareshishe ga se lefelo le le lengwe fela le Tareso, kwa moaposetoloi Paulo a neng a tsalelwa gone. O tla fitlhela Tareso le metse e mengwe e e itsegeng mo mmapeng o o fano.
Akanya ka boleele jwa mosepele wa ga Aborahame le tsela e a neng a e tsaya fa o ntse o batla kwa Ure, Harana le Jerusalema di leng gone. Fa Jehofa a sena go mmolelela gore a tswe kwa Ure, o ne a nna mo Harana mme morago ga moo a fudugela kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Ge 11:28–12:1; Dit 7:2-5) O tla kgona go bona mosepele wa ga Aborahame sentle fa o ithuta setlhogo se se reng “Lefatshe la Ditlhogo Tsa Lotso,” mo tsebeng 6-7.
Mmapa wa ntlha le o o o bonang fano ga e amane ka gope le nako e e rileng. Morago ga dimmapa tseno tse pedi, dimmapa tse dingwe di beilwe go ya ka tatelano ya ditiragalo. Metse e megolo kana dintlha tse di mo mmapeng di amana le ditiragalo tsa dinako tse di rileng. Le fa gone Intekese (tsebe 34-5) e sa akaretse lefelo lengwe le lengwe le le kwadilweng mo dimmapeng, gantsi e ka go thusa go bona gore ke dimmapa dife tse di amanang le ntlha e gone jaanong o dirang dipatlisiso ka yone.
Mmapa o o mo gare (tsebe 18-19) o na le ditoropo le metse e mentsi thata e megolo ya Lefatshe le le Solofeditsweng. Matshwao a a Tlhalosang Mmapa a tla go thusa go bona metse ya Balefi le metse e merataro ya botshabelo, a bo a go thuse go lemoga gore a lefelo le umakilwe mo Dikwalong Tsa Sehebera, Tsa Segerika kana tsoopedi.
Mafelo mangwe a a umakiwang mo Baebeleng ga a itsiwe gone jaanong, ka gone bontsi jwa maina a mafelo ano ga a yo mo mmapeng o o mo gare ga boroutšhara jono. Gape, ga go a kgonega gore go tsenngwe motse mongwe le mongwe o mogolo le toropo nngwe le nngwe mo mmapeng ono, tse di jaaka tse di mo lenaaneng la melelwane ya ditso. (Jos, dikg. 15-19) Le fa go ntse jalo, gantsi mmapa oo o akaretsa metse e megolo e e fa gaufi, ka gone o go thusa go bona kwa mafelo a mangwe a ka tswang a le gone. Dikarolo dingwe tsa lefatshe (dithaba, dinoka le mekgatšha e e phothoselang) di tshwailwe, mme dithota le mabala di bontshitswe ka mebala e e farologaneng. Dilo tseno di tla go thusa go bona mo mogopolong wa gago dintlha dingwe tsa ditiragalo tse di mo Baebeleng.
Tshedimosetso e e oketsegileng ka mafelo a a mo Baebeleng e fitlhelwa mo saetlopedieng ya Insight on the Scriptures, e e leng gone ka dipuo di le dintsi.a Fa o ntse o dirisa saetlopedia eno mmogo le dibuka tse dingwe tse di go thusang go tlhaloganya Baebele, dira gore boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ bo nne bo le gaufi. Bo dirise fa o ntse o ithuta Dikwalo tsotlhe, tse di go solegelang molemo thata mo botshelong.—2Ti 3:16, 17.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso mo go tsebe 5]
DIBUKA TSA BAEBELE DI NE TSA KWALELWA KWA
Babelona
Kaesarea
Korintha
Egepeto
Efeso
Jerusalema
Makedonia
Moabe
Patamose
Lefatshe le le Solofeditsweng
Roma
Shushane
[Mmapa mo go tsebe 4, 5]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Lefatshe le le Solofeditsweng
A1 ITALI
A2 ROMA
A3 SISILI
A3 MALETA
C2 MAKEDONIA
C2 FilipI
C2 GERIKA
C3 ATHENA
C3 Korintha
C3 KERETA
C4 LIBIA
D3 Antioka (wa Pisidia)
D3 Efeso
D3 PATAMOSE
D3 RODESA
D4 MEMEFISE
D5 EGEPETO
E2 ASIA MINOR
E3 Tareso
E3 Antioka (wa Siria)
E3 KUPERO
E4 Sidona
E4 Damaseko
E5 Ture
E4 Kaesarea
E4 LEFATSHE LE LE SOLOFEDITSWENG
E4 JERUSALEMA
E4 MOABE
E4 Kadeshe
E4 EDOMA
F3 Tshimo ya Edene?
F3 ASIRIA
F3 Harana
F3 SIRIA
F5 ARABIA
G3 NINIFE
G4 BABELONA
G5 KALADIA
G4 Shushane
G4 Ure
H3 MEDIA
[Dithaba]
Thaba ya Sinai
DITHABA TSA ARARATA
[Metswedi ya metsi]
Lewatle la Mediterranean (Lewatle le Legolo)
Lewatle le Lentsho
Lewatle le Lehibidu
Lewatle la Caspian
Kgogometso ya Peresia
[Dinoka]
Noka ya Nile
Noka ya Euferatese
Noka ya Tigris