Gerika le Roma di Tlhotlheletsa Bajuda
MMUSOMOGOLO wa Gerika o ne wa simolola go atologa kwa dithabeng tsa Makedonia. E ne ya re fa Alexander yo o neng a le mo dingwageng tsa bo20 a le koo, o ne a simolola go akanyetsa gore a gape dikgaolo tse di ka fa botlhabatsatsi. Ka 334 B.C.E., o ne a etelela masole a gagwe pele go kgabaganya Hellespont (Dardanelles), e e kgaoganyang Yuropa le Asia. Jaaka “lengau” le le bofefo, Bagerika ba ba neng ba eteletswe pele ke Alexander ba ne ba simolola letsholo la bone la go tsamaya ba gape ditšhaba. (Dan 7:6) Alexander o ne a fekeetsa Baperesia gaufi le Troy, mo dipoeng tsa Noka ya Granicus, a bo a ba fenya gotlhelele kwa Issus.
Bagerika ba ne ba tlhasela Siria le Fonikia, ba bo ba gapa motse wa Ture morago ga go o dikanyetsa dikgwedi di le supa. (Esek 26:4, 12) E re ka Alexander a ne a sa batle go tlhasela Jerusalema, o ne a ya go gapa Gasa. (Sek 9:5) Fa a fitlha kwa Egepeto, o ne a tlhoma Alekesanderia, e e neng ya nna lefelo la konokono la kgwebo le thuto. O ne a boa a fenya Baperesia gape kwa Gaugamela, gaufi le marope a Ninife, fa a kgabaganya Lefatshe le le Solofeditsweng.
Alexander o ne a leba kwa borwa go ya go gapa Babelona, Shushane (Susa) le Peresepolisa—e leng mafelo a konokono a botsamaisi jwa Peresia. Morago ga moo o ne a ralala bogosi jwa Peresia ka bonako, a ya go fitlha kwa Nokeng ya Indus kwa lefelong le gone jaanong e leng Pakistan. Mo dingwageng di le robedi fela, Alexander o ne a gapile bontsi jwa lefatshe le le neng le itsiwe ka nako eo. Mme ka 323 B.C.E., fa a le dingwaga di le 32, o ne a swela kwa Babelona a bolawa ke bolwetse jwa malaria.—Dan 8:8.
Bagerika ba ne ba na le tlhotlheletso e kgolo mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Batho bangwe ba e kileng ya bo e le masole a ga Alexander a ne a thibelela kwa lefelong leno. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go na le setlhopha se se utlwalang sa metse ya batho ba ba buang Segerika (Dekapolise). (Mat 4:25; Mar 7:31) Dikwalo tsa Sehebera di ne di le gone ka Segerika. Mme Koine (Segerika se se neng se dirisiwa ka nako eo) e ne ya nna yone puo ya boditšhabatšhaba e e neng e dirisiwa go anamisa dithuto tsa Bokeresete.
Mmusomogolo wa Roma
Go ne go direga eng ka fa bophirima? Roma—e pele e neng e le setlhopha sa metse e e ka fa Nokeng ya Tiber—e ne ya simolola go tuma. Kgabagare sesole sa kwa Roma se se neng se nonofile le thulaganyo ya yone ya sepolotiki di ne tsa dira gore e fenye mafelo a a neng a laolwa ke bajenerale ba le banè ba ga Alexander. Ka 30 B.C.E., go ne go bonala sentle gore Mmusomogolo wa Roma ke one o laolang lefatshe, mme seno e le tshimologo ya go ipontsha ga ‘sebatana se se boifisang’ se Daniele a neng a se bona mo ponatshegelong.—Dan 7:7.
Mmusomogolo wa Roma o ne o laola go tloga kwa Boritane go fitlha kwa Afrika Bokone, le go tloga kwa Lewatleng la Atlantic go ya kwa Kgogometsong ya Peresia. E re ka mmusomogolo ono o ne o dikanyeditse lewatle la Mediterranean, Baroma ba ne ba o bitsa Mare Nostrum (Lewatle la Rona).
Roma le yone e ne e ya tlhotlheletsa Bajuda, ba naga ya bone e neng e le karolo ya Mmusomogolo wa Roma. (Mat 8:5-13; Dit 10:1, 2) Jesu o ne a kolobediwa a bo a swa ka nako ya puso ya ga Mmusimogolo Tiberio. Bangwe ba babusi ba Roma ba ne ba bogisa Bakeresete setlhogo, le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba kgona go fedisa kobamelo ya boammaaruri. Morago ga makgolo a le 13 a dingwaga, mmusomogolo ono o ne wa ineela fa o ne o tlhaselwa ke merafe ya Bajeremane e e kwa bokone le ke batsamai ba ba tsamayang ba tlhasela ba botlhaba.
[Mmapa mo go tsebe 26]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Mmusomogolo wa Bagerika
Morago ga ga Alexander, mmusomogolo ono o ne a wa laolwa ke bajenerale ba gagwe ba le banè
▪ Cassander
▫ Lysimachus
○ Ptolemy I
• Seleucus I
A2 ▪ GERIKA
A2 ▪ Athena
A2 ▪ AKAIA
A3 ○ Kurene
A3 ○ LIBIA
B2 ▫ Byzantium
B3 ○ KUPERO
B4 ○ No-amone (Thebese)
C3 Palamira (Tadamore)
C3 ○ Gerasa
C3 ○ Filadelefia
C3 ○ Jerusalema
C5 ○ Siene
G2 • Alekesanderia Maregiana
Tsela ya ga Alexander
A2 ▪ MAKEDONIA
A2 ▪ Pela
A2 ▫ THRACE
B2 ▫ Troy
B2 ▫ Saredisa
B2 ▫ Efeso
B2 ▫ Gordium
C2 ▫ Ankara
C3 • Tareso
C3 • Issus
C3 • Antioka (wa Siria)
C3 ○ Ture
C4 ○ Gasa
B4 ○ EGEPETO
B4 ○ Memefise
B4 ○ Alekesanderia
A4 ○ Oase ya Siwa
B4 ○ Memefise
C4 ○ Gasa
C3 ○ Ture
C3 ○ Damaseko
C3 • Alepo
D3 • Nisibise
D3 • Gaugamela
D3 • Babelona
E3 • Shushane
E4 • PERESIA
E4 • Peresepolisa
E4 • Pasaregadae
E3 • MEDIA
E3 • Ekabatana
E3 • Ragae
E3 • Hekatompilose
F3 • PARETHIA
G3 • ARIA
G3 • Alekesanderia Areione
G3 • Alekesanderia Porofethasia
F4 • DERANGIANA
G4 • ARAKHOSIA
G4 • Alekesandaria Arakhosiorama
H3 • Kabule
G3 • Derapesaka
H3 • Alekesanderia Okosiana
G3 • Derapesaka
G3 • BAKATARIA
G3 • Bakatara
G2 • Derebente
G2 • SOGODIANA
G2 • Marakanda
H2 • Bukhara
G2 • Marakanda
H2 • Alekesandaria Esekhate
G2 • Marakanda
G2 • Derebente
G3 • Bakatara
G3 • BAKATARIA
G3 • Derapesaka
H3 • Kabule
H3 • Takesila
H5 • INDIA
H4 • Alekesanderia
G4 • GEDOROSIA
F4 • Pura
E4 • PERESIA
F4 • Alekesanderia
F4 • KAREMANIA
E4 • Pasaregadae
E4 • Peresepolisa
E3 • Shushane
D3 • Babelona
[Mafelo a mangwe]
A3 KERETA
D4 ARABIA
[Metswedi ya metsi]
B3 Lewatle la Mediterranean
C5 Lewatle le Lehibidu
E4 Kgogometso ya Peresia
G5 Lewatle la Arabia
[Dinoka]
B4 Nile
D3 Euferatese
D3 Tigris
G4 Indus
[Mmapa mo go tsebe 27]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Mmusomogolo wa Roma
A1 BORITANE
A3 SPAIN
B1 GERMANIA
B2 GAUL
B2 ITALI
B2 Roma
B3 Karethage
C2 ILIRIKOMO
C3 GERIKA
C3 Actium
C3 Kurene
D2 Byzantium (Constantinople)
D3 ASIA MINOR
D3 Efeso
D3 Antioka (wa Siria)
D3 Alepo
D3 Damaseko
D3 Gerasa (Jarashe)
D3 Jerusalema
D3 Alekesanderia
D4 EGEPETO
[Metswedi ya metsi]
A2 Lewatle la Atlantic
C3 Lewatle la Mediterranean
D2 Lewatle le Lentsho
D4 Lewatle le Lehibidu
[Metswedi ya metsi 26]
Fa Ptolemy II a sena go aga Raba sesha o ne a e bitsa Filadelefia. Matlotla a lefelo le legolo la bobogelo la kwa Roma a sa ntse a le gone
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Motse wa Dekapolise wa Gerasa (Jarashe)
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Ditsela tsa kwa Roma, tse di jaaka eno e e gaufi le Alepo, di ne di tsenelela kwa Yuropa, Afrika Bokone le kwa Botlhabagare. Bakeresete ba ne ba tsamaya ka ditsela tseno go anamisa boammaaruri jwa Baebele