Batho ba Modimo ba Boela Kwa Lefatsheng la Bone
DITHABA tse pedi tse dikgolo di dikanyeditse kgaolo e gone jaanong e bidiwang Iran—ya Eleburuse (e e kafa borwa jwa Lewatle la Caspian) le ya Sagerose (e e kafa borwabotlhaba go ela kwa Kgogometsong ya Peresia). Di tla di kgaoganngwa ke mekgatšha e meleele le e e ungwang e e nang le mekgokolosa e e apesitsweng ke ditlhare. Maemo a bosa a mekgatšha eno ke a mo magareng, mme dipoa tsa teng tse di kwa godingwana, tse di omeletseng le tse di gogotsweng ke phefo di nna tsididi fela thata fa go le mariga. Gaufi le kgaolo eno go na le sekaka, mme o bona batho mole le mole. Mo kgaolong eno, e e kafa botlhaba jwa Mesopotamia, ke gone mo go neng ga tlholega Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia.
Bameda ba ne ba le mo karolong e e kafa bokone jwa kgaolo eno, le fa gone moragonyana ba ne ba anamela kwa Aremenia le Kilikia. Mme Baperesia bone, ba ne ba le mo karolong e e kafa borwabophirima jwa kgaolo eno, kwa botlhaba jwa Mokgatšha wa Tigris. Mo pusong ya ga Kuruse mo bogareng jwa lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E., magosi ano a mabedi a ne a kopana, mme a bopa Mmuso wa Lefatshe wa Bameda le Baperesia.
Kuruse o ne a gapa Babelona ka 539 B.C.E. Mmusomogolo wa gagwe o ne wa anamela ntlheng ya botlhaba go ya kwa India. Kafa bophirima o ne wa akaretsa Egepeto le se gone jaanong e leng Turkey. Daniele o ne a tlhalosa sentle Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia a re ke “bera” e e garolakang e e neng ‘e ja nama e ntsi.’ (Dan 7:5) Kuruse o ne a tlhoma puso e e pelonomi le e e sa gagamatsang letsogo go le kalo. O ne a kgaoganya mmusomogolo ono ka diporofense. Nngwe le nngwe ya diporofense tseno e ne e busiwa ke kgosana, gantsi e le ya Moperesia, mme balaodi ba ba mo dikgaolong tseno ba ne ba na le taolo ka selekanyo se se rileng ba dira kafa tlase ga dikgosana tseno. Batho ba ditso tse di farologaneng ba mmusomogolo ono ba ne ba kgothalediwa go boloka meetlo ya bone le ditumelo tsa bone.
Tumalanong le thulaganyo eno Kuruse o ne a letla Bajuda go boela gae go ya go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri le go aga Jerusalema sesha, jaaka fa Esera le Nehemia ba ne ba tlhalosa. A o akanya gore setlhopha se segolo seno sa batho se ne sa tsamaya ka tsela e Aborahame a neng a tsamaya ka yone e e tlhatlhogang ka Euferatese go ela kwa Karakemishe, kana a gongwe ba tsamaile ka tsela e khutshwane e e ralalang Tadamore le Damaseko? Baebele ga e re bolelele. (Bona tsebe 6-7.) Fa nako e ntse e ya, Bajuda gape ba ne ba nna mo dikarolong tse dingwe tsa mmusomogolo ono, tse di jaaka fa Molomong wa noka ya Nile le mafelo a mangwe a a elang kwa borwa. Setlhopha se segolo sa Bajuda ga se a ka sa tswa kwa Babelona, e leng sone se e ka tswang e le lebaka la go bo moaposetoloi Petere a ne a etela kwa Babelona makgolo a dingwaga moragonyana. (1Pe 5:13) Ee, Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia o nnile le seabe se segolo mo go direng gore Bajuda ba bo ba gasagasame mo mafelong a le mantsi ka nako ya mebuso e megolo e e neng ya latela morago ga one ya Bagerika le Baroma.
Morago ga gore Bameda le Baperesia ba thope Babelona, ba ne ba dirisa motse ono o mogolo o o mogote le o o omeletseng ka selemo, go nna lefelo la bone la botsamaisi. Shushane e pele e neng e le moshate wa Baelama, e ne e le nngwe ya metse e megolo ya segosi. Ke gone koo moragonyana Kgosi Ahasueruse wa Peresia (yo go bonalang e ne e le ene Serese I) a neng a dira Esethere kgosigadi a bo a senya le leano le le neng le dirilwe go fedisa batho ba Modimo mo mmusomogolong ono otlhe. Meshate e mengwe e mebedi ya Bameda le Baperesia e ne e le Ekabatana (o o leng mo bogodimong jwa dimitara di feta 1 900, o go neng go le monate go nna mo go one ka dinako tsa selemo) le Pasaregadae (o o mo bogodimong jo bo tshwanang, dikilometara di ka nna 650 go ela kwa borwabotlhaba).
Mmuso ono wa lefatshe o ne wa khutlisiwa jang? Fa mmuso ono wa Bameda le Baperesia o setse o le mogolo thata, o ne wa tshwanelwa ke go tsaya kgato kgatlhanong le botsuolodi jo bo neng bo tlhotlhelediwa ke Bagerika ba ba kwa molelwaneng o o kwa bokonebophirima. Ka nako eo Gerika e ne e kgaogane ka dikgaolo tse di neng di lwantshana, mme di ile tsa dirisana mmogo go fenya masole a Peresia mo dintweng tse dikgolo tsa kwa dipoeng tsa Marathone le Salamisa. Seno se ne sa dira gore Gerika e e utlwanang e fekeetse Bameda le Baperesia.
[Lebokoso mo go tsebe 25]
Banna ba Iseraele ba ka nna 50 000 ba ne ba tsaya loeto lwa dikilometara di ka nna 800 go ya go 1 600 (go ikaegile ka tsela e ba e tsereng) go boela Jerusalema, ba eteletswe pele ke Serubabele. Ba ne ba lebane le maemo a a bokete thata a ikonomi. Lefatshe la bone le ne la nna le kgakgabetse ka dingwaga di le masome a supa. Batho ba ba neng ba boetse kwa lefatsheng la bone ba ne ba simolola go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri ka go aga sebeso sesha mme ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo. Fa ngwaga wa 537 B.C.E o ela bokhutlong, ba ne ba keteka Moletlo wa Diobo. (Jer 25:11; 29:10) Morago ga moo, batho ba ba boetseng gae ba ne ba thaya motheo wa ntlo ya ga Jehofa.
[Lebokoso mo go tsebe 25]
DIBUKA TSA BAEBELE GO TLOGA KA NAKO ENO:
Daniele
Hagai
Sekaria
Esethere
Dipesalema (karolo ya tsone)
1 le 2 Ditiragalo
Esera
Nehemia
Malaki
[Mmapa mo go tsebe 24]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia
A2 MAKEDONIA
A2 THRACE
A4 Kurene
A4 LIBIA
B2 Byzantium
B2 LIDIA
B3 Saredisa
B4 Memefise (Nofe)
B4 EGEPETO
B5 No-amone (Thebese)
B5 Siene
C3 KILIKIA
C3 Tareso
C3 Issus
C3 Karakemishe
C3 Tadamore
C3 SIRIA
C3 Sidona
C3 Damaseko
C3 Ture
C4 Jerusalema
D2 Phasise
D2 AREMENIA
D3 ASIRIA
D3 Ninife
D4 Babelona
E3 MEDIA
E3 Ekabatana (Akemetha)
E3 HIREKANIA
E4 Shushane (Susa)
E4 ELAMA
E4 Pasaregadae
E4 Peresepolisa
E4 PERESIA
F3 PARETHIA
F4 DERANGIANA
G2 Marakanda (Samarekanda)
G3 SOGODIANA
G3 BAKATARIA
G3 ARIA
G4 ARAKHOSIA
G4 GEDOROSIA
H5 INDIA
[Mafelo a mangwe]
A2 GERIKA
A3 Marathone
A3 Athena
A3 Salamisa
C1 SETHIA
C4 Elatha (Elothe)
C4 Tema
D4 ARABIA
[Dithaba]
E3 DITHABA TSA ELEBURUSE
E4 DITHABA TSA SAGEROSE
[Metswedi ya metsi]
B3 Lewatle la Mediterranean (Lewatle le Legolo)
C2 Lewatle le Lentsho
C5 Lewatle le Lehibidu
E2 Lewatle la Caspian
E4 Kgogometso ya Peresia
[Dinoka]
B4 Nile
C3 Euferatese
D3 Tigris
H4 Indus
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Masole a ga Kuruse a ne a tshwanelwa ke go kgabaganya Dithaba tsa Sagerose gore ba fitlhe kwa Babelona
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Kwa godimo: Dikgoro tsa Ditšhaba Tsotlhe, kwa Peresepolise
Se se mo gare: Lebitla la ga Kuruse, kwa Pasaregadae
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia