LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gl ts. 32-33
  • Bokeresete bo Anamela Kgakala

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bokeresete bo Anamela Kgakala
  • ‘Bona lefatshe le le Molemo’
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mebusomegolo e Tlhasela Lefatshe le le Solofeditsweng
    ‘Bona lefatshe le le Molemo’
  • Mafatshe a Baebele
    ‘Bona lefatshe le le Molemo’
  • Gerika le Roma di Tlhotlheletsa Bajuda
    ‘Bona lefatshe le le Molemo’
  • Batho ba Modimo ba Boela Kwa Lefatsheng la Bone
    ‘Bona lefatshe le le Molemo’
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
‘Bona lefatshe le le Molemo’
gl ts. 32-33

Bokeresete bo Anamela Kgakala

MO THABENG ya Motlhware e e gaufi le Bethani, Jesu o ne a laela gore go dirwe tiro ya go rera e e neng e tla fetola hisitori ya lefatshe. E ne e tla simologa dikilometara di ka nna tharo go ela kwa bophirima—kwa Jerusalema. Molaetsa o ne o tla anamisediwa kwa Judea le Samaria tse di fa gaufi, mme kgabagare o fitlhe le kwa “karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Dit 1:4, 8, 12.

Moragonyana fela ga fa Jesu a sena go bua mafoko ao, Moletlo wa Pentekosete o ne wa ngoka Bajuda le batho ba ba neng ba sokologile go tswa mo Mmusomogolong otlhe wa Roma, go tswa mo mafelong a a bontshitsweng mo mmapeng o o fa tlase. Ka gore moaposetoloi Petere a ba rerele mo letsatsing leo seo e ne ya nna tshimologo ya gore Bokeresete bo aname ka bofefo.—Dit 2:9-11.

Go ise go ye kae pogiso ya kwa Jerusalema e ne ya dira gore balatedi ba ga Keresete ba phatlalale. Petere le Johane ba ne ba thusa Basamaria go utlwa le go amogela dikgang tse di molemo. (Dit 8:1, 4, 14-16) Morago ga gore Filipo a rerele Moethiopia mo tseleng ya sekaka e e tswang “Jerusalema e ya Gasa,” Bokeresete bo ne jwa anamela mo Afrika. (Dit 8:26-39) Mo e ka nnang ka yone nako eo, molaetsa o ne wa nna le matswela le kwa Lida, kwa Dipoeng tsa Sharona le kwa boemakepeng jwa Jopa. (Dit 9:35, 42) Go tswa foo Petere o ne a ya kwa Kaesarea mme a thusa motlhankedi wa Moroma e bong Korenelio, ba losika lwa gagwe le ditsala tsa gagwe go nna Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya.—Dit 10:1-48.

Paulo yo pele e neng e le mmogisi, o ne a nna moaposetoloi mo ditšhabeng. O ne a tsamaya ka dinao le ka sekepe mo maetong a gagwe a mararo a borongwa le mo loetong lwa gagwe lwa go ya kwa Roma. Moaposetoloi yono le ba bangwe ba ne ba anamisetsa dikgang tse di molemo kwa metseng e le mentsi ya Mmusomogolo wa Roma. Paulo o ne a eletsa go fitlha kwa Sepeine (Bona tsebe 2.), mme Petere o ne a direla go ela kwa botlhaba go ya go fitlha kwa Babelona. (1Pe 5:13) Ga go pelaelo gore balatedi ba ga Keresete ba ile ba anamisetsa Bokeresete kwa mafelong a a kwa kgakala ba eteletswe pele ka tlhagafalo ke Keresete. Mo e ka nnang ka 60/61 C.E., ‘dikgang tse di molemo di ne di rerilwe mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.’ (Bak 1:6, 23) Fa e sa le ka nako eo, tota go ka bolelwa gore dikgang tseno tse di molemo di ile tsa fitlha kwa “karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”

[Lebokoso mo go tsebe 32]

BA NE BA TSWA KWA . . . 

Bajuda le batho ba ba neng ba sokologile ba ba neng ba utlwa dikgang tse di molemo ka Pentekosete ya 33 C.E. ba ne ba tswa kwa Parathia, Media, Elama, Mesopotamia, Judea, Kapadokia, Ponto, Asia, Feregia, Pamfilia, Egepeto, Libia, Roma, Kereta le Arabia. Ba le bantsi ba ne ba kolobediwa. O akanya gore ba ne ba dirang fa ba boela gae?

[Lebokoso mo go tsebe 33]

DIPHUTHEGO TSE SUPA

Jesu o ne a romela melaetsa kwa diphuthegong di le supa tsa Asia Minor. Ela tlhoko mafelo a di fitlhelwang mo go one: Efeso le Semerena tse di fa lotshitshing lwa lewatle; Peregamo, Filadelefia le Laodikia tse di kgakalanyana le lewatle; Thiatira le Saredisa tse di gaufi le noka, mo tseleng e kgolo ya bagwebi. Masalela a a epolotsweng a metse eno a tlhomamisa gore Baebele e bua ka mafelo a mmatota.

[Mmapa mo go tsebe 32]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Go Anama ga Bokeresete

Mafelo a a Neng a Fitlhelelwa ka Bonako ka Dikgang Tse di Molemo

B1 ILIRIKOMO

B1 ITALI

B1 Roma

C1 MAKEDONIA

C2 GERIKA

C2 Athena

C2 KERETA

C3 Kurene

C3 LIBIA

D1 BITHINIA

D2 GALATIA

D2 ASIA

D2 FEREGIA

D2 PAMFILIA

D2 KUPERO

E3 EGEPETO

D4 ETHIOPIA

E1 PONTO

E2 KAPADOKIA

E2 KILIKIA

E2 MESOPOTAMIA

E2 SIRIA

E3 SAMAREA

E3 Jerusalema

E3 JUDEA

F2 MEDIA

F3 Babelona

F3 ELAMA

F4 ARABIA

G2 PARATHIA

[Metswedi ya metsi]

C2 Lewatle la Mediterranean

D1 Lewatle le Lentsho

E4 Lewatle le Lehibidu

F3 Kgogometso ya Peresia

[Mmapa mo go tsebe 32, 33]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Maeto a ga Paulo

Loeto Lwa Ntlha Lwa Borongwa (Dit 13:1–14:28)

H3 Antioka (wa Siria)

H3 Seleukia

G4 KUPERO

G3 Salamisa

G4 Pafosa

G3 PAMFILIA

F3 Perega

F3 PISIDIA

F2 Antioka (wa Pisidia)

G2 Ikonio

G2 LIKAONIA

G2 Lisetera

G3 Derebe

G2 Lisetera

G2 Ikonio

F2 Antioka (wa Pisidia)

F3 PISIDIA

G3 PAMFILIA

F3 Perega

F3 Athalia

H3 Antioka (wa Siria)

Loeto Lwa Bobedi Lwa Borongwa (Dit 15:36–18:22)

H3 Antioka (wa Siria)

H3 SIRIA

H3 KILIKIA

H3 Tareso

G3 Derebe

G2 Lisetera

G2 Ikonio

F2 Antioka (wa Pisidia)

F2 FEREGIA

G2 GALATIA

E2 MISIA

E2 Teroase

E1 SAMOTHARAKE

D1 Neapolisa

D1 Filipi

C1 MAKEDONIA

D1 Amfipolisa

D1 Thesalonika

D1 Berea

C2 GERIKA

D2 Athena

D2 Korintha

D3 AKAIA

G4 Kaesarea

H5 Jerusalema

H3 Antioka (wa Siria)

Loeto Lwa Boraro Lwa Borongwa (Dit 18:22–21:19)

H3 SIRIA

H3 Antioka (wa Siria)

G2 GALATIA

F2 FEREGIA

H3 KILIKIA

H3 Tareso

G3 Derebe

G2 Lisetera

G2 Ikonio

F2 Antioka (wa Pisidia)

E2 Efeso

E2 ASIA

E2 Teroase

D1 Filipi

C1 MAKEDONIA

D1 Amfipolisa

D1 Thesalonika

D1 Berea

C2 GERIKA

D2 Athena

D2 Korintha

D1 Berea

D1 Thesalonika

E2 Teroase

E2 Asoso

E2 Mitilene

E2 KIOSE

E2 SAMOSA

E3 Mileto

E3 Kosa

E3 RODESA

F3 Patara

H4 Ture

H4 Petolomai

G4 Kaesarea

H5 Jerusalema

Loeto Lwa go ya Kwa Roma (Dit 23:11–28:31)

H5 Jerusalema

G4 Kaesarea

H4 Sidona

F3 Mira

F3 LIKIA

E3 Kinido

D3 KERETA

D4 KAUDA

A3 MALETA

A3 SISILI

A3 Sirakuse

A1 ITALI

B2 Regiuma

A1 Puteoli

A1 Roma

Ditsela Tse Dikgolo (Leba kgatiso)

[Diphuthego tse supa]

E2 Peregamo

E2 Thiatira

E2 Saredisa

E2 Semerena

E2 Efeso

F2 Filadelefia

F2 Laodikia

[Mafelo a mangwe]

E3 PATAMOSE

F2 Kolosa

F5 Alekesanderia

F5 EGEPETO

G1 BITHINIA

G5 Jopa

G5 Lida

G5 Gasa

H1 PONTO

H2 KAPADOKIA

H4 Damaseko

H4 Pela

[Metswedi ya metsi]

D4 Lewatle la Mediterranean

[Setshwantsho mo go tsebe 33]

Lefelo la bobogelo la kwa Mileto, motse o Paulo a neng a kopana le bagolwane ba kwa Efeso kwa go one

[Setshwantsho mo go tsebe 33]

Sebeso sa ga Seuse kwa Peregamo. Bakeresete ba mo motseng ono ba ne ba nna “kwa setulo sa bogosi sa ga Satane” se neng se le gone—Tsh 2:13

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela