Iseraele le Mafelo A a E Dikologileng
JEHOFA o ne a raya Aborahame a re: ‘Tswa kwa Ure e e kwa Mesopotamia mme o ye kwa nageng e ke tla go e bontshang.’ Naga eo e ne e na le batho e bile e dikologilwe ke ditšhaba tse dingwe.—Ge 12:1-3; 15:17-21.
Fa batho ba Modimo ba tswa kwa Egepeto, ba ne ba itse gore ba ka nna ba kganelwa ke baba ba bone, ba ba jaaka “bagateledi ba Moabe.” (Ek 15:14, 15) Baamaleka, Bamoabe, Baamone le Baamore ba ne ba agile mo mafelong a Baiseraele ba neng ba feta mo go one fa ba ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Dip 21:11-13; Du 2:17-33; 23:3, 4) Mme Baiseraele ba ne ba tla kopana le ditšhaba tse dingwe tsa baba ba bone kwa nageng e Modimo a neng a ba e solofeditse.
Modimo o ne a re Baiseraele ba tshwanetse go ‘tlosa ditšhaba di le supa tse di nang le batho ba bantsi’—Bahite, Bagiregashe, Baamore, Bakanana, Baperise, Bahife le Bajebuse—ba ba neng ba tshwanelwa ke go senngwa. Boitsholo jwa bone bo ne bo tlhabisa ditlhong mme bodumedi jwa bone bo ne bo le makgapha. Medimo ya bone e ne e akaretsa le Baale (yo o neng a itsiwe ka dipilara tse di dirilweng ka letlapa tse di bontshang serwe sa bonna), Moleke (modimo o bana ba neng ba ntshiwa ditlhabelo mo go one) le modimo wa sesadi wa tsalo e leng Ashetorethe (Asetarete).—Du 7:1-4; 12:31; Ek 23:23; Le 18:21-25; 20:2-5; Baat 2:11-14; Pes 106:37, 38.
Ka dinako tse dingwe karolo yotlhe e Modimo a neng a e naya Baiseraele e ne e bidiwa “Kanana” go tloga kafa ntlheng ya bokone jwa Sidona go fitlha fa “mokgatšheng o o phothoselang wa Egepeto.” (Dip 13:2, 21; 34:2-12; Ge 10:19) Ka dinako tse dingwe Baebele e umaka maina a ditšhaba tse di farologaneng, metse kgotsa batho ba naga eo. Ditšhaba dingwe di ne di na le mafelo a e leng a tsone fela, jaaka Bafilisitia ba ba neng ba le kafa lotshitshing lwa lewatle le jaaka Bajebuse ba ba neng ba le gaufi le dithaba tsa Jerusalema. (Dip 13:29; Jos 13:3) Tse dingwe e ne ya re fa nako e ntse e tsamaya tsa fetola mafelo a di neng di nna mo go one.—Ge 34:1, 2; 49:30; Jos 1:4; 11:3; Baat 1:16, 23-26.
Go ka direga gore Baamore e ne e le bone ba e neng e le morafe o o nonofileng thata ka nako ya Khudugo ya Baiseraele go tswa kwa Egepeto.a (Du 1:19-21; Jos 24:15) Ba ne ba thopa naga ya Bamoabe e e ka kwa ntlheng ya borwa go ela kwa mokgatšheng o o phothoselang wa Arenone, le fa gone kgaolo e e kafa letlhakoreng le lengwe go tswa kwa Jeriko e ne e sa ntse e bidiwa ‘mabala a sekaka a Moabe.’ Dikgosi tsa Baamore di ne di busa le kwa Bashana le Gileade.—Dip 21:21-23, 33-35; 22:1; 33:46-51.
Le mororo Modimo a ne a eme Baiseraele nokeng, ga ba a ka ba tlosa ditšhaba tsotlhe tse di neng di atlholetswe gore di senngwe, tse e rileng fa nako e ntse e tsamaya tsa raela Baiseraele. (Dip 33:55; Jos 23:13; Baat 2:3; 3:5, 6; 2 Dikg 21:11) Ee, Baiseraele ba ne ba raelesega le mororo ba tlhagisitswe jaana: “Lo se ka lwa sala medimo e mengwe morago, medimo epe ya ditšhaba tse di lo dikologileng.”—Du 6:14; 13:7.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fela jaaka “Bakanana,” leina “Baamore” le lone le ne le ka dirisiwa go akaretsa batho botlhe ba naga kgotsa le dirisediwa morafe o le mongwe fela.—Ge 15:16; 48:22.
[Mmapa mo go tsebe 11]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Ditšhaba Tse di Tshwanetseng go Lelekwa Kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng
FILISITIA (D8)
C8 Ashekelona
C9 Gasa
D8 Ashedoda
D8 Gathe
D9 Gerare
KANANA (D8)
B10 AAMALEKA
C12 Hasare-adare (Adara?)
C12 Kadeshe (Kadeshe-barenea)
D8 Lakishe
D9 Beere-sheba
D10 BAAMORE
D11 NEGEBE
E4 Dora
E5 Megido
E5 Taanake
E6 Afeka
E6 BAHIFE
E7 BAJEBUSE
E8 Bethe-shemeshe
E8 Heberone (Kiriathe-areba)
E9 BAHITE
E9 Debire
E10 Arada (wa Kanana)
E10 BAKENE
E11 Akarabime
F4 BAGIREGASHE
F6 Shekema
F7 BAPERISE
F7 Gilegala
F7 Jeriko
F8 Jerusalema
G2 BAHIFE
G2 Dana (Laishe)
G3 Hasore
FONIKIA (F2)
E2 Ture
F1 Sidona
EDOMA (F12)
F11 SEIRE
G11 Bosera
BAAMORE (SIHONE)
G6 GILEADE
G7 Shitime
G7 Heshebone
G9 Aroere
SIRIA (H1)
G1 Baale-gade
G2 BAHIFE
I1 Damaseko
MOABE (H10)
BAAMORE (OGE)
G6 GILEADE
H3 BASHANA
H4 Ashetarothe
H4 Ederei
AMONA (I7)
Raba
[Dikaka]
SEKAKA SA ARABIA
[Dithaba]
Thaba ya Karemele
Thaba ya Hore
Thaba ya Heremone
Thaba ya Nebo
[Metswedi ya metsi]
Lewatle la Mediterranean (Lewatle le Legolo)
Lewatle la Letswai
Lewatle la Galalea
[Dinoka le melapo]
M.P. wa Egepeto
Noka ya Joredane
M.P. wa Jaboke
M.P. wa Arenone
M.P. wa Serada
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Kafa mojeng: Kgosi ya Baamore e bong Oge o ne a busa Bashana, e e neng e tumile ka dipoo le dinku tsa yone
Kafa tlase: Moabe, e lebagane le Lewatle la Letswai go ela kwa nageng ya Juda
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba leleke ditšhaba tse di obamelang medimo ya maaka, e e jaaka Baale, Moleke le modimo wa sesadi Ashetorethe (o o bontshiwang fano)