‘Fa Jehofa A ne A Tsosa Baatlhodi’
O KA kgona go bona Thaba ya Tabore motlhofo fela (F4) mo mmapeng—ntlheng ya borwabophirima jwa Lewatle la Galalea, mo Mokgatšheng wa Jesereele. Leka go bona ka leitlho la gago la mogopolo mophato wa masole a le 10 000 a a phuthegetseng mo thabeng. Jehofa o ne a dirisa Moatlhodi Barake le moporofeti wa mosadi e bong Debora gore ba phuthe Baiseraele gore ba lwe kgatlhanong le Kgosi ya Mokanana e bong Jabini, yo o neng a gateletse batho ka dingwaga di le 20. Molaodi wa ntwa e bong Sisera, o ne a eteletse pele dikara tsa ntwa tse 900 tsa ga Jabini tse di neng di na le disekele tsa tshipi tse di kotsi mme di ne di tswa kwa Haroshethe di lebile lefelo le le omileng la Kishone, le le fa gare ga Megido le Thaba ya Tabore.
Moatlhodi Barake o ne a etelela banna ba Iseraele pele go tsena mo mokgatšheng gore ba ye go lwa le masole a ga Sisera. Jehofa o ne a tlhomamisa gore ba a fenya ka go dira gore go nne le morwalela o mogolo o o neng wa dira gore dikara tsa ntwa tsa ga Sisera di tshwarege mo seretseng, mme seo se ne sa dira gore Bakanana ba tlalelwe. (Baat 4:1–5:31) Eo e ne e le phenyo e le nngwe fela ya diphenyo tse dintsintsi tse Modimo a neng a di naya Baiseraele ka nako ya Baatlhodi.
Fa Kanana e sena go fenngwa, naga eo e ne ya abelwa ditso tsa Iseraele. Ela tlhoko gore ditso tse di farologaneng tse e seng tsa Balefi di ne di nna kae. Lotso lo lonnye lwa ga Simeone lo ne lwa newa metse mengwe mo nageng ya Juda. Fa Joshua a sena go swa, seemo sa setšhaba sa semoya le sa boitsholo se ne sa senyega. Baiseraele ba ne ba “tsena mo mathateng a magolo,” ba gatelelwa ke baba ba bone. Ka ntlha ya go ba tlhomogela pelo, ‘Jehofa o ne a tsosa baatlhodi’—banna ba ba 12 ba ba nang le tumelo e bile ba le pelokgale—ba ba neng ba golola Baiseraele mo makgolong a mararo a dingwaga.—Baat 2:15, 16, 19.
Moatlhodi Gideone o ne a dirisa masole a le 300 fela a a matlhagatlhaga a a neng a sa tsaya dibetsa tse dintsi go fenya masole a le 135 000 a Bamidiana. Ba ne ba lwela fa gare ga Thaba ya Gileboa le Thaba ya More. Fa Gideone a sena go fenya mmaba lekgetlho la ntlha, o ne a mo lelekela go ya ntlheng ya botlhabatsatsi, kwa sekakeng.—Baat 6:1–8:32.
Jefetha wa Mogileade wa lotso lwa ga Manase, o ne a golola ditoropo tsa Iseraele go tswa kwa botlhaba jwa Joredane mo bagateleding ba Baamone. Go ka direga gore Jefetha o ne a dirisa Tsela ya Kgosi fa a ntse a le mo tseleng eno ya phenyo, tsela eno e ne e golaganya Ramothe-gileade le kgaolo ya Aroere.—Baat 11:1–12:7.
Diphenyo tsa ga Samesone kgatlhanong le Bafilisitia di diragetse thata kwa karolong e e fa lotshitshing lwa lewatle go dikologa Gasa le Ashekelona. Gasa e mo lefelong le le nang le metsi a mantsi le le itsegeng thata ka temothuo. Samesone o ne a dirisa bophokoje ba le 300 go fisa masimo a mabele, masimo a mofine le dikgwa tsa motlhware tsa Bafilisitia.—Baat 15:4, 5.
Jaaka pego ya Baebele e bontsha kgotsa jaaka go akantshiwa ke ditso tsa bone, baatlhodi ba ne ba dira mo Lefatsheng lotlhe le le Solofeditsweng. Gongwe le gongwe kwa go neng go direga sengwe gone, Jehofa o ne a tlhokomela batho ba gagwe ba ba ikwatlhaileng fa ba ne ba nna le mathata.
[Mmapa mo go tsebe 15]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Ditso le Baatlhodi
Baatlhodi
1. Otheniele (Lotso lwa ga Manase)
2. Ehude (Lotso lwa ga Juda)
3. Shamegare (Lotso lwa ga Juda)
4. Barake (Lotso lwa ga Nafetali)
5. Gideone (Lotso lwa ga Isakare)
6. Tola (Lotso lwa ga Manase
7. Jaire (Lotso lwa ga Gada)
8. Jefetha (Lotso lwa ga Zebulun)
9. Ibesane (Lotso lwa ga Eferaime)
10. Elone (Lotso lwa ga Sebulone)
11. Abedona (Lotso lwa ga Eferaime)
12. Samesone (Lotso lwa ga Juda)
Tsela e Ditso Tseno di Neng di Abetswe ka Yone(Leba kgatiso)
Metse ya ga Manase e e Dikologilweng ke Metse e Mengwe
E4 Dora
E5 Megido
E5 Taanake
F5 Ene-dore
F5 Bethe-shita
F5 Bethe-sheane (Bethe-shane)
F5 Ibeleame (Gathe-rimone)
Metse ya ga Simeone e e Dikologilweng ke Metse e Mengwe
C9 Sharuhene (Shaaraime) (Shilehime)
C10 Bethe-lebaothe (Bethe-biri)
D8 Ethere (Tokene)
D9 Sikelage
D9 Aine
D9 Hasare-susa?
D9 Ashane
D9 Beere-sheba
D10 Hasare-shuale
E9 Etame
E9 Bethe-marekabothe
E9 Sheba? (Jeshua)
E10 Bethuele? (Kesila?)
E10 Baalathe-beere (Baale)
E10 Eseme
Metse ya Balefi ya Botshabelo
E8 Heberone
F3 Kadeshe
F6 Shekema
H4 Golane
H5 Ramothe-gileade
H8 Besere
Ditsela Tse Dikgolo
B10 Via Maris
G10 Tsela ya Kgosi
Ditso Tsa Iseraele
DANA (D7)
D7 Jopa
E8 Sora
JUDA (D9)
C8 Ashekelona
C9 Gasa
C9 Sharuhene (Shaaraime) (Shilehime)
C10 Bethe-lebaothe (Bethe-biri)
C12 Asemone
C12 Kedeshe
D7 Jabeneele
D8 Ethere (Tokene)
D9 Sikelage
D9 Aine
D9 Hasare-susa?
D9 Ashane
D9 Beere-sheba
D10 Hasare-shuale
E8 Lehi
E8 Bethelehema
E8 Heberone
E9 Etame
E9 Bethe-marekabothe
E9 Bethuele? (Kesila?)
E9 Sheba? (Jeshua)
E10 Baalathe-beere (Baale)
E10 Eseme
ASHERE (E3)
E2 Ture
E4 Haroshethe
E4 Dora
F1 Sidona
MANASE (E5)
E6 Shamire (Samarea)
E6 Pirathone
F6 Shekema
G5 Abele-mehola
EFERAIME (E7)
E7 Timenathe-sera
F6 Tapua
F6 Shilo
F7 Bethele (Luse)
NAFETALI (F3)
F2 Bethe-anathe
F3 Kadeshe
G3 Hasore
SEBULONE (F4)
E4 Bethelehema
ISAKARE (F5)
E5 Megido
E5 Kedeshe (Kishione)
E5 Taanake
F4 Ene-dore
F5 Bethe-shita
F5 Bethe-sheane (Bethe-shane)
F5 Ibeleame (Gathe-rimone)
BENJAMINE (F7)
F7 Gilegala
F8 Jerusalema
DANA (G2)
G2 Dana (Laishe)
MANASE (H3)
H4 Golane
GADA (H6)
G6 Sukothe
G6 Penuele
G6 Misepa (Misepe)
G7 Jogebeha
H5 Ramothe-gileade
H7 Raba
H7 Abele-keramime
RUBENE (H8)
G7 Heshebone
G9 Aroere
H7 Minnithe
H8 Besere
[Mafelo a mangwe]
I1Damaseko
[Dithaba]
F4 Thaba ya Tabore
F4 Thaba ya More
F5 Thaba ya Gileboa
F6 Thaba ya Ebale
F6 Thaba ya Gerisime
[Metswedi ya metsi]
C5 Lewatle la Mediterranean (Lewatle le Legolo)
F9 Lewatle la Letswai
G4 Lewatle la Galalea
[Dinoka le melapo]
B11 M.P. wa Egepeto
F6 Noka ya Joredane
G6 M.P. wa Jaboke
G9 M.P. wa Arenone
G11 M.P. wa Sereda
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Thaba ya Tabore kwa nageng ya ga Isakare e kwa godimo ga Mokgatšha wa Jesereele
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Kishone e e neng e penologa ka metsi e ne ya tshwara dikara tsa ntwa tsa ga Sisera mo seretseng