Jesu “mo Nageng ya Bajuda”
FA MOAPOSETOLOI Petere a ne a rerela Korenelio, o ne a bua ka se Jesu a neng a se dira “mo nageng ya Bajuda mmogo le mo Jerusalema.” (Dit 10:39) O akanya gore ke mafelo afe a a neng a akarediwa mo bodireding jwa ga Jesu jo bo neng bo le botlhokwa thata mo e leng gore bo ne jwa fetola le hisitori ya lefatshe?
‘Naga ya Bajuda’ e ne e akaretsa Judea, koo Jesu a neng a dira dingwe tsa ditiro tsa Modimo gone. (Lu 4:44) Fa Jesu a sena go kolobediwa o ne a nna malatsi a le 40 kwa nageng ya Juda (kgotsa, Judea), e e neng e le kgaolo e e omeletseng le e e swafetseng e dirukhutlhi le dinokwane di neng di rata go ya kwa go yone. (Lu 10:30) Moragonyana, Jesu o ne a ya kwa bokone a tswa kwa Judea fa a ne a rerela mosadi mongwe wa Mosamarea gaufi le Sikara.—Joh 4:3-7.
Go ya ka se re se bonang mo Diefangeleng re kgona go bona gore Jesu o ne a rera thata kwa Galalea. Le fa gone a ne a tle a ye kwa borwa jwa Jerusalema go keteka meletlo ya ngwaga le ngwaga, o ne a dirisa bontsi jwa nako ya bodiredi jwa gagwe jwa dingwaga tse pedi tsa ntlha mo karolong e e kwa bokone ya Lefatshe le le Solofeditsweng. (Joh 7:2-10; 10:22, 23) Ka sekai, o ne a tlhalosa dithuto tse dintsi tse di tlhomologileng a ba a dira dikgakgamatso tse di kgatlhang thata fa a ntse a le gaufi kgotsa a le mo Lewatleng la Galalea. Gakologelwa gore o ne a ritibatsa metsi a a neng a itirile sefefo a bo a tsamaya mo godimo ga one. O ne a rerela boidiidi jwa batho a le mo mekorong a le mo lotshitshing loo lo lo matlapa lwa lewatle. Balatedi ba gagwe ba ntlha, le ba ba neng ba le gaufi thata le ene e ne e le batshwaraditlhapi le balemirui ba ba tswang mo mafelong a a fa gaufi le fano.—Mar 3:7-12; 4:35-41; Lu 5:1-11; Joh 6:16-21; 21:1-19.
Fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe kwa Galalea, lefelo le a neng a direla thata mo go lone le ne le le gaufi le losi lwa Kaperenama “mo motseng wa gagabo.” (Mat 9:1) O ne a le mo thotaneng e e seng kgakala thata le fano fa a ne a neela Thero ya gagwe e e tumileng ya mo Thabeng. Ka dinako tse dingwe o ne a tsamaya ka mokoro go tswa kwa kgaolong ya Kaperenama go ya kwa Magadana, Bethesaida, kgotsa kwa mafelong a mangwe a a fa gaufi.
Ela tlhoko gore ‘motse wa gagabo’ Jesu o ne o se kgakala thata le Nasaretha, kwa a neng a golela gone; o ne o se kgakala thata le Kana, kwa a neng a fetola metsi go nna beine gone; o ne o se kgakala thata le Naina, kwa a neng a tsosa morwa wa motlholagadi mongwe gone; e bile o ne o se kgakala thata le Bethesaida, kwa a neng a fepa banna ba le 5 000 ka kgakgamatso gone a bo a fodisa monna mongwe yo o neng a foufetse.
Morago ga Tlolaganyo ya 32 C.E., Jesu o ne a ya kwa bokone go ela kwa Ture le Sidona, e leng mafelo a e neng e le boemakepe jwa kwa Fonikia. Go tswa foo o ne a atolosetsa bodiredi jwa gagwe kwa metseng mengwe e e fetotsweng go nna ya Gerika e e bidiwang Dekapolise. Jesu o ne a le gaufi le Kaesarea Filipi (F2) fa Petere a ne a bolela gore ke Mesia, mme ka bonako morago ga moo a fetolwa ponalo, e leng selo se gongwe se diragetseng mo Thabeng ya Heremone. Moragonyana, Jesu o ne a rera kwa kgaolong ya Perea, go kgabaganya Joredane.—Mar 7:24-37; 8:27–9:2; 10:1; Lu 13:22, 33.
Beke ya bofelo ya ga Jesu a le mo lefatsheng o ne a e dirisa a na le barutwa ba gagwe a le mo Jerusalema, e e leng “motse wa Kgosi e kgolo,” le mo mafelong a a gaufi le yone. (Mat 5:35) O ka kgona go bona mafelo a a gaufi a o badileng ka one mo Diefangeleng, a a jaaka Emao, Bethani, Bethefage le Bethelehema.—Lu 2:4; 19:29; 24:13; bona “Lefelo la Jerusalema” mo setshwantshong se se mo tsebeng 18.
[Mmapa mo go tsebe 29]
((Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Lefatshe le le Solofeditsweng (Motlha wa ga Jesu)
Lefatshe mo Motlheng wa ga Jesu
Metse ya kwa Dekapolise
E5 Hippo
E6 Pela
E6 Sithopolise
F5 Gadara
F5 Gerasa
G5 Dione
G9 Filadelefia
H1 Damaseko
H4 Rafana
I5 Kanatha
Ditsela Tse Dikgolo (Leba kgatiso)
Tsela e e Tlwaelegileng fa Gare ga Galalea le Jerusalema(Leba kgatiso)
Tsela e Nngwe e e fa Gare ga Galalea le Jerusalema, go Ralala Perea (Leba kgatiso)
A11 Gasa
B6 Kaesarea
B8 Jopa
B9 Lida
B12 Beere-sheba
C4 Petolomai
C8 SAMAREA
C8 Antipaterisi
C8 Arimathea
C9 Emao
C10 JUDEA
C11 Heberone
IC12 DUMEA
D1 Sidona
D2 Ture
D3 FONIKIA
D4 GALALEA
D4 Kana
D5 Sepphoris
D5 Nasaretha
D5 Naina
D7 Samarea
D7 Sikara
D9 Eferaime
D9 Bethefage
D9 Jerusalema
D9 Bethani
D10 Bethelehema
D10 Herodiamo
D10 NAGA YA JUDA
D12 Masada
E4 Korasina
E4 Bethesaida
E4 Kaperenama
E4 Magadana
E5 Tiberia
E5 Hippo
E6 Bethani (go kgabaganya Joredane)
E6 Sithopolise
E6 Pela
E6 Salima
E6 Aenone
E9 Jeriko
F1 ABILENE
F2 Kaesarea Filipi
F4 Gamala
F5 Abila?
F5 Gadara
F7 PEREA
F7 Gerasa
G3 ITUREA
G5 Dione
G6 DEKAPOLISE
G9 Filadelefia
H1 Damaseko
H3 TERAKONITI
H4 Rafana
H12 ARABIA
I5 Kanatha
[Dithaba]
D7 Thaba ya Ebale
D7 Thaba ya Gerisime
F2 Thaba ya Heremone
[Metswedi ya metsi]
B6 Lewatle la Mediterranean (Lewatle le Legolo)
E4 Lewatle la Galalea
E10 Lewatle la Letswai (Lewatle le le Suleng)
[Dinoka]
E7 Noka ya Joredane
[Metswedi le didiba]
D7 Motswedi wa ga Jakobe
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Lewatle la Galalea. Kaperenama e kafa ntlheng ya molema kwa pele. Setshwantsho se tserwe go tswa kwa ntlheng ya borwabophirima go kgabaganya Lebala la Genesareta
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Basamarea ba ne ba obamela mo Thabeng ya Gerisime. Ka kwa morago ke Thaba ya Ebale