LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gl ts. 20-21
  • Jerusalema le Tempele ya ga Solomone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jerusalema le Tempele ya ga Solomone
  • ‘Bona lefatshe le le Molemo’
‘Bona lefatshe le le Molemo’
gl ts. 20-21

Jerusalema le Tempele ya ga Solomone

O NE o bidiwa “boitekanelo jwa bontle” le “motse wa Kgosi e kgolo.” (Pes 48:2; 50:2; Dikh 2:15) Jerusalema e ne e le motsemoshate wa setšhaba sa Modimo. (Pes 76:2) Fa Dafide a sena go gapa motse ono mo Bajebuseng mme a o dira motsemoshate, o ne wa bidiwa “Motse wa ga Dafide,” kgotsa fela “Siona.”—2Sa 5:7.

Le fa Jerusalema e ne e se lefelo le le rulagantsweng ka tsela e e manontlhotlho go le kalo, e ne ya tuma ka gonne Modimo o ne o beile leina la gagwe moo. (Dut 26:2) E ne e le lefelo la konokono la bodumedi le la botsamaisi mo setšhabeng seno.

Jerusalema e bogodimo jwa dimitara di le 750 mo dithabeng tse di mo gare tsa Judea. Baebele e bua ka “bogodimo” jwa yone e bo e bua ka baobamedi ba teng e re ba ‘tlhatlogela’ kwa go yone. (Pes 48:2; 122:3, 4) Motse ono wa bogologolo o ne o dikologilwe ke mekgatšha: Mokgatšha wa Hinoma kafa bophirima le kafa borwa le mokgatšha o o phothoselang wa Kiderona kafa botlhaba. (2Dik 23:10; Jer 31:40) Motswedi wa Gihonea mo Mokgatšheng wa Kiderone le Ene-rogele o o yang kwa borwa o ne o ntsha metsi a a phepa, a a neng a le botlhokwa thata ka nako ya fa ba tlhaselwa ke baba.—2Sa 17:17.

Mo setshwantshong se se mo go tsebe 21, Motse wa ga Dafide o mo go bontshitsweng ka mmala o mohibidu. Ka dinako tsa fa go ne go busa Dafide le Solomone, motse ono o ne wa atolosediwa kwa bokone gore o ye go akaretsa le Ofele (e e mo mmaleng o motala) le Thaba ya Moria (e e mo mmaleng o mmududu). (2Sa 5:7-9; 24:16-25) Solomone o ne a aga tempele e kgolo a e agela Jehofa mo karolong e e kwa godimo eno ya thaba. Akanya fela boidiidi jwa baobamedi bo tlhatlhogela kwa ‘thabeng ya ga Jehofa’ go ya go keteka meletlo ya ngwaga le ngwaga gone! (Sek 8:3) Ditsela tse di bontshiwang mo tsebeng ya 17 di ne di dira gore go nne motlhofo go tsaya mesepele eno.

Tempele ya ga Solomone, e e kgabisitsweng ka gouta le maje a a tlhokegang, e ne e le nngwe ya dikago tse di jeleng madi a mantsi go gaisa epe fela e e kileng ya agiwa. O ka tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa o lemoga gore Jehofa ke ene a dirileng polane ya go agiwa ga yone. Jaaka fa o ka bona go tswa mo setshwantshong seno, go bapa le tempele go ne go na le malwapa a magolo le dikago tsa botsamaisi. O tla go fitlhela go thusa go ipha nako ya go ithuta ka tsone.—1Dik 6:1–7:51; 1Dit 28:11-19; Bah 9:23, 24.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Kgosi Hesekia o ne a emisa motswedi ono mme a aga thanele e e neng e isa kwa lekadibeng le le kafa bophirima.—2Dit 32:4, 30.

[Lebokoso mo go tsebe 21]

Fa nako e ntse e tsamaya Jerusalema e ne ya atologela kwa bophirima le bokone. Dikgosi tsa Judea tse di tlileng morago ga Solomone di ne tsa aga dipota le dikgoro. Dipatlisiso tse di ntseng di dirwa tsa baithutamarope di ka naya tshedimosetso malebana le bogolo jwa dikarolo dingwe tsa dipota tseno le lefelo le tota di agilweng fa go lone. Motse o ne wa senngwa ka 607 B.C.E. mme wa nna o swafetse ka dingwaga di le 70. Mo e ka nnang dingwaga di le 80 morago ga gore Bajuda ba boele gae, Nehemia o ne a simolola namane e tona ya tiro ya go aga dipota tsa Jerusalema sesha.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Jerusalema/Tempele ya ga Solomone

LEFELO LA TEMPELE MO MOTLHENG WA GA SOLOMONE

Dikarolo Tsa Tempele

1. Boitshepo Jwa Maitshepo

2. Boitshepo

3. Mathudi

4. Boase

5. Jakine

6. Sebeso sa Kgotlho

7. Lewatle le le Thetsweng

8. Dikolotsana

9. Matlwana a a Kafa Letlhakoreng

10. Matlwana a Bojelo

11. Lolwapa lo lo Kwa Teng

LEFELO LA TEMPELE

Thaba ya Moria

Matlwana a Bojelo

Dikolotsana

Matlwana a a Kafa Letlhakoreng

Boitshepo Jwa Boaz

Maitshepo Boitshepo Mathudi Sebeso sa Lolwapa lo lo

Jachin Kgotlho Kwa Teng

Dikolotsana Lewatle le le

Thetsweng

Ofele

Patlelo?

Kgoro ya Metsi?

MOTSE WA GA DAFIDE

Thaba ya Siona

Ntlo ya ga Dafide ya Segosi

Kgoro ya Motswedi

Lobota lwa ga Manase?

Tora ya Hananele

Tora ya Mea

Kgoro ya Dinku

Kgoro ya Badisa

Kgoro ya Tlhatlhobo

Kgoro ya Dipitse

MOKGATŠHA WA KIDERONA

Lobota lo lo Kwa Tlase?

Gihone

Mogogoro wa moragonyana wa metsi

MOKGATŠHA WA TYROPOEON

Kgoro ya Dithotobolo Tsa Molora (Dikgapetla Tsa Letsopa) (Boloko)

Ene-rogele

Kgoro ya Mokgatšha

MOKGATŠHA WA HINOMA

Kgoro ya Kgokgotsho

Tora ya Dipesetso

Lobota lo lo Sephara

Kgoro ya Eferaime

Patlelo

Kgoro ya Motse o Mogologolo

Karolo ya Ntlha ya Lobota lo lo Kafa Bokone

KAROLO YA BOBEDI

Kgoro ya Ditlhapi

[Setshwantsho]

Ofele

Ntlo ya Morwadia Faro

Ntlo ya ga Solomone ya Segosi

Ntlo ya Sekgwa sa Lebanona

Mathudi a Dipilara

Mathudi a Setulo sa Bogosi

Thaba ya Moria

Lolwapa lo Logolo

Tempele

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Karolo e e fa pele ke fa “Motse wa ga Dafide” o neng o le gone. Tempele e ne e le mo go sephaphathi gone (karolo e e kwa morago ya setshwantsho)

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Setshwantsho se se dirilweng ka khomputara sa “Motse wa ga Dafide” wa bogologolo le tempele ya ga Solomone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela