Iseraele mo Metlheng ya ga Dafide le Solomone
MODIMO o ne a solofetsa gore o tla naya losika lwa ga Aberame lefatshe “go simolola kwa nokeng ya Egepeto go fitlha kwa nokeng e kgolo, noka ya Euferatese.” (Ge 15:18; Ek 23:31; Dut 1:7, 8; 11:24) Fa Joshua a sena go tsena mo Kanana, go tsere makgolo a ka nna manè a dingwaga pele ga Lefatshe le le Solofeditsweng le fitlha koo.
Kgosi Dafide o ne a gapa bogosi jwa Aramaika jwa Soba, jo bo neng bo fitlha kwa Euferatese kafa bokone jwa Siria.a Go ya kwa borwa, phenyo ya ga Dafide fa a ne a lwa le Bafilisitia e ne ya dira gore a ye go fitlha kwa molelwaneng wa Egepeto.—2Sa 8:3; 1Dit 18:1-3; 20:4-8; 2Dit 9:26.
Ka gone Solomone o ne a busa “go simolola kwa Nokeng [ya Euferatese] go ya kwa lefatsheng la Bafilisitia le go ya kwa molelwaneng wa Egepeto,” a tshwantshetsa puso ya kagiso ya ga Mesia. (1Dik 4:21-25; 8:65; 1Dit 13:5; Pes 72:8; Sek 9:10) Le fa go ntse jalo, karolo e e neng e nnwa ke Iseraele gantsi go ne go bolelwa gore e ne e “tswa kwa Dana go ya kwa Beere-sheba.”—2Sa 3:10; 2Dit 30:5.
Kgosi Solomone o ne a se ka a utlwa Modimo, mme o ne a ikokeletsa dipitse le dikara tsa ntwa. (Dut 17:16; 2Dit 9:25) O ne a di tsamaisa mo ditseleng tse dinnye le tse dikgolo tse di neng di dirilwe. (Jos 2:22; 1Dik 11:29; Isa 7:3; Mat 8:28) Re na le tshedimosetso malebana le di sekae fela tsa ditsela tseno, jaaka “tsela e kgolo e e tlhatlogang go tswa kwa Bethele e ya kwa Shekema le go ela kwa borwa jwa Lebona.”—Baatl 5:6; 21:19.
Buka ya The Roads and Highways of Ancient Israel ya re: “Selo se segolo se se dirang gore go nne thata go batlisisa ka ditsela tsa Iseraele wa bogologolo ke gore ga go tlhole go na le sepe se re ka se dirisang go bona ditsela tsa naga eno tse di neng di dirisiwa mo motlheng wa Tesetamente e Kgologolo, ka gonne ditsela di ne di sa tshelwe sekontere ka [nako eo].” Le fa go ntse jalo, tsela e lefatshe la metse eno le leng ka yone, le masalela a a epolotsweng a metse eno di bontsha gore bontsi jwa ditsela tsa teng di ne di ntse jang.
Gantsi ditsela tsa teng di ne di laola tsela e masole a tshwanetseng go tsamaya ka yone. (1Sa 13:17, 18; 2Dik 3:5-8) Fa Bafilisitia ba ne ba tlhasela Iseraele, ba ne ba tsamaya go tswa kwa Ekerone le Gathe ba ya kwa kgaolong e e “fa gare ga Sokho le Aseka.” Masole a ga Saulo a ne a kopana le bone koo “kwa lebaleng le le kwa tlase la Ela.” Fa Dafide a sena go bolaya Goliathe, Bafilisitia ba ne ba tshabela gape kwa Gathe le Ekerone, mme Dafide a tlhatlhogela kwa Jerusalema.—1Sa 17:1-54.
Lakishe (D10), Aseka (D9), le Bethe-shemeshe (D9) di ne di le mo tseleng e e ralalang Shefela le go ela kwa dithoteng tsa Judea. Ka gone metse eno e ne e thusa thata mo go thibeleng baba mo Tseleng ya Lewatle gore ba se ka ba tsena mo mafatsheng a a kwa tengteng a Iseraele.—1Sa 6:9, 12; 2Dik 18:13-17.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Kgaolo ya Barubene e ne e fitlha kwa Sekakeng sa Siria, se ntlha ya sone e e kafa botlhaba e neng e le Euferatese.—1Dit 5:9, 10.
[Lebokoso mo go tsebe 16]
DIBUKA TSA BAEBELE MO LOBAKENG LONO:
1 le 2 Samuele
Dipesalema (karolo ya yone)
Diane (karolo ya yone)
Sefela sa Difela
Moreri
[Dimmapa mo go tsebe 17]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Naga le Ditsela mo Motlheng wa Bogosi jo bo Kopaneng
Melelwane (Mo motlheng wa ga Solomone)
Tifesa
Hamathe
Tadamore
Berothai (Kune?)
Sidona
Damaseko
Ture
Dana
Jerusalema
Gasa
Aroere
Beere-sheba
Tamare
Esione-gebere
Elatha (Elothe)
[Dinoka le melapo]
Euferatese
M.P. wa Egepeto
Dafide le Solomone (ditsela)
B10 Gasa
C8 Jopa
C10 Ashedoda
C10 Ashekelona
C11 Sikelage
NAGA YA PARANA
D5 Dora
D6 Hefere
D8 Afeka
D8 Rama
D9 Shaalabime
D9 Gesere
D9 Makasa
D9 Ekerone
D9 Bethe-shemeshe
D9 Gathe
D9 Aseka
D10 Sokho
D10 Adulama
D10 Keila
D10 Lakishe
D11 Jatire
D12 Beere-sheba
E2 Ture
E4 Kabule
E5 Jokeneame (Jokemeame?)
E5 Megido
E6 Taanake
E6 Arubothe
E7 Pirathone
E8 Lebona
E8 Sereda
E9 Bethele
E9 Bethe-horona e e Kwa Tlase
E9 Bethe-horona e e Kwa Godimo
E9 Geba
E9 Gibeone
E9 Gibea
E9 Kiriathe-jearime
E9 Nobe
E9 Baale-perasime
E9 Jerusalema
E9 Bethelehema
E10 Tekoa
E10 Heberone
E11 Siife
E11 Horeshe?
E11 Karemele
E11 Maone
E11 Eshetemoa
F5 Ene-dore
F5 Shunema
F5 Jesereele
F6 Bethe-sheane
F7 Tiresa
F7 Shekema
F8 Sarethane
F8 Shilo
F8 Ofera?
F9 Jeriko
F11 Ene-gedi
G2 Abele-bethe-maaka
G2 Dana
G3 Hasore
G3 MAAKA
G5 Lo-debare (Debire)
G6 Rogelime
G6 Abele-mehola
G7 Sukothe
G7 Mahanaime
H1 SIRIA
H4 GESHURE
H6 Ramothe-gileade
H8 Raba
H9 Medeba
H11 Aroere
H12 MOABE
I4 Helame?
I9 AMONA
[Ditsela Tse Dikgolo]
Via Maris
Tsela ya Kgosi
[Dithaba]
Thaba ya Gileboa
[Metswedi ya metsi]
Lewatle la Mediterranean (Lewatle le Legolo)
Lewatle la Letswai (Lewatle le le Suleng)
Lewatle la Galalea
[Motswedi le sediba]
Ene-rogele
[Ditshwantsho mo go tsebe 16]
Kafa mojeng: Mokgatšha wa Ela, o o lebileng ntlheng tsa botlhaba go ela kwa dithoteng tsa Juda
Kwa tlase: Ditsela di ne di dira gore go kgonege go tsamaya mo Lefatsheng le le Solofeditsweng