LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jd kgao. 2 ts. 14-28
  • Baporofeti ba Melaetsa ya Bone E ka Re Amang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baporofeti ba Melaetsa ya Bone E ka Re Amang
  • Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MAEMO MO METLHENG YA BAPOROFETI BANO BA BA 12
  • GO LEKA GO NAMOLA DITŠHABA TSE DI THAMOETHATA
  • GO BONELA PELE MATHATA A A TLANG
  • MELAETSA E E KGOTHATSANG, E E GOMOTSANG LE E E TLHAGISANG
  • GO NE GO LEBELETSWE MESIA
  • Letsatsi la ga Jehofa—Kgang ya Botlhokwa
    Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
  • Jehofa—Modimo yo o Bolelelang Dilo Pele Le go Di Diragatsa
    Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
  • “Bolelang Seno mo Ditšhabeng”
    Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
  • Dikgosi Tse di Molemo le Tse di Bosula
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
jd kgao. 2 ts. 14-28

Kgaolo ya Bobedi

Baporofeti ba Melaetsa ya Bone E ka Re Amang

1. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go kgatlhegela go itse baporofeti ba ba 12 ba ba kwadileng dibuka tsa bofelo tsa Dikwalo Tsa Sehebera?

A O KA rata go itse barongwa ba ba 12 ba Modimo? Barongwa bano ba ba 12 ba ne ba tshela pele Jesu a tla mo lefatsheng, ka jalo o ka se kopane le bone ka namana. Le fa go ntse jalo, o ka kgona go ba itse, wa bona le gore ba ne ba bontsha jang go nna ba gopotse “letsatsi le legolo la ga Jehofa.” Mme se o tla se ithutang se botlhokwa thata mo Mokereseteng mongwe le mongwe yo ka botlhale a lekang go nna a gopotse letsatsi le legolo la ga Jehofa.—Sefania 1:14; 2 Petere 3:12.

2, 3. Dilo tse di diragaletseng baporofeti ba ba 12 di amana jang le maemo a rona?

2 Go na le banna ba le bantsi ba ba bidiwang baporofeti mo Dikwalong—dibuka tse dintsi mo Baebeleng di bidiwa ka maina a baporofeti. Fela jaaka baporofeti ba bangwe, banna ba ba 12 ba re tla tlotlang ka bone ba re tlhometse sekao sa boikanyegi le bopelokgale. Bangwe ba bone ba ne ba itumelela go bona molaetsa wa bone o fetola dipelo le megopolo ya batho, o ba thusa go boela kwa Modimong. Ba bangwe ba ile ba kgobega marapo thata fa ba bona batho ba ba diganana ba tlola melao ya ga Jehofa ba bo ba dira se a sa se rateng. Bangwe ba baporofeti bano ba ba 12 ba ne ba kgobiwa marapo ke botshelo jwa go se kgathale le jwa boitlhapediso jwa batho ba motlha wa bone ba ba neng ba ipolela gore ke baobamedi ba ga Jehofa.

3 Fela jaaka rona, baporofeti bano ba ba 12 ba ne ba tshela mo metlheng e e tletseng tlhakatlhakano mo go tsa dipolotiki, mathata mo go tsa loago le mo bodumeding. E re ka e ne e le batho ba ba “nang le maikutlo a a tshwanang le a rona,” ba tshwanetse ba bo ba ne ba na le dilo tse ba tshwenyegang ka tsone le mathata a bone. (Jakobe 5:17) Le fa go ntse jalo, ba re tlhometse sekao se se molemo, mme re tshwanetse go gopola melaetsa ya bone, e re ka e kwadilwe mo ‘dikwalong tsa boporofeti’ go re solegela molemo, rona “ba bokhutlo jwa ditsamaiso tseno tsa dilo bo gorogileng mo go rona.”—Baroma 15:4; 16:26; 1 Bakorintha 10:11.

MAEMO MO METLHENG YA BAPOROFETI BANO BA BA 12

4. O lemogile eng malebana le tatelano e baporofeti ba ba 12 ba tshedileng ka yone mme ke bafe ba Jehofa a ileng a ba dirisa pele go tlhagisa le go rotloetsa batho ba gagwe?

4 O ka nna wa akanya gore tsela e dibuka tsa Hosea go fitlha ka Malaki di latelanang ka yone mo Baebeleng e bontsha tatelano ya dinako tse baporofeti bano ba tshetseng ka tsone. Ga go a nna jalo. Ka sekai, baporofeti bano, Jona, Joele, Amose, Hosea le Mika, botlhe ba tshedile mo dingwageng tsa bo800 le 700 B.C.E.a Mo motlheng oo, dikgosi di le dintsi mo bogosing jwa Juda jo bo kwa borwa le mo bogosing jwa Iseraele jo bo kwa bokone di ne di sa ikanyege. Mme babusiwa ba dikgosi tseo ba ne ba latela sekao sa bone, ka jalo ba dira gore Modimo a ba galefele. Ka nako eno, Baasiria, mme moragonyana Bababelona, ba ne ba lwela go laola lefatshe. Baiseraele ba ne ba sa lemoge gore Jehofa o ne a tla dirisa mebuso e megolo eno e mebedi ya lefatshe go diragatsa katlholo ya gagwe mo go bone! Le fa go ntse jalo, o gopole gore Modimo o ne a sa bolo go nna a tlhagisa Iseraele le Juda kgapetsakgapetsa a dirisa baporofeti ba ba ikanyegang.

5. Ke setlhopha sefe sa baporofeti se se neng sa bolela katlholo ya ga Jehofa fa Juda le Jerusalema di ne di tlile go swafadiwa?

5 Fa nako ya gore Jehofa a otlhaye Juda le Jerusalema e ntse e atamela, o ne a dira gore go nne le setlhopha se sengwe sa babueledi ba ba nang le bokgoni. Ke bomang ba ba neng ba le mo setlhopheng seo? Moporofeti Sefania, Nahume, Habakuke le Obadia. Botlhe ba ne ba porofeta mo dingwageng tsa bo600 B.C.E. Dilo tse di botlhoko thata tse di neng tsa direga mo motlheng oo ke go senngwa ga Jerusalema ke Bababelona ka 607 B.C.E. le go isiwa botshwarwa ga Bajuda. Le fano gape, go ne ga nna fela jaaka Modimo a ne a tlhagisitse mo dipolelelopeleng tse di neng di boletswe ke bangwe ba banna bano ba a neng a ba romile gore ba mmuelele. Ba ne ba lekile go tlhagisa batho ka mekgwa e e sa siamang, e e jaaka botagwa le thubakanyo mme batho ba ne ba gana go fetoga.—Habakuke 1:2, 5-7; 2:15-17; Sefania 1:12, 13.

6. Jehofa o ne a rotloetsa jang masalela a a neng a boa kwa botshwarwa?

6 Fa batho ba Modimo ba sena go boa kwa botshwarwa, ba ne ba tlhoka baeteledipele ba ba nang le bokgoni. Gape ba ne ba tlhoka go gomodiwa le go gakololwa gore ba kgone go tlhoma mogopolo mo kobamelong ya boammaaruri. Setlhopha se sengwe sa baporofeti e bong Hagai, Sekarea le Malaki e ne ya nna bone ba dirang boikarabelo joo jwa go ba gomotsa le go ba gakolola. Ba ne ba porofeta mo dingwageng tsa bo500 le 400 B.C.E. Fa o ntse o ithuta go ya pele ka banna bano ba ba 12 ba ba neng ba buelela bolaodi jwa ga Jehofa ka tlhoafalo mme o ithuta le ka tiro ya bone, o tla lemoga dithuto tsa botlhokwa tse o ka di dirisang mo bodireding jwa gago mo metlheng eno e e kotsi. Jaanong a re sekasekeng baporofeti bano ka tatelano ya bone go ya ka dinako tse ba neng ba porofeta ka tsone.

GO LEKA GO NAMOLA DITŠHABA TSE DI THAMOETHATA

7, 8. Ditiragalo tsa ga Jona di ka re kgothatsa jang fa re na le go se itshepe ka tsela epe fela?

7 A o kile wa ikutlwa o na le go se itshepe, gongwe o utlwa e kete tumelo ya gago e a koafala? Fa go ntse jalo, go itse ka ditiragalo tsa ga Jona go tla go solegela molemo thata. Jona o tshedile mo dingwageng tsa bo800 B.C.E. O tshwanetse wa bo o itse gore Modimo o ne a roma Jona go ya kwa Ninife, motsemogolo wa Puso e e neng e gola ya Asiria. Jona o ne a tshwanetse go ya go kgala boikepo jwa Baninife. Le fa go ntse jalo, mo boemong jwa go ya kwa a neng a romilwe teng—mo e ka nnang dikilometara di le 900 kwa bokonebotlhaba jwa Jerusalema—o ne a palama sekepe se se neng se ya kwa boemakepeng bo sele, jo go ka diregang gore bo ne bo le kwa Spain. Ee, o ne a ya go sele a katoga kwa a neng a tshwanetse go ya teng ka dikilometara di le 3 500! O akanyang? A Jona o ne a dirwa ke poifo, go felelwa ke tumelo ka nakwana, kgotsa gongwe o ne a sa rate gore Baninife ba ne ba ka nna ba ikwatlhaya mme morago ga moo ba kgona go tlhasela Baiseraele? Baebele ga e re bolelele gore o ne a akantseng tota. Mme re kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa go tlhokega gore re dise megopolo ya rona gore e se ka ya fapoga.

8 O a itse gore Jona o ne a itshwara jang fa Modimo a ne a mo kgalemela. Fa Jona a ne a le mo teng ga “tlhapi e kgolo” e e neng e mo komeditse, o ne a dumela jaana: “Poloko ke ya ga Jehofa.” (Jona 1:17; 2:1, 2, 9) Fa Jona a sena go falodiwa ka kgakgamatso, o ne a dira fela jaaka a ne a laetswe, mme morago fela ga moo a swabisiwa ke go bona Jehofa a sa senye Baninife ka gonne ba ne ba utlwile molaetsa wa ga Jona ba bo ba ikwatlhaya. Le fano gape Jehofa ka lorato o ne a kgalemela moporofeti yono yo o neng a bontshitse moya wa go se akanyetse batho ba bangwe. Mme le fa bangwe ba ka akanya thata ka diphoso tsa ga Jona, Modimo o ne a mo tsaya e le motlhanka yo o kutlo le yo o ikanyegang.—Luke 11:29.

9. O ka solegelwa molemo jang ke molaetsa wa ga Joele wa boporofeti?

9 A o kile wa utlwisiwa botlhoko ke fa batho ba kgala molaetsa wa gago o o tswang mo Baebeleng ba re o tshosa batho go sa tlhokege? Batho ba ne ba leba molaetsa wa ga moporofeti Joele jalo, yo leina la gagwe le kayang “Jehofa ke Modimo.” Go lebega a kwadile dipolelelopele tsa gagwe kwa Juda mo e ka nnang ka 820 B.C.E., mo metlheng ya ga Kgosi Usia. Go lebega Jona a ile a porofeta go fitlha mo motlheng wa ga Joele. Joele o ne a bolela gore go ne go tla tla petso ya tsie e e senyang e e neng e tla tla kgapetsakgapetsa e tla go swafatsa naga. Ee, letsatsi la Modimo le le boifisang le ne le le gaufi thata. Le fa go ntse jalo, o tla fitlhela gore molaetsa wa ga Joele o ne o sa utlwise botlhoko otlhe fela. Se se kgothatsang ke gore o ne a bontsha fa go tla nna le batho ba ba ikanyegang ‘ba ba tla falolang.’ (Joele 2:32) Batho ba ba ikwatlhayang ba ka ipelela go segofadiwa le go itshwarelwa ke Jehofa. Ruri go tshwanetse ga re kgothatsa go nna re gopotse gore le rona re rera one molaetsa o o tshwanang le oo. Joele o ne a bolelela pele gore maatla a Modimo a a dirang, moya wa gagwe o o boitshepo, o ne o tla tshololelwa “mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe.” A o bona kafa o akarediwang ka teng mo boporofeting joo? Mme Joele o ne a gatelela tsela e le yosi fela ya go bolokwa: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla falola.”—Joele 2:28, 32.

10. Jehofa o ne a dirisa jang motho fela wa maemo a a kwa tlase yo o neng a tle a thapiwe mo masimong ka dinako dingwe?

10 O ka tlhaloganya kafa Amose a neng a ikutlwa ka teng fa ka dinako tse dingwe o bona kafa molaetsa o re o bolelang o leng botlhokwa ka teng, mme gantsi re o bolelela batho ba ba sa o amogeleng. Amose e ne e se morwa moporofeti le gone e ne e se mongwe wa setlhopha sengwe sa baporofeti; e ne e le modisa fela wa dinku e bile a tle a thapiwe go dira mo masimong ka dinako dingwe. O ne a porofeta ka nako ya ga Kgosi Usia wa Juda, go ela kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo800 B.C.E. Le fa Amose (yo leina la gagwe le kayang “Go Nna Morwalo; Go Rwala Morwalo”) e ne e le motho fela yo e seng wa maemo, o ne a rwele melaetsa ya botlhokwa e e neng e ya kwa Juda, kwa Iseraele le kwa ditšhabeng tse dingwe tse di fa gaufi. A ga o kgothadiwe ke go itse gore Jehofa a ka dira gore motho fela yo e seng wa maemo a kgone go dira tiro e e botlhokwa jaana?

11. Hosea o ne a iketleeleditse go dira thato ya Modimo go le kana kang?

11 A o kile wa ipotsa jaana, ‘A ke ikemisetsa go itima dilo dingwe gore ke dire thato ya ga Jehofa?’ Akanya ka Hosea, yo o neng a tshela mo e ka nnang ka motlha wa ga Isaia le Mika mme a direla e le moporofeti dingwaga di ka nna 60. Jehofa o ne a laela Hosea gore a nyale Gomere, “mosadi wa kgokafalo.” (Hosea 1:2) Mo baneng ba bararo ba Gomere a neng a ba tshola moragonyana, go lebega a le mongwe fela e ne e le wa ga Hosea. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a ka re motho a itshokele go digwa seriti ke boaka jwa mogatse? Jehofa o ne a ruta batho thuto ya botlhokwa kaga go ikanyega le go itshwarela. Bogosi jwa bokone bo ne jwa se ka jwa ikanyega mo Modimong fela jaaka mosadi yo o akafalang a sa ikanyege mo monneng wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tla bontsha gore o rata batho ba gagwe mme a leke go ba thusa gore ba ikwatlhaye, mme seo se re kgothatsa tota fa re akanya ka sone.

12. O ka solegelwa molemo jang ke go sekaseka sekai sa ga Mika le ditlamorago tsa go porofeta ga gagwe?

12 A ga o dumalane gore metlha e e thata ya gompieno e dira gore go nne thata go nna pelokgale le go ikaega gotlhelele ka Jehofa? Fa o nna le dinonofo tseno, o tla tshwana le Mika. O ne a tshela mo motlheng wa ga Hosea le Isaia, mme mo dingwageng tsa bo700 B.C.E., o ne a bolela melaetsa e e kgatlhanong le Juda le Iseraele fa go ne go busa Jothame, Ahase le Hesekia kwa Juda. Baiseraele kwa bokone ba ne ba kgotletswe ke boitsholo jo bo maswe mo go feteletseng le kobamelo ya medingwana mme ba senngwa fa Samarea e fenngwa ke Baasiria ka 740 B.C.E. Juda o ne a tle a utlwe Jehofa mme ka dinako tse dingwe o ne a sa ikanyege. Le fa go ne go na le ditiragalo tse di neng di bontsha gore go na le masetlapelo a a tlang, Mika o ne a gomodiwa ke go bona gore molaetsa o a o neilweng ke Modimo o ne wa dira gore ka nakwana Juda a se ka a senyegela pele semoyeng mo go neng go tla felela ka gore a welwe ke masetlapelo. A bo go re gomotsa jang ne go bona bangwe ba amogela molaetsa wa rona wa poloko!

GO BONELA PELE MATHATA A A TLANG

13, 14. (a) Sekao sa ga Sefania se ka go thusa jang mo kobamelong ya gago? (b) Tiro ya ga Sefania e ne ya thusa go tlisa phetogo efe ya semoya?

13 Fa mebuso e megolo ya lefatshe ya Egepeto le Asiria e ntse e koafala, wa Babelona o ne o nonofa. Go nonofa ga one go ne go tla tloga go ama setšhaba sa Juda fela thata. Baporofeti ba Modimo ba ne ba le teng gore ba tlhagise le go gakolola baobamedi ba ga Jehofa. Akanya ka bangwe ba baporofeti bano, o gopola gore gompieno Bakeresete le bone ba rera molaetsa o o tlhagisang.

14 Fa e le gore o ile wa tshwanelwa ke go tlogela ditlwaelo tsa lelapa la gaeno gore o dire thato ya ga Jehofa, o ka tlhaloganya seemo sa ga Sefania. E ka tswa e ne e le setlogotlogolwana sa ga Kgosi Hesekia e bile e le losika le Kgosi Josia—mme ka jalo e le wa lelapa la segosi la Juda. Le fa go ntse jalo, Sefania o ne a nna kutlo mme a isa molaetsa o o kgalang baeteledipele ba ba bosula ba Juda. Leina la gagwe le kaya “Jehofa o Bipile.” O ne a gatelela gore ke ka bopelotlhomogi jwa Modimo fela motho a ka ‘sujwang mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.’ (Sefania 2:3) Se se itumedisang ke gore go bolela molaetsa ka bopelokgale ga ga Sefania go ne ga nna le matswela. Kgosi Josia yo mmotlana o ne a dira gore go nne le phetogo mo dilong tsa semoya, a tlosa medingwana, a baakanya tempele, a bo a tsosolosa kobamelo e e itshekileng. (2 Dikgosi, kgaolo 22-23) Sefania le baporofeti ka ene (Nahume le Jeremia) ba tshwanetse ba bo ba nnile le seabe se segolo mo go thuseng kgotsa mo go gakololeng kgosi. Ka maswabi, bontsi jwa Bajuda ga ba a ka ba ikwatlhaya ka pelo yotlhe. Fa Josia a sena go swela kwa ntweng, ba ne ba boa gape ba obamela medingwana. Go ise go ye kae, ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona.

15. (a) Ke ka ntlha yang fa Ninife e ne e tshwanelwa ke go amogela molaetsa o o botlhoko o o neng o tlisiwa ke Nahume? (b) O ka ithuta eng mo go se se diragetseng kwa Ninife?

15 O ka nna wa bo o itsaya o se botlhokwa, o se motho yo o tseelwang kwa godimo. Bakeresete ba na le tshiamelo e kgolo ya go nna “badirimmogo le Modimo,” mme bontsi jwa bone ga se batho ba ba tseelwang kwa godimo. (1 Bakorintha 3:9) Go ntse jalo le ka moporofeti Nahume ka gonne ga re itse sepe ka ene fa e se gore o ne a tswa kwa motsaneng o o bidiwang Elekoshe, o o ka tswang o ne o le kwa Juda. Le fa go ntse jalo, molaetsa wa gagwe o ne o le masisi e bile o le botlhokwa. Ka tsela efe? Nahume o ne a porofeta kgatlhanong le Ninife, motsemogolo wa Mmusomogolo wa Asiria. Batho ba one ba ne ba ile ba arabela sentle fa Jona a ne a porofeta, mme morago ga nakwana ba ne ba boela kwa ditirong tsa bone tsa bogologolo. Maje a a gabilweng a a tswang mo lefelong le pele e neng e le Ninife wa bogologolo a bontsha gore fela jaaka Nahume a boletse, e ne e le “motse wa tshololo ya madi.” (Nahume 3:1) Maje ao a a gabilweng a bontsha tsela e e setlhogo e batshwarwa ba ntwa ba neng ba sotliwa ka yone. Nahume o ne a bolelela pele gore Ninife e ne e tla nyelediwa gotlhelele a dirisa mafoko a a tlhalosang dilo jaaka di ntse. Molaetsa wa gagwe o ne wa diragala, fela jaaka molaetsa o re o bolelang gompieno o tla diragala.

16, 17. Fa dilo tse re di lebeletseng ka ga bokhutlo di ise di diragadiwe tsotlhe, re ka ithuta eng mo kgannyeng ya ga Habakuke?

16 Fa makgolo a dingwaga a ntse a feta, bangwe ba batho ba ba balang Baebele ba ne ba solofela dilo dingwe ka letsatsi la ga Jehofa mme tsa se ka tsa diragala. Ba bangwe ba ka utlwisiwa botlhoko ke go bona e kete katlholo ya Modimo e a diega. Wena o ikutlwa jang? Habakuke o ne a tlhalosa maikutlo a go tshwenyega a go neng go tshwanela gore a nne le one, ka go botsa jaana: “Ao tlhe Jehofa, ke tla tshwanelwa ke go goa ke kopa thuso ka lobaka lo lo kae, mme o sa utlwe? . . . Ke ka ntlha yang fa thopo le thubakanyo di le fa pele ga me?”—Habakuke 1:2, 3.

17 Habakuke o ne a porofeta ka nako ya mathata mo hisitoring ya Juda, morago ga puso ya ga Kgosi Josia yo o molemo mme e le pele ga go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E. Go ne go tletse go tlhoka tshiamiso le thubakanyo. Habakuke o ne a tlhagisa gore le fa Juda a ne a ka ikamanya le Egepeto, o ne a ka se ka a falola tlhaselo ya Bababelona ba ba setlhogo. O ne a kwala ka mokgwa o o tlhalosang dilo sentle a gomotsa a re, “fa e le mosiami ene, o tla nna a tshela ka boikanyegi jwa gagwe.” (Habakuke 2:4) Mafoko ao a botlhokwa tota mo go rona, ka gonne moaposetoloi Paulo o ne a a nopola mo dibukeng tse tharo tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. (Baroma 1:17; Bagalatia 3:11; Bahebera 10:38) Mo godimo ga moo, Jehofa o dirisa Habakuke go re tlhomamisetsa jaana: “Ponatshegelo e sa ntse e na le nako e e tlhomilweng . . . Ga e kitla e tla morago ga nako.”—Habakuke 2:3.

18. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a laela Obadia gore a porofete kgatlhanong le Edoma?

18 Sengwe se se tlhaolang moporofeti Obadia mo go ba bangwe ke gore o kwadile buka e khutshwane go di feta tsotlhe mo Dikwalong Tsa Sehebera—e e nang le ditemana di le 21 fela. Se re se itseng fela ka ene ke gore o ne a porofeta kgatlhanong le Baedoma. Baedoma e ne e le ditlogolwana tsa ga morwarraagwe Jakobe, ka jalo e le ‘bomorwarraabo’ Baiseraele. (Duteronome 23:7) Mme Baedoma ba ne ba ile ba tshwara batho ba Modimo ka tsela e e sa bontsheng gotlhelele gore ke bomorwarraabone. Ka 607 B.C.E., mo e ka nnang ka nako ya fa Obadia a ne a kwala buka ya gagwe, Baedoma ba ne ba thiba ditsela mme ba dira gore Bajuda ba ba neng ba tshaba ba tsene mo diatleng tsa Bababelona ba e neng e le baba ba bone. Jehofa o ne a bolelela pele gore Edoma o ne a tla swafadiwa gotlhelele, mme boporofeti joo bo ile jwa diragadiwa. Ga re itse go le kalo ka Obadia, fela jaaka re sa itse go le kalo ka Nahume, mme le fa go ntse jalo, a bo go kgothatsa jang go lemoga gore Modimo a ka dirisa batho ba go lebegang ba se botlhokwa go nna barongwa ba gagwe!—1 Bakorintha 1:26-29.

MELAETSA E E KGOTHATSANG, E E GOMOTSANG LE E E TLHAGISANG

19. Hagai o ne a thusa jang go kgothatsa batho ba Modimo?

19 Hagai ke moporofeti wa ntlha mo go ba bararo ba ba neng ba porofeta fa masalela a a ikanyegang a sena go boa kwa botshwarwa jwa Babelona ka 537 B.C.E. O ka tswa a ne a le mo setlhopheng sa ntlha se se neng sa boa. O ne a leka go rotloetsa Bajuda gore ba se ka ba ineela fa ba ganediwa ke batho ba ditšhaba tse dingwe le gore ba itlhokomele gore ba se ka ba nna le go se kgatlhege mo go neng go bakwa ke go rata dikhumo. O ne a dira jalo a na le Mmusi Serubabele le Moperesiti yo Mogolo Joshua e bile a dirisana le moporofeti Sekarea. Ba ne ba tshwanetse go dira se ba neng ba se boetse: go aga tempele ya ga Jehofa sesha. Melaetsa ya ga Hagai e menè e e buang puo phaa, e e boletsweng ka 520 B.C.E., e ne e tlotlomatsa leina la ga Jehofa le bolaodi jwa gagwe. Fa o ntse o bala buka eno, o tla bona polelwana e e reng “Jehofa wa masomosomo” makgetlho a le 14. Melaetsa ya ga Hagai e e maatla e ne ya rotloetsa batho gore ba boele gape mo tirong ya go aga tempele. A le wena ga o nonotshiwe ke go itse gore Jehofa o na le maatla a magolo ka gonne e le Mmusimogolo le gore o laola masomosomo a dibopiwa tsa semoya?—Isaia 1:24; Jeremia 32:17, 18.

20. Sekarea o ne a kgala boikutlo bofe jo bo neng bo aname?

20 Ka dinako tse dingwe o ka nna wa kgobiwa marapo ke go tlhoka tlhoafalo ga bangwe ba ba ntseng ba direla Modimo. Fa go le jalo o ka tlhaloganya maikutlo a moporofeti Sekarea. Fela jaaka moporofeti wa motlha wa gagwe e bong Hagai, o ne a lebana le kgwetlho ya go rotloetsa baobamedi ka ene gore ba tswelele ba dira ka natla go fitlha tempele e wediwa. Sekarea o ne a dira ka natla go nonotsha batho gore ba dire namane eno e tona ya tiro. Le fa batho ba a neng a tshela mo gare ga bone ba ne ba ineetse mo menateng, o ne a leka go ba kgothaletsa go nna le tumelo e e nonofileng le go tsaya kgato e e tshwanetseng. Mme o ne a atlega. Sekarea o ne a kwala dipolelelopele tse dintsi kaga Keresete. Le rona re ka nonotshiwa ke molaetsa wa gore “Jehofa wa masomosomo” ga a ne a lebala batho ba ba batlang go amogelwa ke ene.—Sekarea 1:3.

GO NE GO LEBELETSWE MESIA

21. (a) Ke ka ntlha yang fa molaetsa wa ga Malaki o ne o tlhokega thata? (b) Buka ya Malaki e konela Dikwalo Tsa Sehebera ka kgothatso efe?

21 Moporofeti wa bofelo mo go ba ba 12 bano e bong Malaki, o ne a diragatsa bokao jwa leina la gagwe le le kayang “Morongwa wa me.” Ga re itse go le kalo ka moporofeti yono, yo o neng a tshela mo dingwageng tsa bo450 B.C.E. Le fa go ntse jalo, boporofeti jwa gagwe bo re bontsha gore e ne e le mmueledi yo o pelokgale yo o neng a kgala batho ba Modimo ka ntlha ya maleo a bone le boitimokanyi jwa bone. Maemo a a neng a tlhalosiwa ke Malaki a tshwana thata le a a neng a tlhalosiwa ke Nehemia, yo o tshwanetseng a bo a ne a tshela mo motlheng wa ga Malaki. Ke ka ntlha yang fa molaetsa wa ga Malaki o ne o tlhokega thata? Tlhoafalo e moporofeti Sekarea le moporofeti Hagai ba neng ba e tsositse masome a sekae a dingwaga pele ga foo e ne e fedile. Seemo sa Bajuda sa semoya se ne se le kwa tlase fela thata. Malaki o ne a bua ka bopelokgale kgatlhanong le baperesiti ba ba boikgodiso le boitimokanyo mme o ne a kgalela batho kobamelo e ba neng ba e dira ka go ikgolola le ditlhabelo tse ba neng ba di ntsha. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa ka isagwe e e molemo, Malaki le ene o ne a bolelela pele gore Johane Mokolobetsi o ne a tla tla pele ga ga Mesia mme morago go bo go tla ene Mesia, kgotsa Keresete, ka boene. Molaetsa wa ga Malaki o konela Dikwalo Tsa Sehebera ka go kgothatsa, o re solofetsa gore “letsatsi la tshiamo le tla . . . phatsimela” ba ba boifang leina la Modimo.—Malaki 4:2, 5, 6.

22. O ka akgela o reng ka botho le molaetsa wa baporofeti bano ba ba 12?

22 O ka bona gore banna ba ba kwadileng dibuka tse 12 tsa bofelo tsa Dikwalo Tsa Sehebera ba ne ba na le tumelo e bile ba tlhatswegile pelo. (Bahebera 11:32; 12:1) Sekao sa bone le molaetsa wa bone o ka re ruta dithuto tse di mosola fa re ntse re lebile pele ka tlhoafalo kwa ‘letsatsing la ga Jehofa.’ (2 Petere 3:10) Jaanong ela tlhoko gore melaetsa eno ya boporofeti e ka ama jang isagwe ya gago ka bosakhutleng!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bapisa seno le tšhate e e mo go tsebe 20 le 21. Ka sekai, e tla go bontsha gore Mika le Hosea ka bobedi ba ne ba porofeta ka nako e Isaia e neng e le moporofeti wa Modimo ka yone kwa Jerusalema.

O KA SOLEGELWA MOLEMO JANG?

• O lemogile eng ka tsela e dibuka tse 12 tsa boporofeti di latelanang ka yone mo Baebeleng?

• O ka solegelwa molemo jang ke ditiragalo tsa baporofeti ba ba jaaka Jona le Amose?—Bahebera 11:32, 33, 39, 40.

• Hosea o ne a iketleeleditse go dira thato ya ga Jehofa go le kana kang?—Mathaio 16:24.

DINTLHA TSE O KA DI DIRISANG

• Jaaka go bontshitswe mo kgannyeng ya ga Sefania, batlhanka ba Modimo ba ka ama batho ba bangwe jang?

• Ke ka ntlha yang fa molaetsa wa ga Habakuke o dira thata gompieno?—2 Petere 3:12.

• Bopelontle jwa ga Jehofa mo bathong ba maemo a a kwa tlase bo bonala jang mo tseleng e a neng a dirisana le baporofeti bangwe ka yone?—Pesalema 113:1, 6, 7; Isaia 57:15.

[Tšhate mo go tsebe 20, 21]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Batho ba

Baporofeti Baporofeti ba Bangwe Dikgosi Dikgosi Tsa

ba ba 12 Motlha Oo ba Motlha Oo Tsa Judab Iseraelec

Amasia

850 B.C.E.

Jeroboame II

1. JONA

Usia

(Asaria)

825

2. JOELE

3. AMOSE

4. HOSEA

Sekarea

800

Menaheme

Isaia

Peka

5. MIKA

Jothame

Ahase

Hoshea

750

Hesekia

Go wa Ga Samarea, 740

725

Manase

700

675

6. SEFANIA

Josia

7. NAHUME

650

Jeremia

Go Senngwa ga Ninife, 632

8. HABAKUKE

Jehoiakime

Daniele

9. OBADIA

Esekiele

Sedekia

Go Senngwa ga Jerusalema, 607

600

575

550

Daniele

Go wa Ga Babelona, 539

Batshwarwa ba a Boa, 537

525

10. HAGAI

11. SEKAREA

Tempele e Agiwa Sesha, 515

500

Esera

Nehemia

Dipota di Agiwa Sesha, 455

450

12. MALAKI

425

400

[Dintlha tse di kwa tlase]

b Dikgosi tse di busitseng dingwaga tse di fetang tse pedi

c Dikgosi tse di busitseng dingwaga tse di fetang tse pedi

[Mmapa mo go tsebe 19]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Lewatle la Mediterranean (Lewatle le Legolo)

Damaseko

Bogosi Jwa Iseraele jo bo Kwa Bokone (Eferaime kgotsa Samarea)

EFERAIME

Sidona

Sarepate

Ture

Dana

BASHANA

Lewatle la Galalea

Thaba ya Karemele

Thaba ya Tabore

Megido

Jesereele

Hadadarimone

SAMAREA

Shekema

GILEADE

Misepa

Gilegala

Raba

Bethele

Shitime

Noka ya Joredane

Bogosi Jwa Juda jo bo Kwa Borwa (Juda le Benjamine)

JUDA

Ashedoda

Ashekelona

Gasa

Ekerone

Gathe

Moreshethe

Lakishe

Adulama

Akesibe

Maresha

Shafire

Bethelehema

Tekoa

JERUSALEMA (SIONA)

Gibea

Rama

Gilegala

Rimone

Beere-sheba

AMONA

MOABE

Lewatle la Letswai

Sodoma?

EDOMA

Bosera

[Mmapa mo go tsebe 22]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

GERIKA

KERETA

ASIRIA

Ninife

BABILONIA

Babelona

SIRIA

Hamathe

Damaseko

AMONA

MOABE

EDOMA

Thaba ya Horebe

EGEPETO

Memefise

Sidona

Ture

Raba

JERUSALEMA

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

JONA

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

JOELE

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

AMOSE

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

HOSEA

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

MIKA

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

SEFANIA

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

NAHUME

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

HABAKUKE

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

OBADIA

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

HAGAI

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

SEKAREA

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

MALAKI

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela