Karolo 1
Modimo A ka Go Thusa go Ipaakanyetsa Letsatsi la Gagwe le Legolo
Moporofeti wa Modimo o ne a re: “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi.” (Sefania 1:14) Letsatsi leo le atamela ka bofefo, ka jalo tsela e re tshelang ka yone e tshwanetse ya bontsha gore re nna re le gopotse. A o lemoga gore dibuka tse go tweng ke Dibuka Tse Dinnye Tsa Boporofeti di ka go bolelela sengwe sa botlhokwa ka letsatsi leo le legolo? Kgaolo 1 go ya go 3 ya buka eno e tla go thusa go itse baporofeti ba ba 12 ba ba di kwadileng le melaetsa ya dibuka tsa bone. Ka jalo o ka solegelwa molemo ke se ba se kwadileng, mme wa bona dithuto tse di ka go solegelang molemo mo botshelong.