LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jd kgao. 1 ts. 5-13
  • Melaetsa ya ga Jehofa ya Metlha ya Bogologolo le Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Melaetsa ya ga Jehofa ya Metlha ya Bogologolo le Gompieno
  • Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A “DIBUKA TSE DINNYE TSA BOPOROFETI” GA DI BOTLHOKWA?
  • KE DIBUKA TSA BOPOROFETI KA TSELA EFE?
  • KAFA DI KA RE SOLEGELANG MOLEMO KA TENG
  • Itse Jehofa O bo O mo Direle
    Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
  • Modimo A ka Go Thusa go Ipaakanyetsa Letsatsi la Gagwe le Legolo
    Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
  • Baporofeti ba Melaetsa ya Bone E ka Re Amang
    Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
  • Letsatsi la ga Jehofa—Kgang ya Botlhokwa
    Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
jd kgao. 1 ts. 5-13

Kgaolo ya Ntlha

Melaetsa ya ga Jehofa ya Metlha ya Bogologolo le Gompieno

1, 2. Batho bangwe ba ile ba senka jang matlotlo a a fitlhegileng, mme ke eng se se ka go thusang go itumela mo botshelong?

MO DINGWAGENG tse di ntseng di feta, batho ba le bantsi ba ntse ba eletsa go bona matlotlo a a epetsweng felo gongwe. A o kile wa bala dipego tsa hisitori tsa baribolodi, baithutamarope le batho ba bangwe ba ba ileng ba senka matlotlo a a ntseng jalo? Le fa wena o ka nna wa se ka wa tswa letsholo le le ntseng jalo, o ne o ka reng fa o ne o ka bona letlotlo lengwe? A bo go ne go ka nna molemo jang fa letlotlo leo le ne le ka go thusa go tokafatsa botshelo jwa gago kgotsa la dira gore o bo ipelele thata le gore o atlege!

2 Bontsi jwa batho ga ba ke ba tswa letsholo go ya go batla matlotlo ka tsela ya mmatota, mme ba ka nna ba bo ba batla boitumelo ka go leka go nna le madi a mantsi, botsogo jo bo molemo le lenyalo le le itumetseng, e leng dilo tsa botlhokwa tse di sa bonweng ka go epa mo mmung. Le gone ga go na mmapa wa mmatota o o bontshang kwa matlotlo ano a leng teng. Jaaka o itse, go tlhokega boiteko gore motho a bone matlotlo ao. Ke gone ka moo batho ba le bantsi ba itumelang fa ba bona kgakololo e e mosola ya kafa ba ka fitlhelelang mekgele ya bone ka teng mme ba dira gore botshelo jwa bone bo itumele le gore ba atlege.

3, 4. O ka bona kae kgakololo e e mosola ya kafa o ka tshelang ka teng?

3 Tota e teng kgakololo e e mosola e o ka e dirisang, kaelo e e setseng e thusitse batho ba bangwe gore ba itumele. Jaaka batho ba bantsi ba lemogile, Baebele e re naya kgakololo e e molemolemo ya kafa re tshwanetseng go tshela ka teng. Mokwadi Charles Dickens wa kwa Engelane o ne a akgela jaana ka Baebele: “Ke buka e e molemo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna teng mo lefatsheng le tse di sa ntseng di tla nna teng . . . ka gonne e go ruta dithuto tse di molemolemo tse motho . . . a ka di ithutang gore di mo kaele.”

4 Mafoko ao ga a gakgamatse batho ba ba tsayang Baebele e le buka e e tlhotlheleditsweng ke Modimo. O tshwanetse wa bo o dumela se re se tlhomamisediwang mo go 2 Timotheo 3:16: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo.” Ka mafoko a mangwe, Baebele e na le tshedimosetso e e mosola e e ka bontshang batho kafa ba ka tshelang ka teng mo mathateng a re nang le one gompieno. Ruri batho ba ba letlang Baebele go kaela dikgato tsa bone kgabagare ba ka nna le botshelo jo bo itumetseng tota, e bile bo atlegile go feta pele.

5-7. O ka bona kgakololo e e molemo mo dikarolong dife tsa Baebele?

5 Le fa go ntse jalo, o akanya gore ke dikarolo dife tsa Baebele tse di ka go nayang kgakololo eo? Bangwe ba ka akanya ka Thero ya mo Thabeng, e mo go yone Jesu a neng a naya kgakololo e e mosola malebana le dikarolo tse di farologaneng tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Ba bangwe ba tla gopola makwalo a ga moaposetoloi Paulo. Mme mongwe le mongwe a ka bona kgakololo e e mosola mo bukeng ya Dipesalema le mo go ya Diane—dibuka tse di tletseng mafoko a a nayang botlhale. Boammaaruri ke gore buka nngwe le nngwe e e mo Baebeleng e ka go thusa, go ya ka gore o lebane le seemo sefe kgotsa mathata afe. Tota le dibuka tsa Baebele tse di buang thata ka hisitori, jaaka dibuka tsa go simolola ka Joshua go fitlha ka Esethere di ka go thusa. Hisitori e e fitlhelwang moo e na le dithuto tse di tlhagisang tse di ka thusang mongwe le mongwe yo o lekang go direla Modimo ka boitumelo. (1 Bakorintha 10:11) Ee, dibuka tseo di naya kgakololo e o ka e dirisang go kaela dikgato tsa gago, go atlegisa botshelo jwa gago. Gopola ntlha eno ya boammaaruri: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.”—Baroma 15:4; Joshua 1:8; 1 Ditiragalo 28:8, 9.

6 Le fa go ntse jalo, go na le karolo nngwe ya Baebele e ba le bantsi ba iseng ba iphe nako ya go ribolola matlotlo a a mo go yone. Karolo eno ke dibuka tse 12 tse gantsi di bidiwang Dibuka Tse Dinnye Tsa Boporofeti. Gantsi dibuka tseno mo Baebeleng di tla morago ga dibuka tse dikgolwane tsa Esekiele le Daniele mme di tla pele ga Efangele ya ga Mathaio. (Bontsi jwa Dibaebele di tlhomaganya dibuka tseno tse 12 jaana: Hosea, Joele, Amose, Obadia, Jona, Mika, Nahume, Habakuke, Sefania, Hagai, Sekarea le Malaki.) Jaaka re bone, Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo, mme e mosola go ruta le go bontsha batho tsela e ba tshwanetseng go tshela ka yone. A go akarediwa le dibuka tseno?

7 Ee, le tsone di a akarediwa! E bile tota, dibuka tseno tse go tweng ke Dibuka Tse Dinnye Tsa Boporofeti di na le matlotlo a a mosola tota a a ka re bontshang kafa re ka tshelang ka teng gompieno. E le gore o tle o tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba lebela dibuka tseno kwa tlase, akanya ka tsela e dibuka tseno tse 12 di bidiwang ka yone mo dipuong di le dintsi: di bidiwa Dibuka Tse Dinnye Tsa Boporofeti. A tlhaloso eo ka boyone e ka ama tsela e batho ba lebang dibuka tseno ka yone? A ka tsela nngwe e ka tswa e amile tsela e wena o di lebang ka yone?

A “DIBUKA TSE DINNYE TSA BOPOROFETI” GA DI BOTLHOKWA?

8. (a) Modimo o dirisitse selo sefe sa botlhokwa go re kaela? (b) Gantsi dibuka tse 12 tse go buiwang ka tsone fano di bidiwang, mme polelwana eno e na le bokao bofe?

8 Moaposetoloi Paulo o ne a simolola lokwalo lo a neng a lo kwalela Bahebera jaana: “Modimo, yo bogologolo tala a neng a bua ka makgetlo a le mantsi le ka ditsela di le dintsi le borraaronamogologolwane ka baporofeti, kwa bokhutlong jwa metlha eno o buile le rona ka Morwa.” (Bahebera 1:1, 2) E re ka Modimo a ne a dirisa batho ba e leng baporofeti go bolela melaetsa ya gagwe, ruri ga re a tshwanela go tsaya barongwa bao ba se botlhokwa kgotsa go tsaya sepe se ba se kwadilweng se se botlhokwa. Le fa go ntse jalo, kgang ya go bo dibuka tseno di bidiwa gore ke Dibuka Tse Dinnye Tsa Boporofeti e dirile gore batho bangwe ba di tseye di se botlhokwa. Ba bangwe ba ile ba tsaya gore melaetsa e e mo dibukeng tseno ga e na maatla go le kalo jaaka e e mo dibukeng tse dingwe tsa Baebele. Mme tota polelwana e e reng “Dibuka Tse Dinnye Tsa Boporofeti” e e dirisiwang mo dipuong tse dintsi e bontsha fela gore dibuka tseno tse 12 di dikhutshwane fa di bapisiwa le tse dingwe.

9. Ke ka ntlha yang fa kgang ya go bo buka ya Baebele e le khutshwane e sa supe gore ga e botlhokwa?

9 Lebaka la go bo buka nngwe ya Baebele e le khutshwane ga le bontshe gore ga e botlhokwa kgotsa ga e mosola. Buka ya Ruthe e khutshwane thata go na le dibuka tse di tlang pele ga yone le morago ga yone, mme a bo e na le tshedimosetso e e amang maikutlo jang ne! Buka e khutshwane eo e gatelela kafa re tshwanetseng go rata kobamelo ya boammaaruri ka teng, e bontsha kafa Modimo a tseelang basadi kwa godimo ka teng, mme e re naya tshedimosetso ya botlhokwa ka ga losika lo Jesu a tsholetsweng mo go lone. (Ruthe 4:17-22) Sekai se sengwe ke sa buka ya Jude, e o tla e fitlhelang go ela kwa bofelong jwa Baebele. E khutshwane mo e leng gore mo Dibaebeleng dingwe, ga e tlatse tsebe. Mme a bo e na le tshedimosetso le kaelo ya botlhokwa jang ne: Tsela e Modimo a ileng a dirisana ka yone le baengele ba ba boikepo, ditlhagiso kaga banna ba ba bosula ba ba ka tsenang mo phuthegong le kgothatso ya gore re nne re lwele tumelo ka thata! Ka jalo, o ka tlhomamisega gore dibuka tse go tweng ke Dibuka Tse Dinnye Tsa Boporofeti, le fa di le dikhutshwane, ga di molaetsa monnye e bile ga di mosola monnye mo go wena.

KE DIBUKA TSA BOPOROFETI KA TSELA EFE?

10, 11. (a) Batho bangwe ba ka akanya eng fa go umakwa lefoko “baporofeti”? (b) Go ya ka Baebele, baporofeti e ne e le bomang, mme ba ne ba dira eng?

10 Kgang e nngwe e re tshwanetseng go e sekaseka ke bokao jwa lefoko “baporofeti” le lefoko “boporofeti.” Mafoko ano a ka dira gore motho a akanye ka kgang ya go bolelela isagwe pele. Batho ba le bantsi ba tsaya gore moporofeti ke motho yo o bolelelang isagwe pele fela—gongwe a dirisa mafoko a a sa tlwaelegang a a ka tlhaloganngwang ka ditsela tse di farologaneng. Seno se ama tsela e batho bangwe ba lebang dibuka tseno tse 12 ka yone.

11 Ke boammaaruri gore fa o ntse o bala dibuka tseno tse 12, o lemoga ka bonako gore di tletse dipolelelopele, bontsi jwa tsone e le tse di kaga go tla ga letsatsi le legolo la ga Jehofa. Seo se tsamaisana le bokao jwa konokono jwa lefoko “moporofeti.” Moporofeti e ne e le motho yo o dirisanang thata le Modimo mme gantsi o ne a dirisiwa go senola se se sa ntseng se tla diragala. Go simolola ka Enoke, baporofeti ba le bantsi mo Baebeleng ba ne ba bolelela pele se se tla diregang mo isagweng.—1 Samuele 3:1, 11-14; 1 Dikgosi 17:1; Jeremia 23:18; Ditiro 3:18; Jude 14, 15.

12. O ka bontsha jang gore go nna moporofeti go ne go sa reye fela go bolelela dilo pele?

12 Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gopola gore tiro ya baporofeti ba ga Jehofa e ne e se go bolela dipolelelopele tsa Modimo fela. Gantsi Modimo o ne a dirisa baporofeti go nna babueledi ba gagwe go bolelela ba bangwe se thato ya gagwe e leng sone. Ka sekai, re ka nna ra se ka ra tsaya gore Aborahame, Isake le Jakobe ba ne ba bolelela isagwe pele, mme Pesalema 105:9-15 e ba tlhalosa e le baporofeti. Ka dinako tse dingwe, Modimo o ne a ba dirisa go senola sengwe se se tla diregang mo isagweng, jaaka fa Jakobe a ne a segofatsa bomorwawe. Mme ditlhogo tseo tsa lotso gape e ne e le baporofeti ka gonne ba ne ba itsise ba malapa a bone se Jehofa a neng a se buile malebana le seabe sa bone mo boikaelelong jwa Modimo. (Genesise 20:7; 49:1-28) Selo se sengwe gape se se supang bokao jo bongwe jwa lefoko le le mo Baebeleng la “moporofeti” ke gore Arone e ne e le moporofeti wa ga Moshe. Arone o ne a dira tiro ya boporofeti ka go nna mmueledi, kgotsa “molomo,” wa ga Moshe.—Ekesodo 4:16; 7:1, 2; Luke 1:17, 76.

13, 14. (a) Bontsha gore go ka buiwa jang ga twe baporofeti ba ne ba sa bolelele isagwe pele fela. (b) O ka solegelwa molemo jang ke go itse gore baporofeti ba ne ba sa bolele dipolelelopele fela?

13 Akanya gape ka moporofeti Samuele le moporofeti Nathane. (2 Samuele 12:25; Ditiro 3:24; 13:20) Jehofa o ne a ba dirisa ka bobedi gore ba bolele se se neng se tla direga mo isagweng, mme gape o ne a ba dirisa e le baporofeti le ka ditsela tse dingwe. Fa Samuele a ne a dira tiro ya go porofeta, o ne a rotloetsa Baiseraele gore ba tlogele kobamelo ya medingwana mme ba boele mo kobamelong e e itshekileng. O ne a bolela katlholo ya Modimo kgatlhanong le Kgosi Saulo, mme seo se re ruta gore Jehofa o tsaya go utlwa go le botlhokwa go na le go ntsha ditlhabelo. Ee, tiro ya ga Samuele ya boporofeti e ne e akaretsa gore a bolelele batho kafa Modimo a lebang dilo ka teng malebana le tsela e ba tshwanetseng go tshela ka yone. (1 Samuele 7:3, 4; 15:22) Moporofeti Nathane o ne a bolelela pele gore Solomone o ne a tla aga tempele le gore bogosi jwa gagwe bo ne bo tla tlhomamisiwa ka thata. (2 Samuele 7:2, 11-16) Mme Nathane gape o ne a dira tiro ya boporofeti fa a ne a bolelela Dafide ka boleo jo ene Dafide a neng a bo dirile le Bathesheba le jo a neng a bo diretse Uria. Ke mang yo o ka lebalang kafa Nathane a neng a senola boaka jwa ga Dafide ka teng—a dirisa setshwantsho sa monna wa mohumi yo o neng a tseela monna wa mohumanegi kwanyana e e yosi e a neng a na le yone e bile a e rata? Gape Nathane o ne a thusa go rulaganya kobamelo ya boammaaruri kwa lefelong le le boitshepo la Modimo.—2 Samuele 12:1-7; 2 Ditiragalo 29:25.

14 Ntlha ke gore ga re a tshwanela go tsaya gore melaetsa e e mo dibukeng tseno tsa boporofeti ke e e bolelelang isagwe pele fela. Dibuka tseno di na le mafoko a Modimo kaga dilo tse dingwe gape tse dintsi, go akaretsa le tshedimosetso e e molemolemo kaga tsela e batho ba Modimo bogologolo ba neng ba tshwanetse go tshela ka yone le kafa rona re tshwanetseng go tshela ka teng gompieno. Tota e bile, re tlhomamisediwa gore se re se fitlhelang mo Baebeleng, go akaretsa le mo dibukeng tseno tse 12, se mosola tota, se thusa batho go bona tsela e e molemolemo ya go tshela. Dibuka tseno tse di tlhotlheleditsweng di re naya kaelo e e mosola e e ka re thusang gore “re tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo mo gare ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo.”—Tito 2:12.

KAFA DI KA RE SOLEGELANG MOLEMO KA TENG

15, 16. (a) Dibuka tse go tweng ke Dibuka Tse Dinnye Tsa Boporofeti di na le ditiragalo dife tsa tshwantshetso? (b) Dibuka tseo di na le ditiragalo dife tsa bogologolo tsa boporofeti?

15 Go na le ditsela tse dintsi tse re ka solegelwang molemo ka tsone fa re bala Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Dibuka dingwe tsa Baebele di re bolelela gore go diragetse eng ka nako e e rileng, tse dingwe di tlhalosa dilo ka tsela ya poko, mme nngwe le nngwe e na le mosola ka tsela ya yone. Tse dingwe tsone di dirisa thata puo ya tshwantshetso, jaaka dibuka tseno tse 12 di dira. Ka sekai, Jesu o ne a bua ka ditiragalo tsa buka ya Jona fa a ne a re: “Kokomana e e boikepo le e e akafalang e nna e senka sesupo, mme ga go na sesupo se e tla se newang fa e se sesupo sa ga Jona moporofeti. Gonne fela jaaka Jona a ne a le mo mpeng ya tlhapi e kgolo thata malatsi a le mararo le masigo a le mararo, jalo Morwa motho o tla nna mo pelong ya lefatshe malatsi a le mararo le masigo a le mararo. Batho ba Ninife ba tla ema mo katlholong le kokomana eno mme ba tla e bona molato; ka gonne ba ne ba ikwatlhaya ka ntlha ya se Jona o neng a se rera, mme, bona! sengwe se se fetang Jona se fano.”—Mathaio 12:39-41.

16 Go bonala sentle gore Jesu o ne a sa tseye buka ya ga Jona e le pego fela ya hisitori kaga ditirisano tsa Modimo le Jona, go porofeta ga gagwe kwa Ninife, le se se neng sa direga fa Jona a sena go bolela molaetsa wa Modimo wa tlhagiso. Jesu o ne a itse gore se se neng sa diragalela moporofeti Jona se ne se tshwantshetsa go swa ga ga Jesu Keresete a bo a tsosiwa ka letsatsi la boraro. Mo godimo ga moo, tsela e Baninife ba neng ba arabela ka yone e ne e bontsha pharologanyo fa gare ga ditlhopha tse pedi. E ne e bontsha gore tsela e Baninife ba arabetseng ka yone e ne e farologane thata le e Bajuda ba neng ba tsibogela ka yone go rera ga ga Jesu le ditiro tsa gagwe. (Mathaio 16:4) Ka jalo, re lemoga gore dibuka tseno tse 12 di na le ditiragalo tsa bogologolo tsa boporofeti tse di tsamaisanang le tsela e Modimo a dirisanang ka yone le batho ba gagwe mo metlheng ya gompieno. Dithuto tseo di a kgatlha e bile di mosola.a

17. Buka eno e dirisa mokgwa ofe go sekaseka dibuka tse 12?

17 Le fa go ntse jalo, buka eno e o e tshwereng ga e tlhalose bokao jwa tshwantshetso jwa buka ya Jona kgotsa tse dingwe tse 11. E bile ga e tlhalose dibuka tseno temana ka temana. Mo boemong jwa moo, e remeletse thata mo tshedimosetsong e e mo dibukeng tseno e re ka e dirisang mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. Ipotse jaana: ‘Mo dibukeng tseno tse 12, Jehofa o nnaya kgakololo efe e e mosola? Dibuka tseno di ka nthusa jang gore ke “tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo mo gare ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo”? Di mpolelela eng kaga botshelo jwa Bokeresete, boitsholo, botshelo jwa lelapa le mekgwa mo dinakong tseno tsa mathata, ka jaana “letsatsi la ga Jehofa le tla, e bile le le gaufi”?’ (Tito 2:12; Joele 2:1; 2 Timotheo 3:1) Fa o ntse o bona dikarabo tse di kgotsofatsang, gongwe o tla lemoga ditemana tse o tla di ratang, ditemana tse go fitlha jaanong o iseng o di dirise fa o ntse o bolelela ba bangwe kgakololo ya Baebele. Ka tsela eno, o tla oketsa ditemana tse di thusang tsa Baebele tse o di itseng.—Luke 24:45.

18. Buka eno e rulagantswe jang, mme e ka go solegela molemo jang?

18 Dikgaolo tsa buka eno di kgaogantswe ka dikarolo tse nnè. Leka go bona gore karolo nngwe le nngwe e bua ka eng fa o simolola go e bala. Mo go nngwe le nngwe ya dikgaolo tse di latelang tse 13, go na le mabokose a mabedi a a diretsweng go go thusa go tlhoma mogopolo mo go se o se badileng. Dipotso tse di mo mabokoseng ao di tla go thusa go tlhatlhanya ka se o se badileng le go akanya ka mosola wa sone le kafa o ka se dirisang ka teng. Lebokose la ntlha le fitlhelwa mo e ka nnang fa gare ga kgaolo. Fa o fitlha mo lebokoseng leo, ipotse dipotso tse di mo go lone. Go dira jalo go tla go thusa gore se o sa tswang go se ithuta se nwelelele mo pelong ya gago. (Mathaio 13:8, 9, 23; 15:10; Luke 2:19; 8:15) Lebokose la bobedi le tla go thusa go akanya ka se o se badileng mo karolong ya bofelo ya kgaolo eo le go dira gore o se ka wa se lebala. Ka jalo iphe nako ya go sekaseka mabokose ano. Ruri a ka go thusa go senola ditsela tse di molemo tse o ka solegelwang molemo ka tsone ke se o se ithutang.

19. O tshwanetse wa akanya eng pele kaga dibuka tseno tse 12?

19 O ka ipaakanyetsa go ithuta buka eno ka go ipotsa gore ke eng se o se itseng ka se se mo dibukeng tseno tse 12. Modimo o ne a dirisa bomang go bolela melaetsa eno, mme e ne e le batho ba ba ntseng jang? Ba ne ba tshela leng, mme maemo e ne e le afe ka nako ya fa e ne e le baporofeti? (Tšhate e e mo go tsebe 20 le 21 e tla go thusa thata; e tlhole kgapetsakgapetsa fa o ntse o ithuta dikgaolo tse di latelang.) Molaetsa e ne e le ofe ka nako ya fa go ne go kwalwa buka eo, mme go itse seo go ka go thusa jang go tlhaloganya se tshedimosetso e se kayang mo maemong a go buiwang ka one? Kgaolo e e latelang e tla go thusa go araba dipotso tseno tsa botlhokwa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka sekai, bona tlhaloso ya Hagai le Sekarea mo bukeng ya Paradise Restored to Mankind—By Theocracy! e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, mme jaanong e sa tlhole e gatisiwa.

KAFA DI KA GO SOLEGELANG MOLEMO KA TENG

• Go na le dikgopolo dife tse di phoso tse o sa tshwanelang go nna le tsone ka dibuka tseno tse go tweng ke Dibuka Tse Dinnye Tsa Boporofeti?—Baroma 15:4.

• Ke ka ntlha yang fa o ka lebelela gore o solegelwe molemo ke go ithuta dibuka tse 12 tsa boporofeti?—2 Timotheo 3:16.

• Ke eng se o ka se solofelang fa o ntse o ithuta dibuka tseno?—1 Bathesalonika 2:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela